title
stringlengths 1
82
| text
stringlengths 565
8.03k
| orig_label
stringclasses 10
values | label
int64 0
9
|
---|---|---|---|
Leuba le apesitse barui kobo ka letshoba
|
Leuba la monongwaga le tsisitse dikgwetlho tse di farologaneng mo matshelong a Batswana, segolo jang balemi-barui. Go bolelwa fa komelelo ya monongwaga e buseditse maiteko a balemi kwa morago. Mme Mmaphiri Pule, yo o abetsweng dipodi tse di namagadi di robabobedi le phoko ka lenaneo la nyeletso lehuma kwa Tlokweng ka 2018, a re dipodi di ne tsa ata, mme tsa nna masome a mabedi le botlhano. O boletse fa se, se ne sa dira gore a nne le tsholofelo ya gore dipodi tsa gagwe di tlaa mo ntsha mo lehumeng. Le fa go ntse jalo, leuba le simolotse go kokonela leruo le. Mme Pule a re dipodi tsa gagwe di setse di omeletse mabele, mo di sa kgoneng go amusa, mme seo se baka go swa ga dipotsane di sa le dinnye. A re o ne a bona go tshwanela gore a rekele dipotsane tsa gagwe mashi, le fa a rekwa boturu. Mme Pule a re o dirisa madi a a ka bong a thusa lelwapa la gagwe go tswa mo lehumeng go boloka dipotsane, ka tsholofelo ya gore e tlaa roba sengwe isago. O tlhalositse fa dipotsane di setse di sa mo tsenye dingalo, a tlatsa ka gore o di amusa gabedi ka letsatsi..
|
health
| 6 |
‘Se kgobiweng marapo ke dikgwetlho’
|
Baikopedi ba lenaneo la Nyeletso Lehuma ba metse ya Khwee le Letlhakane ba gakolotswe go nna pelotelele le boineeelo gore ba kgone go dira dikgwebo tse di nonofileng le go ntsha dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo. Kgotlhatso e, e ntshitswe ke mokhanselara wa Letlhakane Bokone, Rre Boitshwarelo Mopedi ka Labotlhano kwa kalosong ya baikopedi ba lenaneo kwa Letlhakane. Mokhanselara Mopedi a re kgwebo e na le dikgwetlho e bile bareki ba keleka boleng jwa dithoto pele ba reka. A re seemo seo, se seka sa ba kgoba marapo mme ba se tseye e le thotloetso e e tlaa ba thusang go baakanya dithoto le ditirelo tsa bone. Rre Mopedi a re puso e ntshitse mananeo go ba ntsha mo lehumeng ka jalo ba tshwanetse ba a dirisa ka botlalo go itlhotlhora lehuma le go hema letlhoko la ditiro. O supile fa dithuto tse ba di fiwang di le botlhokwa ka gore di ba fa maele a go tsamaisa kgwebo. Mokhanselara Mopedi a re o lemogile gore bangwe ba nna boitseme fa ba sena go fiwa mananeo mme se, se godise tumelo ya gore mananeo ga a kgone go diragatsa maikaelelo a o ne. O ba rotloeditse go ikopanya go tlhama dikoporase tsa dikgwebo gore ba kgone go tshegetsana, go gola mmogo le go anamisa dithoto tsa bone gore ba gole. Molaodi wa Kgaolo potlana ya Boteti, Mme Sebokwana Dikgope-Mosweu a re dithuto tse, ke tsa ntlha tsa legato la boraro (Phrase 3) tsa lenanaeo la Nyeletso Lehuma mme di itebagantse le go tsamaisa kgwebo. Mme Dikgope-Mosweu a re ba dirisa barutuntshi ba ba ikemetseng, ba itebagantse le kgwebo go fa baikopedi kitso e e tseneletseng. Molaodi Dikgope-Mosweu o kopile maitshwarelo mo baikopeding a supa fa go tsere lobaka ba ntse ba kopile thuso go rutuntshiwa, a re tiego e e bakiwa ke palo e ntsi ya baikopedi. O supile fa bontsi jwa baikopedi ba lenaneo la Nyeletso Lehuma, ba eletsa go tsena mo thuong ya dipudi le mororo ba leka go ba rotloetsa go tsena mo dikgwebong tse dingwe tse di akareditsweng mo lenaneong. Mme Dikgope-Mosweu a re ba ne ba kopa barutuntshi go lemotsha baikopedi boleng jwa dikgwebo ka go farologana. O tlhalositse gore dikgwebo di tshwana le kapei ya borotho, go roka le go apaya di na le mosola a tlatsa ka gore puso le yone e ka ba ema nokeng ka go ba abela dithendara gore dikgwebo di tswelele. Mme Dikgope-Mosweu a re o tshwenngwa ke gore le fa baikopedi ba fiwa dithuto tse di lebaneng le dikgwebo tse ba eletsang go tsena mo go tsone, bangwe ba nna boitseme mme seo se ba busetse kwa morago. Mongwe wa batlhatlhelela dithuto go tswa kwa Veldberry Management and Training, Mme Nametsegang Moyo a re tsholofelo ke gore baikopedi ba tlaa dirisa dithuto tse ba di filweng go nna dikgantshwane tsa kgwebo mo kgaolong potlana ya Boteti. BOKHUTLO
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Tlotlang kgotla - Molefhi
|
Modiri wa pele wa mmadikolo Dr Rogers Molefhi o gakolotse Batswana le bodiredi jwa makgotla a Setswana go tlotla kgotla ka e le yone e go rerelwang ditlhabololo tsa lefatshe le tsa matshelo a batho mo go yone. Dr Molefhi o buile se fa a ne a simolodisa semmuso bokopano jwa lesome le boferabongwe jwa ngwaga le ngwaga jwa lekgotla la badiri ba dikgotla la BOTASA (Botswana Tribal Administration Service Association) jo bo tshwaretsweng kwa Ghanzi. Maikaelelo a phuthego ke go buisana ka dikgang tse di amang lephata la bone le go tlhopha komiti e ntshajone konokono ya puso ya lefatshe la rona, mme a gakolola bodiredi go tlotla kgotla ba seka ba lebelela dithutego tsa bone kana dipharologanyo tsa bone tsa sepolotiki ka gore kgotla ga e tseye matlhakore ebile ga e letlelele sepolotiki mo go yone. Dr Molefhi a re kgotla e rotloetsa mowa wa go direla dilo mo pontsheng, ka gore fa re le mo kgotleng re a lekalekana e bile mafoko a kgotla a mantle otlhe. A re dikgang di akaretsa go rera lenyalo la kgosi di ne di buelwa mo kgotleng morafe o na le seabe mo go tsone e le tsela ya go aga tshepho magareng ga kgosi le morafe. A re kgotla e aga puso ya batho ka batho a tlatsa ka gore lekoko la dikgosi le le neng le tswa go kopa boipuso kwa ga Mmamosadinyana ba ne ba simolotse pele ka go kopana le go rerisana mo kgotleng. Dr Molefhi a re kgotla e rotloetsa botho, mme badiri ba makgotla a Setswana ba tshwanetse go bonwa ka botho le maitseo fela jaaka moono wa letsatsi o re “Kgotla motheo wa rona”. A re le sekolo sa Mmadikolo se rerilwe pele mo dikgotleng mme ga dumalanwa mogopolo wa gore motho le motho a ntshe kgomo se agiwe mme ka tshwaragano ya merafe se ne sa kgonega. Dr Molefhi a re kabo ya lefatshe e ne e reriwa mo lekgotleng go akarediwa ba-na-le seabe botlhe. Dr. Molefhi a re ga a itumedisiwe ke seemo sa gomepieno se bodiredi jwa makgotla a Setswana ba direlang mo go sone ka gore ga gona kwa ba ikoketsang teng dithuto le dikitso ka bogosi le kgotla. A re badiredi ba dikgotla ba tshswantse go nna le kitso ka bogosi le tikologo e ba direlang mo go yone e leng kgotla gore tirisano ya bone le dikgosi e nne ya motiya mme ba ise ditlamelo tse di nang le boleng kwa Batswaneng. O rotloeditse Batswana go itshwara sentle ka malatsi a boitapoloso bogolo jang banana a re ba ikgaphe mo go diriseng bojalwa phetelela mme gape ba ikgaphe mo go tsa tlhakanelo dikobo e le tsela ya go ikgapha mo boimaneng le malwetse a tlhakanelo dikobo a tshwana le HIV/AIDS jo.
|
politics
| 7 |
Bodiredi ga bo itumedise banana
|
Banana ba kgaolwana ya Goo Kodisa kwa Molepolole Borwa ba re ga ba itumedisiwe ke bodiredi bongwe jwa maphata a puso. Banni ba ntshitse ngongorego eo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Molepolole Borwa, Dr Tlamelo Mmatli ka Labone. Mongwe wa bone, Rre Shokola Rampone, a re boammaaruri jwa seane se se reng mashi ke tswa thobeng ke le phepa selabe se tla le motsaya kgamelo, boitshupile, ka jaana mananeo otlhe a a ntshitsweng ke puso a gore banana ba itlhamele ditiro a le mantle, fa sebe sa phiri e le gore ga ba bone thuso e e lolameng fa ba ile kwa diofising tse di lebaneng. A re seo se dira gore dikakanyo tsa bone tse di nonofileng di felele mo phefong ka bontsi bo tlelwa ke boitlhobogo. Rre Rampone a re le ene o ne a felela a itlhoboga ka jaana ba LIMID le ba botsogo ba sale ba mmaya seatla matlhong mme nako kgolo ke eno. A re go sa thusiweng sentle ke bodiredi go felela go busetsa banana mo ditirong tse di maswe tse puso e neng e leka go ba fapha mo go tsone. Rre Kenneth Kebuile ene o kopile puso go baakanya tsela ya Molepolole le Lesilakgokong ka go e tshela sekonotere ka jaana e na le dithaba kana makgabana a mantle a a ka dirisediwang bojanala. Mopalamente o ne a lekodisa batho ka theko ya diabe, a re puso e tsere tshwetso ya gore khamphani ya BTCL e kopanele kgwebo le Batswana ka go ba rekisetsa diabe. O bile a gakolola barui go rekisa leruo le ise le nyeletswe ke leuba gore bontlha bongwe ba reke diabe ka go tlhalosiwa gore fa kgwebo e tsamaya sentle di ka ba busetsa.
|
politics
| 7 |
Dikgwebo tsa ba-na-le bogole ba tlhoka thotloetso
|
Mogolwane go tswa kwa lephateng la Peeletso, Papadi le Madirelo, Mme Mpho Lucas a re ba-na-le bogole ba saletse kwa morago mo dilong tse dintsi di tshwana le tsa kgwebo le go akola mananeo a puso. O boletse jaana kwa thuto-puisanyong ya ba-na-le bogole e e neng e tshwaretswe kwa holong ya Marapalalo kwa Kanye bosheng gore ba ofisi ya gagwe ba itremogetse gape botlhokwa jwa go nna le ofisi e e tlaa lomaganyang ba-na-le bogole ba bagwebi le lephata. O bua jaana ka go na le dikgwebo tsa ba-na-le bogole di feta lekgolo mo Kanye, mme bontsi jwa tsone di thetheekela kana di sule gotlhelele. E ne e rile go le pele mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Kanye Administrative Authority, Mme Motlhatlosi Tshoganetso a bolela fa mo kgwebong ya thuo ya dihutshane, di le masome a mararo le botlhano go tshela di le masome a mabedi le bobedi, fa mo go tsa temo ya mo digotlong di ne di le tharo mme jaanong go tshela di le pedi fela. A re tiro ya tshomarelo di-tsa tlholego e ne e le nngwe mme e santse e tshela. A re ditante tsone di ne di le lesome le borataro e bile di tshela tsotlhe. Mo go tsa go roka, Mme Tshoganetso o boletse fa go dira di le tlhano fela fa tse dingwe tse tharo di sa tlhole di bereka. A re mo dikgwebong tsa ba-na-le bogole tsa dimauso ke e le nngwe fela mo go tse di neng di abilwe di le thataro e e sa ntseng e setse. Fa a leboga, mokhanselara wa Marapalalo, Rre Kabelo Lemme o ne a rotloetsa ba-na-le bogole go nna pelokgale. Rre Lemme o kopile ba-na-le bogole go ya go ithutela kgwebo le go e anya mo bagwebing ka bone. A re makalana a tshwana le LEA a na le bokgoni jwa go rutuntsha bogwebi. BOKHUTLO
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Banni ba Moshupa ba atla tshimolodiso ya kago ya kokelo
|
Go agwa ga kokelo ya Moshupa, e e tlaa lopang P419 million, go tlaa simololwa kgwedi eno e le masome mabedi. Kokelo eo, e e tlaa tsenyang malao a le masome a supa e agwa ke khamphani ya Zhengtai Group. E rile a bua kwa tirong ya go neela rakonteraka setsha sa kago, modulasetilo wa khansele-potlana ya Moshupa, Rre Sonny Phiri a supa fa morafe wa motse oo o itumeletse tshimolodiso ya kago ya kokelo ka jaana ba sa bolo go e emela. A re seo ke tshimologo ya dilo tse dintle tse di tlaa diragalang mo Moshupa ka jaana kokelo eo e tlaa tsosa itsholelo ya kgaolo- potlana ya bone ka e tlaa thapa batho. A re kago eo gape e tla ka ditsholofelo tse dintsi mo morafeng wa Moshupa. Le fa go ntse jalo, Rre Phiri o ne a supa fa go le botlhokwa go tsenya tiro eo leitlho go netefatsa fa e dirwa ka matsetseleko e bile e sa lope puso madi ape a motlaletsa. A re go le gantsi dikago tsa puso ga di salwe morago mme kwa morago go tlhage dilo tse di lopang puso madi a a neng a sa dumalanwa. E rile a tswa la gagwe, Kgosi Oscar Mosielele a supa fa go le botlhokwa go bega baeng fa ba tsena mo motseng gore ba fiwe thotloetso epe fela e ba ka e tlhokang ba tsweletse le tiro. O ne a akgolela lephata la dikago go bo le bone go tshwanela go tla go rola rakonteraka mo boeteledipeleng jwa motse pele ga ba simolola tiro. A re se se tlaa thusa gore ba tshwaraganele tiro eo sentle le gone gore beng ba motse ba tlhaloganye se se dirwang mo motseng wa bone. Kgosi Mosielele a re gape go tlaa thusa gore fa go na le dikgang kana dikgotlhang baeteledipele ba morafe ba kgone go di rarabolola ba phuthologile. A re o solofela fa badiri ba tiro eo ba tlaa e dira ba phuthologile go sena sekgoreletsi sepe. Mokwaledi wa lephata la Botsogo le Boitekanelo Mme Ruth Maphorisa o ne a re tiro eo e tsile go ngoka batho ba bantsi mme go botlhokwa gore ba fiwe tsa boiphemelo go fokotsa go anama ga mogare wa HIV. O ne gape a ba rotloetsa go dirisa didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo gore kago eo e seka ya senyega ka bonako. A re gape botsogo bo senyonyo, ka jalo go batla ba dira tiro eo ka manontlhotlho le botswerere.
|
health
| 6 |
Somarelang tumelo
|
Batswana ba gakolotswe go somarela tumelo ya bone, segolo bogolo ka molao motheo wa lefatshe leno o letla mongwe le mongwe go obamela Modimo ka tshosologo. Mafoko a a builwe ke Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe fa a buisa kokoano ya maloko a khwaere ya kereke ya UCCSA a Broadhurst kwa moletlong wa dijo wa go kokoanya madi, ka Labotlhano mo Gaborone. Dr Kedikilwe a re molao motheo wa lefatshe leno o kgothatsa mongwe le mongwe go rapela ka loleme la ga bone gongwe le gonwe fa a leng teng. Le fa go ntse jalo, a re ga se tumelo fela ele nosi e badumedi ba tshwanetseng go bonwa ka yone. A re ba tshwanetse go bonwa ka ditiro tsa lebole, lorato le bopelotlhomogi le go oketsa bothitho jwa bokaulengwe. Dr Kedikilwe a re tumelo e ba kereke ya Lontone ba e supang ya go kokoannya madi go thusa ba ba tlhokileng lesego ke yone tumelo e e nang le ditiro. A re thotloetso e Batswana ba e fiwang ke molao motheo ya go letlelela ditumelo tse di farologanyeng, ba tshwanetse go e itumelela ga mmogo le gore gongwe le gongwe fa ba kokoanyeng teng mo ditirong tse di farologaneng go nne le neelano. “E re fa le le mo diphitlhong go nne gotwe a ko o ntshe pina ya Wesele foo, ako o ntshe ya Lontone hoo, ya Sione hoo, ya Roma hoo, selo se se sa diregeng gope mo mahatsheng a le mantsi segolo bogolo a gompieno a batho ba bolaanang ka ntata ya tumelo,” ga bua Dr Kedikilwe. Modulasetilo wa UCCSA Synod, Rev. Keneilwe Kgerethwa a re ba motlotlo go boba ikemiseditse go tsaya loeto lwa ditiro tse di molemo. “Botho ke go bona motho yo mongwe a tlhoka mme o nne thuso ya gagwe e e gaufi thata mo tlalelong.” A re o itumelela botho jo bo supilweng ke maloko a kereke ya UCCSA ka jaana ba dumela mo go reng ga ba kake ba itumelela go obamela Modimo fela, ntswa bangwe ba bone ba tshelela mo tshotlegong, ba sena bonno le seriti. Mangwe a maikaelelo a moletlo o, e ne e le go kokoanya madi a a kanang ka P160 000 go agela Mme Kooagile Tshwanelo wa mona-le-bogole ntlo kwa Sefophe, e ba solofelang gore e bo e weditswe ka Sedimontlhole. BOKHUTLO
|
religion_and_belief
| 8 |
Go onala ga dikole go digile maduo a thuto
|
Makhanselara a kgaolo-potana ya Serowe a boletse fa go onala ga dikole le go tlhaela ga matlwana a borutelo go baka kwelo-tlase ya maduo mo kgaolong. Ba buile jalo mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng kwa Serowe bosheng fa ba akgela mo puong ya modulasetilo e Rre Lesedi Phuthego. Ba boletse fa ba bone matlhomolapelo dikole di le makgasa, fa mo go tse dingwe bana ba santse ba rutelwa kwa ntle ka fa tlase ga ditlhare fa kwa go tse dingwe ba sukagana. Ba re go tlhaela le go tla thari ga dibuka le gone go na le seabe mo go kgoreletseng bana le barutabana. Ba ne ba bolela fa matlwana a boiteketso a bana e le mathata fela, ba bolela fa mo dikoleng dingwe bana ba ithomela mo dikgweng tse di bapileng le dikole. Matlwana mangwe ga a na metsi fa mangwe metsi a dutla, fa mangwe a sale a senyega mme go sa dirwe sepe. Ba boletse fa letlhoko la matlo a boroko a barutabana le badirelapuso go ngomola pelo ka gore ba bereka fela ka mowa oo kotlometseng. Ba kopile khansele go shafatsa matlwana a borutelo a dikole, ba re mo teng ga matlwana go mahutihuti. Ba re dilo tsone tseo fela ke tsone di dirang gore maduo a dikole a ye tlase. Mo dikgannyeng tse dingwe ba boletse fa ditsela tse di fa gare ga metse di senyegile thata, bogolo jang kwa Serowe. Ba boletse fa ditsela dingwe mo metseng e e bapileng le Serowe di sale di tsenngwa mo lenaneong la ditlhabololo, maikaelelo e le go busediwa mo seemong mme nakokgolo ke eno. Ba buile gape ka letlhoko la ditiro ga banana mo ba ikanyang kwa Ipelegeng le go inaakanya le borukutlhi. Ba boletse fa go diega ga lephata la kabo-ditsha go aba lefatshe la bonno go dira gore jaanong batho ba ikabele lefatshe. Mo go tsa botsogo ba boletse fa melemo e seyo mo dikokelong le gore dingaka di a tlhaela. Ba boletse fa dikokelo dingwe di le makgasa mo go sa siamelang botsogo jwa balwetse. Ba bolela fa sepatela sa Sekgoma se wa marulelo le gore dingaka tsa Batswana ka bontsi di siela kwa mafatsheng a mangwe go batla mahulo a matalana. Mme bangwe ba akgotse mananeo a puso jaaka la banana la YDF ba bolela fa le thusitse bangwe ka go itirela mebereko. Makhanselara ba ne ba kopa modulasetilo go ba kopanya gore ba bereke mmogo ka bongwefela jwa pelo ba beele dipharologanyo tsa sepolotiki tsa diphathi tsa bone kwa thoko. Makhanselara ba boletse fa dipharologano di ka dia ditlhabololo mme batlhophi e nne bone ba bogang. Ba boletse fa makhanselara a a itlhopetsweng ke tona le one a na le ditshwanelo fela jaaka ba ba tlhophilweng kwa dikgaolwaneng tsa bone. Kgaolo-potlana ya Serowe e ne e le la ntlha mo ditsong e nna le makhanselara a kganetso, mme jaanong go kgokgontsha ba ba itlhophetsweng e le selo modiro mo tsamaisong ya khansele ya Serowe.
|
education
| 4 |
Temo e ka fokotsa lehuma
|
Kgosi Itekeng Mathangwane wa motse wa Mathangwane mo kgaolong potlana ya Tutume a re go botlhokwa gore batho ba tseye temo ka tlhoafalo ka e ka nna le seabe se se bonalang mo go fokotseng lehuma le gone go ikaega fela mo pusong. Kgosi Mathangwane o buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng a supa fa a sa itumedisiwe ke go bona bangwe ba le maoto a tshupa go ka lema le ntswa go le paka ya temo. A re bagolo bangwe ba ba senang motswedi wa itshetso ba ntse meriti e e tsididi go ka itirela dijo ka temo. Kgosi Mathangwane o kgadile a menne phatla mokgwa o, a tlatsa ka go bolela fa bangwe ba phuagantse masimo ntswa ba na le bokgoni jwa go ka lema. A re bangwe ba go nna jalo ke bone gape ba ba felelang ba tlhoka se ba itshetsang ka sone mme phelelong ba nne morwalo wa puso. Kgosi Mathangwane a re Batswana ba tshwanetse go tsosolosa mokgwa wa go lema o ba itsegeng ka one ka e le one seikokotlelo mo matshelong a bone. A re mosola wa temo ga oa remelela fela mo thobong mme e rotloetsa go ka itirela gape e bipa lehuma mo lwapeng. Kgosi o rotloeditse banana go kgatlhegela temo, a bo a ba gakolola gore ba se nyafalele temo ka e ka fetola matshelo a bone. O ba rotloeditse go dirisa mananeo a akaretsa la ISPAAD le a mangwe a temo ka go farologana ka o tlhalosa gore fa mananeo a a ka salwa morago ka kelelo, a ka dira pharologanyo e e bonalang mo masimong gape a ka tsisa thobo e e nametsang. O tsweletse a supa fa go ikopela dithuso tsa puso go se molato, fela a re sebe sa phiri ke gore bangwe ba nna fela ba sa dire maiteko ape go beilwe fela gore puso e tla tswa ka maano. A re Batswana ba tshwanetse go lemoga fa puso e tshwerwe ka thata ka e intshitse setlhabelo go ba fa ditirelo di akaretsa thuto le kalafi gareng ga tse dingwe ntle le go lopiwa dituelo dipe. Ka jalo a re go botlhokwa gore Batswana ba ikemele ka dinao gonne go ka nna molemo gore e re ba amogela dithuso ka go farologana le bone ba supe fa tse dingwe ba ka di itirela go na le go leta go fiwa fela mo matsogong nako tsotlhe. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
Monana o kgothatsa ba bangwe go ikwadisetsa ditlhopho
|
Moemedi wa banana mo komiting ya lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la Independent Electoral Commission (IEC), e e bidiwang Party Liaison Committee, Rre Thabo Dimeku o kopile banana ba Palapye go ikwadisetsa ditlhopho gore ba kgone go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba monongwaga. Rre Dimeku o ntshitse kopo eo mo potsolotsong le Rre Dimeku yo gape e leng moeteledipele wa lekgotla la banana mo Palapye la The Youth Centre Organisation (TYCO), a re go botlhokwa gore banana ba ikwadisetse ditlhopho, a supa fa go ikwadisetsa ditlhopho go ofa monana mongwe le mongwe sebaka sa go ka tlhopha puso e a eletsang e ka etelela lefatshe pele, gammogo le go tlhopha kemedi ya palamente le khansele. “Go tlhopha ke lentswe la monana mo pusong ka go bo ka tlhopho monana o ka supa gore ene o batla eng le gore o batla lefatshe le tsamaisiwa jang,” a bua jalo. A re o itemogetse gore banana ba maoto a tshupa go ikwadisetsa ditlhopho, mme e bile bontsi jwa bone ba sa ikwadisetsa ditlhopho ka mabaka a a farologaneng. O kaile fa bangwe ba supa fa ba sa ikwadisetse ditlhopho ka gore ga ba ise ba tsee tshwetso ya gore ba ya go tlhopha mang, fa bangwe ba supa fa ba ise ba tsee tshwetso ya go ya go tlhopha. A re ntswa bangwe banana ba ise ba tsee tshwetso ka go tlhopha, go botlhokwa gore mo nakong ya gompieno ba ikwadise ka go bo mo tsamaong ya nako, ba ka fetola megopolo. Rre Dimeku a re go botlhokwa go ikwadiseditsa ditlhopho go na le go tla go ikotlhaya fa ba ka nna le keletso ya go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba ikwadisetso ditlhopho yone e setse e tswaletswe ruri. A re gantsi banana ba supa fa ba sa fiwe sebaka sa gore ba supe fa ba na le boikarabelo, mme ba palelwe ke go tsaya boikarabelo fa ba fiwa sebaka se tshwana le go ikwadisetsa ditlhopho.
|
politics
| 7 |
Kgotla e tsholola boikuelo jwa lekgotla
|
Kgotlakgolo ya ditsheko e tsholotse boikuelo jwa lekgotla la kabo ditsha la Batlokwa jwa go batla go ikgatholosa tshwetso ya Land Tribunal, e e neng e laela lekgotla go reetsa morafe. E ne ya re ngwaga o o fetileng Land Tribunal ya laela Tlokweng Land Board go reetsa selelo sa morafe wa Batlokwa mabapi le go aba ditsha di le makgolo a mabedi, masome a robabobedi le botlhano ka khupekhupele, mme lekgotla leo la isa kgang eo kwa kgotleng kgolo ya ditsheko. Mafoko a, a boletswe ke mothusa kgosi ya Batlokwa, Kgosi Michael Gaborone, kwa phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke bogosi bosheng. Kgosi Gaborone o boletse fa Moatlhodi Michael Mothobi a buseditse kgang eo kwa lekgotleng la kabo ditsha gore ba sekaseke dintlha dingwe tse ba neng ba di tlodisitse matlho. O boletse fa ditshenyegelo tsa tsheko di tla duelwa ke lekgotla la kabo ditsha la Tlokweng. Kgang e, e tla jaana morago ga gore morafe wa Batlokwa o ikuele kwa lekgotleng la Land Tribunal mabapi le ka fa ditsha tseo di abilweng ka teng. Le fa go ntse jalo, Kgosi Gaborone o boletse fa ba tshwenngwa ka bana ba ba lwelang boswa jwa batsadi ba bone. O tlhalositse fa bana bangwe ba sa batle bomorwarraabone ba nna le seabe mo bosweng jwa batsadi ba bone. O boletse gape fa bangwe ba rekisa boswa fa ba sena go bo abelwa, a supa se ele go ba tlhabisa ditlhong. O tlhalositse gape fa bana bangwe ba tlhapatsa batsadi ba bone ba ba tlhokafetseng, mme a kaya fa ele bogosi ba ikaelela go fedisa se ka go letsa moretlwa. Mothusa kgosi a re go kgoba marapo go bona batho bangwe ba rekisa ditsha mme ba sale ba iphotlhere ba sena fa ba latsang tlhogo teng. Mo go tse dingwe, mogolwane go tswa kwa Botswana Retired Nurses Society, Mme Mavis Kewakae, o boletse fa ba eletsa go aga motlobo wa dibuka kwa motseng wa Tlokweng mme ba kopa Batlokwa go ba thusa go diragatsa toro ya bone. Mme Kewakae o boletse fa ba tshwentswe ke gore ga gona motlobo wa dibuka mo motseng oo, ka jalo bana fa ba batla go bala ba patelesega go ya Gaborone. O kaile fa ba amogela dithuso dipe fela le yone ya go dira ka diatla, a tlhalosa fa ba na le madinyana mangwe a ba a boneng mme a sa lekana go dira tiro e. E rile ba tswa la bone, Batlokwa ba supa fa ba ka itumela fa tiro ya go nna jalo e ka atlega, ka go sena kwa bana ba bone ba balelang teng. Bokhutlo
|
politics
| 7 |
Maphata a aga ntlo
|
Lephata la twantsho matlhoko a leruo le ne le kopane le sekole sa ithutelo tiro ya diatla kwa Bobonong go simolola semmuso tiro ya go agela motlhoki ntlo kwa kgotleng ya Mabumahibidu. Mogolwane mo ofising ya lekalana la twantsho matlhoko a leruo, Mme Baithamaki Otlaadisa, a re mogopolo o o dule ka banana ba Tirelo Setshaba ba ba direlang mo lephateng la bone. Mme Otlaadisa a re morago ga go atla mogopolo ba ne ba itshwaraganya le sekole sa ithutelo tiro ya diatla go bona gore mogopolo o o a diragadiwa. Fa a tswa la gagwe mogokgo wa sekole sa ithutelo tiro ya diatla, Mme Masego Morima o ne a supa fa tirisano mmogo fa gare ga sekole sa gagwe le ba lephata le, e le botlhokwa thata ka e gateletse se lefatshe le le ikaegileng ka sone, e leng go nna pelo e e bonang letlhoko la yo mongwe mme e leke go tokafatsa seemo. O ne a lebogela gore ba lephata la twantsho matlhoko a leruo ba bo ba bone go tshwanela go ikgolaganya le bone, a tlhalosa fa se se neela sekole sebaka sa gore baithuti ba supe se ba ntseng ba se rutwa kwa sekoleng. Mme Morima o ne a kaya gape fa ntlo e ya dikamore tse pedi, e supa fa sekole sa gagwe ga mmogo le ba twantsho ya matlhoko a leruo ba dirisana mme e bile ba supa maiteko a go dirisana le setshaba.
|
society
| 9 |
Tshegetsang serodumo sa kereke
|
Maloko a kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion ba gwetlhilwe go tswelela ba tshegeditse serodumo sa kereke eo sa go tshwaragana le go dira dilo ka tolamo. Fa a bula semmuso moletlo wa kereke eo wa go ipelela dingwaga tse di masome a ferabobedi e le teng, mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi o ne a akgolela maloko go bo kereke ya bone e goroga kwa dingwageng tse di kalo e ise e ko e tshabelelwe ke dihawa A re bontsi jwa dikereke di na le go tshabelelwa ke go thubega, mo dingwe di sa kgoneng go goroga le gone kwa dingwageng tse tlhano, fa tse dingwe di tshela ka go nna di letlanngwa kwa makgotla tshekelong. Ditso di supa fa kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion, e mo nakong eno e leng ka fa tlase ga ketelelopele ya ga Moruti Norman Muzonda, e simolodisitswe ka ngwaga wa 1939 ke moswi Moruti Smart Mthembu, mme go tlhalosiwa fa e sale go thaiweng ga yone le jaana e itsetsepetse. Mopalamente Molebatsi a re seo, ke sesupo sa gore e thailwe ka motheo wa motia e bile gape go supa fa maloko a yone a ithulaganya sentle, mo leloko lengwe le lengwe le tlhaloganyang boikarabelo jwa lone, go tila dikgang tsa go lwelwa ga maemo tse gantsi e leng tsone di kgoberang dikereke. O tsweletse a bolela fa ditshekatsheko di supa fa madi e le mmaba mogolo o o bakang go nwela ga dikepe mo dikerekeng, a re ka jalo go botlhokwa gore gangwe le gape Maloko a nne a fiwa dipego tsa madi. Rre Molebatsi o ne a ba gakolola go dirisa madi ka fa tshwanelong, a bo gape a ba thaba podi matseba go itirela mananeo le go nna le tebelopele ga mmogo le go nna ba itshekatsheka, ka go dira jalo ka ba thusa go fitlhelela maikemisetso le dikeletso tsa bone. A re Maloko a kereke eo, ba tlhaloganye fa bokamoso jwa yone bo le mo maruding a bone, a ba gwetlha bogolo jang banana go ema ka dinao go kwatabolotsa ditso tsa kereke eo, mo bangweng ba ba tshidileng le matlhami wa yone. Rre Molebatsi o ne a supa fa go le botlhokwa gore ba kwale ditso tsa kereke gore di sireletsege go ka fetisediwa kwa dikokomaneng tsa kereke tse di tlang kwa morago. Mo go tse dingwe, mopalamente Molebatsi o ne a kopa Maloko a Head Mountain of God Apostolic Church in Zion go eteletsa lorato kwa pele, a re ba bulegela le go amogela batho botlhe mo kerekeng ya bone, ba sa lebelele popego kgotsa diemo tsa bone. A re dikereke di tshwanetse tsa supa botlhokwa jwa boleng teng jwa tsone ka go thusa puso ka metlhale e e farologaneng, jaaka go fetola boitshwaro jwa batho, go thusa ba ba tlhokileng Lesego mo botshelong le go neela bogakolodi fa go tlhokegang teng. Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa Head Mountain of God Apostolic Church in Zion, Moruti Muzonda o boletse fa motlhai wa yone e ne e le motho yo o ineetseng ebile a le lorato, ka moo maloko a tshwanelwa ke go gata mo dikgatong tsa gagwe, gore ba kgone go fenya tsotlhe le go kgona go diragatsa tse ba di eleditseng. Moruti Muzonda o ne a kopa phuthego ya gagwe gore e tiise mo go rereng efangele ya Modimo nako e santse e ba leta. BOKHUTLO
|
religion_and_belief
| 8 |
Ba Grootlagte ba sola lenaneo molemo
|
Mme Gonxlea Tsaa, monni wa Goortlagte ke mongwe wa ba ba nnileng lesego mo dithusong tsa mananeo a puso ka go abelwa dikgomo ka lenaneo la RADP (Remote Area Development Programme). O tlhaloseditse ba BOPA mo potsolotsong fa se setla morago gago ikuela kwa lephateng le le le maleba, mme a fiwa dikgomo di le tlhano, tse mo nakong enodi atileng go nna supa. “Di le tharo di ne di dusa mme tse pedi tsa kgona gotsala fa e nngwe e ne ya jelwa namane kwa nageng” ga bua jalo Mme Tsaa yo o dingwaga tse di masomemararo le bobedi . Are mo bogompienong dikgomo tsa gagwe di nna kwamorakeng kwa tlase ga tlhokomelo ya ga monna wa gagwe. O ne a supa fa dikgomo tseo di mo thusa felathata ka a se ke a lala ka tlala gape kaya fa a dirisa boloko jwa dikgomotseo go baakanya ntlo ya gagwe. Ere ka go sena fa dikgwetlho di eteng di tlhokafale teng, Mme Tsaa are o tlhokamadi go ka ya go dira tshipi e e tshwayang leruo mme ebile a santse a palelwake go ka tshwara sentle mebala ya dikgomo tsa gagwe. A re maikaelelo a gagwe ke go rekasekotsekara se se tlaa mo thusang mo lwapeng a supa se se ka mo tlhofofaletsaditiro tsa gagwe. Goortlagte ke motse o o dikhilomithara tse dimasome a a ferang bobedi go tswa Ghanzi. Mme mongwe wa banni, Rre Qisee Kadonse wadingwaga tse di masome a mane le boraro yo e bile e leng mo-na-le-bogole, le ene o tlhalositse fa a itumelela thusoe a e filweng ke ba lephata la RADP. Are o ne a abelwa dikgomo di le tlhano ka ngwaga wa 2014 mme mo bo gompienong a busetswa morago ke bokoa jo bo mo ketefaletsang go tsamaya ka ebile a sena Banana le bone ba bo ba sa salela kwa morago. Rre Mompoloki Monageng wa dinwaga tse di masome mabedi le borataro o ne a thusiwa ke ba lephata la nyeletso lehuma mo Ghanzi ka go mo abela dikoko di le masome amararo le bosupa tsa Setswana. A re o abetswe dikoko tse kangwaga wa 2013 mme mo nakong ya gompieno di le masome mararo le borataro, atlhalosa fa a rekisitse tse dingwe selo se a supileng fa se mo tsisetsa dijo molwapeng. A re kgwetlho e a nang nayo ke gore dikoko tsa gagwe difetswa ke dibatana bosigo. “Ke tshwenngwa ke dibatana le dintsa tsabatho, ka gore di epa hoko bosigo mme dije dikoko” seo sa tshwaelwa ke RreMompoloki. Rre Mompoloki le ene a bo a tletsemonyenyo fa a supa fa dikoko tsa gagwe di rekwa ka bontsi, jwa batho mo Ghanzi.
|
society
| 9 |
Banni ba ikuela mo mopalamenteng wa kgaolo
|
Banni ba motse wa Makwate mo Kgaolong ya Mahalapye ba ikuetse mo go mopalamente wa bone ebile e le mothusa tona ya dikgaolo le ditlhabololo tsa magae, Mme Botlogile Tshireletso fa ba tla dika ba sa roba sepe. Se se builwe ke modulasetilo wa komiti ya Ditlhabololo wa motse Rre Solly Senamo fa a ne a lekodisa kwa phuthegong ya kgotla ka mafelo a beke.Rre Senamo o boletse fa ba sena go ora molelo wa mariga ba nonne pelo, mabaka e le letlhoko la pula go ka godisa temo ya bone. O tlhalositse fa go nnile le dibetso tsa tlholego, a re go nnile le dipula tse di boutsana, mme letsatsi le lone le iphile maatla.O ne a re, e kare ga go a lekana, mo go neng go mela, dinonyane tsa tlhaga di iphile matla. Mo go tse dingwe, Rre Senamo o ne a ikuela ka letlhoko la boroko jwa bodirelapuso mo motseng. O ne a tlhalosa fa barutabana ba sekolo potlana ba le lesome le bosupa mme matlo a le borefabongwe se se dirileng gore ba bangwe ba kope boroko mo motseng. Fa a tswa la gagwe, Mme Tshireletso yo ebileng a leng moplamente wa kgaolo, o ne a kopa morafe go inaakanya le mananeo a nyeletso lehuma go tila tlala le leshekere. O ne a tlhalosetsa morafe gore go mananeo a okametsweng ke ba Lephata la Boipelego a akaretsa go dira: jeme,marotho, moriri, go apaya, go hirisa ditente, thuo ya dinotshe, tshugo ya matlalo, go roka mme ka jalo a kopa botlhe go a tsenelela go ka intsha mo tlaleng. BOKHUTLO
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Borukutlhi bo keketse kwa Maun
|
Mookamela kgaolo ya sepodisi ya District No.5 officer commanding, Senior Superintendent Peter Gochela a re ga a itumedisiwe ke go oketsega ga dikgang tsa go gobatsa ba bangwe tse gantsi di felelanfg bangwe ba robaditswe kwa kokelong. A re koketsego eo e a tshwenya ka go re go ka felela go baka polao. O boletse mo potsolotsong gore fa esale ngwaga o simologa, ba gatisitse dikgang tse dintsi tsa titeo le go gobatsa, a tlatsa ka go re gantsi ba ba gobaditsweng ba bolela gore ga ba itse se ba se iteetsweng e bile ba sa itse gore ba iteilwe ke bomang. Senior Superintendent Gochela o ne a baya sekai ka ditiragalo dingwe tse di diragetseng ka bofelo jwa beke fa monna wa dingwaga tse 24 a ne a tlhaselwa a ba a itewa ke monna yo o sa itseweng kwa kgotleng ya Boseja fa a ne a le kwa moletlong wa dijo le dino. Tiragalo eo ke ya Matlhatso ka nako ya borobabongwe bosigo mme monna yo o neng a tlhasetswe o ne a tlhajwa ka sengwe se se bogale mo mpeng mme a fitlhelwa ke ditsala dingwe tsa gagwe a bidikama mo mading kwa ntlong ya gagwe. A re ditsala tseo tsa gagwe di ne tsa mo ragosetsa kwa kokelong ya Letsholathebe II Memorial kwa a fetileng a robadiwa teng. Tiragalo e nngwe ke e monna wa dingwaga tse 48 wa kgotla ya Boseja/Kubung yo o neng a tlhaselwa ke banna ba le babedi ka rootane ya tshipi fa a robetse mo ntlong ya gagwe. Senior Superintendent Gochela a re bobedi joo bo ne jwa senya lebati la ntlo ya rre yoo mme ba tsena mo ntlong ya gagwe ka dikgoka mme ba feta ba mo itaya. Tiragalo eo e diragetse ka makuku a naka tsa kgomo ka tsatsi la Tshipi. Le fa go ntse jalo, ka maiteko a go itebaganya le seemo seo, mookamedi yoo wa mapodisi a re e tlaa re mo bogaufing, ba tsamae ba ruta setshaba mme ba ikaelela go kopana le dikgosi go ba thusa go anamisa molaetsa. Senior Superintendent Gochela a re o dumela gore dikgosi ke bone batho ba ba tshwanetseng go buisanya le merafe ya bone gore ba itshware sentle, a tlatsa ka go re selekanyo se go gobatsanwang ka sone se a tshwenya ka se busetsa kwa morago maiteko a go lere kagiso le thitibalo mo metseng. A re batho ba tshwanetse go tlhaloganya gore go betsa motho ke molato o motho a ka o atlholelwang dikgwedi tse supa mo kgolegelong. A re ba dumela gore ka go ruta setshaba ba ka kgona go isa molaetsa o o nonofileng kwa dirukutlhing gore di tlhaloganye gore titeo ke molato o o otlhaelwang ka fa molaong. E re go sale foo, mapodisi a bone marapo a go belaelwang e le a motho. Senior Superintendent Gochela o tlhomamisitse tiragalo eo, a tlatsa ka go re marapo ao a ne a bonwa kwa sekgweng gaufi le motsana wa Habu mo kgaolong ya Okavango. O boletse gore marapo ao a ne a bonwa ke monna mongwe yo o neng a batla dikgomo tsa gagwe. Mo nakong eno, marapo ao a santse a ile go tlhatlhojwa
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Monna o jelwe ke molelo
|
Monna wa dingwaga tse 62 wa masimo a Mogatsapoo o latlhagetswe ke botshelo ka Mosupologo morago ga go fiswa ke molelo mo ntlong e a neng a robetse mo go yone. Mo potsolotsong le BOPA Mothusa mookamela mapodise a Serowe Rre Bopelo Ntatiwa a re moswi, yo o tllholegang kwa motseng wa Motshegaletau, o ne a goditse molelo mo ntlong e a neng a robetse mo go yone. A re ka ntlo eo e ne e agilwe ka dipolaseteke, go lebega di ne tsa kapa molelo o o neng wa jwelelela kwa borulelong. Rre Ntatiwa a re bana ba moswi ba ba neng ba robetse mo ntlong e nngwe ba ne ba bona molelo mme ba kua rre yoo gore a iphalotse. “O ne a tswa mo teng ga ntlo ntswa molelo o ne o setse o mo amile. Ba mo tshela metsi go tima molelo. Mathata o ne a gana go ya kokelong,” Rre Ntatiwa a re rre yoo, o ne a ya go robala kwa ntlong e nngwe mme ya re ka Mosupologo bana ba fitlhela a tlhokafetse, go supafala fa molelo o mo amile. A re ba ne ba begela mapodise morago a isiwa kwa sepatela kwa go neng ga rurifadiwa fa a tlhokafetse. Rre Ntatiwa o ne a re batho ba ikele tlhoko, mme e bile ba seka ba gotsa melelo mo ba robalang mo teng ka se, se le borai. O ne a gakolola batho go begela mapodise fa go na le ditirafalo tsa mohuta o, a re go botlhokwa fa mapodise a ne a begetswe ba ka bo ba bone gore moswi o ya sepatela, selo se gongwe se ka bong se mo thusitse go tshela.
|
disaster_accident_and_emergency_incident
| 2 |
Ba Tsetsebye ba abetswe mpho e e botlhokwa
|
E rile bosheng, mopalamente wa Bobirwa Rre Shaw Kgathi a abela motse wa Tsetsebye caravan e e tla dirisiwang go fokotsa mosuke wa badiri ba kgotla ya motse oo. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo, Mopalamente Kgathi o rotloeditse banni go tla ka megopolo e e ka thusang go tlhabolola kgaolo ya bone, a supa fa go na le kgang ya moruthutha kwa palamente ya go ratana ga bong jo bo tshwanang ka jalo a kopa dikgakololo mo go bone tebang le kgang eo. O tsweletse a gakolola banni go lema ka ditselana gore ba tle ba kgone go ntsha thobo e e nametsang le gone go ka e rekisa fa ele ntsi thata. E ne e rile go le pele a amogela baeng, Kgosi ya Tsetsebye, Rre Dialwa Motsamai a supa fa tlhwatlhwa ya go reka kgetsi ya P80.00 e le nnye fela thata jalo go dira gore ba seka ba rekisa mme jaanong mo nakong eno mabele a bone a jewa ke tshupa. Kgosi a re o tshwenngwa ke gore banana ga ba dirise mananeo a ba afiwang mme o dumela gore fa a ne a dirisiwa ke bagolo, lefatshe leno le ka bo le gatetse pele go sena mohumanegi. O akgotse dicluster fela thata a tlhalosa fa di thusa mapodise ka botswapelo. BOKHUTLO
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Go tlogela sekolo ga bana go ngomola pelo
|
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Selolwane kwa Tutume, Rre Tobokani George a re sekole se lebanwe ke dikgwetlho tsa baithuti ba ba tshabang sekole, mangwe a malwapa a go santseng go titielwa majalwa a Setswana le letlhoko la matlo a boroko a barutabana. Rre George o ntshitse matshwenyego a gagwe ka letsatsi la kabo dimpho kwa sekoleng seo bosheng. A re seemo sa bana ba ba tlogelang sekole ba ya go nna kwa merakeng se ne se ngomolapelo mo a ne a patlelesega go bitsa botsamaisi jwa sekole, batsadi le bogogi jwa motse go tshwaraganela kgang eo. O ile a bolela fa a kgona go dirisa koloi ya gagwe go latedisa bana bao a re maduo a setse a tswa tema ka palo e setse e fokotsegile. A re kgang e e tshwenyang ke ya diletso le majalwa a a santseng a titielwa mo malwapeng a re seo se ama baithuti ka ba felela ba raelesega gape go ama maduo a bone a sekole. O tsweletse a bolela fa bothata jo ba kopanang najo e le jwa baithuti ba ba nnang le bagodi mo malwapeng a re bana bao ga ba kgone go dira tiro ya sekole ba nna batla ba sa dira ka bagolo ga ba kgone go ba thusa. Mogokgo o ile a tlhalosa fa sekole se tsweletse sentle mo maduong a lekwalo la bosupa, a solofetsa batsadi fa ba ikaeletse go dira go feta foo mo maduong a mono ngwaga. A leboga kemonokeng le tshwaragano ya batsadi le barutabana le bangwe ba ikgetletseng go thusa sekole. Rre George o ne a sedimosetsa batsadi fa ba ne ba etela balemi barui go ruta bana ka tsa temo – thuo ka ba ne ba lemogile fa baithuti ba ne ba sa dire sentle mo dithutong tseo mme seo se ne sa ba berekela ka ba setse ba fenya ka matshwao a a kwa godimo. Sebui sa sa tlotla, Rre Kerileng Thamae yo o tlogetseng tiro ka bogodi a le mo lephateng la temo-thuo o ne a gwetlha baithuti go inaakanya le thuto ya diatla ka ke yone thuto e e ka ba betlelang isago. Rre Thamae o ne a tlhalosa fa dialogane di saila le mebila ba ba tseneng dikole tse tsa thuto e e seng ya diatla, a re ba ba ithutetseng tiro ya diatla ga ba na go sokola go bona se ba ka se isang kwa maleng. A gatelela ka gore mafatshe mangwe a tlhabolotswe ke batho ba one ba ba dirang tiro ya diatla. A re gape seo se tlaa fokotsa letlhoko la ditiro. Fa a itebaganya le batsadi o ile a ba gwetlha go tshwaraganela tiro ya ngwana ya sekole le barutabana. O boletse fa motsadi e le pinagare ya thuto kana medi le thito ya setlhare fa bana e le dikala tse di rweleng maungo a a tsogang a jesa setshaba. Ka seo, a re gore setlhare seungwe se tshwanetse sa bona tlhokomelo e e tshwanetseng gore se kgone go ntsha maduo a a nang le boleng, ka jalo a ba kgothatsa go nna le seabe le gtlhokomelo mo baneng ba bone. Rre Thamae o ile a galaletsa barutabana ba sekole seo sa Selolwane ka ba tshwaragane le batsadi le batho mo motseng. O akgotse tirisano e ntle eo. O ne a abele sekole seo madi a kanaka P2000. BOKHUTLO
|
education
| 4 |
Dikgakolo tsa balemisi di siametse temo
|
Balemi ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ba rotloeditswe go tsaya dithuto tse ba di fiwang ke balemisi ka tlhwaafalo gore ba bone thobo e e botoka. Thotloetso eo e ntshitswe ke molemi wa Selolwane, Mme Bokani Moalosi ka letsatsi la go ipelela thobo ke balemi ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ka Laboraro. Mme Moalosi a re go lema ka ditselana, go tshela menontshane le go ntsha mhero ke dintlha tse di ka neelang molemi maduo a a nametsang. A re dipaka tsa ngwaga di fetogile ka jalo ga go sa tlhole go tshwana nako ya bogologolo mo go neng go na le dipula tsa medupe ka jalo ba tshwanetse ba diragatsa methale yotlhe e ba e bewang pele ke balemisi le puso. O ne a kgothatsa balemi bao go nna tsebe ntlha go segela tsebe se puso e se tsisang mabapi le temo ka se puso e se dirang e ya bo e dirile dipatlisiso go bona gore a selo seo se ka nna le maduo ka gape go itebagantswe le diphetogo tsa loapi. Mme Moalosi a re moono o o reng go amogela maranyane ke bontlha bongwe jwa go bona thobo e e nametsang o tiisa balemi moko gore ba tsamaelane le diphetogo tsa dipaka gore ba kgone go bona maduo a a botoka. O tsweletse a tlhalosa fa mo ngwageng o o neng o feta wa temo o dipula tsa teng di neng di le boutsana, ene ka go sala ditaelo tsa balemi o kgonne go roba dikgetsi tsa mabele di le makgolo mabedi le lesome, lebelebele dikgetsi di le masome mararo, manoko dikgetsi di le lesome le borobabobedi fa ditloo le dinawa a bone dikgetsi tse thataro ka go latelelana. A re o na le dingwaga tse tlhano a lema ka kitso e a e amuleng mo balemising e bile ka ngwaga o monamagadi o ne a kgona go roba dikgetsi tse di makgolo matlhano mme ka dipoelo tsa thobo eo o kgonne go reka tshukudu ya temo go tsweledisa temo ya gagwe. Mme Moalosi o ne a kgothatsa balemi go tswelela ka temo ka e le selo sa sennela ruri e sa fele jaaka ditswammung di tshwana le teemane le yone tiro tota mme o ne a kopa go rotloetsa banana go kgatlhegela temo le go gweba ka yone. Molemisi wa Magapatona, Rre Gosetsemang Koitheng a re maikaelelo a letsatsi e ne e le go kopana e le balemi ba kgotla eo go sekaseka gore thobo ya bone e tsamaile jang le go itshekatsheka go tla ka ditharabololo go baakanya fa dilo di sa tsamayang sentle teng go ipaakanyetsa temo e e tlang. Rre Koitheng a re dipaka di fetogile ka jalo ka bokopano joo ba lekodisana gore tsela pedi ba tsaya efe e e tlaa itepatepanyang le seemo sa nako eo sa komelelo. O boletse fa thobo e sa ntse e le kwa tlase thata mme balemi ba sa kgone go fitlhelela kwa selekanyong sa go ntsha dijo se lefatshe le se batlang. Gape o ne a supa fa balemi ba Magapatona ba sa leme dinawa ba lema fela mo go felelang mo tlatlaneng. A re gape le temo ya nawa ya lablab e sa ntse e le kwa tlase, mme a ba kopa go lema lablab ka dipalo tse di kwa godimo ka le yone peo ya yone e a tlhaela ka lebaka la gore ga e lengwe thata mo kgaolong eo.
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Borukutlhi bo a tshwenya
|
Mogolwane wa mapodisi a Bobonong, Rre Paul Seoko a re o tshwenngwa ke dikgang tsa go thubiwa ga matlo tse di diragalang kwa motseng oo. Mo potsolotsong bosheng, Rre Seoko o supile gore bosheng go ne ga thubiwa matlo a le mabedi mo motseng oo mme ga utswiwa megala ya letheka. Rre Seoko o kaile fa go thujwa ga matlo mo kgaolong e, e se selo se se tlwaelesegileng mme go ka dirang gore baagi ba nne ka letshogo fa go ka tswelela. E re dikgang di e mme jalo, Rre Seoko o kaile fa mo tiragalong e nngwe rre mongwe wa Bobonong a ikgapetse botshelo morago ga go betelela mme wa tsala ya gagwe. A re dikgang tsa petelelo di ile magoletsa mo kgaolong ya gagwe mme a kopa setshaba go di bega ka bonako gore se kgone go thusiwa. Mo tiragalong e nngwe, Rre Seoko a re go fitlhetswe rre mongwe a tlhokafetse kwa Lepokole mme ga go ise go bonwe se se ka tswang se bakile leso la gagwe le fa go ntse jalo o boletse fa ditlhotlhomiso tsa ba sepodisi di santse di tsweletse.
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Ba rotloeditswe go tsena sekole ka botswapelo
|
E rile ka Mosupologo (05/01/2014) baithuti ba ba yang go dira mophato wa ntlha kwa sekoleng se segolwane sa Mphuthe kwa Letlhakeng, ba bo ba le mo dipuisanong ka tsa sekole gammogo le batlhokomedi ba bana. E rile a bua kwa puisanong eo e e tshwarwang letsatsi pele ga dikole di bulwa, Mogokgo wa sekole seo, Rre Domi Motlhanke a kopa baithuti ba ba tsileng go simolola mophato wa ntlha kwa sekoleng seo go tsaya thuto ka tlhwaafalo. Rre Motlhanke o kaile fa bontsi jwa baithuti ba sekole sa gagwe ba sa tsene sekole sentle mme go sena mabaka ka jalo a kopa bao ba mophato wa ntlha go tsena sekole ka botswapelo ka sekole e le selotlele sa botshelo. O tsweletse a supa fa mo ngwageng o o fetileng baithuti ba sekole sa gagwe ba tshwara makgolo a mabedi (200) ba ne ba sa ya sekoleng pele ga malatsi a boipuso a goroga le gone go ikokeletsa malatsi one ao a boitapoloso a boipuso. Are e le baeteledipele ba sekole ba ne ba tshwanelwa ke go busetsa baithuti bao go ya go tla le batlhokomedi ba bone go tla go tlhalosa mabaka a gore ke eng ba ne ba sa ya sekoleng. O kaile fa batlhokomedi ba baithuti bao ba ne ba palelwa ke go ntsha mabaka a a nonofeling a go tshaba sekole ga bana ba bone. Ka jalo Rre Motlhanke o ne a kopa le batlhokomedi go tsaya thuto ya bana ba bone tsia ka jalo e le yone e tlaa tsogang e ba tshetsa. Fa a tswelela Rre Motlhanke o ne a tlhalosetsa baithuti le batsadi fa ba na le letlhoko la didirisiwa jaaka mantlwana a borutelo se a reng se feletsa se ba gwetlha go dirisa meriti e e agilweng mo sekoleng (outdoor teaching area) le ditlhare go rutela bana mo go tsone ka palo ya bana ba mophato wa ntlha e le bone ba leng bantsi ka palo. O tlhalositse fa gape ba na le go nna le letlhokao dipampiri tse baithuti ba kwalelang ditlhatlhobo mo go tsone mme se ba tse tsotlhe ba setse ba di lebisitse lephata la thuto ka jalo ba letile ka pelotelele gore ba thusiwe dieemo tse. Rre Motlhanke o ne a tswelela ka go tlhalosetsa batsadi le batlhokomedi ba baithuti gore bana ba bone ke diteemane tse di tlhokanang le go somarelwa mme a tswelela ka go kopa batlhokomedi le batsadi go ba itsise ka letlhoko la bone mo thutong ya bana gore ba tle ba thuse fa ba kgonang teng. BOKHUTLO
|
education
| 4 |
Setshaba se ngamela madi a mmele
|
Makhanselara a Bokone Bophirima a gwetlhilwe go anamisa melaetsa e e itebegantsneg le go rotloetsa morafe ka kakaretso go aba madi a mmele. Mooki, Mme Pinkie Ramosabego o ikuetse jalo fa a lekodisa khansele ka botlhokwa jwa go aba madi a mmele. A re ba lemoga fa morafe mo kgaolong ya Ngami o le maoto a tshupa go aba madi a mmele le ntswa puso e dirile maiteko go ba atumeletsa ditlamelo. A re e sale ka ba bula lekalana kwa Maun, ga ba ise ba filthelele seelo se ba se ipeetseng ka jaana batho ba tla ka dipalo tse di boutsana go aba madi. O ikuetse mo makhanselarang go ba tswa thuso a supa fa maiteko a ba botsogo a sa tswe tema le ntswa ba tsweletse ka go ruta setshaba ka botlhokwa jwa go aba madi. Mme Ramosabego a re ba e peetse seele sa go kokoanya dipaente tsa madi di le lekgolo mme mme go sa ntse go pala ka ba bona dipalo tse di ko tlase. O supile fa lekalana le butswe ngogola ka Lwetse mme a kaya fa ba ne ba amogela dipante di le masome a mane le boferabongwe , ka kgwedi ya Phalane tsa nna masome a mane le borataro, Nganatsele tsa gola ka ba boen di le amsome a supa le borataro mme Ka Sedimonthole tsa wela tlase sa nna masome a mararo le botlhano. Ngwaga ono ka Hirikgong gone ba amogetse di herabongwe fela mme ka Tlhakole tsa nna masome a matlhano le botlhano. O tlhalositse fa go aba madi a mmelego tlhokega ka jaana bontsi jwa batho ba latlhegelwa ke madi a mantsi mo dikotsing tsa tsela fa bangwe e le ka ntlha ya pelegi. A re go nna le dintso tse di kwa godimo ka ntlha ya tlahelo ya madi a tlatsa ka gore fa motho a dirwa learo o tlhoka go tshela dipante tsa madi diferabongwe. Mme Ramosabego o boletse gape fa masea mangwe a tsholwa ka madi a a bokoa ka jalo go tlhokega gore madi ao a emisediwe ka a a phepha. A re madi ke molemo ka jaana a boloko matshelo a batho ba le bantsi mme a kopa morafe go ititaya ka thupana go aba madi ka dipalo tse di kwa godimo. A re motho yo o abang madi o tshwanetse abo a le dingwaga di lesome le borataro go ya kwa godimo, a se mo kalafing epe ka jaana ba batla madi a a babalesegileng. O tsweletse are motho o tshwanetse a bo a le boketse jwa 50kg, fa e le mme o tshwanetse gore a bo a se mo malatsing. Mme Ramosabego a re borre ba ka aba madi gane mo ngwageng fa bomme bone ba ka aba ga raro fela. Kwa bofelong o supile fa kabo madi e le boithaopo mme go se ope yo o pateletswang. Fa ba mokgwa dikgaba, bangwe ba makhaselara ba en ba supa fa batho ba ba golo ka bontsi ba tshabelelwa ke dilthabi ka jalo ba rotloetsa lekalana leo go inaakanya le bana ba dikole. Ba re bana ba sa ntse ba itekanetse ka bontsi ka jaana bontsi bo se mo kalafing epe. Bangwe ba ne ba botsa ak ditlamorago tsa go aba madi ba kaya fa go na le tumelo ya gore motho o ka felela a tlhokafetse morago ga go aba madi. Fa a tsibogela dikakgelo tseo, Mme Ramosabego o tlhalositse fa go na le puisanyo e e dirwang pele ga motho a ka aba madi mme moabi o tlamega go bua boammaruri fela . A re bangwe ba fitlha nnete mme gantsi bao ba aba ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya dinotagi mme morago motho a nne le sedidi.Bokhutlo
|
health
| 6 |
Moeteledipele o kopa dikereke tsa semoya go ema puso nokeng
|
Moeteledipele wa dikereke tsa semoya, Rre Phillimon Motlhagodi o rotloeditse dikereke tsa semoya go ema puso nokeng mo ntweng kgatlhanong le kanamo ya mogare wa corona. Fa a buisa baruti le boeteledipele jwa dikereke tsa semoya kwa kgaolong-potlana ya Mahalapye ka Labone, Rre Motlhagodi o tlhalositse fa a dule letsholo go tlhola dikereke tsa semoya, go netefatsa gore di diragatsa ditaelo tsa ba botsogo kwa dikerekeng go kganela kanamo ya mogare wa corona. Rre Motlhagodi o akgotse Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi, khuduthamaga ya gagwe gammogo le lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go lwantsha kanamo ya mogare wa corona, maiteko a bone go lwantsha kanamo ya mogare wa corona mo lefatsheng leno. “Re a bona re le dikereke gore mogare wa corona o tsere taolo. Ka jalo, boeteledipele jwa lefatshe gammogo le ba botsogo ga ba kake ba kgona ntwa kgatlhanong le kanamo ya mogare ba le nosi. Re tshwanetse ra lemoga maiteko a bone, ra tsiboga ka fa re kgonang ka teng go ema puso nokeng,” Rre Motlhagodi a supa. O rotloeditse baruti go rapelela boeteledipele jwa lefatshe, badirelapuso, bogolo jang ba tsa botsogo le babegadikgang a re bodiredi jo, bo tshwanetse jwa akgolelwa ditiro tsa bone tse di ka nnang tsa ba tsenya mo diphatseng ka ba intshitse setlhabelo go babalela setshaba kgatlhanong le mogare wa corona. “Mo godimo ga moo, re tshwanetse ra rurifatsa gore ka dinako tsotlhe fa re kopane re le dikereke, go na le ditsayamegote, molora le metsi a a tlhapang diatla kgotsa O kopile baruti gore ba tlhodumele dikereke tse ba di eteletseng pele go netefatsa gore di obamela ditaelo tsa botsogo, a re o utlwaletse gore dikereke dingwe di a tsena ntle le go phepafatsa dikago mo go tseneletseng jaaka fa ba botsogo ba gokalotse. A re go dira jalo ga se tsamaiso ka go ka tsenya matshelo a maloko mo diphatseng. Rre Motlhagodi, yo gape e leng modulasetilo wa Botswana Network of Christian Community, o kopile a bo a rotloetsa maloko a dikereke tsa semoya mo Botswana gore ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le masome a mabedi le borobabobedi ba itime dijo mme ba tsene mo thapelong kgatlhanong le mogare wa corona le dikgwetlho tse di aparetseng lefatshe leno.
|
health
| 6 |
Phala e senang phalana e thusa bagodi
|
Modulasetilo wa komiti ya mokgatlho wa boithaopo e e tlhokomelang bagodi, Mme Tsholofelo Letshoo a re ba ititeile sehuba go thusa bagodi ba Mogobane le metse e e mabapi e tshwana le Ntlhantlhe, Magotlhwane, Lekgolobotlo le Otse. Fa a bua mo potsolotsong le Mokgatlho, o setse o kwadisetse bagodi ba le 120 go tswa mo metseng e e farologaneng, a tlhalosa fa ba le 45 e le ba-na-le bogole, mme bontsi e le bomme, fa bangwe e le ba ba godileng, e bile ba sa kgone go itirela sepe. O tlhalositse fa ba kwadisa bagodi ba ba dingwaga tse di 65 go ya kwa godimo, a tlhalosa fa mogodi yo motona yo ba setseng ba mo kwadisitse e le wa dingwaga tse 105. Mme Letshoo o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go thusa bagodi go lwantsha bodutu. O tlhalositse fa ba bone go le maleba go tlhama mokgatlho o gonne bagodi ka bontsi ba nna mo kgatelelong ya maikutlo. “Mogodi fa a nna a le nosi o bolawa ke bodutu, mme a tlelwe ke boitlhobogo. Re itemogetse gore gantsi bagodi ba nna ba le nosi fa bana ba ile dikoleng le meberekong. Bontsi jwa bagodi ba nwa dipilisi ka lebaka la malwetse a a farologaneng, ka jalo fa ba le nosi ga ba kgone go di nwa sentle, le go ja ga ba je sentle.” A re go botlhokwa gore bagodi ba fiwe tlhokomelo gore ba kgone go nna le botsogo jo bo lolameng. A re ba itemogetse fa ngwao ya Setswana e nyelela, a tlhalosa fa ba tlaa anywa ngwao mo bagoding bao, mme ba e somarele go e ruta dikokomane tse di tlang. Mme Letshoo a re fa ba beile bagodi golo go le gongwe, ba tlaa ba fa dikgakololo di tshwana le tlhokomelo ya lonyalo gore lo seka lwa thubega, peo ya botsetsi, meila gareng ga tse dingwe. O buile gore fa bagodi ba le mmogo ba ntshana bodutu, ba opela dipina tsa bogologolo, ba ikgopotsa ditiro tsa bogologolo, ba tshega ba itumela mmogo. A re go nna mmogo ke tsela nngwe ya go lwantsha kgatelelo ya maikutlo le bodutu, ka go tshega le go itumela go thamisa pelo. “Re na le setsha, ntlo ya rona ga e ise e fele go setse go rulela fela. Le fa ntlo ya rona e ise e fele, ditirelo tsotlhe tsa mokgatlho re di tshwarela mo setsheng sa rona. Ka mokgatlho wa rona e le wa boithaopo, rona maloko re simolotse re ntsha makgolo a matlhano re ikwadisa.” O tlhalositse fa ba tlholela bagodi kwa malwapeng gonne ntlo ga e ise e fele. O tlhalositse fa ba ikokoanyetsa madi ka go dira megwanto, bommabontle le mediro e mengwe. Mme Letshoo o tshwaela fa kemo-nokeng e le kwa godimo. A re maphata a puso le banni ba motse ba dira le bone ka lorato. A re ba dira le ba Otse Police College, Dikakapa FC, Ditshephe FC, Avis, Gabana Architect, Dutch Reformed Church, LEA, Choppies, ba bogosi gareng ga ba bangwe. O tlhalositse fa bagodi le bone ba itumetse, a re ba ba fa dikgakololo gore ba kgobokanya madi jang le gore ba ka dira jang gore toro ya bone e atlege. “Ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa Sontaga di dira dikgaisanyo go re kgobokanyetsa madi. Re dira le mmabontle wa bagodi.” A re o lebogela kemo nokeng e, gonne tiro nngwe le nngwe gore e atlega e tlhoka tshwaragano ya batho le bopelotelele. O tlhalositse gore fa ntlo e fela, maikaelelo a bone ke go tsaya bagodi moso le moso, mme ba ba busetse malwapeng maitseboa. Mme Letshoo o kopa thotloetso mo go botlhe go ba thusa ka koloi e e tlaa ba thusang go dira ditiro tsa mokgatlho. A re ba tlhoka sebalamakgolo le kharabene e ba tlaa e dirisang e le ofisi, ka jalo o kopile setshaba go ba thusa ka mo ba nang le gone. “Keletso le toro ya rona ke go bona mokgatlho o godile, gape re eletsa go itirela dikgwebo di tshwana le thuo ya dikoko le tshingwana ya merogo. Gore toro ya rona e atlege, setshaba se tshwanetse go dira le rona ka lorato gore maitlamo a rona re le baithaipi a diragale,” Mme Letshoo a wetsa.
|
society
| 9 |
Kgotlafela o rotloetsa Batswana go ikemela ka dinao
|
lick to see more pictures E re ka go sa sala sepe gore lefatshe leno le goroge kwa 2016, Batswana ba gwethilwe go ema ka dinao go tokafatsa matshelo a bone le gone go ipaakanyetsa moletlo wa dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ipusa. E rile a kgothatsa morafe wa Leshibitse mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama ka Labone, Mme Charity Kgotlafela go tswa kwa khanseleng ya tebelopele ya setshaba, a iteela morafe wa motse oo legofi ka jaana ba eme ka dinao go tokafatsa matshelo a bone. A re morafe oo ke sekao mo merafeng e mengwe ka ba setse matshego a tebelopele ya setshaba morago e bile ba a diragatsa. Mme Kgotlafela o ne a tlhalosa fa nako e tsile ya gore Batswana ba itshekatsheke gore ba tswa kae ebile ba ya kae. A re ba dule ka matshego a le supa a tebelopele ya setshaba a kaya fa a lemoga gore bontsi jwa Batswana ba tsweletse ka go diragatsa matshego ao, se a tlhalosang fa e le selo se se botlhokwa thata. Mme Kgotlafela a re ka ngwaga wa 2016 lefatshe leno le tlaa bo le ipelela dingwaga di le masome a matlhano le ipusa ga mmogo le yone tebelelopele ya setshaba e tlaa bo e tla bokhutlong, a tlatsa ka gore setshaba se tshwanetse sa tshwaragana go re maitlamo otlhe a diragadiwe. O tsweletse a re go mo maruding a Motswana mongwe le mongwe go itshekatsheka gore seabe sa gagwe ke eng mabapi le dikgang tseo ka bobedi. O ne gape a supa gore le puso ya lefatshe leno e gatetse pele mo go diragatseng matshego ao a kaya fa mo letshegong la setshaba se se kutlwelobotlhoko, se se ratang tshiamo se se tlhokomelang batho botlhe, puso e tsweletse e a diragatsa. A re e setse e agetse bangwe ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng matlo gore ba nne le seriti le bone, a supa gape gore le a mangwe fela jalo matshego puso e gatetse pele mo go one. Mme Kgotlafela o boletse gape a re Batswana ba tsweletse le ka go rotloetsa thuto ya lefatshe leno gore ka ngwaga wa 2016 ba fitlhelele letshego la bone la setshaba se se rutegileng, se na le kitso a fa sekai ka dikolo tsa bananyana tse di neng tsa simolodisiwa bosheng a re seo ke kgatelopele. E ntse e le kwa phuthegong eo mopalamente wa kgaolo eo ya Mochudi Bophirima Rre Gilbert Mangole o ne a tlhalosa fa go na le bagolo bangwe mo motseng ba ba tshotsweng ka ngwaga wa 1966 fa lefatshe leno le tsaya boipuso ba a kaileng ba ithaopile go nna le seabe sa go tlhabolola motse wa bone.
|
politics
| 7 |
Thuo ya Dihutshane e dira sentle
|
Mogolwane wa ofisi ya tsadiso le tlhabololo ya leruo kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng o tlhalositse fa dihutshane tse di tshwanang le pudi di dira sentle e bile di ata kwa kgaolong eo. E rile a bua mo puisanyong le BOPA, Rre Kgang Mongale a tlhalosa fa barui ba kgaolo ya Letlhakeng ba itse go tlhokomela dihutshane e bile go lebega di ba solegela molemo ka bontsi jwa bone ba kgona go isa bana dikoleng ka go rekisa leruo ga mmogo le go ikinola mo lehumeng le le aparetseng lefatshe ka bophara. O bile a tlhalosa fa mananeo a puso a a tshwanang le boLIMID, lenyetso lehuma ga mmogo le a banana a thusitse thata ka barui ba rekisetsa ba ba batlang dihutshane ka bontsi. Rre Mongale o tlhalositse fa lephata le tsweletse ka go leka go thusa ka go bopa mokgatlho wa Kweneng Small Stock Association o barui ba tlaa ikopanyang ka one mme ba kgone go ithuta ka tlhokomelo leruo le gore le ka ba solegela molemo jang. O supile fa lephata le ikaelela go ruta barui ba dihutshane go ruela kgwebo ga mmogo le go tshwara dibuka tsa kgwebo. Rre Mongale o tlhalositse fa kgwetlho e barui ba dihutshane ba kgaolo ba kopanang le yone e le bolwetse jwa sekwape kana motshweetshwee jo bo simologileng ka 2010 jo bo bakwang ke dinwamadi di tshwana le matsetse. O tlhalositse fa bolwetse jo gantsi bo tlhasela ka dinako tsa komelelo, bogolo jang mariga. O bile a kopa barui go tipa diruiwa tsa bone le go di kenta mme ba dire tse tsotlhe ka fa ditaelong tsa bakenti gore e re fa bolwetse bo tla go wa ba bo ba setse ba eme sentle ka motsalwa pele a rile mosele wa pula o epiwa go sale gale. O ne a gakolola barui go dira dirubi ka dipudi tsa kgaolo di tsala thata mariga mo go rayang gore dipotsane di ka bolawa ke serame le dipula ka e bile malatsi ano di sa ikanyege ka di ka bolaya dipotsane ba tloga ba sala ba iphotlhere.
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Ba inaakantse le metshelo
|
Metshelo e supilwe e le nngwe tsela ya go tokafatsa matshelo mo Botswana ke ka moo batho ka bontsi ba tsweletseng ka go e tsena. Mme mongwe yo o boneng mosola wa motshelo ke Mme Neo Godirang. O boletse fa a tsene motshelo fa botshelo bo mo ketefalela a sena go tlhokafalelwa ke monna yo e neng e le ene a tsisang dijo mo lwapeng. A re madi a motshelo a thusa bana ba gagwe fela thata ka a kgona go ba rekela dijo le diaparo tsa sekolo. O supile fa a bona thotloetso e ntsi mo go bomme ba motshelo ka ba sa thusane ka madi fela mme ba gakololana ka tsa matshelo le go supa lorato mo setshabeng ka go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. A re ba dira meletlo ya dijo le go adimisa madi e le nngwe tsela ya go oketsa madi a ba nang nao mo motshelong. Mme Godirang a re o rotloetsa batho go tsenelela metshelo a tlhalosa fa e se ya bomme fela le borre ba ka o tsenelela go tokafatsa matshelo a bone le go rutana ka tsa matshelo. A re batho ba santse ba gana go tsenelela metshelo ka ba nna ba utlwa gotwe ba bangwe ba ja madi a ba bangwe mme a tlhalosa fa malatsi ano madi a bewa kwa dibankeng. Mme Wedu Ntolo wa dingwaga tse di masome mararo o boletse fa motshelo e le selo sa botlhokwa ka se mo thusitse fela thata le ba lelwapa la gagwe. A re o tseneletse motshelo ka ngwaga wa 2012 morago ga go bona bomme ba bangwe ba tsweletse ka go tokafatsa matshelo a bone ka metshelo. Se se ne sa dira gore le ene a rwale ditlhako jaaka bomme ba bangwe a tsenelele motshelo. A re o kgonne go feleletsa ntlo ya gagwe le go reka dilwana tsa mo ntlong. Mme Ntolo a re motshelo wa bone o dirwa ke bomme ba ba lesome le boferabobedi ba ba itlamileng go ntsha madi a a kana ka dipula tse di lekgolo kgwedi le kgwedi le go rekelana dimpho tse gantsi e leng dilwana tsa mo lwapeng. O supile fa ba thusana mo manyalong le mo dintshong go supa lorato le tirisanyo mmogo. A re motshelo ke nngwe tsela gape ya go tiisa botsalano, lorato le kagiso mo motseng. O tlhalositse fa ba ntsha madi a mangwe a a kana ka dipula tse di lesome kgwedi le kgwedi mme ba a dirise ngwaga o fela go reka dijo tse ba di kgaoganang.
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Kgosi ya Kutamogoree e itumelela banana
|
Kgosi Motsamai Kgosi wa motse wa Kutamogoree o tlhalosetse fa a leboga maiteko a puso a go tlhabolola metse e e kgakala le ditlamelo ka go fa banni ba metse eo sebaka sa go thapiwa fa ba nang le bokgoni fa go na le diphatlha mo maphateng a puso ka go farologana. Kgosi o buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng, mme a supa fa puso e tsweletse ka go thapa banni ba motse o ka bontsi, a re se se thusa ka ditlhabololo tsa motse. A re thata o leboga ba sepodise, sesole le ba lephata la magolegwa ka e le bone ba thapileng bontsi jwa banana ba motse wa Kutamogoree. O supile fa banana ba ka bontsi ba supa boikarabelo ka ba tsweletse ka go dira sentle kwa ditirong tsa bone e bile ba tlhokomela batsadi ba bone ka go ba agela le go ba rekela leruo go intsha mo lehumeng. A re ba bangwe ba ithaopile go thusa ba ba tlhokileng lesego mo motseng ka go ba fa dijo le diaparo. O boletse fa a itumedisiwa ke gore bontsi jwa banana bao ga ba a lebala ko ba tswang teng mme ba tsweletse ka go tla gae fa ba sa theogela le go tsaya karolo mo ditlhabololong tsa motse wa bone. Kgosi o supile fa se se dira gore banana ba tlhoafalele dithuto tsa bone gore ba kgone go bona ditiro tse di botoka, a bolela fa ba ba neng ba sa dira sentle mo dithutong tsa bone ba ikwadisetse go kwala gape. O ne a tlhalosa fa a ba rotloetsa go tsena ko Brigades go ithuta ditiro tsa diatla gore ba kgone go itshemololela dikgwebo ba thape banana ba bangwe. Go sale foo, Kgosi o boletse fa lenaneo la Ipelegeng le tsweletse ka go tlhabolola motse ka ba kgonne go dira masakana a go latlhelang matlakala mo go one. O supile fa lenaneo la go apeela badiri ba Ipelegeng le thusitse banni ka bontsi jwa bone ba ikagetse matlo ka dikatso tseo fa ba bangwe ba itheketse dipodi mme se se ba ntshitse mo lehumeng. A re lenaneo le le thusitse badiri ba Ipelegeng fela thata ka bangwe ba tla go bereka ba sa ja sepe. Le fa go ntse jalo, Kgosi o ntshitse matshwenyego a gore bangwe badiri ba Ipelegeng ga ba theogele sentle, ba nna malatsi ba sa bonale ko tirong ntle le ntsha lebaka. A re bangwe batla tirong ba nole, a tlhalosa fa tiro ya Ipelegeng e tshwana le ditiro tse dingwe ba tshwanelwa ke go reetsa le go tlotla mogolwane wa bone ka dinako tsotlhe. BOKHUTLO
|
politics
| 7 |
Banana ba ka thusa go emisa dikotsi
|
Kgosi Segale Letshele wa Jwaneng o kopile banana ba toropo eo go tsaya boikarabelo go lwantsha dikotsi tsa tsela. Rre Letshele o ntshitse kgakololo eo kwa thuto-puisanong ya banana kgatlhanong le dikotsi tsa tsela e e neng e tshwaretswe kwa Jwaneng bosheng. O gakolotse banana go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe eseng fela fa ba bona mapodise ka jaana matshelo a bone a le botlhokwa mo lefatsheng leno. A re boikgapho ke selo se se botlhokwa ka e bile bo tsamaelana le nngwe ya matshego a tautona wa lefatshe leno la discipline le tebelopele ya setshaba ya 2016 ka fa tlase ga tshetlana ya tshaba e e sireletsegileng e bile e babalesegile. Rre Letshele o tsweletse ka go gwetlha banana go tsaya boikarabelo jwa go fokotsa dikotsi tsa tsela ka jaana di digela itsholelo ya lefatshe la Botswana kwa tlase. A re ba ikgaphe mo dilong di tshwana le nnotagi e e feteletseng ka ele nngwe ya dilo tse di bakang dikotsi tse dintsi. A re, e re ka jaana malatsi a boitapoloso a atamela, banana ba tseye boikarabelo ka bongwe ka bongwe gore ba nne le seabe mo go fokotseng dikotsi tsa tsela. A re pharologanyo e e dirwang ke motho a le mongwe, e ka thusa lefatshe ka bophara go fokotsa dipalo tsa dikotsi tsa tsela. O boile gape a ba kopa gore ba dirise dipalamo tsa setshaba fa ba tsamaela kwa ntle ga toropo ka jaana dipalamo tse dingwe di sa sireletsega. A re, se se dirwa ke gore dinako tse dingwe bakgweetsi ba dipalamo tse eseng tsa setshaba ba a bo ba sa itekanela sentle mme ba bake dikotsi. E rile a tswa la gagwe, mothusa modualsetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng mo kgaolong ya Jwaneng Assistant Superintendent Ernest Sesinyi a supa fa banana ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le borataro le masome a mararo le botlhano ele bone ba amegang thata mo dikotsing tsa tsela. O tlhalositse fa melato ya go kgweetsa motho a itshietse, go tlhoka go obamela matshwao a tsela, go kgweetsa botlhaswa ga mmogo le go tlhoka go tsenya lebanta la itshireletso ele mengwe ya melato e e di gogang kwa pele mo go bakeng dikotsi tsa tsela mo kgaolong eno. BOKHUTLO
|
disaster_accident_and_emergency_incident
| 2 |
Go thusa mapodisi go ka tlhofofatsa tiro
|
Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti a kopilwe go ema mapodisi nokeng mo go lwantsheng borukutlhi. E rile a bua kwa khanseleng bosheng, mogolwane wa mapodisi a District NO 8, Mme Sarah Gabathusi a tlhalosa fa batho ba sa dirisane le mapodisi sentle mme ba batla mapodisi fela fa ba tlhokana le thuso ya bone. Mme Gabathusi o boletse fa ba tshwenngwa thata ke borukutlhi jwa go tsena ga diritibatsi segolo jang setlhatshana sa motokwane mo kgaolong eo se a reng ba se fitlhela mo bathong mo dikgorong tsa lephata la matlhoko a leruo fa ba phuruphutsha. Mme Gabathusi a re borukutlhi jo bongwe jo bo tshwenyang ke jwa dipetelelo. O tlhalositse fa ba lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya mapodisi mo Letlhakane, seemo se a reng se bakiwa ke tlhaelo ya boroko jwa bodiredi , a tlatsa ka gore ba na le lenaneo la go aga matlo a mapodisi a le 28 mo motseng oo. O kaile fa gape ba na le tlhaelo ya diofisi mme a re o kopile go senka lefelo le baka le hirisang go direla mo go lone. Ene yare ba mokgwa kgaba mokhanselara wa Khwee, Rre Keitumetse Gobotswang a re o tshwenngwa ke dipolaano tse di diragalang kwa motseng oo. Mokhanselara Gobotswang o kopile mogolwane wa mapodisi go tsibogela seemo pele ga malatsi a keresemose ka jaana ele nako e go itumelwang thata le tiriso ya ditagi ele kwa godimo ka jalo go bake dikgang tsa mothale oo. Mokhanselera wa Tsienyane Botlhaba, Mme Batoli Manyuni o supile fa ba tlhaelelwa ke dikoloi tsa mapodisi mo go dirang gore batho ba seka ba thusiwa ka bonako. Mme Manyuni a re ga ba itumedisiwe ke go tlhoka go duelwa ka nako ga baithaopi ba sepodisi mme a supa fa seo ele selelo sa kgaolo yotlhe ka makhanselara ka bontsi ba lemogile seo mo dikgaolong tsa bone mme ba kopa gore ba sepodise ba potlakele go baakanya seemo seo. Mo go tse dingwe, makhanselara ba beilwe pele lenaneo la go tsena le go tswa mo kgaolong ga badirelapuso mme makhanselara a Boteti Botlhaba ba supile fa pego ya teng e e sa supe babereki ba Boteti Bophirima mme e bile ba re ba na le kgwetlho ya babereki ba ba tsamaileng ba bo ba sa emisetswe. BOKHUTLO
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Kgosi Mangogola o bolokilwe
|
Mokhanselara wa pele wa Mathathane, Rre Ishmael Legwaila, o kaile fa mothusa kgosi wa Mathathane Rre Moloko Mangogola e ne e le motho yo o senatla gape a le lerato mo setshabeng. O buile seo kwa phitlhong ya mothusa Rre Mangogola ka mafelo a beke kwa Mathathane. A re mothusa kgosi o tlhomilwe go nna kgosi ya kgotla ya Serumola ka ngwaga wa 1975, a tlhomiwa go nna mothusa kgosi ka ngwaga wa 1992 setilo se a tlhokafalang a le mo go sone. O tlhalositse fa e ne e le molemi-morui,gape o ne a dira tiro ya gagwe ya bogosi ka bonatla a sa kgaramediwe e bile a thusa setshaba ka lerato le botswerere. Rre Richard Serumola a re o berekile le Kgosi Mangogola dingwaga di le masome mabedi a supa fa a sa itse gore o ya go bona kae senatla se se tshwanang le ene ka o ne a tshephagala mo tirong ya gagwe ya bogosi. Leloko la ntlo ya dikgosi kwa Bobonong Kgosi Mmirwa Malema o tlhalositse fa Kgosi Mangogola a ne a sa mpampetse sepe, e le motho yo o buang boammaaruri. Molaetsa go tswa kwa go mogolwane wa dikgotla tsa Setswana, Rre Tumelo Seboko, o ne wa tlholosa fa Kgosi Mangogola a tsene mo tirong e e botlhokwa ya go direla morafe ka ngwaga wa 1994 kgwedi ya Lwetse e tlhola letsatsi e le kgosana e e sekisang. Moemedi wa Ntlo ya Dikgosi kwa Bobonong e le kgosi ya Molalatau, Rre Letso Malema, o ne a rotloetsa setshaba go dira dilo ka fa go tshwanetseng, a supa fa dikgang tsa go lwela bogosi di tshwenya. O ne tlhalosa fa ba itse ka fa ba tsalwang ka teng e le ka thulaganyo ya bone, mme se se botlhokwa ke go tsena mo ntlong ba buwe, morago ba bolelele morafe wa Mathathane gore ba bona mang yo o ka tsenang mo boemong jwa ga Kgosi Mangogola.
|
society
| 9 |
Khampani e namola baithuti
|
Mookamedi wa Obert Fitness mo Maun, Rre Obert Morgan a re ba itlhophetse dikole di le tharo go di thusa ka mesangwana (sanitary towels) kgwedi le kgwedi. Dikole tseo di akaretsa se segolwane sa Maun, Mogoditshane le sa Limpopo ko Salajwe mo kgaolong ya Kweneng mme sengwe le sengwe se fiwa mesangwana e le 3 000. Mo potsolosong, Rre Morgan o boletse fa ba ne ba tsaya tshwetso eo morago ga go utlwa fa baithuti bangwe, bogolo jang ba ba tswang kwa malwepeng a a itsholelo e kwa tlase, ba dirisa materase mme seo sa mo gwetlha go thusa. A re gape o ne a fiwa thotloetso ke baithuti ba pele ba a neng a tsena sekole nabo, mme a itlhophela go simolola ka go thusa dikole tse tharo pele a tlatsa ka gore fa seemo sa madi se letla, o ikaelela go oketsa palo ya dikole. Fa a abela sekole sa Maun, o boletse fa a lemoga fa batsadi bangwe, bogolo jang ba ba tswang mo metseng e e mabapi, ba sa kgone go ka rekela bana mesangwana eo ka mabaka a itsholelo e e kwa tlase. Rre Morgan a re ba dirile thulaganyo le ba bogakolodi mo dikoleng gore dimpho tseo di fiwe baithuti ba ba lebaneng. O boletse gape fa a tshwenyega ka borre bangwe ba ba itirang moriti o tsididi fa ba tshwanetse go tlhokomela bomme ba bone ka go ba rekela mesangwana. A re bagwe ba santse ba le ditlhong mme a ba kgothatsa go supa lorato mo go bomme ba bone a re go mo rekela dimpho tseo ke go supa fa ba kgathala ka botsogo jwa bone. Le fa go ntse jalo, o boletse fa ngwaga ono ba bone go tshwanela go kopanya kabo ya dimpho tseo le itshidilo mmele ka jaana kompone eo e rotloetsa botsogo jo bo lolameng mo setshabeng. A re ba bona go tshwanela go simolodisa 'Maun Wellness' e maikaelelo a yone e leng go rotloetsa itshidilo mmele ka nako tsotlhe ka jaana e le konokono mo botsogong jo bo siameng. A re ba itemogetse fa bontsi jwa batho bo tshwenngwa ke malwetse a a sa tshelanweng jaaka madi a matona, sukuri mme molemo wa teng e le itshidilo go a thibela. Kompone eo e thusa thata ka tsa itshidilo ya bodiredi mo dikomponeng ka go farologana di tshwana dibanka, dikoporase tsa motlakase ba Botswana Stock Exchange le tse dingwe tse di ikemetseng le morafe ka kakaretso. Rre Morgan a re ba tsene mo botsalanong le ba komopne ya Mascom go godisa tiro eo ka jaana ba batla e sologela banni ba Maun molemo. A re ba ikaelela go e tlhabolola ngwaga o o tlang ka go dira lobelo la Maun Run le le tlaa ngokang batabogi ntlheng tsotlhe tsa lefatshe. A re ba eletsa go ikgologanya le ba Botswana Athletics Association fa ba simolola dipaakanyo tsa lobelo leo. Rre Morgan a re Maun o itsege thata ka bojanala ka jalo go tshwanela go tla ka ditirelo tse di tlaa tshosolosang itsholelo ya motse oo le gone go godisa bojanala. BOKHUTLO
|
health
| 6 |
Badiri ba Ipelegeng ba rotloediwa go itshwara sentle
|
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Ikongwe, Rre Onyaditse Sepane o rotloeditse banni ba ba thapilweng go bereka mo lenaneong la Ipelegeng go itshwara sentle mo tirong. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Sepane o tlhalositse fa bontsi jwa badiri ba Ipelegeng ba na le mokgwa wa go tla tirong ba nole bojalwa mme se se dire gore maitseo a bone e nne a a makgwakgwa, selo se a reng se a ba ngongoregisa. Go ya ka Rre Sepane, go a bo go nolwe majalwa a masesanyane jaaka tutu le khadi a a rekisediwang mo malwapeng, mo go dirang gore a nowe phakela le ntswa go se ka fa molaong. Rre Sepane a re badiri ba ba tlang mo tirong ba itshietse ba kgoba ba bangwe ka dipuo mo go ba kgoreletsang go bereka, ka jalo ba busediwa kwa malwapeng ba bo ba kgaolelwa madi a letsatsi leo, mme fa boitshwaro jo bo tswelela motho wa go nna jalo o kobiwa mo tirong. Le fa gontse jalo, lenaneo le go kailwe fa le tsamaya sentle ka le thusitse go tlhabolola motse ka go phepafatsa le go tlhamela banni diphatlha tsa mmereko. E re ka motse wa Ikongwe o tletse matlapa, go dirisiwa babereki ba Ipelegeng go a kgobokanya go dira mehupu ya mekgabisa le go a isa kwa mabitleng ka go na le tshokolo ya go bona matlapa a a bewang fa godimo ga mabitla ka dinako tsa diphitlho. Rre Sepane a re gape lenaneo le le thusa go tlhabolola matshelo a banni, a tlhalosa fa bangwe ba tsenya bana dikole ka dikatso tse ba di bonang. O tsweletse ka go tlhalosa fa lenaneo la go apeela badiri ba Ipelegeng le lone le tsamaya sentle le fa go kile ga nna le makgwere a gore mongwe yo o neng a thapilwe o ne a sa apeye sentle. A re modiri yo o ne a apaya borotho a sa bo dube sentle, mme se se sa itumedise badiri mo a feletseng a amogela dituelo tse di kwa tlase, ka e ne e re nako le nako fa a sa apaya sentle a kgaolelwe madi a letsatsi leo. Rre Sepane a re o rotloetsa batho ba ba batlang tiro mo Ipelegeng go itshwara sentle ka ditiro le ka puo, a tlatsa ka gore “kana motho o a bo a emeletse kwa ga gagwe a re o ya go batla tiro a sa patelediwa ke ope,” ka jalo, a re o rotloetsa banni ba Ikongwe go tsaya tiro ya Ipelegeng ka tlhwaafalo gore e tle e ba tswele mosola.
|
society
| 9 |
Makhanselera a kopiwa go itebaganya le ditlhabololo
|
Makhanselera a kgaolo potlana ya Palapye a kopilwe go itebaganya le ditlhabololo ga mmogo le matshwenyego a a lebanyeng setshaba se ba se emetseng. Mafoko a,a builwe ke modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye, Rre Onnetse Ramogapi fa a bula semmuso bokopano jwa makhanselera ka Mosupologo, Mopitlo a tlhola gararo. A re ke nako ya gore khansele e tswe mo goreng bone le puso ke bone botsadi jo bo rweleng boikarabelo jwa sengwe le sengwe, mo go mongwe le mongwe kwa ntle ga dituelo dipe. Rre Ramogapi a re ba tshwanetsa ba itshetela godimo, ba loma molomo wa tlase go bona gore maikarabelo a go tshwaraganela ditlhabololo gore mongwe le mongwe a nne le seabe go tokafatsa matshelo a setshaba. A re ke maikaelelo a bogogi go rurufatsa kgolo ya itsholelo le ditlhabololo, ka ntlha e nngwe ba netefatsa gore tshireletsego ya batlhoki le ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng e nna teng ka go ba neela ditlamelo tse di maleba. A re ba dumela gore ka kgolagano eo, kgaolwana potlana e ka dira ka botlalo go fitlhelela dintlha dingwe tsa botlhokwa le go tlisa tse di tlhokegang e bile di le mosola go ka fetola matshelo a setshaba se ba se emetseng. Rre Ramogapi a re, gore kgolagano eo e ntshe maduo, ke gore khansele e tswelele ka go isa ditlamelo tsa konokono tsa matshelo a batho le gone go bona gore lenaneo la dikago le nna teng e bile le a tokafadiwa, le go tswelela ka go tokafatsa tikologo e e amogelesegang mo itsholelong ya ditlhabololo tsa selegae le mo dipeeletsong tsa dikompone tse di ikemetseng. O ile a re go itebaganya le setlhopha se se fa gare sa tshaba e e kgonang go ka duelela ditlamelo, jaaka makhanselera, bodiredi, barutabana, baoki, bagwebi ba ka kopiwa go duelela ditlamelo di tshwana le go tseelwa matlakala. O supile fa go dira jalo go ka letla khansele go dira madi, a ka one ba ka a tsenyang mo dipeeletsong go ntsha ditlamelo le gone go baakanya dikago. O kgothaditse bodiredi ja khansele go ntsha ga tshwene ka maduo le ditlamelo tsa boleng le go netefatsa gore bokopano ja morafe le boemedi ja setshaba bo nna teng. A re le gone go tsaya boikarabelo ja therisano ka ditlhabololo le moemedi wa kgaolwana jaaka mokhanselera go tshwanetse ga nna teng. Rre Ramogapi a re ke boikarabelo ja morafe go tlhaloganya fa ditlhabololo tse di kwa metseng ya bone ele tsa bone, mme bana le tshwanelo ya go di tlhokomela le go bona gore dithoto tsa setshaba ga di senngwe. E rile a itebaganye le bagwebi ba ba ikemetseng ka nosi a re, ba tshwanetse go tlisa madirelo mo kgaolwaneng potlana, segolo jang mo dikgaolong tse itsholelo ya tsone e ka nnang le boleng jaaka mogo tsa temo-thuo, meepo, tlhabololo ya dithoto le tsa bojanala. Modulasetilo o tsweletse a re go botlhokwa gore boeteledipele bo tle ka ditsela tse ba ka rutang setshaba ka botsipa jo bo ka ba tsenyang sentle mo makalaneng a a farologanyeng a morafe, ka maikaelelo a go ba fa dikitso le boitseanape jo bo ka ba thusang go itebaganya le dikgwetlho le manokonoko a itsholelo. O tsweletse a re metlhala mengwe ya go neela le go tokafaletsa batho itsholelo, e ka nna ya go tokafatsa botsogo ka phepafatso ya metse ya bone ba thapilwe ke khansele. A re seo se ka tokafatsa matshelo a bone sa ba isa golo gongwe. BOKHUTLO
|
politics
| 7 |
Selelo sa ba Boseja/Kubung se arabilwe
|
Selelo sa banni ba kgotla ya Boseja/Kubung sa ditsela tse di sa tsamaegeng e a go nna selo sa maloba ka jaana le bone ba akareditswe mo lenaneong la go tlhabolola ditsela la khansele-potlana ya Maun. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Maun, Rre Mmoedi Modiegi o buile jalo bosheng mo phuthegong ya kgotla gone kwa Boseja/Kubung bosheng. O kaile fa ba khansele eo ba dule ka lenaneo la go tlhabolola ditsela mo dikgotleng tse di farologanyeng mo kgaolong ya bone. Rre Modiegi, yo o tsamayang le kgaolo ya gagwe a lekola banni le go utlwa dilelo tsa bone, o tlhalositse fa kgotla nngwe le nngwe e a go akola ditlhabololo, segolobogolo tsela ya dikhilomithara tse tlhano, a re ba a go leka ka bojotlhe go di tshela lekgarapana kana go dirisa ditena tse di kopanngwang e le ntlha nngwe ya go tlhabolola motse. O tsweletse a tlhalosa fa ba lemogile gore banni ba kgaolo ya bone ba lela thata ka ditsela tse di sa tsamaegeng morago ga dipula tse di neng tsa gosomana, mme tsa senya ditsela ka bontsi mme ka seo ba ne ba seegela kwa thoko P5 million a bontlha bongwe jwa one a tlaa dirisiwang go tlhabolola tsela ya Boseja/Kubung e e sa robatseng banni ba kgotla eo. Modulasetilo o supile fa lenaneo leo la go tlhabolola tsela ya kgotla ya Boseja/Kubung le setse le simolotswe ka jaana ba setse ba boletse dikopo tsa borradikonteraka ba ba nang le kgatlhego ya go dira tsela eo. “Tsela e e tlaa simolola fa dikagong tsa BMC mme e felele fa matlong a BHC ka gore re ikaelela gore kgotla nngwe le nngwe e akole tsela e e e dikhilomithara tse tlhano,” ga bua modulasetilo. Rre Modiegi a re ba dule ka lenaneo la go dirisa ditena dingwe tse di faphegileng go dira tsela eo ya Boseja/Kubung, e seng go dirisa lekgwarapana jaaka go tlhwaelesegile ka go supagala gore tsone di thata di ka seke di senngwe ke dipula ka bonako, a tlatsa ka gore ba solofela gore pele ga ngwaga ono wa madi o fela, tsela eo e tlaa bo e setse e simolotswe go dirwa. E ne ya re pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo gone mo kgotleng eo, Rre Boitshoko Balekile a supa fa ba ne ba setse ba itlhobogile ba supa khansele ka monwana ka gore matshelo a bone a ne a setse a le mo diphatseng, ka gore dipalamo tsa sechaba di ne di ba baya kgakala le kwa malwapeng a bone. Rre Balekile a re dipalamo tsa sechaba di ne di ba baya kgakala ka gore ba ne ba tshaba gore tsela eo e tlaa ba senyetsa dikoloi tsa bone mme seo se dire gore magodu a ba amoge ditsa bone. “Re ne re setse re akanya gore khansele ya rona e re latlheletse ka gore ka nako tsa dipula re ne re sokola thata ka gore ditsela tsa rona di ne di sa tsamaege,” ga bua Rre Balekile O tlhalositse fa dingwe tsa ditsela tsa bone di ne di setse di tlhogile ditlhare mme seo e nne bonno jwa dirukutlhi tse di tseelang bangwe dikobo ka dikgoka le go ba amoga ditsabone selo se se neng baya matshelo a bone mo diphatseng. Le fa go ntse jalo, modulasetilo wa khansele o ne gape a tlhalosetsa banni ba Boseja/Kubung fa ba tlaa oketsa dipalo tsa babereki ba Ipelegeng ka ba lemogile gore batho ga ba a bona thobo e e nametsang mono ngwaga. A re ka batho ka bontsi ba ba neng ba lemile ba ne ba senyediwa ke dipula tse di neng tsa gosomana mme bangwe ba tswa fela ba iphotlhere, selo se se gwetlhileng khansele go ba akanyetsa gore le bone ba tle ba kgone go oba letsogo ka Ipelegeng. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
Mapodisi a tshegeditse mmelaelwa
|
Mapodisi a Letlhakane a tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a supa le bobedi (72) wa kgotla ya Kutlwano kwa Mokubilo go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le loso la monna yo o dingwaga tse di masome a mane le bongwe (41). Mogolwane wa mapodisi Letlhakane Supt Loeto Ramabokwa o boletse gore mmelaelwa o tlhabile moswi ka sengwe se se bogale morago ga gore bobedi joo bo tlhoke kutlwisisano ko maitisong a dino. Supt Ramabokwa a re tiragalo e e diragetse ka matlhatso bosigo a bo are setopo sa moswi se ko setsidifatsing sa sepatela sa Letlhakane se letetse go tlhatlhobiwa ke dingaka. O bile a re ba tshwengwa ke seemo se sa dipolaano mo kgaolong ya Letlhakane, a tlhalosa fa ele tiragalo ya botlhano ya polao e diragala mono ngwaga. Supt Ramabokwaa re o kopa batho go buisa le go itshwara fa ba tlhokile kutlwisisano a re ntwa kgolo ke ya molomo ,ba ikgaphe mo dintweng ka dika baka loso. BOKHUTLO
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Moremi o bone ditirelo tsa botsogo
|
Tshwaragano mo botsogong jwa motho e botlhokwa, e bile ke sone se puso e neng ya tswa ka lenaneo la itshidilo mmele, go leka go fokotsa malwetse a a sa tshelanweng. Puso e dirisa madi a mantsi mo kalafing ya malwetse a a sa tshelanweng, a a kabong a sa dirisiwe fa batho ba ne ba tsibogela botsogo jwa bone le go ja dijo tse di lebaneng. Fa bua bosheng kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ba botsogo, komiti ya motse ya botsogo le bodiredi jwa Moremi kwa kgaolong ya Lerala/Maunatlala morulaganyi wa lenaneo la thutuntsho twantsho maikutlo go tswa mo lephateng la thuto kwa kgaolwaneng-potlana ya Palapye Administrative Authority, Mme Itumeleng Seabe a re maikutlo a a sa iketleng a ka tsenya bolwetse. Mme Seabe a re go le gantsi malwetse a tshwana le jwa pelo, madi a matona le sukiri a bakwa ke maikutlo a a sa iketleng, a a ka dirwang ke dilo di le dintsi tsa botshelo. O gateletse botlhokwa jwa gore batho ba e le tlhoko se ba se jang ka dinako tsotlhe gore ba somarela matshelo le botsogo jwa bone a re mafura le letswai di fokodiwe mo dijong. A re bophepa ke sengwe sa tse di tlhokang go elwa tlhoko ka dinako tsotlhe, go itsa malwetse a re go tlhapiwe diatla fa motho a tswa mo ntlwaneng. A re ke tshwanelo ya motho mongwe le mongwe go itse setlhopha sa madi a gagwe, ka seo se ka thusa go laola dijo tse a dijang. O supile fa dijo tsa Setswana di siametse botsogo. Mme Seabe re go elwe tlhoko go latlhwa ga matlakala, ka kgaolo ya Palapye e tshabelelwe ke bolwetse jwa letshoroma jo bo bakiwang ke monang o o tsalelang mo metemeng, metsi a a emeng le tikologo e e leswe. Dibui ka go farologana, di ne tsa supa fa malwetse a a sa tshelanweng a ka hengwa ka go itshidila mmele ka dinako tsotlhe, ba re go thuga, go ya nokeng go bereka mo lwapeng ke bontlha bongwe jwa go sedila mmele. Bana ba sekole le batsadi ba ne ba rotloediwa go itse seemo sa bone ka go itlhatlhobela malwetse. Go ne ga tlhalosiwa fa malwese a a sa tshelanweng e le one a puso e dirisang madi a a mantsi mo go o ne go na le a a tshelanwang. Kgosi wa Moremi, Major Tshitlo Days o supile fa go le botlhokwa go ruta le go tsibosa setshaba ka tsa botsogo a re thuto ke konokono. O lebogetse seabe sa puso go rotloetsa itshidilo mmele a re makalana a eme ka dinao go diragatsa maitlamo a. A re bana ba sekole ga ba a tshwanela go tsenwa ke mogare ka bone ba le lesego ba bodulogile ba fitlhela e le pina gore mogare o teng le go neelwa dithuto tse di maleba tsa ka fa ba ka o tilang ka teng, mme a bakgothatsa go ipabalela gore ba seka ba kopana le mogare gope. Letsatsi e ne ya nna le le monate mo banning ba Moremi ka ba ne ba dira metshameko e e sedilang mmele ba bo ba itlhatlhobela malwetse. Bokhutlo
|
health
| 6 |
Seboko sa segopa se ile kupu
|
Moanamisa mafoko wa lephata la temo-thuo, Rre Moreri Moesi, o begile fa seboko sa segopa se ile kupu. A re seboko seo se tsaya malatsi a ka nna masome a mabedi le bobedi se le fa godimo ga mmu, se bo se ikepela. Balemi ba le bantsi ba ntse ba sa robatswe ke go tlhagoga ga seboko sa segopa ka se le maswe thata mo dijwalong. Rre Moesi o bega fa dipula tse di gosomaneng kwa dikgaolong tsa bokone, di tlile balemi matshediso ka go se gogola mo masimong. Ka Modimo o se ka o o ja nkabo, kwa dikgaolong tsa Kweneng, balemi ba ne ba namolwa ke makololwane ka go se ja. Lephata la temo-thuo le tlhalosa le gore tshenyo ya seboko sa segopa e bonetse thata mo dikgaolong tsa borwa. Rre moesi o ne supa gore ba ne ba tsibogela go lwantsha seboko seo, e bile ba eme sejaro go se tlhabantsha fa se ka wa la bobedi. Le fa go ntse jalo, moanamisa mafoko o tlhalositse gore ba ka se ke ba kgone go neela balemi ba ba jetsweng ke seboko seo dipeo gore ba leme sesha ka ntlha ya gore paka ya go lema e setse e fetile, se ba ka se dirang e le go ipaakanyetsa go se lwantsha fa se ka ba tlhasela gape. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
Matlalo a ka tshwakanya itsholelo
|
Modulasetilo wa mokgatlho wa bagwebi ba matlalo kwa kgaolong ya Bokone, Rre Bakani Phillimon, a re kgwebo ya matlalo e ka thusa go tswakanya itsholelo. Rre Phillimon, yo a saleng a tsena mo mererong ya tsa kgwebo ya matlalo ka ngwaga wa 2011, o boletse seo mo potsolotsong bosheng. O tlhalositse fa nako e gorogile gore kgwebo ya matlalo e tsewe ka tlhwaafalo, segolo bogolo jang mo dinakong tse lefatshe le lebanweng ke dikgwetlho di le mmalwa tsa letlhoko la ditiro. A re letlalo ke selo se se tlhokang tiro e ntsi, go simolola fela ka go le suga le go dira dithoto ka lone mme a tlatsa ka gore e na le bokgoni jwa go ka bula diphatlha tsa mebereko. E rile a nankola matshwenyego a bagwebi ba matlalo, Rre Phillimon a tlhalosa fa go sa ntse go tlhokega gore go nne le sekole sa thuto ka tiriso ya matlalo e tseneletseng. A re mo nakong eno ga go na sekole sepe se se itebagantseng le tshugo le tiriso ya matlalo ka jaana bontsi jwa matlalo a isiwa kwa mafatsheng a sele go ya go nna mo seemong se a ka dirisiwang. “Mo lefatsheng la rona, go tlhabiwa dikgomo le dipodi nako le nako kwa matlhabelong ka go farologana, ga mmogo le mo meletlong mme sebe sa phiri ke gore matlalo a a isiwa kwa ntle fa a mangwe a latlhiwa,” a bua jalo. O ne a tlatsa ka gore selo se se tshwanetse sa bewa leitlho ka se ka thusa go menagane go fetola matshelo a batho ba le bantsi. Rre Phillimon o tlhalositse fa mo nakong eno, batho ba eletsang go tsena mo kgwebong e ba rutuntshiwa ke ba lephata la temo-thuo kwa sekolong sa Impala Rural Training Centre kwa toropong ya Francistown sebaka sa dikgwedi tse thataro. O boletse fa ithutuntsho eo e sa lekana ka e bile a re ke ithutuntsho e e sa tseneleleng ka tsa matlalo. Go sa le foo, modulasetilo o ne a bolela fa go tlhokega gape gore barui ba rutiwe ba bo ba lemotshwa botlhokwa jwa go somarela letlalo go simolola fela le sa ntse le le mo seruiweng. A re go le gantsi ba na le go fitlhela matlalo a setse a dule mo sebopegong sa gore a ka nna le tiriso ka ntateng ya gore seruiwa sa letlalo leo se sale se tlhokile tlhokomelo e e rileng ka nako ya fa e tshela. BOPA
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Lehuma le tlhokisa motho seriti
|
Rre Keitumetse Mmoloki, mogolwane kwa Debswana a re lehuma le tlhokisa motho boleng le seriti. Rre Mmoloki o buile jaana kwa Mmatshumo ka Laboraro fa a rola matlo a le mabedi a kamore e le nngwe a a agilweng ke khamphane ya Wepex Geotechnical ka P50 000. A re Debswana e rotloetsa dikhamphani tse ba dirang le tsone go abela setshaba se ba direlang mo go sone. Rre Mmoloki a re ba motlotlo go bo ba rola matlo a ka se se tsamaelana le moono wa puso le maitlamo a Debswana a a reng, ‘Show we Care’. O akgoletse Wepex tiro eo ya bopelotlhomogi, a re go a itumedisa go bona khamphani e tshwana le bone, e na le bokao mo go arabeng selelo sa puso sa go tshwaraganela go lwantsha lehuma mo lefatshe leno. Rre Mmoloki o lebogile badiri ba Wepex go bo ba ne ba tsenya diatla mo kagong ya matlo, mme a ba kgothatsa go tswelela ba supa mowa o montle wa go dira pharologanyo mo matshelong a batho ba Boteti le Botswana jotlhe. O kgothaditse ba ba thusitsweng go tlhokomela matlo gore a ba sologele molemo le mo nakong e e tlang. Fa a amogela dimpho, Kgosi Keletshwaretswe Phetsogang wa Mmatshumo a re thulaganyo ya go aba ke selo se se molemo. Kgosi Phetsogang o lebogile VDC e e sa tswang go wetsa tiro a re ke yone e duleng ka mogopolo o, ya ba ya rwala ditlhako go ya go kopa dithuso kwa Wepex. Mme Keleemetse Machechisa le Mme Gabaikanngwe Inchie ba e leng bone beng ba matlo, ba ne gape ba abelwa materase a le lesome le motso le dikobo di le nne le dijo. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mmatshumo, Mme Tumane Seganabeng a re Mmatshumo o sego go bo a na le VDC e e kgonang go bona batlhoki mme e ba kopele dithuso. Mme Seganabeng a re letlhoko la bonno jo bo siameng, dijo le diaparo, di dira gore motho a seka a tshela sentle.
|
society
| 9 |
Kgwele ya dinao e ngoka borre
|
Mogokaganyi wa mananeo a bolwetse jwa AIDS, Rre Callistus Jackalas a re kgwele ya dinao e na le seabe se setona mo go rotloetseng borre le setshaba ka kakaretso go itlhatlhobela mogare. Rre Jackalas o buile jalo mo potsolotsong kwa Maunatlala ka Matlhatso kwa go neng go tshwerwe dikgaisanyo tsa kgwele ya dinao tse di neng o itebagantse le go rotloetsa setshaba, bogolo jang borre go itlhatlhobela HIV. Dikgaisanyo tseo di ne di rulagantswe ke ba Tebelopele Voluntary Counseling and Testing Centre le ba komiti ya kgaolo e e itebagantseng le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS (DMSAC). Rre Jackalas a re dipalo tse ba neng ba di bona fa ba dirile metshameko ya kgwele ya dinao di a nametsa ka ba kgona go bona palo e ntsi ya ba ba itlhatlhobelang mogare. A re ba ne ba simolola Tlhakole e tlhola malatsi a le lesome le borataro go fitlha e le masome mabedi mme ba tsamaya mo metseng ya Maunatlala, Mokokwana, Mosweu, Seolwane le Lerala ba tlhatlhobela banni mogare. O boletse fa ba ne ba wetsa thulaganyo ya bone ka go rulaganya motshameko le ditlhopha tsa kgwele ya dinao go tswa kwa metseng eo, maikaelelo e le go oketsa dipalo tsa ba ba itlhatlhobelang HIV mme bontsi jwa ba go neng go itebagantswe le bone, bogolo jang borre, ba ne ba itlhatlhoba. Mogolwane go tswa kwa Tebelopele kwa Palapye, Rre Mbako Tawana o kaile fa ba ne ba bona batho ba le lekgolo, masome a roba bongwe le borobabobedi ya ba ba itlhatlhobelang HIV mo bekeng e le nngwe kwa dipolaseng tsa Sheerwood mo nakong e e fetileng mme e ke palo e ba kgonang go e bona mo kgweding kwa diofising tsa Tebelopele. Rre Mbako a re go a itumedisa go bona mo malatsing ano setshaba se tsweletse ka go tsibogela pitso ya gore ba itlhatlhobele mogare ka ba felela ba bona dithuso kwa dikokelong fa ba fitlhelwa ba na le mogare. Bafenyi ba motshameko oo wa kgwele ya dinao e ne ya nna setlhopha sa Lerala fa ba ba ba tlhatlhamang e ne ya nna ba Mokokwana/Mosweu. Bafenyi ba ne ba atswiwa ka kopi le dietsele fa ba ba ba tlhatlhamang ba ne ba fiwa dietsele. Motshameki yo o ba gaisitseng le ene o ne a fiwa seetsele. Ditlhopha tsotlhe tse di neng di tseneletse metshameko eo di ne tsa atswiwa ka bolo sengwe le sengwe. BOKHUTLO
|
health
| 6 |
Ba ngongorega ka baatlhodi
|
Banni ba metse ya BORAVAST e e itsegeng thata ka mmino wa Polka ba ngongorega ka baatlhodi ba dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona tsa meletlo ya mmino bogolo jang wa Polka o o tumileng thata mo dikgaolong tsa bone. Ba supile fa ba sa itumelele ditshwetso tse di tsewang bogolo jang kwa makgaola kgannyeng ba supa fa baatlhodi ba sa itse sepe ka gore mmino wa Polka o binwa jang le gone gore gotwe motho o o bina sentle a bo a bina jang. Ba buile mafoko a mo diphuthegong tsa mopalamente wa bone yo o neng a buisa diphuthego tsa kgotla mo metseng eo bosheng. Fa a ba kgwa dikgaba mopalamente o supile fa le ene a na le lesokolela ka kgang eo ka gore baatlhodi ga ba itse ditso tsa mmino oo. Mme o gakolotse setshaba gore ba tshwanetse go amogela bonnete jwa gore mmino wa Polka o fetogile le dinako mme ke gone ka moo o setseng o binwa ke merafe yotlhe lefatse ka bophara. O tsweletse ka gore le bone ba nne mo seemong sa gore ba itse gore mmino o ga se wa bone ka ba o kopile kwa merafeng e mengwe. Mopalamente o ne a re e re le ntswa go ntse jalo mme le ene o dumela gore go botlhokwa gore barulaganyi ba dikgaisano tseo ba netefatse gore go nna le baatlhodi ba ba itseng sengwe ka mmino oo. Mo go tse dingwe, banni ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwe ke ka fa kompone ya metsi ya Water Utilities Corporation e ba fang ditirelo ka teng. Ba supile fa bontsi jwa nako ba nna ba sena metsi mo metseng ya bone mme ditlhwatlhwa tsa metsi tsone di nna fela di le kwa godimo. Ba tsweletse ka gore kompone eo ga e nke e buisana le bone ka mabaka a tshwana le go kgaola metsi ba tlatsa ka gore ba ketefalelwa ke kgang ya gore ba bo ba tsamaya sekgala se se leele go ya go duelela metsi kwa motseng wa Tsabong kgwedi le kgwedi. Mopalamente o kopile badirelapuso go bereka le morafe sentle ka jaana le bone ba se kake ba nna sebaka sa dibeke tse pedi ba sa bone metsi.
|
arts_culture_entertainment_and_media
| 0 |
Gasebonwe o ipelafatsa ka kgwebo ya temo ya ditlhare
|
Puso e tsweletse ka go otlolola letsogo go ntsha Batswana mo lehumeng ka go ba fa mananeo. Mme Gaboratanelwe Gasebonwe ga a aka a batla go nna phokoje yo o kwa morago mme a atlarela lenaneo la temo ya ditlhare. Mme yo o dingwaga tse di masome mane le bone, a tlholega kwa Pitsane, o tlhaloseditse BOPA mo potsolotsong gore lorato lwa gagwe lwa ditlhare lo simolotse a santse a le kwa sekoleng se sebotlana. O tlhalositse gore o ne a nna le rraagwemogolo kwa Lejwana, mme e ne e re a tswa sekoleng a bo a tla a kgetlile kalanyana nngwe ya setlhare sa leungo mme a se jwale se be se gole se ungwe se jewe, mme a lemoga fa se e le mpho e a e filweng ke Modimo mme a tswelela fela jalo ka go rata ditlhare le go di lema. Mme Gasebonwe a re ka 2012 o ne a tsena thuto-puisanyo ya nyeletso lehuma kwa Dikhukhung kwa a neng a rutwa ka go tsamaisa kgwebo, mme morago ka 2013 ba lephata la dikgwa ba mo isa sekoleng a ya go rutwa go lema ditlhare kwa sekoleng sa temo-thuo mo Gaborone sebaka sa beke. A re fa a sena go aloga o ne a kopa setsha sa kgwebo mme ka lesego a atlega a bewa mo Dinatshana, mme ka 2015 ba ofisi ya nyeletso lehuma ba mo fa moriti o o sireletsang ditlhare, tanka ya metsi le ditlhare mme a semelela mo kgwebong. Mme Gasebonwe a re o lema ditlhare tsa maungo, moriti le dithunya di tshwana le morula, apole, pere, moologa, motlhware, mokgwapha, rose, lily le tse dingwe fela jalo. O tlhalositse gore o dirisa mmu wa ditlhare tse di tlhogang mo matlapeng go jwala dithare tsa gagwe, fa tse dingwe a di tlhoma mo motlhabeng fa a sa batle go di tlhoma mo dikhakheng morago a di tlhomololole. O rile kgwebo ya temo ya ditlhare e tshwana le ngwana yo monnye, e batla lerato le tlhokomelo e e tseneletseng go atlega, ka jalo o rwala masigo thogo a ya kwa tshingwaneng ya gagwe go lekola le go di nosa letsatsi le letsatsi. A re kgwebo ya gagwe ke ya paka go ya pakeng, a tlhalosa gore ditlhare tse fa di nole metsi mo mosong di a itumela mme di rutlomologe, mme fa go le mogote o di nosa ga bedi, gore di seka tsa swaba. O rile le fa theko e se kae mo kgaolong e ne ke moswela dikano yo o itlamileng gore ga a ke a ineele mo kgwebong e, e bile ba lephata la dikgwa ba mo kgothatsa le go mo rotloetsa go tshwara ka thata ka kgwebo e le selo se se batlang bopelotelele. A re phetogo mo botshelong e a bonala ka a kgonne go tsenya bana sekole, ka go ba rekela paka le dijo. A re kgwebo ya gagwe ga e ise e kwadisisiwe mme keletso ke gore mo tsamaong ya nako fa madi a letla a e kwadise a bo a ipapane ka methale e e tlhabologile jaaka go dirisa dikarata. Ka kgwebo e seke e tlhoka dikgwetlho o tlhaolositse gore letlhoko la metsi ke lone le emisang kgwebo le diji di tshwana le dipeba di a mo senyetsa. Mme Gasebonwe yo go bonalang e le mmadimphompho a re fa a ntse a tsweletse le kgwebo o eletsa go e tswakanya ka ya go dira mekgabisa ya ditlhare mo matlapeng e a supang a e itse le yone. O kopile Batswana go mo ema nokeng ka go reka ditlhare tsa gagwe gore kgwebo e seka ya phutlhama, ka Motswana a rile mabogo dinku a a thebana. O kopile Batswana go dirisa monyetla o ba o fiwang ke puso wa maneneo a nyeletso lehuma, a tlatsa ka go re ba seka ba itlhabelwa ke ditlhong. A re o ipelafatsa ka lenaneo ka o a phatsima botshelo bo tsweletse. A re se se mo utlusang botlhoko ke go bona mephato ya gagwe e enwa majalwa phetelela ba sa itirele sepe mme puso e otlolotse letsogo. O lebogetse seabe sa puso go bo e mo thusitse ka gore botshelo jwa gagwe bo fetogile, a tlatsa ka go re le ba bangwe ba ba filweng mananeo matshelo a bone a fetogile. BOKHUTLO
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Somolekae o rotloetsa banni go itlhatlhobela malwetse
|
Mothusa tona mo lephateng la botsogo D. Gloria Somolekae, o kgothaditse Batswana go etela dikokelwana tsa metse ya bone go itlhathobela malwetse a aketsang kgotlholo e tona, madi a matona le mogare wa HIV. Dr Somolekae o boleletse banni ba metse ya Kodibeleng le Poloka mo kgaolong ya Shoshong gore babusi ba lefatshe leno ba tshwenngwa ke batho bangwe ba e yareng ba thusiwa ka kalafi ba seke ba sale ditaelo tsa ngaka morago ka jaana bangwe ba bone ba sa nwe melemo le dipilisi ka nako e tshwanetseng, ntateng ya go itontela dino. A re ere ntswa lephata la gagwe le tshwere ka natla go sireletsa matshelo a Batswana mo malwetseng a tshwana le kgotlholo e tona, madi a matona, sukiri le mogare wa HIV, o tshwenngwa ke batho ba ba sa ntseng ba tsweletse ka go gweba ka mebele le go tlhoka go dirisa dikausu go iphemela mo malwetseng a tlhakanelo dikobo. Mme Somolekae o tsweletse ka go kopa bomme go amusa bana mashi a lebele ka jaana ana le dikotla tse di ka ba sireletsang mo malwetseng gammogo le mopalo. Dr. Somolekae o tlhaloseditse banni ba metse eo fa lefatshe la Botswana ele lefatshe la ntlha mo Africa go abela batho ba lone dipilisi tsa mogare wa HIV mahala e bile a bolela fa mmuso wa Botswana o tsweletse ka go thusa bana ba ba dingwaga tse tlhano goya kwa tlase ka kalafi mahala. Mme Somolekae a re ere ntswa ele keletso ya lephata la gagwe gore dikokelwana tsa lefatshe leno di nne le matlwana a pelegiso, baoki bale babedi kokelwana nngwe le nngwe, sebe sa phiri ke letlhoko la madi le le bakilweng ke go phutlhama ga itsholelo ya mafatshefatshe. E rile banni ba metse eo ba akgela mo diphuthegong tseo ba supa dingongora mabapi le letlhoko la dikoloi mo dikokelwaneng, letlhoko la motlakase, letlhoko la matlwana a pelegiso le tiego ya go ntsha maduo a batho ba ba itlhatlhobetseng malwetse. Bare letlhoko la dikoloi le tlhaelo ya bodiredi di dira gore baoki ba ketefalelwe ke go lekola batho ba meraka le dipolase tse di dikologileng metse ya bone ntswa ele tsamaiso ya badiri ba lephata la botsogo go lekola batho bao kgwedi nngwe le nngwe. Bokhutlo
|
health
| 6 |
Tirisanommogo e a reketla kwa Kgalagadi Borwa
|
Boeteledipele jwa metse mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa bo ngongoregile ka go tlhoka therisano le tirisanommogo magareng ga bone le ba lekgotla la kabo ditsha mo kgaolong eo. Ba buile mafoko a mo thuto-puisanong e ba neng ba e rulaganyeditswe ke ba lekgotla leo kwa Tsabong bosheng. Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha, Rre Jenkins Hiri o supile fa go le botlhokwa gore baemedi ba metse ba rerisiwe ka kabo ya lefatshe ka ba le itse botoka go na le bone. O supile fa go le botlhokwa gore ba nne le dipuisano le boeteledipele jwa metse ka seo se ka thusa thata mo kabong ya lefatshe e e tlhamaletseng e bile e le mo pontsheng. O tsweletse a tlhalosa fa lefatshe le tlhaela ka gonne ga le oketsege mme batho bone ngwaga le ngwaga ba a oketsega, jalo a kopa batsena thuto-puisano go ela tlhoko seemo seo. O kaile fa bokopano bo tshwana le joo bo ka thusa thata mo tharabololong ya dikgang tse di aparetseng lekgotla la kabo ditsha mo kgaolong ya Kgalagadi. Rre Hiri o tlhalositse gore go botlhokwa gore setshaba se tswe ka methale le maano a tiriso ya lefatshe go na le go supasupana ka monwana le ba lekgotla la kabo ditsha. Mokwaledi mo lekgotleng leo, Rre Abedinico Maphuru a re go na le dikgang tse gantsi ba kopanang le tsone di tshwana le go tlhoka kutlwisisano ga masika fa ba kopanetse didiba le tse dingwe ditlhabololo tse di dirwang mo motseng mme boeteledipele bo sa rerisiwa ka tsone ke ba lekgotla la kabo ditsha. Kgosi Gabariel Ntau wa Maleshe ene o kgadile thata ba lekgotla leo ka go tlhoka go nna le therisano le baemedi ba metse, mme a ba kopa go busetsa tshwaragano eo, ka e ka thusa go tlhofofatsa tiro ya bone. Mokhanselara wa Kokotsha Rre William Titus o kaile fa go le botlhokwa gore ba lekgotla la kabo ditsha ba netefatse gore ba diragatsa se ba se buang nako tsotlhe gonne nako e nngwe ke bone ba lotlhanyang morafe ka ditsamaiso tse di sa rerisanwang. Mogolwane go tswa kwa lekgotleng leo , Rre Chippa Tsimako o tlhaloseditse batsena thuto puisano fa go na le didiba tse di ntsi kwa kgaolong eo, mme go supagetse fa dingwe tsa tsone di sa kwadisiwa sentle ka fa molaong. A re ba lekile go tlhomamisa fa di leng teng, go di tsenya mo dibalamakgolong gammogo le go dira mealo ya tsone e e beilweng kwa dikgotleng . O kopile baemedi ba metse e e farologaneng go ba thusa ka go batla fa didiba di leng teng , ka seo se ka thusa thata mo go natefatseng palo yotlhe ya tsone le go itse beng. Mogolwane go tswa mo lekgotleng leo Rre Oduetse Otukile o rotloeditse batsena thuto –puisano eo go dira title deeds le lease go tlhomamisa gore setsha ke sa gago ka fa molaong. Rre Otukile a re dikgwetlho tse ba kopang le tsone di akaretsa dikoloto tsa batho ba ba sa dueleng ditsha tsa bone tse di tshwanelwang ke go duelwa le gore mo gongwe ba bo ba sa itse kwa bangwe ba bone ba leng teng. Mo mafokong a malebo, mopalamete wa kagolo Rre John Toto o galaleditse thata ba lekgotla la kabo ditsha ka thuto-puisano eo, a kaya fa seo se tla thusa go phimola dingongorego tsotlhe tse di ntseng di le teng magareng ga baemedi ba metse ba akaretsa dikgosi, ba komiti ya ditlhabololo gammogo le ba lekgotla leo. Mopalamente o supile fa go tshwanetse ga nna le tshwaragano gonne baemedi ba metse ba botlhokwa ka e le bone ba ka rarabololang dikgang tsa go tlhoka kutlwisisano tsa kabo ya ditsha. Bokhutlo
|
politics
| 7 |
Ipelegeng e siame e senngwa ke batho
|
Tona wa Ditsha le Matlo Rre Prince Maele o kopile banni ba metse ya Tswapong bokone go se kgotlele lenaneo la Ipelegeng ka ditsamaiso tse di sa letlelesegeng. Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Goo-sekgweng, Mokungwane, Goo-tau le Manaledi bosheng Rre Maele o boletse fa Ipelegeng e le lenaneo le puso e neng ya le dira go namola Batswana mo lehumeng mme go na le ditsetlana tse di tshwanetseng di salwe morago. Ka jalo a re go a swabiswa go bo Tautona wa lefatshe leno Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a setse a ntshitse tlhobaelo ka dipego tse di nnileng teng tsa gore lenaneo la Ipelegeng ga le tsamaisiwe sentle mo pegong ya gagwe ya tekodiso ya setshaba. Rre Maele a re go nnile le dipego di le dintsinyana tse di amanang le Ipelegeng di akaretsa go sa thapeng ka tsamaiso e e letlelesegang, go gana go thapa mabaka e le a gore yo o batlang go thapiwa o amogela madi a tantabala le go thapa ka lesika kana botsala. O ne gape a bolela fa bangwe ba baeteledipele ba lenaneo la Ipelegeng ba gana go thapa banana mme go sa tshwanela gore go nne jalo. Rre Maele o tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng e le lenaneo le le sa kgethololeng mme le direletswe Motswana mongwe le mongwe. A re fa motho a na le bokgoni go dira mo lenaneong la Ipelegeng go a letlelesega gore a thapiwe. A re dipego tse dingwe tse di sa jeseng monate ke tsa gore ba komiti ya ditlhabololo tsa metse mengwe ba e leng bone ba eteletseng pele ba ba dirang mo Ipelegeng ga ba dire mo go kgotsofatsang go laola ba ba dirang. A re bangwe ba felela ba ikhutsa ka fa tlase ga ditlhare ba sa dire tiro e ba tshwanetseng go e dira mme ditiro tsa ditlhabololo di felele di salela kwa morago. Rre Maele o ne a ikuela mo banning bogolo jang dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka e le bone ba ba tsamaisang lenaneo la Ipelegeng go emisa tse di sa letlelelweng go diragala mo Ipelegeng go fema kgotlelesego ya lone. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
Baithuti ba rutwa maele a botshelo
|
Baithuti ba mophato wa bone kwa sekoleng se segolwane sa Masunga ba sa tswa go digela kampa e mo go yone ba neng ba rutuntshiwa ka maele a botshelo. Ithutuntsho eo, e e neng e tsenwe ke baemedi ba makalana mangwe ka go farologana jaaka sesole le sepodisi e wetse kgwedi eno e le malatsi a mararo. Fa a ntsha lefoko la kgothatso kwa bokhutlong jwa phuthego eo, moemedi go tswa kwa sesoleng sa Botswana, Captain Kago Kgari o ne a gwetlha baithuti go tlhomamisa gore ba tsaya ditshwetso tse di maleba mo botshelong. O ne a ba gakolola kgatlhanong le go inaakanya le ditiragalo tse di sa itsagaleng, tse e ka reng phelelong tsa ba senyetsa bokamoso. A re ba tshwanetse ba netefatsa gore ba nna le boitsholo jo bo eletsegang jo bo ka ba isang golo gongwe mo botshelong. Captain Kgari a re baithuti ba tshwanetse ba itse fa e le bone ba tsogang ba goga lefatshe leno, ka jalo ba tshwanelwa ke go reetsa bagakolodi ba bone le gone go reetsa molao wa batsadi, ka e le bone ba ka ba thusang go tsaya ditshwetso tse di maleba. O tsweletse a re baithuti ba mophato wa bone, ba tshwanelwa ke go itse fa mo ngwageng o o tlang ba tlaa bo ba tsena mo mophatong wa botlhano, e leng one o ba bulelang dikgoro tsa go ya kwa dikoleng tse di dikgolwane tsa ithutelo ditiro, ka jalo ba tshwanelwa ke go tla ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go fenya ditlhatlhobo tsa bone. Mongwe wa bagakolodi go tswa mo komponeng ya I-Six Logistics, Rre Pangaman Kaisara o ne a tlhaba baithuti podi matseba gore, gore ba kgone go fenya mo botshelong, ba netefatse gore ba tsaya kgato mo sengweng le sengwe se ba se dirang. Fa a ntsha la gagwe, mogokgo wa sekole sa Masunga, Mme Mmadube Letsholathebe o ne a supa fa a na le tshepho ya gore ithutuntsho eo, e tlaa fetola boitshwaro jwa baithuti le ka fa ba ntseng ba leba dilo ka teng, ka jaana ba filwe maele otlhe a botshelo a a ka ba kgontshang go lebagana le dikgwetlho tse ba ka kopanang natso. Mme Letsholathebe o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo bothibelelong joo, a leboga segolo jang ba sesole le sepodisi, a re ba dirile namane e tona ya tiro ya go rutuntsha baithuti bao. Gone kwa bothibelelong joo, go ne ga nna le maitiso a ngwaga e le tsela nngwe ya go leka go rotloetsa ngwao mo bananeng.
|
education
| 4 |
Ba Themashanga lebogela pula
|
E re ntswa dipula tse di gosomaneng bosheng di bakile tshenyo fale le fale mo motseng wa bone, banni ba Themashanga ba tletse ka boitumelo ka jaana monongwaga ba tla bona thobo e e nametsang go tswa mo masimong a bone. Kwa moletlong wa go lebogela pula o o neng o tshwerwe kwa kgotleng ya motse oo ka Labotlhano, Mopitlo a tlhola malatsi a le masome mabedi le bongwe, Kgosi Mabalane Thaba o ne a supa fa go fetile dingwaga di ka feta masome a mane motse wa Themashanga o sa amogele pula ya selekanyo sa e e neleng monongwaga. A re dingwe dinoka tse di neng di sale di tshwara metsi la bofelo ka dingwaga tsa bo1972, monongwaga di eme metsi, tiragalo e mo bananeng e leng santlha ba bona e diragala. Kgosi Thaba o ne a lebogela mokgosi o tautona Lieutenant General Seretse Khama Ian Khama a neng a o tlhaba gore lefatshe leno le goeletse kwa Modimong go kopa pula ka nako e seemo sa komelelo se neng se bifile. “Lefatshe le ne le omile, loruo le ne le e swa, mme gompieno re mo boitumelong jo bo seng kana ka sepe,” a tshwaela jalo, a gatelela botlhokwa jwa gore go bo go tshwerwe moletlo wa ditebogo morago ga gore morafe wa motse wa Themashanga o bo o ne o phakelela kwa kgotleng mo kgweding yotlhe ya Lwetse go rapelela pula. Kgosi o ne a gwetlha morafe wa gagwe go lemoga gore le fa gone go nnile le tshenyo e e bakilweng ke pula segolo bogolo e e amang ditsela, ba tshwanetse ba lemoga fa tse di molemo tse di tlisitsweng ke go gosomana ga pula di fekeetsa masula ape a a diragetseng. A re se se botlhokwa se ba tshwanetseng ba se ela tlhoko ke gore dilo tsotlhe tse di senyegileng ke tse di ka baakanngwang, ka jalo ba sa tshwanela go itetla go aparwa ke khutsafalo e e feteletseng. Fa a ema kokoano eo ka lefoko, moruti Rre Sonny Chiliwa o ne a gakolola morafe wa motse wa Themashanga go seke ba lebala Modimo mo mabakeng ape fela a botshelo ka ba setse ba bone ka a bone matlho fa e le boammaaruri Modimo o araba thapelo. Le fa go ntse jalo moruti Chiliwa o ne a ba gwetlha go ela tlhoko gore fa pula e nele ka bokete go kgona go nna le tlhagogo ya malwetse mangwe a tshwana le jwa letshoroma, a re morafe o tshwanetse wa dira tsotlhe tse di kgonegang go dibela matshelo a bone mo ditiragalong dipe tse di ka bakwang ke go ema ga metsi mo motseng wa bone. Mo ntlheng e nngwe, o ne a ikuela mo banning go nna kutlo mo bagoging ba motse segolo jang mo go kgosi, a supa fa go dira jalo go ka tlhomamisa gore motse wa bone o robalelwa ke ditlhokwa. Monni wa motse oo, Mme Kesentsemang Masole o ne a lebogela puso go bo e e fa balemi dipeo, a bolela fa dithuso tsa motlhale o di tsweletse ka go tlodisa Batswana dinokana di tletse. O ne a gakolola banni gore ba ba tla fiwang dipeo mo pakeng e e tlang ya temo ba tlhomamise gore ba a lema gore ba tle ba kgone go itirela dijo mme malwapa a bone a kgone go oba letsogo. A re go ka nna thona gore e re puso e leka go ba thusa ka fa e lekang ka teng, malwapa mangwe a bo a santse a ka wela mo isong ka ntlha ya tlala. Mme Masole o ne a kopa bao ba ba lemileng go lemoga botlhokwa jwa go arogana thobo ya bone le bao ba bone ba sa huparelang sepe. A re e re ka jaana go tswa gooLowe Motswana a ne a dumela mo go reng bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya tsie, e ka nna selo se sentle gore morafe wa motse wa Themashanga o tlhokomelane ka go tlhomamisa fa ope a sa lale ka tlala. Kwa bokhutlong jwa tiro eo, banni bangwe ba ne ba abela kgosi ditswa-tshimong di akaretsa mmidi, maphutshi le dinawa, fa dingwe tsa dijo tseo tsone di ne tsa jelwa gone fa kgotleng e le tsela ya go supa botlhokwa jwa go arogana sepe se ope mo motseng a ka tswang a segofaditswe ka sone. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
Kgokgontsho ya bong e iphile maatla kwa Tsabong
|
Dipalo di supa fa kgokgontsho ya bong e le kwa godimo mo kgaolong ya Tsabong le metse e e mabapi. Mafoko a, a builwe ke mookamela mapodisi a Tsabong Supurintendent Christopher Tlhapi-David mo thuto-puisanyong e e neng e rulagantswe ke ba lekgotla le le ikemetseng la KGASONGO Association. O tlhalositse fa mapodisi ba itemogetse fa go ya ka dipalo tsa dikgang tse ba di amogetseng, ba-tswa setlhabelo gantsi e nna bomme le bana ba basetsana. A re ka 2016 ba kwadisitse dikgang tsa petelelo di le nne, tsa dititeo di le masome a mabedi le borobabongwe fa molato wa go bolaya o ne o le mongwe. O tlhalosa gore melato ya go itaya motho a bo a nna le dikgobalo tse dipotlana yone e ne e le lesome le bongwe. Mookamela mapodisi a Tsabong o tlhalositse gore ba ne ba kwadisa melato ya borre ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba bannye e le lesome mme bontsi jwa bone e le bana ba sekole. O tlhalositse fa ba itemogetse gore gantsi badira molato ba a bo ba itontetse nnotagi le diritibatsi tse dingwe tse di dirang gore ba felele ba kgokgontsha batho. Rre Tlhapi-David a re e re ka kgokgontsho ya bong e le mefuta, ba itemogetse gape gore go na le bangwe ba ba dirang melato ka ntata ya go tlhoka kitso, mme a re go botlhokwa gore setshaba se nne se rutwa ka dikgang tsa mofuta oo. A re e re le ntswa dipalo di supa fa bomme e le bone ba-tswa setlhabelo, go na le borre ba ba kgokgontshiwang mme ba tlhajwa ke ditlhong go ikuela. O tlhalositse fa mokgwa o o sa siama ka jaana batho ba mohuta oo e le bone ba ba feletsang ba dirile melato ya go bolaya batho, ka jaana ba a bo ba kgokgontshitswe ka lobaka mme ba tlhokile go ka thusiwa. Supurintendent Tlhapi-David o ne rotloetsa borre go nna ba ikuela kwa go ba molao fa ba kgokgontshiwa go hema diemo tsa gore e re kwa bofelong ba bo ba bolaya batho kana ba ipolaya. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Gabriel Ntau o tlhalositse gore kwa dikgotleng tsa bone ba itemogetse gore bothata jo bo teng ke gore batho ba nna mmogo ba sa nyalana. O tlhalositse fa gantsi bana ba tlogelwa ba tsamaya ba le nosi masigo mme se se felela se dira gore ba iphitlhele ba tsene mo ditirong tsa botlhoka tsebe. Dibui ka go farologana ba ne ba supa fa batsadi ba tshwanetse go tsaya boikarabelo mo go kgalemeleng bana le gone go ba bontsha tsela ya tshiamo ka go lebega mo malatsing ano ba tlhabile kgobe ka mutlwa mme ba tloge ba di tlhaolela di bekerwe.
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Monana o itshetsa ka go loga
|
Ka methale ya khumo e le mentsi, e tlhoka fela balatedi, Mme Gaoage Bohedile, monana yo o dingwaga di masome mararo le bongwe wa kgotla ya Botshabelo kwa Maun, ga a ka a ipona tsapa go inaakaya le o a bonang o ka mo thusang go oba seatla, ka jaana o itshetsa ka go loga moriri. Mo potsolotsong bosheng, a re o simolotse ka go bereka mo madirelong a meriri a le mmalwa mme morago a bona go tshwanela gore a itshimololele a eleng a gagwe ka madi a a neng a ntse a ipeela. Gaoage a re o ne a hirisa lefelo mme a duela dikete tse pedi kgwedi le kgwedi, a tlhalosa fa a simolotse a na le badiri ba le babedi morago yo mongwe a tlogela mme ba sala ba le babedi. A re o itebagantse thata le go dira moriri wa ‘dread’ ka a re ke yone o nang le madi gape e bile e le one a o itseng thata go feta e mengwe. Gaoage o tlhalositse fa batho ba kgatlhegela go bona tiro e a e dirang e mme e bile bangwe ba kgona go tswa bokgakala bo tshwana Gumare go tla go tshwarwa ka tlhogo, selo se a boletseng se mo itumedisa thata. Mme Bohedile a re o ne a batlile go dira kopo ya madi a banana go atolosa kgwebo ya gagwe mme ka dingwaga tsa gagwe di sa mo letle, se, se ka se kgonege. Le fa go ntse jalo, a re madi a bonang o kgona go tshetsa bana ba gagwe ba babedi ka one. Fa a tlhalosa, a re dikgwetlho tse a kopang le tsone ke madi a a kwa godimo a go hirisa, letlhoko la babereki le palo e e kwa tlase ya batho ba ba tlang go dira moriri fa gare ga kgwedi. Mme Bohedile a re o batla go bona kgwebo ya gagwe e godile mme e bile e setse e aname le lefatshe lotlhe, a tlatsa ka gore le ene o batla go ipona a tseneletse ditshupo. Gaoage o rotloeditse banana ka ene go ema ka dinao, go itirela ka diatla tsa bone le go tlogela go ikaega mo go borre, a re selo se se ka baya matshelo a bone mo diphatseng.
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Tona Mzwinila o akgola VDC ya Mogapinyana
|
Mothusa tona wa tlhabololo banana, motshameko le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila o akgotse komiti ya ditlhabololo (VDC) ya Mogapinyana ka go fa ba lelwapa la ga Mabele seriti ka go ba agela ntlo. Fa a bula ntlo eo semmuso bosheng, Rre Mzwinila o akgotse VDC ya Mogapinyana go bo ba supile mowa wa kutlwelobotlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego ba dirisa dikatso tsa bone tsa VDC. A re dikatso tsa VDC ga se madi a mantsi mme maloko a komiti e a kgonne go agela motlhoki ntlo. O ba kgothaditse go tswelela ba supa mowa wa kutlwelobotlhoko mo banning ba motse o, mme a lebogela kemonokeng e ba e fileng puso ya lefatshe leno. A re puso e le nosi ga e kake ya kgona, ka jalo seabe sa Batswana se botlhokwa go thusa bangwe ka bone. A re Batswana go tewa tshaba e e tlotlang puso ya batho ka batho, e e ratang kagiso le thokgamo e bile e thusa ba bangwe. A re lefatshe leno le se e leng sone ka mowa wa boipelego le kutlwelobotlhoko, ka jalo go botlhokwa go tsamaya mo dikgatong tsa bagologolo ba e leng bone ba thaileng lefatshe leno, go tlhabolola lefatshe leno le go fa Batswana ba ba tlhokileng lesego seriti. Rre Mzwinila yo o nnileng le seabe mo go thuseng VDC go aga ntlo e, o itlamile go thusa VDC ka P1 000 fa ba agela motlhoki yo mongwe ntlo. Fa a tswa la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Palapye, Rre Mogorosi Kokoro le ene o akgotse VDC ka dikakanyo le tlhabololo e ba e dirileng. A re se ba se dirileng se tsamaelana le lenaneo la tlhabololo magae le le ka fa tlase ga lephata la boipelego. Leloko la komiti ya ditlhabololo, Mme Esther David a re go ne go se motlhofo go aga ntlo e mme a lebogela gore kwa bofelong ba kgonne go fetsa ntlo e mme ba e abela lelwapa la ga Rre Keeme Mabele. A re bagologolo ba re sejo sennye ga se fete molomo, ka jalo ba ile ba tsaya bontlha bongwe jwa dikatso tsa bone go agela ba lelwapa le. A re Rre Mabele o ne a sena fa a bayang tlhogo teng mme ba nama ba mo adimile ntlo ya VDC ba santse ba mo agela. O lebogetse botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo e mme a kopa kemo nokeng ya banni ba Mogapinyana, bogolo jang mo ditirong tsa kutlwelobotlhoko. Fa a amogela ntlo eo, Rre Keeme Mabele o lebogetse ntlo e mme a itlama go e tlhokomela. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
Dipeba di tlhorontsha balemi
|
Balemi bangwe ba masimo a Chaa go bapa le motsana wa Tubu ba lela selelo sa khuranyo ya meno ka dipeba tse di tlhasetseng thobo e ba e bolokileng. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, molemi wa masimo ao, Mme Othusitse Kebalepile a bolela fa dipeba di le dintsi fela thata e bile di setse di bakile tshenyo e e seng kana sepe. Mme Kebalepile a re o senyegetswe ke dikgetsi tsa mmidi di le tlhano mo go tse di masome a mararo le boraro tse a di robileng monongwaga. A re dipeba tse di jele maphutshe a gagwe a feta masome a mararo mme ba lekile go di lwantsha le ntswa di sa fokotsege. Mme Kebalepile o boletse fa a lekile go di tshwara ka selaga ya dipeba, go di jesa chefi le motswako o di ngaparelang mo go one mme go lebega di setse di itse dilaga le motswako oo ka ga a sa tlhole a di tshwara ka dipalo tse di utlwalang le ntswa tsone di tsweletse ka go senya phetelela. O tsweletse a re o bolokile thobo ya gagwe mo ntlong ya Setswana mme o lemogile fa go le botlhokwa go aga ntlo ya semente e dipeba di ka sekeng di e phunye go tsenelela thobo mme maiteko a a folodisiwa ke letlhoko la madi. A re le mororo thobo e nnile ntsi thata monongwaga ga ba na kwa ba ka e rekisang teng le mororo thobo e nnile ntsi thata monongwaga ga ba na kwa ba ka e rekisang teng. Mme Maria Xhose le ene o boletse fa dipeba di mo senyeditse mmidi le dipeo tsa magapu le tsa maphutshe e bile di jele le diaparo tsa bana ba gagwe tsa sekole. Bokhutlo
|
society
| 9 |
Seboni o kgothatsa banni go phepafatsa Kumakwane
|
Kgosi Chomie Seboni wa Kumakwane mo kgaolong ya Kweneng o kopile banni go tsaya maikarabelo a go phepafatsa motse ka o le leswe fela thata. E rile a bua mo potsolosong bosheng, Kgosi Seboni a re motse o tletse ka leswe la dipampiri, dipolasitiki le metseto. “Metseto e e ntshwentse fela thata ka gore ke ipotsa gore a ke ya batho ba Kumakwane kana ya bafiti le tsela ka gore o tla fitlhela e tletse lemo maemelong a dibase e bile dipolasitiki tse di e tsentseng di kgagotswe ke dintsa mme seo se dire bosutlha jo bo sa eletsegeng ga mmogo le borai mo leruong le le gobeyang mo mekgwatheng,” Kgosi Seboni a tlhalosa. A re o lemogile gore leswe la metseto le ile magoletsa morago ga gore kokwelwana ya bone e emise go tsaya metseto eo dikgwedi tse tharo tse di fetileng. Mongwe wa maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Thanolo Hendrick a re ba ne ba itlama go sela matlakala le metseto ka lenaneo la Ipelegeng mme ya re morago ba lemoga gore tiro ya ba ketefalela mme ba emisa. Mme Hendrick a re, ba emisitse go sela matlakala ka koloi e e tsayang matlakala ya khansele e ne e tsaya dikgwedi go tla mme seo seba busetsa kwa morago ka gore dintsa di ne di gasa gasa matlakala ao, mme go sa le go sa bonale gore a mme go kilwe ga phepafadiwe. Monana, Mme Keamogetse Katumetse a re ene o eletsa gore e kare batho ba ka fokotsa go dirisa metseto eo ka bontsi, mme ba dirise e e tlhatswiwang go tokafatsa seemo. BOKHUTLO
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Monana ga a neela tshwene marapo
|
E re ka malatsi ano banana ka bontsi ba ikaegile ka mananeo a puso, monana wa kgotla ya Basimaneng, Gaonyadiwe Thapi o ne a ipelega ka go ya go ithuta tiro ya diatla le ba Naledi Baptist Church go itshetsa kwa Gaborone. Mme yo, wa dingwaga tse di masome mararo le borataro o ne a tlhalosa mo potsolotsong gore ntswa a ne a ntse a bereka e le modisadikago, tsala ya gagwe e ne ya mo laletsa go ya go ithuta tiro ya diatla ka se se ka tlatsa dituelo tse a di amogelang. Mme Thapi, yo o tllholegang kwa Serowe, o ne a ithuta go dira dikgwama tsa bomme, dibaga tsa melala le go roka. “Re dira tiro e ntsi ka diatla jaaka malengana, mekgabisa, dikgwama e bile go roka ka motshine ga go gontsi,” a bua jaana a supa selopo sa mosamo se a neng a se kgabisa ka diatla mme a supa fa a tsile go dirisa motshine fela a setse a se kopanya. Mme Thapi o tlhalositse fa a sa ntse a le mo dithutong mme a setse a ithutile go le gontsi. O supile fa a itumeletse dithuto tse ba di anywang mo go Mme Edna Carrmona yo o leng leloko la kereke eo go tswa kwa Brazil, a tlhalosa fa ba rutwa mahala. “Mme Carmona ke mongwe wa baithaopi ba Naledi Baptist ba ba tsileng go re ruta tiro ya diatla mahala, se e le tsela nngwe ya go rudisa itsholelo ya bomme ba Batswana,” a tlhalosa jaana a supa fa ene a ela dithuto mme go sa patelesege gore e bo e le leloko la kereke. O boletse gape fa ba rutwa botsipa jo e le maloko a bomme ba setlhopha ba le masome mabedi le botlhano mme ba ipiditse Blessed Hands Group. Mme Thapi o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go tswelela e nna setlhopha mme ba rute bomme ba bangwe go roka le go dira mekgabisa ya bomme le dikgwama gore ba rekise ba ithuse ka dipoelo. “Keletso ya rona ke go ruta bomme ba bangwe mo magaeng a rona go godisa kgwebo le go amogana botsipa. O supa fa kereke e ba solofeditse fa ba tlaa ba ema nokeng ka go ba thusa go ya go supa dilwana tsa bone kwa ditshupong dikgolo tsa Gaborone monongwaga mme gape ba ba thuse go di bapatsa le kwa Brazil. A re gape fa bangwe ba bone ba dira sentle, ba kereke ba supile fa dilwana tsa bone di tlaa ya go bona mmaraka kwa Brazil kwa ba tlaa yang go ya go phadisanya le ba bangwe teng. O tlhalosa fa ene a setse a rutile mme mmaagwe yo o setseng e le moroki gore a atolose kgwebo ya gagwe. Mme Thapi o rotloeditse banana go inaakanya le mekgatlho e e tshwanang le dikereke go ithuta le go ithaopa mo go yone go itsa go ikaega fela ka dithuso tsa puso. BOKHUTLO
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Sekotsekara se borai
|
Bana ba sekole se sebotlana sa Werda ba gakolotswe go emisa go kgweetsa dikotsekara ba le bosi ka go le borai e bile go na le kgonagalo e e kwa godimo ya dikotsi. Kgakololo e, e builwe ke leloko la komiti ya ipabalelo tseleng mo Kgalagadi Borwa, Mme Masego Riez bosheng mo letsholong la go gasa molaetsa wa ipabalelo tseleng ka lenaneo la Back-to-School kwa sekoleng seo. Mme Riez o boletse fa maikaelelo magolo a komiti eo e le go gasa molaetsa ka ipabalelo tseleng ka seo se ka ba thusa go ikgapha mo dikotsing. Bana bangwe ba ne ba supa fa batsadi gantsi ba ba roma go ya go rwalela le go ga metsi ka dikotsekara kwa merakeng. Mme Riez o ne a kaya fa sekotsekara se ka kgweediwa fela ke ngwana yo o dingwaga tse di lesome le bobedi go ya kwa godimo ka a na le boikarabelo e bile a ka kgona go fema kotsi. O kaya fa gape dikotsekara di tshwanetse go tsenngwa dipekepeke gore di kgone go lemogwa sentle ke bakgweetsi fa go le bosigo, a tlhalosa gape ka fa ditonki di tshwanetseng go golegwa ka teng mo go babalesegileng ka bobedi e seng ka bontsi. O ne a ba gakolola go tlhoka go tshamekela mo ditseleng ka ba ka felela ba thulwa ke dikoloi, a supa fa mabala e le one mafelo a a babalesegileng gore ba ka tshamekela mo go one. Mogolwane go tswa mo sepodising sa Werda mo lekalaneng la pharakano, Inspector Jimmy Rasina o ne a tlhalosetsa bana ka fa ba tshwanetseng go kgabaganya tsela ka teng. Inspector Rasina o ne a supegetsa bana mekwalo e e rutang ka ipabalelo tseleng, mme morago ga dithuto tseo lekoko leo, le ne la nna le sebaka sa go botsa bana dipotso mabapi le se ba se rutilweng, mme ba ba neng ba kgona go araba ba ne ba ba neelwa dimpho go ya ka mephato ya bone. Komiti eo, e e neng e ikgaogantse ka ditlhopha tse nne mo letsholong le, mo nakong ya gompieno e setse etetse sekole se sebotlana sa Kolonkwaneng, Bogogobo, Sam Mackenzie le Werda. BOKHUTLO
|
disaster_accident_and_emergency_incident
| 2 |
Lenaneo la nyeletso lehuma le solegela Bulawayo molemo
|
Ntswa bangwe ba nyatsa lenaneo la nyeletso lehuma, Rre Khumo Bulawayo kwa Serowe ke mongwe wa ba ba atlegileng thata ka thuo ya dikoko tsa Setswana. Fa a bua mo potsolotsong le Ka a ne a itse lorato lwa gagwe mo thuong, a gwetlhega go tsaya dikoko gore a kgone go bona ditoro tsa gagwe. O tlhalositse fa a simolotse kgwebo ka 2012 ka dikoko tsa Setswana di le masome mabedi le botlhano, tse di namagadi di le masome mabedi le bongwe le tse ditonanyana di le nne. O ne a agelwa le hoko. Rre Bulawayo o tlhalositse fa kgwebo e ya go rua dikoko e tsisitse diphetogo mo botshelong jwa gagwe le fa a na le dikgwetlho di tshwana le bolwetse jwa mokorobela. A re dikoko di le dintsi di ne tsa bolawa ke mokorobelo mme ga a ka a ipona tsapa, ka a ne a ya kwa di ofising tsa ba twantsho malwetsi a loruo go ba itsise ka seemo se, mme ba mo araba ka gore ba tla a bona gore o ka thusiwa jang mme le ka jaana a ise a bone thuso. A re nngwe ya dikgwetlho ke dipula, ka jarata ya bone e tlala metsi, mme seo se felele se bolaya dikoko ka dipalo tse dintsi. A re ngwaga le ngwaga dikoko tsa gagwe di a swa, mme o ne a begela ba khansele ka seemo seo mme ga gona nko epe e tswang lemina. Rre Bulawayo a re mo gongwe ke gore fa a di buletse gore di iphukise phefo baagisanyi ba a ngongorega ba re di a ba senyetsa, se se dire gore a di tswalele mo hokong go fokotsa dikgotlhang. Le fa go ntse jalo, o boletse fa dipoelo e le tse di sa kgotsofatseng ka gore dikoko tsa gagwe di rekwa ka nako tse dingwe, mme fela o kgona go rekela dikoko tsa gagwe molemo le ene a ithuse ka tse a ditlhokang. O tlhalosa gore fa ene e se ka dipula le mokorobela, o ka bo a bona madi a kgotsofatsang. Morui yo, o rotloetsa banana le botlhe ba ba tsereng mananeo a nyeletso lehuma go nna pelotelele mo dikgwebong tsa bone, a re le fa kgwebo e sa dire sentle ba tshwanetse go itsetsepela mme ba nne le tsholofelo ka dinako tsotlhe. Rre Bulawayo o gwetlhile banana gore ba santse ba na le nako, a ba kgothatsa go tsaya mananeo a puso ka tlhoafalo ba inaakanye le one segolo bogolo one a temo-thuo, ka gore ditiro ga di bonale mo malatsing a gompieno. “Keletso ke gore ba mananeo ba tswelele ka go thusa ba ba itekang, a tlatsa ka go re fa bolwetse bo go tshwenya ba tle go bona gore ba ka thusa jang.” O bile a lebogela puso gore e mo thusitse le ntswa go na le dikgwetlho.
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Ba Lephephe ba batla tlhaloso
|
Banni ba Lephepe mo kgaolong ya botlhophi ya Letlhakeng/Lephepe ba kopile mopalamente wa bone go ba tlhalosetsa ka botlalo gore tota tota bone ba wela fa kae mo ditlhabololong. Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo Rre Liakat Kably jaaka fa a ne a ba etetse go ya go ba lekola, a tsaya megopolo mo go bone mmogo le gone go ba rolela tse di builweng kwa palamenteng e e sa tswang go wela. Mongwe wa batsena phuthego Rre Julius Mabetwa are kgang e ea ba tshwenya ka fa e sale ka kgaoganyo ya melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi pele ga ditlhopho tsa setshaba tsa ngogola e e neng ya feletsa e ba digela kwa kgaolong ya Letlhakeng, are ga ba sa tlhole ba tlhaloganya gore tota thulaganyo e e maleba ya go kopa ditlhabololo e ko kae. A re mo nakong eno tsholofelo ya bone e ne e le gore makhanselara a bone a bo a tsenela phuthego ya khansele kwa khanseleng ya Letlhakeng, mme jaanong se se ba gakgamatsang e le go bo makhanselara a bone a santse a tsena diphuthego kwa Lentsweletsau le mororo e le ba kgaolo ya Letlhakeng. A re fa e le gore puso e ne e kgaoganya melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi e lebile sengwe, bone jaanong e le banni ba metse e e digetsweng ka kwa Letlhakeng ba tlogetswe mo legoeleleng mme e bile se se a ba babalela. Banni ba supile fa tumelo ya bone e le gore makhanselara a bone a tshwanetse ba tsenela diphuthego kwa Letlhakeng, mme ebile le bone ba tshwanetse ba ba sala morago go ba tlhatlhelela ka megopolo ba tlhaloganya sentle gore ba lebile kae. Fa a ba kgwa dikgaba mo matshwenyegong ao a bone, Mopalamente Rre Kably o ne a ba bolela fa kgang eo ya bone a e itse ka botlalo mme e bile ba setse ba kile ba tsaya kgato ene le lekoko go tswa mo kgaolong go kopana le tona wa Dikgaolo le tlhabololo Magae Rre Slumba Tsogwane yo a neng a tlhalosa fa makhanselara a kwa Lephepe a ka se kgone go tsenela phuthego kwa Letlhakeng ka mabaka a gore khansele potlana ya Lentsweletau e ka phutlhama. A re mme ga baa itlhoboga ka ba ne ba sa kgotsofadiwe ke karabo eo, ka jalo ba fetiseditse kgang eo kwa go mothusa tautona yo ba santseng ba solofetse karabo go tswa go ene. Mopalamente o ne a lekodisa morafe wa Lephepe ka dikgang di akaretsa molao kakanyetso wa matimela, lenaneo la SHAA, kwadiso ya matsalo le Omang le thuto ya go bala le go kwala magareng ga tse dingwe. BOKHUTLO
|
politics
| 7 |
Mothusa tona Kwerepe o akgola badirelapuso
|
Mothusa tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona, le Bodirela puso, Rre Thato Kwerepe a re le fa badirelapuso ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi jang, ba leke ka bojotlhe go isa ditlamelo kwa bathong. Rre Kwerepe o boleletse badirelapuso kwa Sowa bosheng gore maduo a a bonala ka ditirelo le ditlamelo di a goroga kwa bathong ka nako le ntswa bangwe ba tlhaelelwa ke didirisiwa le gone ba sena fa ba latsang tlhogo teng tota. A re badirelapuso ba lebanwe ke go akgolwa ka ba diragatsa thomo ya puso. O ne a ba kopa go bereka ba le seopo sengwe e bile ba le ngatana le go amogana didirisiwa go isa ditlamelo kwa bathong. Rre Kwerepe a re bontsi jwa matshwenyego a badirelapuso ke dikgwetlho tse ba ka kgonang go di rarabolola ka bobone, a kopa tirisanyo mmogo ya baeteledipele ba maphata le badiri ka bone. Gape o ne a kopa badirelapuso go ikgapha mo ditirong tsa tshenyetso setshaba le go amogela dimpho, a re seo se diga itsholelo ya lefatshe. O ne a kopa badirelapuso go tlogelela mapolotiki polotiki, a re bone tiro ya bone ke go rekisa le go diragatsa mananeo a puso le go bona gore batho ba a bona ka tshwanelo. Gape o ne a ba kopa go sala melawana e some morago a re ke Baebele ya badirelapuso. Kgosi Bond Mabalane wa Sowa o ne a lebogela mothusa tona tiro e ntle e a e dirang ya go tsamaya a lekola badirelapuso, a re ke selo se se botlhokwa se se tlaa tiisang babereki moko. A re puso e na le tsamaiso e e siameng ya mananeo mme selabe se tla le motsaya-kgamelo, a kaya fa puso e latlhegelwa ke dikete tsa madi ka dikgang tsa badirelapuso. Gape o ne a kopa puso go otlhaya baeteledipele ba go supagalang fa ba nnile le boitseme mo tirong ka go ikgatholosa tiro. Kgosi o ne a bolela fa toropo eo go nna babereki fela ba nna mo matlong a BHC, a re kgang e e sa ba jeseng di welang ke gore matlo ao mo nakong e e tlang a tlaa bo a duelwa ka seelo sa mo mmarakeng, selo a kaileng fa bangwe ba ka seke ba se kgone. Badirelapuso ba Sowa ba kopile puso go sekaseka gape toropo eo mabapi le lenaneo la Remote Areas Service Allowance (RASA). Rre Joseph Nlanda a re go bo Sowa a tlhomilwe toropo ke phoso ka ba mo sekakeng e bile ba kgakala le ditlamelo, mme le madirelo a a teng ditlhwatlhwa tsa dithoto tsa one di kwa godimo. Rre Nlanda o ne a kopa puso go sekaseka gape lefelo leo go bona gore a ga le a lebaganwa ke go amogedisa babereki bonnye jwa go berekela kgakala le ditlamelo. Fa a araba mangwe a matshwenyego a, Rre Kwerepe o ne a ba kopa go kwala ba ntsha mabaka ka go ikopela RASA. O tlhalositse fa lenaneo leo la RASA le neelwa badirelapuso ba mafelo a bone go senang sekontere. BOKHUTLO
|
politics
| 7 |
Bogodu jwa ditonki bo ile magoletsa
|
Balemi ba masimo a Modoole le Makoro gaufi le Palapye ba tshelela mo selelong ntateng ya bogodu jwa ditonki jo bo ileng magoletsa kwa masimong a bone. Banni ba boleletse mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwaretswe kwa masimong a Modoole le Makoro bosheng. Mongwe wa balemi, Mme Goitsemang Bareki a re borukutlhi bo ile magoletsa mo masimong, a tlhalosa fa ba sa tlhole ba na le ditonki. Mme Maipelo Tiro ene a re leruo la bone mo masimong le a tsewa mme fa ba latedisa motlhala o wela ko Palapye. A re dikgang tse di bakile dintwa fa gare ga bana ba ba nnang ko Palapye le ba ba nnang ko masimo ka ntateng ya bogodu ja ditonki.Mme Tiro a re ditonki tsa bone di setse di fedile ntswa e le tsone tse ba di ikantseng. A re sebe sa phiri ke gore fa ba begela mapodisi a Palapye dikgang tse ga ba di tsibogele ka nako, a tlhalosa fa ba setse ba sena tshepho mo mapodising.Fa a tswa la gagwe Mopalamente Goya o tlhalositse fa bogodu jo bo bakiwa ke theko ya nama ya tonki mo Palapye. A re o tlaa bua le dikgosi gore ope yo o batlang go reka tonki a e rekele kwa kgotleng fela jaaka go dirwa ka dikgomo. Mothusa mookamela mapodisi a Palapye Assistant Superintendent Makhura o rotloeditse balemi ba ba utsweditsweng ditonki go begela mapodisi dikgang tsa bone mme a ba kopa gore ba seka ba tlhoboga mapodisi. A re bogodu jwa ditonki bo ntse bo tshwenya thata kwa masimong a Dikabeya mme ba ba amegang ba setse ba tshwerwe. Assistant Superintendent Makhura o tlhalositse fa a tlaa sala kgang ya bone morago mme a konotelela ka gore e le ba sepodisi ba rotloetsa mapodisi go thusa setshaba ka nako. A re fa setshaba se sa itumela ba na le sebaka sa go pagamelela kwa godimo go begela ba bagolwane.
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Kgosi wa Mabudzane o lela ka bogodu
|
Kgosi Nchidzi Ndzimumbi wa Mabudzane mo Bokone Botlhaba a re o tshwentswe ke borukutlhi jo bo tsweletseng ka go golela pele mo motseng wa gagwe. Mo potsolotsong le A re ka motse wa gagwe o le gaufi le molelwane wa Zimbabwe, ba tshabelelwa ke go senyediwa ke batswakwa ba bo ba boela ga bone. Kgosi Ndzimumbi o tlhalositse fa borukutlhi jo, bo akaretsa go utswiwa ga megala ya motlakase, go thujwa ga matlo le gone go utswiwa ga dijalo kwa masimo. O tlhalositse fa ngogola ba ne ba kgona go tshwara batho ba le mmalwa ba ba neng ba amega mo bogodung jwa dijalo, mme ba kgona go ba lebisa melato e e maleba. Kgosi Ndzimumbi a re monongwaga ba ikemiseditse go nna podi matseba go fokotsa borukutlhi mo motseng. O supile gape fa ba abetswe mapodisi a le mane go tlatsa a mabedi a a ntseng a le teng. Kgosi Ndzimumbi a re kgwetlho nngwe e ba lebaneng nayo ke ya tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso, ka jaana ba tshwanelwa ke go ba thusa go batla matlo a boroko mo malwapeng. E ne ya re a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Bagele Dodile a supa fa ba sa jesiwe di welang ke tshenyo mo masimo. A re le ntswa go na le bogodu, balemi ba tshwenngwa gape ke tshenyo e e bakwang ke dikolobe tsa naga ka jaana di eja dijalo di akaretsa magapu le marotse. Le fa go ntse jalo, Mme Dodile o tlhalositse fa banana ba tsweletse ka go ikopela mananeo a go itshetsa le go lwantsha lehuma ga mmogo le go tsenelela Ipelegeng go ba ntsha mo mebileng ka e le bone ba ba amegang thata mo go tsa borukutlhi.
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Kgatleng o tlaa agelwa kokelo
|
E re ntswa kgaolo ya Kgatleng e bapile le toropo-kgolo Gaborone, ditlhabololo di a nyafala go goroga mo kgaolong eo. Se se buile ke mopalamente wa kgaolo ya Mochudi Botlhaba mo phuthegong ya kgotla mo Boseja North kwa Mochudi bosheng. Rre Isaac Davids a re ditlhabololo mo kgaolong ya gagwe di tla ka monokela ntswa kgaolo eo e ka bo e tlhabologile mo go nametsang. Le fa go ntse jalo, Rre Davids o ne a bolelela morafe gore kgaolo ya Kgatleng e tla agelwa kokelo e ntsha ka jaana ba sa bolo go lela ka sepatela sa Deborah Retief Memorial. A re go a itumedisa gore puso e bo e arabile selelo sa bone ka jaana botsogo bo le botlhokwa fela thata, a tlatsa ka gore le fa gone ba itumetse go dilo di le dintsi tse di tlhokafalag mo Kgatleng tse puso e tshwanetseng ya di dira. Rre Davids a re ba tshwenyegile fela thata ka ditsela mo kgaolong ya Mochudi Botlhaba bogolo jang tsela ya Modipane-Mabalane ka e dirisiwa ke dikoloi tse dintsi le tsone tse di tswang kwa Aferika Borwa tota. A re go tsenngwa sekonotere ga tsela eo gone go ka thusa banni ba kgaolo eo fela thata le go fokotsa tshenyego ya dikoloi mo tseleng eo. Le fo go ntse jalo mopalamenmte o ne a bolelela morafe gore moleta ngwedi ga se moleta lefifi le fa ntswa go tsaya lebaka gore ba thusiwa ka ditlhabololo. Mo dikgannye tse dingwe Rre Davids o ne a kopa balemi le barui go ema ka dinao ka jaana ngwaga ono go lebega go tla nna leuba mo lefatsheng la Botswana. A re letlhoko la pula le bakile tshenyo e ntsi mo masimomg a batho ba sena go lema ka letsatsi le le bogale le bolaile dijwalo tsa bone me barui le bone ba tla swelwa ke diruiwa ka go sena phulo. Mopalamente o ne a kopa barui go rekisa leruo la bone gore bogolo ba boloke madi gore fa seemo se ka ya masweng ba seka ba sala ba iphotlhere. O ne a kopa morafe go dirisana le mapodise ka jaana bogodu jwa dikgomo bo tsweletse ka go tshwenya mo kgaolong ya Kgatleng. Rre Davids a re mapodise ga a kake a kgona go lwantsha borukhuthi ba le nosi mme ka kemo nokeng ya batswana ba ka kgona ka ke bone matlho a setshaba. Mo go tse dingwe, mopalamente o ne a gape a kopa batsadi go emela dithuto tsa bana ba bone ka dinao ka jaana e le yone bokamoso jwa bone. A re go molemo gore ba nne ba ya kwa dikoleng tsa bana go lekola gore ba dira jang mo dithutong. Rre Davids o ne a kopa batsadi go sireletsa dikolo kgatlhanong le tshenyo ya dikago ka jaana bana ba ba tswang kwa tlase ba tlhokana le thuto a tlatsa ka gore tshenyo ya dikago tsa sekolo ke poelo morago e bile ga e thuse ope ka sepe. E rile go le pele fa Kgosi Time Pilane a amogela morafe wa gagwe a bolela fa a tshwenngwa ke dintsho tsa kgaolo ya gagwe ka jaana banana ba bolaana bosetlhogo. A re selo seo ga se mo jese diwelang mme a kopa batsadi go bua le bana ba bone go emisa mekgwa e e maswe eo. Kgosi Time o ne a kopa mopalamenete gore dipalo tsa batho ba Ipelegeng di okediwe ka jaana ba lemogile botlhoko mo kgaolong ya bone mme ebile batho ka bontsi ba sa bereke mme lenaneo leo le ka ba tswela mosola. O ne a gape a kopa morafe go emisa go latlhela metseto ya sekgoa fa go sa tshwanelang ka gore go leswafatsa tikologo mme ebile diruiwa di tshwana dikgomo di ja dilo tse di sa tshwane;ang go di ja. BOKHUTLO
|
politics
| 7 |
Maloko a BOPEU a thusa ka dipompo
|
E rile bosheng maloko a BOPEU a a direlang kwa lekalaneng la Botswana Examinations Council (BEC) ba rola semmuso dipompo tsa metsi di le thataro, tse ba neng ba di tsenyetsa banni ba metse ya kgaolo potlana ya Mabutsane. Dipompo tseo, tse di lopileng madi a a kana ka P18 000, di ne tsa kgaoganngwa ka metse ya Mabutsane, Keng, Morwamosu, Mahotshwane, Sekoma, le tse pedi kwa motseng wa Khonkwa. Erile a bua kwa tholong semmuso ya dipompo tseo kwa Khonkwa, mokwaledi mogolo wa BOPEU, Rre Tobias Malenga, a akgola babereki bao, a supa fa tiro e ba e dirileng e supa bopelotlhomogi mo setshabeng. A re go botlhokwa gore babereki ba thuse bang ka bone ba bo ba nne le seabe mo go tokafatseng matshelo a ba ba tshelang le bone. O boletse fa tiro e ba e dirileng e tlaa netefatsa fa maloko a makgotla a babereki e se diingaodi jaaka bangwe ba akanya, mme ba kgathala ka matshelo a ba bangwe bogolo jang ba itsholelo e e kwa tlase. Rre Malenga a re tiro e e dirilweng ke babereki bao e tshwanetse go akgolwa ka jaana metsi e le botshelo jwa motho e bile go sena sepe se se ka tswelelang go sena metsi. A re botlhokwa jwa metsi mo botshelong jwa motho bo ka tshwantshanngwa le bonno le botsogo, ka ele tsone konokono ya botshelo. E rile a latlhela la gagwe, mogolwane go tswa kwa BEC, Dr Moreetsi Thobega a re ere ntswa se se dirilweng ke babereki ba gagwe e se sa thuto, go na le fa go tsenngwa ga dipompo mo malwapeng go ka amang tokafatso ya thuto ka teng. A re tiro e e dirilweng ke badiri ba BEC ke e kgolo e bile e ba godisitse e le ba Botswana Examinations Council. A re tsholofelo ke gore malwapa a tsenyeditsweng dipompo ao a na le bana ba sekole, ka jalo, se, se tla thusa go godisa le go tokafatsa thuto ya bone. O ne gape a rotloetsa ba malwapa a a tsenyeditsweng dipompo tseo go somarela metsi ka gore ntle le moo, jaanong ba tlaabo ba ipiletsa dikgwetlho di sele. O kgadile mokgwa wa go siela leruo metsi mo dipompong tsa mo lwapeng, a re se se kgatlhanong le melawana ya lephata la metsi. E rile a a fa malebo, mokhanselara wa kgaolwana ya Sekoma, Rre Makalare Ngomme, a re ere ka jaana baagi ba kgaolo eo ba le bane ba ne ba seka ba kgona go thusiwa ka dipompo, ba tlaa kopana ele boeteledipele go bona gore kgang e e ka rarabololwa jang. A re go utlwala fa kwa tshimologong go ka bo go gokeletswe malwapa a le lesome dipompo mme ka go tlhoka ditlankana tsa ditsha bangwe ba ne ba duwa ke mpho eo ka phatlha tsa menwana. O tshepisitse fa kgang eo e tlaa salwa morago gore ba ba saletseng kwa morago le bone ba thusiwe. E rile a bua mo boemong jwa ba ba amogetseng dipompo, Mme Kebonye Rabashengwa a supa fa dipompo tseo di ya go dira pharologanyo e kgolo mo malwapeng a di tsentsweng mo go one. O kopile badiri bao go tswelela ba thusa ba ba dikobo dikhutshwane kwa kgaolong potlana ya Mabutsane go thusa go lwantsha lehuma. BOKHUTLO
|
politics
| 7 |
Kebonang o kgothatsa bana go fenya ditlhatlhobo tsa makgaolakgang
|
Tona wa di-tswa mmung kgotetso le boranyane jo bosa kgotleleng tikogolo ebile e le mopalamente wa Lobatse, Advocate Sadique Kebonang o kgothaditse baithuti go dira go feta jaaka ba tlabo ba kwala ditlhatlhobo tsa bone mme ba bone maduo a a nametsang. Advocate Kebonang o dirile kgothatso ka Labotlhano kwa sekolong sa Ipelegeng, jaaka go go tshwerwe letsatsi la moletlo wa kabo dimpho. Tona Kebonang a re jaaka baithuti batla bakwala ditlhatlhobo jaana ba tsweledisa botshelo a tlatsa ka gore se phelelo ya botshelo atlatsa ka gore baseka ba itlhoboga se se botlhokwa ke go nna baiteka thata gore bagogoge mo dielong tse ba di batlang. A re go a swabisa go bo batsadi ba sa tsena moletlo ka dipalo tse di nametsang a bo atlatsa ka gore thuto ya ngwana e tshwanetse go tshwaraganelwa ke batsadi barutabana le bone baithuti , ka gore ga barutabana ba felelang teng batsadi batswanetse go tsweledisa kwa malwapeng. Tona Kebonang o kopile batsadi go tlhola gore bana badira ja kwa sekolong le tiro ya bone, go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana, ka tsholofelo ya go nna bontlha bongwe mo thutong ya bana. O bolela gore ditiro ga dio lefatshe ka bophara mme a rotloetsa baithuti go ikemela ka dinao gore bakgone go fenya ditlhatlhobo tsa bone. Mo go tse dingwe o boleletse baithuti gore ga gona ope yo o tshotsweng ale botlhale kana ase botlhale, kana ope yo o pasang a sa bale dibuka a ba rotletse go ikanya dibuka tsa bone le go kopa thuso jaaka ba ipaakanyetsa ditlhatlhobo a re se ka dira pharologanyo e tona mo maduong. Tona Kebonang o gakolotse baithuti gore thuto e batla baitseela boikarabelo ka bongwe ka bongwe, atlatsa ka gore tsotlhe tse dikwalwang ke tse ba di rutilweng, gape ba dibadile a ba rotloetsa go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwafalo. O bolela gore ga gona jaaka o ka nna se o batlang go se nna ka wa bereka tiro e o e batlang o sa tsena sekolo, go fenya ditlhatlhobo selotlo sa botshelo go kwa pele Tona Kebonang supile a lemoga tiro e tona ee dirwang ke barutabana, a re bontsi jwa sebaka ba bonwa basa dire tiro ga maduo a tswa , batsadi ba basupe ka menwana ntswa ba gana go tsaya karolo mo thutong ya bana. Barutabana ba dikolo tse pedi go akaretsa Pitikwe le Ipelegeng ba lemogilwe ka go abelwa madi a kanang ka dikete tse tlhano tsa dipula sengwe le sengwe.ENDS
|
education
| 4 |
Sir Ketumile Foundation e aba mesangwana
|
E rile bosheng ba Sir Ketumile Foundation ba abela basetsana ba sekole se segolowane sa Goosemama kwa Gootau mesangwana. Fa a amogela mesangwana eo bosheng, Mogokgo Tebogo Mack o ne a bolela fa ba Sir Ketumile Foundation ba dirile tiro e kgolo ka baithuti ba tlaa ithuta ntleng le go kgoreletsega. A re mo dinakong tse dingwe basetsana ba kgona go seka ba iponatsa kwa sekoleng ntateng ya gore ga ba na mesangwana, ka jalo seemo seo e tlaa nna sa maloba. A re bangwe ba baithuti ba ’kobo dikhutshwane, ka jalo ga ba kgone go ithekela fa bangwe ba felela ba dirisa sengwe fela mo boemong jwa mesangwana mme seo se sa siamela botsogo jwa bone. Mme Mack a re mesangwana e dira gore mosetsana a nne le seriti e bile a sireletsege. A re mosetsana fa a dirisa mesangwana o ikutlwa gore ke mosadi. A re lenaneo la ba Sir Ketumile Foundation le tlaa bolokela puso madi a go abela baithuti mesangwana. Sekole sa Goosemama se tsene mo ditumalanong le ba Sir Ketumile Masire Foundation ngogola. Mme Matshidiso Masire go tswa kwa Sir Ketumile Foundation o ne a bolela fa mokgatlho wa Sir Ketumile Foundation o sale o simologile ka 2007 o simolodisiwa ke Tautona wa bobedi wa lefatshe leno, Sir Ketumile Masire le mohumagadi wa gagwe Mma Gaone. A re mo go one mokgatlho o ba na le dipilara tse di farologaneng mme nngwe ya tsone ke e e lebileng ngwana wa mosetsana. A re ba itebagantse le go thusa bana ba basetsana ka mesangwana gore ba seka ba tlhoka go ya sekoleng. A re fa e sale ka 2014 ba abetse basetsana ba le 1 500 mesangwana gore ba seka ba kgoreletsega mo dithutong. Mme Masire o boletse fa go na le basetsana ba le bantsi ba ba felelang ba tlolwa ke dithuto ntateng ya gore ga ba na mesangwana. A re ba ne ba bona go tshwanela gore ba thuse dikole ntswa go sa lekana. Mme Masire o ne a solofetsa sekole sa Goosemama fa ba tlaa se thusa ka mesangwana mo sebakeng sa ngwaga. Mongwe wa basetsana ba Goosemama, Neo Mokgweetsi o ne a bolela fa ba itumelela kgolagano ya sekole sa gagwe le mokgatlho ka ba tlaa thusega e bile ba tlaa ikutlwa ba amogetswe. BOKHUTLO
|
education
| 4 |
Kapari ya matlalo e jesa Serekelagotlhe
|
Diphatlha tsa mebereko di boutsana, bogolo jang kwa metseng e e kgakala le ditlamelo. Ka jalo banni ba metse eo ba felela ba tla ka maano a go itshetsa ba lebile se se leng teng mo tikologong ya bone. Rre Molatlhiwa Serekelagotlhe wa Kaudwane fela fa molomomg wa lefelo la diphologolo la Khutse o ne a bona go le botoka go itshetsa ka go roka a dirisa matlalo a diphologolo le dihutshane. Tiro e, o e simolotse ka 1997 morago ga go ithuta mo batsading ba gagwe, ba a tshotsweng a fitlhela ba ntse ba e dira. O tlhalositse fa tiro ya gagwe ya letsatsi le letsatsi e le go suga matlalo a dihutshane jaaka dipodi le dinku ga mmogo le a diphologolo tsa naga le dibatana jaaka diphuduhudu le bophokoje go dira diaparo tsa matlalo di akaretsa dibaki, ditlhako ga mmogo le kapari ya mmino wa Setswana. Rre Serekelagotlhe o ne a tswelela a tlhalosa fa a dira dibaga, maseka a bomme le mekgabisa ka dikgapetlana tsa mae a bontshe. O kaile fa a dira gape le diditse, le didirisiwa tsa mmino wa borankana di tshwana le mekwatla le digai tse di neng di dirisiwa thata bogologolo ke Basarwa fa ba le mo letsomong. A re matlalo a a a dirisang go roka dilwana ka one o a reka mo go ba lephata la tshomarelo diphologolo le makgabisa naga fa matlalo a dihutshane one a a reka mo baruing. O ne a supa fa kgwebo ya diaparo tsa matlalo e le e e nametsang ka a kgona go bona madi a go itshetsa le ba lelwapa la gagwe a bo a ipolokele. E re le ntswa kgwebo e nametsa, Rre Serekelagotlhe o tlhalositse fa dikgwetlho di tshwana le go tlhoka didirisiwa tse di rokang go mmaya ka fa mosing go ka nna le sebaka sa go dira dikopo tsa dipalo tse dintsi di tshwana le tsa maphata a puso. O supile fa go roka ka seatla go le bonya, a re go reka didirisiwa tse a di dirisang di akaretsa matlalo a diphologolo go mo lopa madi a mantsi mme fa gongwe go dira kgwebo bonya. Rre Serekelagotlhe a re o tsamaya mo metseng ka bontsi ya Kweneng go ipapatsa le go rekisa kapari le mekgabisa ya gagwe mme a supa fa bareki ba gagwe bontsi ba le kwa Molepolole. A re ba lefelo la pabalelo ditso la Kgosi Sechele I ba mo thusa thata fa go tla mo go rekiseng le go reka didirisiwa tsa gagwe ga mmogo le go mo laletsa mo ditirong tse ba di rulaganyang, a re se se mo fa sebaka sa go ipapatsa mo go tseneletseng. O ne a kaya fa meletlo ya setso e tshwana le wa Dithubaruba ga mmogo le dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona di le botlhokwa o go ene ka ke nako e a bonang bareki ka bontsi ba ditlhopha tsa mmino wa borankana. Rre Serekelagotlhe o ne a gakolola Batswana go tsaya tiro nngwe le nngwe ya diatla ka tlhoafalo ka jaana seo se ka thusa go fetola matshelo a bone. O bile a supa fa banana le bone ba tshwanetse go tsaya malebela ba inaakanye le go ithuta tiro ya diatla ka e ka ba ntsha mo lehumeng le mo ditirong tsa borukutlhi. BOKHUTLO
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Khamphani e akanya go bula moepo
|
Kgosi Tirelo Motseonangeng wa Maboane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng o amogetse diphetogo tsa ditlhabololo tse di ka tlisiwang ke dikeletso tsa kompone ya Walkabout Resources, go dira moepo wa magala, o o tlaa bong o le fa gare ga motse wa Takatokwane le Maboane. Kgosi o amogetse dikeletso tsa kompone eo mo phuthegong ya kgotla kwa motse oo mo bosheng. Phuthego e, e ne e tshwerwe ke mookamedi wa kompone eo, e le ntlha nngwe ya ditshekatsheko tsa gore diphetogo tse di tlaa ama matshelo a batho le tikologo eo jang. Kgosi Motseonageng o tlhalositse gore tlhabololo eo fa e ka atlega, e ka ntsha motse wa gagwe kwa morago le banana baka bona ditiro. Kgosi o boletse gape gore le lehuma le borukutlhi di ka fokotsega ka jaana banana ba tlaa bo ba bone ditiro. O ne itela mo bagolwaneng ba kompone eo gore ba sekegele bana ba kgaolo eo tsebe fa ba thapa. Mookamedi wa kompone ya Walkabout Resources, Rre Bruce White o tlhaloseditse banni ba motse oo gore kompone ya gagwe e bone magala mo kgaolong ya Letlhakeng, ngwaga tse pedi tse di fetileng mme jaanong ba na le keletso ya go bula moepo teng. O tsweletse ka go tlhalosa gore ba tshwere diphuthego tsa kgotla mo metseng e e tlaa amegang ya Dutlwe, Takatokwane le Maboane go dira ditshekatsheko. O boletse fa ba abetswe sekidi sa lefatshe se ba tlaa agelang diofisi tsa bone teng gone fa gare ga metse eo. O ne a tlatsa ka go tlhalosa gore dipatlisiso di supile fa moepo o tlaa tsaya dingwaga tse di masome mararo go ya go a mane o ntse o ntsha magala. O tlhalositse gore moepo oo ke o o tsenelelang kwa teng jaaka wa Jwaneng, e le gone go somarela lefatshe. Mogolwane wa baitseanape ba tikologo, wa kompone ya ECO SURV Enviromental Consultants, Mme Taboka Mabudi, o tlhalositse gore kompone ya Walkabout e ba thapile go ba direla ditshekatsheko.O ne a tlhalosetsa baagi gore dipatlisiso tsa tikologo di akaretsa leruo, masimo, meraka, ditlhare le diphologolo le dingwe ditshedi gore moepo o tlaa di ama go le kae. A tlatsa ka go re ba tlaa tla gape, jaanong ba tsile go dira tse di tseneletseng tsa matshelo a morafe jaaka gore ke eng se se tla amegang mme e le se ba itshetsang ka sone jaaka ditswanageng jaaka morama. Mopalamente wa kgaolo eo, Rre Ngaka Ngaka, o tlhaloseditse morafe gore moepo oo ke wa Batswana, ka jalo ba solofele gore fa o ka atlega, go tlaa thapiwa le badiri ba ba tswang kwa ntle ga kgaolo eo. O ne a tlhalosa gore ditiro dingwe di tlhoka batho ba ba ithutetseng tiro eo. O weditse ka go kopa morafe go dirisana le baeng sentle fa ba ntse ba tsweletse ka ditshekatsheko.
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Monni wa Francistown o tshela ka legong
|
Rre Raphael Pholo, yo e leng monni wa toropo ya Francistown o itshetsa ka talente ya gagwe ya go betla ditshwantsho. O boletse mo potsolotsong bosheng fa a betla ka legong, marapo le lentswe mme o betla ditshwantsho tsa diphologolo ka go farologana. O dira gape le dithobane le ditilo tsa dikgole. Tiro e ya go tshwantsha ka go betla o tswa le yone kwa sekoleng ka a ne a rata go tshwantsha mme a re o e simolotse a sena go fetsa lekwalo la bosupa ka ngwaga wa 1965 ko Tatitown. O boletse fa bogologolo e santse e le basimane ba ne ba rutwa go betla dikei, megori le dipora kwa Siviya. Gape o tlhalositse fa a ne a sokola go bona madi a go simolola kgwebo ya gagwe mme o ne a ipha leano la gore a tsamaye a batla babetli a ithuta le go bereka mo go bone. E ne ya re ka ngwaga wa 1971, a simolola go betla mme ka ngwaga wa 2010, a bona dithuso tsa madi go tswa mo lephateng la banana, metshameko le ngwao. Rre Pholo a re o ne a reka metshine e a e dirisang mo tirong ya gagwe ya letsatsi le letsatsi le fa madi a ne a sa lekane mme e ne ya re ka 2012, a fiwa P75 000 a bo a reka metshine e e neng e tlhaela. Ntswa a kgonne go bona mechine, namane e tona jaanong ke gore ga gona fa e ka nnang teng e phuthologile ka lefelo le le le lennye mme mechine e tsere manno otlhe mo ntlwaneng e a betlelang mo go yone mme a tshwanelwa ke go direla ko ntle. Keletso ya ga Rre Pholo ke go bona lefelo le letona ko a ka phuthulogang teng a dira tiro ya gagwe mme se se mo tshwenya mogopolo ka a akanya go ya kwa gae ka a eletsa go bula sekole go ruta ka tsa ngwao. “Ke eletsa ke ka fiwa madi go aga madirelo a matona le sekole se ke se batlang ka gape ke tswa kgakala ke ruta banana mo dithuto seka dipuisanong,” ga bua Rre Pholo. O boletse fa thekiso e le bonya ka a sena lefelo le a ka rekisetsang mo go lone, mme se se itumedisang e bile se tlaa tlhofofatsa kgwebo ya gagwe ke go bo khansele ya Francistown e ba tshephisitse gore e baakanya lefelo le bagwebi ba tlaa rekisetsang dithoto tsa bone mo go lone. E re ntswa a kopana le mathata mo kgwebong ya gagwe, ga a ke a tlelwa ke boitlhobogo ka a tshwantsha kgwebo ya gagwe le morui wa dikgomo ka fa leuba le tla, morui a seke a itlhoboge mme a re le fa ditshwantsho tsa gagwe di ka tsaya sebaka, di sa rekiwe kwa phelelong di tlaa rekwa. Kgwebo e e thusitse Rre Pholo fela thata ka a boletse fa e le yone e e mo nyadisitseng a bo a tlhokomela bana ba gagwe ka a ba tsentse dikole. O tlhalositse fa a dirisana le ba Supa Ngwao Museum ka ba reka ditshwantsho tsa gagwe ba bo ba di rekisa go fitlhela di fela e bo e le gone ba ka reng a tlise tse dingwe. Fa a wetsa, o ne a re o rotloetsa banana go tla kwa go ene mo Block 2 a ba rute.
|
arts_culture_entertainment_and_media
| 0 |
Ketlhoanetswe o lebisiwa molato wa go bolaya ngwana
|
Mosekisiwa yo o lebisitsweng molato o mongwe fela wa polao o ne a itshupa fa pele ga ga mmakaseterata wa Molepolole, Rre Bhekimpilo Sibanda, Moranang a le malatsi a robabongwe. Dintlhakgolo tsa molato o a o lebisitsweng ke gore, e rile kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi a le marataro kwa masimong a Gathoka kwa kgaolong ya Kweneng, Thatayaone Ketlhoanetswe a bolaya ka maikaelelo Omogolo Ketlhoanetswe, ngwana yo a neng a le dikgwedi di letharo. Fa a begela lekgotla, mosekisi Seagent Barulaganye Tiase wa sepodisi sa Molepolole o kopile gore mosekisiwa a seka a fiwa sebaka sa go emela tsheko a le kwa ntle ga kgolegelo ka gore ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. E rile atswa la gagwe, Ketlhoanetswe a tlhalosa gore o kopa go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo ka lebaka la gore ona le ngwana wa mo-na-le-bogole yo o kafa tlase ga tlhokomelo ya gagwe, a tlatsa ka gore e bile o nna a le nosi. Moisekisi Seagent Tiase o ne a tswelela ka go tlhalosa fa kgang e ne santse e le ntsha go begiwa. O boleletse lekgotla gore go ya ka ditlhotlhomiso tsa bone, ke nnete gore mosekisiwa o na le ngwana wa mo-na-le-bogole mme a tlatsa ka gore ga se ene (mosekisiwa) a mo tlhokomelang. A re ngwana o mo tlhokomelong ya ba masika a mosekisiwa. Mosekisi o boletse gape fa ditlhotlhomiso tsa bone di ba sedimoseditse fa mosekisiwa e le motho yo o laolwang ke dino tagi ka jalo go se maleba gore a fiwe sebaka sa go emela tsheko ko ntle. Fa a gana kopo ya mosekisiwa, mmakaseterata Sibanda o tlhalositse gore mosekisi o begetse lekgotla gore ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. O lemositse mosekisiwa gore molato o a o dirileng ke molato o o tlhwaahatseng e bile ole motona mme ka jalo o ganne kopo ya mosekisiwa ya go emela tsheko kwa ntle. Mosekisiwa o tla itshupa gape fa pele ga lekgotla kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro.
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Ditshupo di tlaa nna teng ngwaga o o tlang
|
Ditshupo tsa temo-thuo tsa Tswapong Borwa di tlaa nna teng ngwaga o o tlang ka Phukwi kwa lebaleng la ditshupo kwa Machaneng. Modulasetilo wa komiti ya ditshupo Rre Edwin Ketlhodilwe, o ne a solofetsa botlhe ba ba amegang mo potsolosong. Rre Ketlhodilwe a re ngwaga ono ditshupo di ne tsa seka tsa nna teng ka lebaka la gore bontsi ja maloko a a neng a tlhophilwe go baakanyetsa ditshupo ba ne ba le boitseme. A re ka jalo go ne ga nna thata gore bonyennyane jo bo neng bo na le kgatlhego bo baakanyetse ditshupo tseo ka nako e ne e setse e tsamaile mme tiro yone e le ntsi thata. Rre Ketlhodilwe a re jaanong ba sa tswa go tlhopha maloko a masha a komiti e bile ba okeditse le palo ya maloko go tswa mo go lesome go nna lesome le borataro. O tsweletse ka gore komiti e nna e tshwara diphuthego go rulaganyetsa ditshupo tsa ngwaga o o tlang. A re ba bone go tshwanela gore ba simololele ruri dipaakanyo ka ba eletsa ditshupo tsa ngwaga o o tlang e nna tsa maemo a ntlha go gaisa ditshupo tsotlhe tse di fetileng. O ne a bolela fa mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami yo e bileng e le tona wa botsogo le boitekanelo Mme Dorcas Makgato a ba tshephisitse gore o tla a nna morotloetsi mogolo wa ditshupo tseo. O kopile banni ba kgaolo le botlhe ba ba amegang gore le bone ba ba fe thotloetso gore toro ya bone e diragale. Rre Ketlhodilwe a re ditshupo di botlhokwa thata ka di neela balemi le bagwebi sebaka sa go ka kopana mo lefelong le le lengwe ba bo ba ka kgona go neelana megopolo ya go ka ikgodisa mo temong le mo dikgwebong. O ne a bolela fa a le maswabi thata go bo balemi le bagwebi ba kgaolo ya bone ba sa kgona go nna le sebaka seo mo ngwageng ono.
|
society
| 9 |
St Anne e abela mo-na-le bogole
|
Kgosi Madome Madome wa kgotla ya ga Pitse mo Bobonong, o akgotse mokgatlho wa bo mme ba St Anne go tswa mo kerekeng ya Roman Catholic morago ga gore ba agele mo-na-le bogole ntlo mo Bobonong ka Labotlhano (Phukwi 24), a supa fa seabe sa kereke e le go supa lorato mo setshabeng. Fa a bua kwa tirong ya go bula ntlo eo e e agetsweng Mme Lesedi Senthu wa kgotla ya Sekwadela, o tlhalositse fa se se dirilweing ke bomme ba St Anne se le botlhokwa ka se araba selelo sa ga Tautona sa go nna setshaba se se kutlwelo botlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Bomme ba St Anne ba ne gape ba agela lelwapa leo ntlwana ya boitiketso, go agelela lelwapa le go gokela pompo ya metsi. Fa a tswa la gagwe Mme Bernadette Monagen, modulasetilo wa kgaolo ya bokone ya St Anne Francistown a re e le maloko a kereke ya Roma, ba itlamile go tswa thuso e e ka fetolang matshelo a batho. Mme Monagen a re ba itlamile gore bokopano bongwe le bongwe ja ngwaga le ngwaga ba direle mongwe sengwe mo lefelong le ba tlaa bong ba tshwere tiro ya bone teng. Mme Monagen o supile fa mo makopanong a a fetileng ba setse ba kile ba abela batlhoki dilo di tshwana le ditilo tsa maotwana tse di dirisiwang ke ba-na-le-bogole, dijo, le dikobo, mo metseng e e farologaneng. Mme Lorato Morapedi, mogolwane wa banka ya ditlhabololo tsa setshaba (NDB) o ne a akgola bomme ba kereke e gore ba bo ba kgonne go dira tiro ya serodumo se se kalo mo nakong e khutshwane. A re e le ba NDB ba tla feleletsa ntlwana ya boitiketso gammogo le go agelela lelwapa leo fa ba kereke ba sa kgonang teng.
|
society
| 9 |
Kgosi o rotloetsa borre go tsaya boikarabelo
|
Kgosi wa Mokoswana mo kgaolong potlana ya Mahalapye, Kgosi Dipetso Ketlogetswe o kgothaditse borre go nna le boikarabelo jwa go etelela malwapa pele. Kgosi o buile jalo mo potsolotsong le BOPA kwa Mokoswana bosheng. O ne a tlhalosa gore rre yo o tlhwatlhwa yo o batlang go tshedisa ba lelwapa la gagwe sentle, o dira dipatlisiso pele ga a tsaya ditshwetso mo lelwapeng la gagwe. O ne a tlatsa ka go re ka dinako tsotlhe o tshwanetse go tswa ka ditsela tse di ka agang bokamoso jwa ba lelwapa. A re tsamaiso ke gore rre a tshele a na le mosadi yo o mo nyetseng ka fa molaong, a tlatsa ka go re rre o tshwanetse go nna le morero le mosadi le bana gore lelwapa le tle le nonofe. A re lelwapa la tsamaiso e ntle le godisa bana ba ba nang le boirakabelo, gape bana ba teng ga ba ke ba tlhabisa batsadi ba bone ditlhong mo matlhong a setshaba. A re rre yo o nang le boikarabelo ka lelwapa o tshwanetse go nna sekao ka go tshegetsa sephiri sa lelwapa la gagwe. “Rre o tshwanetse go ruta bana le mosadi ka tse di botlhokwa mo matshelong a bone jaaka tlhokomelo ya dithoto,” a tlhalosa. A re ka dinako di fetogile, rre o tshwanetse go thusa mosadi ditiro tsa lelwapa jaaka tsa kapei, go isa bana kokelong, go tlhapisa bana le tse dingwe. A re selo sa konokono mo go rre yo o nang le boikarabelo ke go tshedisa ba lelwapa kwa ntle ga kgatelelo kana kgokgontsho. A re lelwapa le le aperweng ke kgokgontsho le tshelela mo bohutsaneng gape le felela le thubega. Kgosi a re go thubega ga malwapa ke kgwetlho mo lefatsheng leno, ka jalo go mo maruding a setshaba go bereka mmogo go ruta batho botlhokwa jwa lelwapa. Kgosi a re banana gompieno ba nna mmogo ba sa nyalana ba re ba fokotsa ditshenyegelo, a tlatsa ka go re seo ke go ikepela lemena. “Botsalano jwa tlhakanelo dithoto ya batho ba sa nyalana mme ba nna mmogo jaaka monna le mosadi ga bo a siama. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
Matlhare o itshetsa ka dinotshi
|
Mananeo a puso a maikaelelo a one e leng go tokafatsa matshelo a Batswana a tsweletse ka go ogola setshaba mo isong. Rre Shimane Matlhare yo o tlholegang kwa Kanye, ke mongwe wa ba ba nnileng le sebaka sa go akola mananeo morago ga go thusiwa ka kitso le didirisiwa mo thuong ya dinotshi. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Rre Matlhare a tlhalosa fa a tswa kgakala a na le keletso ya go rua dinotshi. O tlhalositse fa a sale a simolotse thuo ya dinotshi pele ga dithuso tsa puso. Ka jalo e ne ya re puso e simolodisa mananeo a nyeletso lehuma a seka a ipona tsapa, a rwala ditlhako go ya go ikopela dithuso. A re ka 2013 o ne a isiwa sekoleng ke ba nyeletso lehuma ga mmogo le ba lephata la temo-thuo kwa a neng a feta a rutuntshiwa ka tlhokomelo ya dinotshi. Morago ga go wetsa dithuto, Rre Matlhare o ne a seka a dia nako mme a simolodisa thuo ya dinotshi. “Dinotshi di bogadi bo gaufi, fa le go tlhabetse sentle ka paka ya dinotshi o felela o dira madi a a seng kana ka sepe, o phatsima,” ga bua Rre Matlhare. Rre Matlhare ga a a remelela fela mo go rekiseng tswina mme o dira gape le setlolo sa molomo, pholetshe le setlolo sa mmele ka dinotshi. Le fa go ntse jalo, Rre Matlhare o tlhalositse fa dinotshi di sa batle leuba ka di a tle di inee naga fa pula e seyo. A re mo pakeng e e fetileng ya thobo ka Sedimonthole, o robile tswina ya bokete jwa selekanyo sa 75kg, mme e bile jaanong o solofetse go le gontsi mo pakeng e e tlang ya mariga. A re e sale a simolola go rua dinotshi o itheketse kalakuma le podi, tse gompieko jaana di setseng di mo diretse moraka.BOKHUTLO
|
politics
| 7 |
Tlhokomelang thuto ya bana
|
Mothusa kgosi ya Phase 4 kwa Francistown, Kgosi Pogisego Mosarwe o rotloeditse batsadi go tlhokomela thuto ya bana ba bone ka go siametse bokamoso jwa bone. Kgosi Mosarwe o rotloeditse seo mo phuthegong ya mopalamente wa Francistown Borwa, Rre Wynter Mmolotsi. O tlhalositse fa go na le nngwe thuto e e bidiwang CAPA kwa sekoleng mme e tsentse bana lesukasuka, a tlatsa ka gore thuto eo e supa fa e ruta ngwana ka tsa bodiragatsi. A re barutabana bangwe ba ruta ka dielo tsa bone ka jalo o kopile batsadi go adima buka eo kwa sekoleng, mme ba tataise bana ba bone ka bangwe baithuti ba le bonya go ka tshwara. Modualsetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgotla ya Boikhutso kwa Somerset West, Rre Herbert Nkabiti, o lekodisitse mopalamente wa kgaolo eo fa ba semeletse ka go dira ditlhabololo mo kgaolong. O supile fa e ne ya re mo lebakeng le lekhutshwane ba tlhabololo sekole sa bananyana sa fokotsa ditshenyegelo tsa ditlhwatlhwa tsa dipalamo. Rre Nkabiti o buile gore ba kgonne go tsenya sekole dilo ka bontsinyana ditshwana mabati, digalase, motlakase, le tse dingwe fela jalo. O tlhalositse fa ba setse fela ka mealo ya fa fatshe (tiles) mme madi one a setse a fedile, le fa go ntse jalo a re ba nna fela ba tsweletse ba kgobokanya madi ka go dira bommabontlenyane le ka tsa itshidilo mmele. Rre Nkabiti o rotloeditse morafe go dira mmogo ka go ema ka dinao nako e sale teng go ipakanyetsa moletlo o o tlang wa BOTS 50. A re o eletsa gore mokete oo o nne ka tsela e e pharologanyo ka o tlaa bo o tlhakane le mokete wa go ipelela matshego a Vision 2016. Mo go tse dingwe o lekodisitse mopalamente fa lephata la IEC le tlhalositse fa mafelo mangwe a matlhophelo a a sa sireletsegang a tlaa tswa mo tirisong. Re Nkabiti o tsweletse a re mafelo a tshwana dikokelo, ga mmogo le lefelo la God`s love e le mangwe a a tlaa amegang, a tlatsa ka gore ba IEC ba tlhalositse fa ba tlaa kopa dikereke go tla go di dirisa. Rre Mmolotsi o solofeditse morafe go re le ene o tlaa etela ofisi ya khansele go utlwa le go netefatsa gore a a diphetolo tsa bone di a dirafadiwa.
|
education
| 4 |
Molemisi o rotloetsa balemi go ikanya lablab
|
Molemisi wa Tsabong, Mme Mpontshang Podisi, o gwetlhile balemi barui kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa go lema lablab ka go supega fa e dira sentle kwa kgaolong eo. O ne a gakolola balemi go ipopa ditlhopha gore ba tle ba akole mananeo a puso a a farologanyeng le go reka motshine o o silang lablab go dira dijo tsa leruo. Mme Podisi o ne a akgolela balemi ba Omaweneno, Maralaleng le Kisa go ema ka dinao go tlhomamisa gore bana ba bone ga ba wele mo isong. A re o ne a etese masimo go abelana le balemi barui dikitso tse ka tsone ba ka kgonang go tlhabolola temo le go itepatepanya le seemo sa loapi. A re dijwalo tse di siametseng mmu wa kgaolo eo ke dinawa, lablab, magapu le marotse. Mme Podisi a re mmidi ga o kake wa dira sentle kwa kgaolong ya Kgalagadi ka o tlhoka metsi a mantsi. Ke sone se a neng a gakolola balemi go emisa go lema mmidi ka pula e le boutsana kwa kgaolong eo. O ne a ba gakolola gape go dirisa mogoma oo hatolang lefatshe wa ripara ka o thusa dijwalo go tshegetsa bokgola lebaka le le leleele. E re ka jaana bontsi jwa balemi ba supile fa ba tshwenngwa thata ke mohero, Mme Podisi o ne a ba kgothatsa go ya go ikopela chefi e e bolayang mhero kwa diofising tsa balemisi. O boletse fa chefi eo e tshwanentse go dirisiwa ka fa go tshwanetseng ka teng, ka kgakololo ya balemisi. Kgosi Sam Bimbo wa Omaweneno a re bontsi jwa banni ba motse oo ba itshetsa ka leruo le temo, mme a ba gakolola go tsaya tsia dithuto tsa balemisi. Kgosi Bimbo o ne a supa fa balemi ba motse wa gagwe ba tshwenngwa ke bojang jwa tlolela jo bo kgoreletsang kgolo ya dijwalo. Rre Nkele Lebang go tswa kwa lephateng la tlhabololo temo thuo le dijo o ne a rotloetsa banana go ema ka dinao go ipopa ditlhopha mme ba inaakanye le mananeo a puso go tlhabolola temo thuo go nna kgwebo. Balemi ba le bane go tswa kwa masimong a Bokgetlo, e leng Mme Bokwaleng Gabankalafe, Mme Keodutse Tsietso, Mme Ntheetsang Simane ba ne ba segofala ka temo ya dinawa ka mo nakong ya gompieno ba setse ba bapetse morogo le dinawa. Mme Akanyang Marutshe a re temo ya gagwe ya dinawa, mmidi, marotse magapu le lablab e a kgatlhisa mme ba solofetse go ora molelo wa mariga. Mme Kgomotsego Motlopi go tswa kwa lekalaneng la BITRI, o ne a tlhalosa fa ba tshwaraganye le lephata la tlhabololo temo thuo le dijo, go ba thusa go batlisisa ka seemo sa loapi le go ntsha dijo tse di tlhaelang mo lefatsheng leno. Mme Motlopi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa seemo sa loapi se tlhobaetsa, mme a supa fa ba tsamaya le lefatshe leno go ruta balemi le go ba fa dikgakololo go lema dijwalo tse di tlhabologileng.
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Ba Ramatlabama ba akgola ofisi ya mosireletsi
|
Banni ba Ramatlabama ba akgoletse ofisi ya mosireletsi go ba ruta ka ditirelo tsa yone. Bangwe ba baagi ba motse oo ba tlhalositse fa ba ne ba sena kitso epe ka ofisi eo mme ba ne ba lebogela dithuto tsa badiri ba ofisi eo. Fa godimo ga moo ba boletse fa ba ne ba na le dingongorego tse ba neng ba sa itse gore ba ka ikuela kae mme ba supa fa jaanong ba itse gore tsela pedi ba tsaya e fe ka ba ne ba supa gore ga ba thusiwe sentle mo makalaneng a puso le a a ikemetseng. Moanamisa mafoko wa ofisi eo, Rre Fenny Letshwiti ene o ne a tlhalosa fa e tlhomilwe go amogela dingongorego tsa setshaba ka boitsholo jo bo sa tshwanelang jwa bodirela puso kana makalana a a ikemetseng a a thusiwang ke puso. A re tiro ya bone ke go tsereganya le go sireletsa setshaba kgatlhanong le tsamaiso e e sokameng a tlhalosa fa ba sa itebaganya le setshaba fela a re le bodiredi jwa puso bo ka ikuela kwa go bone tebang le dilo dingwe tse di amang ditiro tsa bone fa di sa tsamaisiwe sentle. O ne a gatelela kgang ya gore pele ga ba ikuela kwa ofising ya mosireletsi ba netefatse gore ba latedisa dikgang tsa bone a tlatsa ka gore go botlhokwa gore ba tsee maina a ba ba ba thusang gore go seka ga nna le ketsaetsego fa ba ile go ikuela. O tlhalositse fa ba na le dithata tsa go botsolotsa mongwe le mongwe fela jaaka kgotla kgolo ya ditsheko go sa kgathalesege gore motho ke wa maemo a fe. O tsweletse a re ofisi eo e nnile mo tirisong semmuso ka ngwaga wa 1997 morago ga dikgang tsa go gopela itsholelo tse di neng di le kwa kgaolong ya Kweneng tse mo go tsone bangwe ba neng ba ikabela ditsha kwa Mogoditshane. O ne a tlhalosa fa Tautona e le ene a tlhomang mosireletsi a ikopantse le moeteledipele wa kganetso kwa palamenteng a tlatsa ka gore mosireletsi wa ntlha go tlhomiwa e ne e le Rre Lethebe Maine mme wa bobedi ya nna Rre Ofentse Lepodise. Fa a bua ka dikgang tse ba sa di tlhotlhomiseng Rre Letlhogonolo Itshabeng o ne a tlhalosa fa ba sa amane le dikgang tsa tshireletsego ya lefatshe, dikgang tse di fa gare ga mmuso wa lefatshe leno le mafatshe a mangwe. O ne gape a supa fa ba sa tlhotlhomise dikgang tsa borukhutlhi le dingongorego tsa badirela puso tse di amang khiro ya bone. O tsweletse a re dikgang tsotlhe tse ba sa amaneng le tsone di na le ba di ba lebaneng a a fa sekai ka tsa tshireletsego ya lefatshe a re tseo di lebane ba sesole sa Botswana le ba ofisi ya DIS. O ne a gwetlha banni go dirisa ofisi ya bone fa ba na le dipotso tse di tlhokang dikarabo. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
Bagwebi ba supa bokgoni
|
Molaodi wa kgaolo ya bokone Bophirima, Rre Keolopile Leipego o akgotse bagwebi botlhe ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go dira ka natla mo dikgwebong tsa bone. A re ba supile fa lenaneo le bereka ka jaana dikgwebo tsa bone di dira sentle, a tlatsa ka gore ba bangwe ba tlaa tsaya malebela go lemoga gore motho o ka inaakanya le mananeo ao go fetola botshelo jwa gagwe. Molaodi o buile seo kwa ditshupong tse di neng di rulaganyeditswe bagwebi ba ba botlana ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma. Di ne di rulagantswe ke ba khansele potlana ya Maun. Rre Leipego o tlhalositse fa maikaelelo a ditshupo e le go fa bagwebi sebaka sa go ipapatsa le go simolodisa botsalano ma gareng ga bone ga mmogo le bareki. A re o dumela fa ditshupo tseo, di tla ba tswela mosola ka jaana batla tsaya botsipa le maele mo go ba bangwe mme ba bo dirise go godisa dikgwebo tsa bone. O tsweletse a re mangwe maikaelelo a puso a magolo ke go tlhamela Batswana diphatlha tsa mebereko, le go ba ntsha mo lehumeng la nta e tshetlha, ke ka moo go neng ga simolodisiwa lenaneo la nyeletso lehuma. “Fa e sa le lenaneo le le simololwa ka ngwaga wa 2010, batho ba ne ba bona dithuso jaaka go rekelwa dihutshane, go simolodisa ditshingwana tsa merogo, dimausu, kgwebo ya go adimisa ditante, thuo ya dikoko le tse dingwe. Mme gompieno, bao ba ba ikopetseng matshelo a bone a fetogile thata ka ba kgona go inosa metsi,” a tlhalosa jalo. Rre Leipego o boletse fa mo kagolong ya Ngami ba kgonne go simolodisa dikgwebo di le 3 205, mme mo go tsone di le 1 658 e le tsa khansele potlana ya Maun. A re mo go tsone, di 1 343 di a dira e bile dingwe di gatetse pele mo go kgotsofatsang fa dingwe di sa ntse di tlhotsa. A re go le gantsi ba itemogetse fa dikgwebo di phutlhama ka ntlha ya letlhoko la metsi, bogolo jang dikgwebo tsa temo thuo, malwetse a dihutshane le dikoko, fa lebaka le lengwe e le go tlhoka mmaraka o o tsepameng. Molaodi a re go supegetse gape fa bagwebi bangwe ba ngosela go dira ka jaana ba dira dikgwebo tse ba sa di rateng. Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa morafe ka kakaretso go tsaya mananeo a puso ka tlhwaafalo go re a ntshe maduo a a solofetsweng. A re go a tshwenya ka bangwe ba na le mokgwa wa go nna maoto a tshupa le ntswa ba na le bokgoni jwa go itirela. E rile a tswa la gagwe, mokwaledi wa khansele potlana ya Maun, Mme Mogomotsi Seemule a tlhalosa fa ditshupo tseo e le thotloetso mo bagwebing go ba batlisa mmaraka. A re ba eletsa go bona bagwebi bao ba gola ba bo ba tlhamela ba bangwe ditiro jaaka e le maikaelelo a puso. BOPA
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Bakgweetsi ba khansele ba intsha leswe dinaleng
|
Lephata la boipelego le tshwaragane le ba metse e e kgakala le ditlamelo ba ipeletse maduo a bana ba ba nnang kwa dikoleng go tswa fela kwa thutong ya motheo go fitlhelela kwa mmadikole. Se se diragetse kwa bokopanong jwa dikgaolwana tse supa tse di agang kgaolo ya legare, tse di neng di kopantse kemedi ya dikomiti di le 222 tsa ditlhabololo tsa metse, tse di eteletsweng pele ke e tona di ferabobedi. Mo bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse jwa go atswa le go leboga dikomiti tse di dirireleng ka botswerele mo dikgaolwaneng tse tharo ebong komiti e e gaisitseng mo ditsamaisong le tsotlhe tse ditlhokegang, ya matlo a borobalo a baithuti ba dikole tsa tengnyanateng le baithi ba ba gaisitseng mo lekwalong la botlhano ka matshwao a a kwa godimo. Komiti ya ditlhabololo e e neng ya fenya ya nna Boikago kwa Palapye mme ya iponela P7 000 le sejana, ya latelwa ke ya Xhumo kwa Boteti yone ya gapa P5 000 le sejana fa a boraro a ne a ya kwa Thabala mo kgaolong ya Serowe mme bone ba bona P3 000 le sejana. Mo karolong ya bobedi ya matlo a boroko jwa baithuti, Otse e ne ya bona maemo a ntlha ya fiwa P3 000 le sejana, a bobedi a bonwa ke Mosu ya fiwa P2 000 le sejana fa a boraro a ne a ya kwa Mokubilo e bona P1 000 le sejana. Karolo ya boraro ya moithuti yo o gaisitseng mo ditlhatlhabong tsa mophato wa botlhano maemo a natlha a gapiwa ke Olerato Nkhumisang wa Dimajwe yo o fentseng ka dintlha di le masome a mane le borataro points, a latelwe ke Resego Baileng wa Gojwane yo ene a fentseng ditlhatlhobo ka dintlha di le masome a mane le bone fa Charnelle Maposa wa Maposa le ene a fentse ka dintlha di le masome a mane le bone. Boraro joo, bo ne jwa atswiwa ka P1 300 le seetsele mongwe le mongwe wa bone. Fa a ba ema ka lefoko, modulasetilo wa khansele -potlana ya Serowe, Rre Mpho Kooreme a re ke nako ya gore ba-tsaya karolo botlhe mo ditlhabololo tsa lefatshe ba itshekatsheke seabe sa bone mo ditlhabololong tsa lefatshe. Rre Kooreme a re dikomiti tsa ditlhabololo di tswe mo go nneng bahiri le balaodi ba Ipelegeng, ka e se yone tiro ya bone ya konokono, tiro kgolo ya bone ke go bona gore metse e tlhabologa jang le go tsenya lenaneo la ditlhabololo tsa setshaba le tsa magae mo tirisong ka maikaelelo a go tlhama ditiro tsa seneelaruri go thusana le puso go lwantsha letlhoko la ditiro. O supile fa le makhanselara boikarabelo jwa bone e le go gakololana le dikomiti ka se se ka dirwang go tlhabolola dikgotla tsa bone le go tlhamela banana ditiro. Rre Keoreme a re lenaneo la ditlhabololo tsa ditogamaano le tshotse go le gontsi mo dikomiti tseo di ka go anyang go tlhabolola metse le go tlhama mebereko. A re a dikomiti di tswe mo go beeng fela mo phirisong ya matlo a boroko. O akgoletse World Bazaar Palapye go tsenya letsogo mo tirong ya bokopano joo a re seo ke go kgaogana le setshaba se ba se robang mo go bone. A re tiro ya boipelego e kgolo go tlhokomela matshelo a batho mme a supa fa e le pitso go direla lephata leo ka le tlhokana le motho yo o boineelo gape a le pelotelele. BOKHUTLO
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Kereke ya AFM e rotloetsa metshameko mo kerekeng
|
Kereke ya Apostolic Faith Mission e rile bosheng ya rulaganya metshameko ya bolotlowa le kgwele ya dinao kwa lebaleng la metshameko la Molepolole ka maiteko a go rotloetsa metshameko mo kerekeng. Metshameko eo e e bidiwang Med Plus AFM e ne ya tsenwa ke baphuthegi go tswa kwa Tlokweng, Gaborone, Mogoditshane le Molepolole. E rile fa a bua mo potsolotsong, motsamaisi wa metshameko mo AFM, Rre Stephen Keagakwa, a re metshameko eo ga e bolo go nna teng mo dingwageng tse some tse di fetileng fa e sale 2006. A re ka metshameko eo, kereke e lemogile fa banana ba na le kgatlhego mo go tshamekeng. O boletse gape gore metshameko eo e ntshitse batshameki ba tlhwatlhwa ba ba jaaka Phondo Keimetswe yo o tshamekelang BDF IX le ba bangwe gape ba ba tshamekang mo ditlhopheng tse dingwe. Keagakwa a re le fa go ntse jalo ba eletsa go bona metshameko eo e gola e bo e oka babogedi ba bantsi. William Motereko wa Gaborone AFM a re ba dumalane go simolola metshameko morago fa ba sena go lemoga fa go sena fa banana ba ka kopanang teng le fa ba ntse ba na le ditiro tse dingwe tsa kereke jaaka go tshwara diphuthego tsa ngwaga le ngwaga. O gateletse thata gore ka kereke e na le tiro e tona ya go dira pharologanyo mo setshabeng, banana ba ne ba tsaya sebaka se mo metshamekong go anamisa lefoko la Modimo mo metshamekong e e farologaneng. A re ba lemogile gore go na le kopano mo bananeng faesale metshameko e simologa ga mmogo le phetogo ya boitsholo le botsalano jo bo nonofileng. Mo go tsa bolotloa, Barati Nkokonyane a re metshameko e thusitse go aga basetsana ba le bantsi ka go nna le boitsholo jo bo eletsegang. Dikgaisano tseo tsa kgwele ya dinao di ne tsa felela ka Gaborone AFM e nna mofenyi e sena go betsa Tlokweng ka dinno di le 5-4 ka diphenalithi. Mo go tsa bolotloa, Tlokweng e ne ya padimola Molepolole 24-13. Dikgaisano tseo di ne di duelelwa ke Med Plus Medical Centre.
|
religion_and_belief
| 8 |
Mosung o tshela ka poko
|
Rre Nonofo Mosung wa kgotla ya Boswelakoko kwa Molepolole o tlwaelesigile thata ka poko. A re ene ke Nonofo Mosung wa Manga a Maotong, mosimane wa mainane le dithamalakane di patagane le diane. Monana yo, yo o tlwaelegileng thata ka leina la Blackboy, o tswa kgakala le poko ka e bile o ne a kwala a bo a gatisa buka ya maboko a Setswana ka ngwaga wa 2010 ya Mo nakong eno o tlhalositse fa a kwadile dibuka tse dingwe tse pedi tsa maboko tse a reng di emetse go gatisiwa. Rre Mosung o tlhalositse gore tlhotlheletso le lorato lwa poko di goteditswe ke go gola a fitlhela poko e le selo modiro mo losikeng lwa gagwe ka a re bangwe ba ba ileng ba mo ratisa poko ke Dipako Sesienyane le Mmolotsa Luke ba e leng masika a gagwe. A tswelela a supa fa Kagiso Beleme yo e leng tsala ya gagwe e bile ba ne ba ikatisa mmogo a rotloeditse a bo a thusa go epolola bokgoni jo a nang le jone mo pokong. A re le ntswa a ne a fiwa tlhotlheletso e ke ba losika le ene o ne a lemoga fa a na le bokgoni jwa go kwala dipolelwana le maboko a sa le mmotlana fa a tsena sekole se sebotlana sa Kealeboga. Go godisa bokgoni jo jwa go kwala maboko go ne ga tswelela ka a re o ne a nna a tsaya karolo ka go boka ka nako ya meletlo ya kabo dietsele ko sekoleng se segolwane le gone go diragatsa ka matsatsi a sekole a bodiragatsi. Lorato lwa go bala dibuka tsa bakwadi ba ba farologaneng ba akaretsa Moroka Moreri, Barolong Seboni le Kgomotso Mogapi le tsone a re di nnile le seabe mo kgodisng ya bokgoni jwa gagwe jwa go kwala poko. Rre Mosung o tsweletse ka go iteka ka gangwe le gape o tsenelela dikgaisano tsa bodiragatsi tsa malatsi a ga Tautona mme a re monongwaga ga a ka kgona go fetela ko legatong la bofelo, ka a felela fela ko dikgaisanong tsa dikgaolo. Go tlhoka go dira sentle mo dikgaisanong tseo o tlhalositse fa go sa mo kgobe marapo a tlhalosa fa go mo godisa a re o dumela gore motho o ithuta dilo tse disha malatsi otlhe.
|
arts_culture_entertainment_and_media
| 0 |
Kgosi o kgala ditagi
|
Kgosi Selomeng Nthobatsang wa kgotla ya Mapoka kwa Serowe a re o tshwenngwa ke ditagi tse di tsenang mo lefatsheng leno mme a kopa banana go emisa tiriso ya tsone. Kgosi Nthobatsang o ne a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Borwa, Mme Pelonomi Venson-Moitoi kwa kgotleng ya Mapoka le Makolo kwa Serowe bosheng. A re ditagi le bogodu di busetsa Botswana kwa morago e bile ba ba inaakantseng le ditiro tseo ba felela ba lwala tlhaloganyo. Banni ba Makolo le Mapoka ba supile fa ba le ’bete se molwangwana ka tsela ya seatla sa madi e e sa tshelwang sekontere ka lerole la yone le sa ba ema sentle. E rile a tswa la gagwe, mokwaledi wa khansele potlana ya Serowe, Rre Terrence Ntalabgwe o ne a kopa banni go ba loma tsebe fa ba bona mongwe a latlhela matlaka mo molapong wa Motetshwane go na le go emela mopalamente ke gone ba bo ba re khansele ga e dire tiro. Rre Ntalabgwe o supile fa tsela ya Makolo e santse e le mo ditshekatshekong tsa go baakaangwa. Mogolwane wa ofising ya Omang, Rre Otsile Mapeu a re lephata la Omang le kgaotse dituelo tse di neng di duelwa ke Batswana fa ba kwadisitse Omang morago ga nako. Rre Mapeu o kopile gore Omang a ntshafadiwe pele ga dikgwedi di le lesome le bongwe di wela gore a bo a dule mo tirisong. O kopile bahiri go direla babereki Omang go na le go nna nabo go fitlhelela ba ba busetsa kwa magaeng ba godile ba sena Omang. Rre Mapeu a re Omang ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe e bile ga go ope yo o ka thusiwang fa a sena Omang. Mme Venson-Moitoi o kopile maitshwarelo mo morafeng go tlhoka go ba tlhola kgapetsakgapetsa. A re ga se ka bomo ka o a bo a na le Tautona mo maetong a go laela mafatshe a mangwe. Mme Venson-Moitoi o rotloeditse banni go kwadisa ditsha pele ga lebaka le le beilwe le wela go tila go duela bapotiedi. Mopalamente o kopile komiti ya ditlhabolo go tshwaragana go na le go itaana ka noga e tshela ka seo se dia ditlhabolo. O ba rotloeditse gore fa ba na le diphapang, ba buisane, fa go pala ba tlhopholole komiti gore ditlhabololo di tle di tswelele. BOKHUTLO
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Bo mmamathwane ba inisa badirela puso kaje
|
Go bolelwa fa go tlhorontshiwa ga badirela puso ke bo mmamanthwane go bakile go tswalwa ga diofisi dingwe tsa puso tsa kgaolo potlana ya Okavango. Kokelwana ya Eretsha e sale e tswalwa ngwaga e e fetileng ka ntata ya bo mmamanthwane ba ba gobeyang mo go yone. Kgosi wa Eretsha, Rre Boitshwarelo Mosinyegi, o gwetlhile puso go potlakela go baakanya seemo seo ka se ba baya kafa mosing mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke molaodi Rre Thabang Dikatholo le lekoko la gagwe go isa ditlamelo kwa bathong. “Se se bakile gore mooki le ene a name a isitswe go sele ka go sena fa a ka berekelang teng, seemo se se pateletsang morafe go latela ditlamelo kwa metseng ya Beetsha le Gunotsoga,’’ o gateletse jalo. Kgosi Mosinyegi a re ba sa le ba solofeditswe paakanyo ya kokelwana eo mme nako kgolo ke eno. Kwa motsaneng wa Gudigwa, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Gontsho Ngorogwe a re bo Mmamanthwane ba tlhorontsha bana le barutabana ka ba tletse gongwe le gongwe kwa matlong a borutelo, matlo a boroko a barutabana le mo diofising tota, ntswa go sa siamela botsogo. Kwa Gunotsoga le gone go bolwetse fa e le selo modiro leswe le moroko wa bo Mmamanthwane di fekeetsa bodiredi mo diofising tsa puso. Banni ba Gunotsoga ba bile ba ngongoregela go bo mooki wa bone a sale a ile kwa ga bone ka ntata ya bokoa, ka jalo ba sa bone ditlamelo tsa kalafi mme ba kopa gore a emisediwe ka yo mongwe. Kgosi Mosinyegi gape o kopile puso go potlakela go aga sekolo kwa motsaneng oo go tila gore ba seka ba tlhoka fa ba tla a tlang ba tsenela teng ngwaga e e tlang. A re mo nakong eno, palo ya bananyana ba le 150 ba tsenela mo dikamoreng di le pedi fela le gone ba di adimilwe ke ba Okavango Community Trust (OCT). “Re ipotsa gore fa puso e ka seke e re agele sekolo, ngwaga e e tlang bananyana ba tsile go tsenela fa kae ka gore palo e tlaabo e oketsegile,’’o boletse jalo. Kgosi Mosinyegi o bile a galaletsa badirela puso ba motse wa gagwe ka a re ba lorato ka jalo ba thusa morafe ka lorato le ka tlotlo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Sheka Ndara o ngongoregetse letlhoko la didirisiwa kwa lephateng la merero le ditsamaiso tsa makgotla a Setswana. O boletse gore mo nakong eno, badiredi ba lephata leo ba tsenya didirisiwa kgotsa dithoto tsa tiro di akaretsa madi mo dikgetsing tse di tlwaelesegileng ka leina la mo Zimbabwe ka ba sena didirisiwa. O kopile lephata le le tshwanetseng go potlakela go baakanya seemo seo ka se sa siama. Mo dikgannyeng tse di amang gape lephata la botsogo, banni kwa Gunotsoga ba ngongoregetse go bo e setse ele sebaka sa kgwedi ba sa kgone go bona kalafi fa e sale mooki wa bone a ya ga bone ka ntata ya bokoa, ba bo ba kopa gore a emisediwe ka yo mongwe. Kwa motsaneng wa Gudigwa, banni ba ngongoregetse go bo borogo jo bo tlodisang batho go ya kwa sekolong bo sa siama ka bo na le mahuti a ka nako tse dingwe bana ba wela mo go one. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Gontsho Ngorogwe a re mo nakong eno bana ba le bararo ba setse ba wetse mo mahuting ao mme ka lesego ga gona ope yo o latlhegetsweng ke botshelo ka metsi a ne a kgadile. E ne ya re a tsibogela dilelo tsa bone, molaodi wa kgaolo, Rre Dikatholo, o ne a bolela fa bothata jwa bo Mmamanthwane bo apere kgaolo ya Okavango ka bophara ebile puso e tshwere go batla tharabololo ka seemo seo. Mabapi le letlhoko la didirisiwa kwa kgotleng, motshwarelela mokwaledi wa makgotla a Setswana, Mme Malebogo Ledimo o boletse fa a tlaa kopa ba kgotla ya Beetsha go ba thusa ka mokwaledi. BOKHUTLO
|
politics
| 7 |
Khama o gomotsa lolwapa lwa ga Sebele
|
Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o rometse molaetsa wa kgomotso kwa go ba lelwapa la ga Kgosikwena Sebele morago ga go tlhokafala ga ga Mohumagadi Bolivia Sebele I. Mohumagadi Sebele yo o neng a fitlhwaSeetebosigoa le lesome le boferabobedi, o tlhokafetse kgwedi ya Seetebosigo e le lesome. Mme Mma Sebele o ne a felegetswa ke dikgosi kgolo ka go farologana, tautona wa pele Rre Festus Mogae, baoki ba pele, le bodirelapuso ka go farologana. Fa a bala molaetsa wa kgomotso wa ga Tautona, molaodi wa Kweneng Dr Themba Mmusi o boletse fa Tautona a tlhaloganya botlhoko jwa go latlhegelwa ke mongwe wa lelwapa. Mo molaetseng wa gagwe, Tautona o kopile ba lelwapa la ga Kgosikwena Sebele go nna le tshepo le tsholofelo mo bogolong jwa modimo, a supa fa a lemoga fa tatlhegelo ya botshelo jwa Mohumagadi e amile Bakwena ka bophara. Tautona Dr Khama o lemogile le go leboga seabe se mohumadi a nnileng le sone mo go direleng lefatshe leno, e le morutabana le go nna mooki ka sebaka. Mme Mothusi Kenaletlhoko yo o neng a bua mo boemong jwa bana o ne a lebogela ka fa motsadi wa bone a ba tlhokometseng le go ba godisa ka teng, ka go ba fa molao wa botshelo o o badirileng se ba leng sone. O boletse fa mohumagadi a ne a le lerato mo go botlhe, e bile gape a sa batle bana ba ba senang setho.
|
society
| 9 |
Dipalo tsa dikgetsi tsa matlhapa di a tshwenya
|
Mothusa Kgosi wa kgotla ya Peleng kwa Lobatse, Mme Tshegofatso Setumo a re dipalo tsa dikgetsi tsa matlhapa tse ba kopanang le tsone di a tshwenya. O tlhaloseditse BOPA fa ba otlhaya ba dira molato ka thupa. A re borre ke bone ba ba otlhaiwang ka thupa fa bomme bone ba ba atlhola madi kgotsa kgolegelo a tlatsa ka gore dithupa ba atlhola tse thataro kgotsa kwa tlase. Kgosi Setumo a re dikgang tse dingwe tse ba kopanang le tsone ke tsa dititeo, bogodu le maitseo a a makgasa. A re go le gantsi, dikgang tse di diragala badiramolato ba gantsi e leng borre, ba bo ba iphetisitse dino. A re dipalo tsa dikgetsi tse ba nnileng le tsone go tla go tsena mo nakong ya gompieno di wetse tlase fa go tshwantshanngwa le ngogola. Kgosi Setumo a re o dumela gore thupa ke molemo e a aga ka gore fa ba sena go otlhaya badiramolato, go nna le diphetogo mo maitsholong a bone. A re ba dirisa thupa mme e re fa motho a sa fetoge e nne gone ba mo atlholelang kgolegelo. Mo go tse dingwe, Kgosi Setumo a re se sengwe se a se itemogetseng ke gore banana ba ba sa dirang sentle mo ditlhatlhobong tsa mophato wa boraro le wa botlhano ba itlhaganelela go bereka mo lenaneong la Ipelegeng mme a ba kgothatsa go tsena dikole tsa dithuto tsa diatla. A re banana bao ba a bo ba santse ba le dingwaga tsedi kwa tlase mme ebile ba na le sebaka sa go tsena sekole, go itirela bokamoso jo bo botoka. A re o rotloetsa gore lenaneo la Ipelegeng le dirwe ke batho ba ba godile. Banana a re ba tshwanetse go leka go batla ditsela tse ba ka itshetsang ka tsone go na le go tlhola ba a nwa majalwa le go inaakanyna le borukutlhi. A re banana ba ka inaakanya le mananeo a puso a ba a diretseng kgotsa temo-thuo.
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Seleka o amogela go tlhomiwa ga kgosi
|
E rile bosheng banni ba Seleka mo kgaolong ya Sefhare/ Ramokgonami ba bo ba le mo boitumelong jo bogolo fa go tlhomamisiwa Kgosi Gabagopolwe Seleka go nna kgosi ya bone. Go bolelwa fa erile go tlhokafaleng ga ga Kgosi Kobe Seleka yo e leng rraagwe Kgosi Gabagopolwe Seleka ga tshwarelela Kgosi Moruakgomo Ramolelo yo o neng a tlhokafala ka ngwaga wa 2013 mme morago ga moo bogosi joo jwa tshwarelelwa ke Kgosi Makhurumola Baitswi. Fa a tlhomamisa Kgosi Seleka, Kgosi Sefhako Gaobuswe wa Ramokgonami o ne a kopa morafe wa Seleka go ema Kgosi Seleka nokeng le go tshwaragana le ene gore a kgone tiro ya go ba etelela pele. Kgosi Gaobuswe o ne a kopa Kgosi Seleka go amogela mongwe le mongwe le go reetsa se mongwe yoo a se buang ka kelotlhoko. A re kgosi ga a a tshwanela go tsaya letlhakore mme o tshwanelwa ke go atlhola kgang a sa sokamela ntlheng epe. O ne a bolela fa kgosi e tshwanetse gape go nna boikokobetso le boineelo mo morafeng o e o eteletseng pele. Ka jalo Kgosi Gaobuswe o ne a kopa Kgosi Seleka go fa morafe wa gagwe tlotlo ka le one morafe o ka mo fa tlotlo. O ne a rotloetsa Kgosi Seleka go obamela dinako tsa go tla mo tirong fela jaaka badirelapuso a bolela fa kgosi fela jaaka badirelapuso a tla tirong ka dinako tse di tshwanetseng. Kgosi Gaobuswe o ne a rotloetsa morafe wa motse wa Seleka go godisa kgosi ya bone ka go tshwaragana le ene le go isa dikgang kwa go ene gore a tswelele a nonofe e nne kgosi ya popota. Rre Moroka Motlhabane yo e leng motshwarelela bogosi kwa kgotlaneng ya Mogogoma gone kwa Seleka o ne a kopa Kgosi Seleka go itirela leina le le tshwanang le la ga rre rraagwe yo o neng a itsiwe ke ditshabatshaba. Kgosi Seleka o ne a lebogela morafe wa Seleka go bo o itlhaloganya le go bo o itse ditso tsa one. A re ba tswa kgakala le morafe wa gagwe ka kgang ya bogosi kwa motseng oo mme a bolela fa a itumeletse gore e feletse e wela fa e tshwanetseng go wela teng.
|
politics
| 7 |
Tona o kgothatsa banni go tsena diphuthego
|
Tona wa Dikago, Boranyane le Boitseanape, Rre Nonofo Molefhi, o kopile banni ba Ghanzi go tsena diphuthego tsa kgotla ka gore merero ya ditlhabololo e dirwa koo. Tona Molefhi o supile kgothatso eo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Ghanzi ka Mosupologo (Lwetse a le lesome le bobedi), a supa fa go le botlhokwa gore Batswana ba tsene diphuthego tsa kgotla ka dipalo tse di kwa godimo gore le bone ba kgone go nna le seabe mo go diragatseng melao le ditogamaano. Tona a re puso e tsere tshwetso ya gore maphata a itirele ditirelo tse dingwe jaaka go baakangwa ga dikago le dikoloi fa di senyegile lephata le tshwanetse go bona gore dikoloi tseo di baakanngwa jang. Tona a re ka jalo maphata a tshwanetse go ikemela ka dinao go bona gore ditirelo tsa go nna jalo di baakangwa ka bofefo go na le go nna sebaka se se leele. A re bontsi jwa maphata a tsaya lobaka go baakanya diofisi tsa bone fa di na le mathata. Tona Molefhi o boleletse banni bao gore dipalo tsa bana ba ba dirang dithuto tsa maranyane di kwa tlase mo lefatsheng leno, ka jalo o kopile batsadi go rotloetsa bana ba bone go dira dithuto tseo ka gore di botlhokwa fela thata. A re bontsi jwa ditiro tsa maranyane di tlhokana le dikitso tse di tseneletseng. O ne gape a tlhalosetsa banni bao fa tiro ya lephata la gagwe e le go dira ditogamaano le go tsaya ditaelo mo maphateng a puso gore ba batla go oketsa diofisi kana go aga. Tona o boleletse banni bao gore fa dikago tsa puso di agiwa go na le baitseanape ba e leng matlho a puso go lebelela gore dikago tseo di agiwa sentle. Mme puso e ne ya lemoga fa go na le bangwe ba ba sa direng tiro ya bone ka botlalo. Tona Molefhi gape o gakolotse banni bao gore ba tshwanetse go dirisa megala ya letheka ka kelotlhoko ka gore e na le ditlamorago tse di sa siamang mo botsogong jwa batho. A re fa ba bua le megala eo ga ba atshwanela go tsaya lobaka lo lo leele ba le mo mogaleng. Tona o boleletse banni bao fa maranyane a a phonyeletsang (radiation) a tla ka ditsela tse di farologaneng ka jalo ba tshwanetse go itlhokomela thata mo diphatseng gore ba seka ba amiwa ke ditlamorago tseo. Tona o ne a kopa banni bao go tswa ka dingwe tsa ditlhare tse di neng di dirisiwa bogologolo go alafa batho, a re ditlhare tseo di ka isiwa kwa baitseanapeng gore di tokafadiwe e nne melemo kana dipilsii tse di ka thusang Batswana jaaka setlhare sa moporota se se bonwang kwa kgaolong ya Ngami gotwe sone se ka alafa bolwetse jwa kankere( cancer). Tona o boleletse banni bao gore fa yo o nang le kitso ya gore setlhere sefe se ka thusa bolwetse bofe, ke go ikwadisa ka fa molaong gore ka moso mongwe a seka a go gweba ka setlhare seo, jaaka sengaparile se se gwebang ka batho ba mafatshe a a kwa ntle. E ne erile Kgosi Botshelo Lekgothu a amogela baeng mo kgotleng ya gagwe, a tlhalosetsa tona fa lephata la gagwe la dikago le sa dire sepe, a re sengwe fa se senyegile mo diofising tsa puso go tsaya lobaka go sa baakanngwe. Erile banni ba Ghanzi ba akgela, ba kopa gore go agiwe matlhabelo mo Ghanzi. Ba supile fa matlhabelo a Lobatse a sena mosola mo go bone ka gore le tsone ditlhawtlhwa di wetse tlase fela thata. Banni ba boleletse tona fa bontsi jwa dikago tsa puso di ntse fela di sa dirisiwe jaaka sepatela se segologolo le diofisi tse di neng di le tsa Supplies ka jalo ba kopa gore di neelwe dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse go di dirisa ka gore ba a di tlhoka. Banni bao ba ne ba kopa gape gore go tsisiwe ditlhabololo tse ditona tse di ka tsisang mebereko mo kgaolong ya Ghanzi.
|
politics
| 7 |
Diterekere tsa ISPAAD di boutsana
|
Makhanselara a kgaolo ya Legare ba re le fa ba itumelela tlhabololo ya lenaneo la temo la ISPAAD, ga ba jesiwe diwelang ke tlhaelo ya diterekere le didirisiwa tse dingwe tsa temo ya ditselana. Ba buile jalo kwa phuthegong ya khansele ya Legare e e tsweletseng, ba akgela morago ga molaetsa wa molomaganyi wa lenaneo la ISPAAD go tswa Gaborone, Rre Lepodisi Tekelelo. Rre Telekelo o ne a sa tswa go tlhalosa ka tlhabololo ya lenaneo le. Makhanselara ba boletse fa diterekere tse thataro tse di ntshitsweng ke puso go lemela batho di tlhaela kgaolo ka e tona. Ba tlhalositse fa bontsi jwa beng ba diterekere ba se na dipolantere. Ba re seemo se se ka dika se paledisitse bangwe go lema. Mokhanselara wa Senete go tswa kwa kgaolong ya Tutume, Rre Tabona Saulo o ne a lebogela puso lenaneo le fela a e gakolola go batla mmaraka wa thobo ka jaana e tlaa nna ntsi thata. O boletse fa letlhafula le le sa tswang go feta magapu a ne a le mantsi thata ka balemi ba ne ba itse go na le mmaraka wa dikole tse dipotlana. Mokhanselara yo o tlhophilweng ke tona, Rre Lesedi Phuthego o ne a tlhalosa fa a le molemi wa terekere, mme a re go bona mofufutso wa phatla mo pusong morago ga go lemela batho go diega mo go ba paledisang go reka didirisiwa. O thalositse fa bangwe ba ba dikileng ba lemetse batho ka lenaneo la puso ba ise ba duelwe le jaana. Rre Phuthego o gakolotse gore bogolo puso e tsenye letsogo e thuse balemi go reka digogi le didiriswa tsa temo. E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Tekelelo a kopa makhanselara go isa lenaneo kwa balemi-baruing, a ba solofetsa gore ba tlaa leka bojotlhe gore dituelo di fefosiwe gore tiro e tsamae sentle. Rre telekelo o ne a gakolola makhanselara gore balemi ba ba palelwang ke go reka didirisiwa tsa temo ba ka ikopanya go kokoanya madi, mme morago ba a kgaogane ba di rekelana. O kopile makhanselara go rotloetsa beng ba diterekere gore ba tsise bakgweetsi ba diterekere dithutong tsa go lema ka nako e e beilweng. BOKHUTLO
|
politics
| 7 |
Bomme ba Mogorosi ba itshetsa ka borotho
|
E rile go lemoga fa go se motlhofo go bona tiro mo malatsing ano, bomme ba le batlhano ba Mogorosi ba ipopa setlhopa go itshimololela kgwebo ya kapei ya borotho. E rile fa a tlhalosa mo puisanong le lekalana la dikgang bosheng, mogolwane wa Mareledi Bakery and Confectionary, Mme Obona Kamogelo a bolela fa ba bone thuso ya P137 418.23 mo lekalaneng la gender affairs mme ba kgona go reka di dirisiwa tsotlhe tse di tlhokafalang mo kgwebong ya kapei ya borotho. Mme Kamogelo a re ba tlhophile kgwebo ya go apaya borotho ka go bo ba bone gore borotho bo a tlhaela mo kgaolong ya bone mme e bile gape ba lemogile fa motse o gola ka go na le sekolo se sebotlana le se segolwane ka jalo bareki ba borotho ba ntsifala. Mme Kamogelo, o tlhalositse fa banni ba motse ba amogetse kgwebo ya bone ka atla tsoo pedi e bile ba supile fa ba tla a ba rotloetsa fela thata. O tsweletse a tlhalosa fa kgwebo e tsamaya fela sentle ka banni ba kgatlhegela borotho jwa bone e bile ba bolela fa ele jwa boleng jo bo kwa godimo. A re ntswa kgwebo e tsamaya sentle, go na le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone jaaka kgaogo ya motlakase le metsi tse di bakang gore nako tse dingwe kgwebo e eme ka go a bo go sena gore ba ka apaya ka eng ka ba tlhoka dilo tse pedi tse go tsamaisa kgwebo ya bone. O boletse fa ba setse ba tseneletse thuto puisano e e neng e rulagantswe ke ba Gender Affairs mme ba ithuta ka go tsamaisa kgwebo bogolo jang fa ba le setlhopha ka ba tshwanetse go nna seopo sengwe. A re le ntswa ba le basha mo kgwebong, ba na le ponelopele ya gore e tla tsamaya sentle e bo e ba sologela molemo gore ba kgone go itshetsa le ba malwapa a bone. Mongwe wa setlhopha seo, Mme Oratile Lepedi o kgothaditse bomme go ikemela ka dinao gore ba lwantshe lehuma mo malwapeng. A re o rotloetsa Motswana mongwe le mongwe yo o filweng dithuso go di dirisa sentle go itirela kgwebo ya sennela ruri e e tla a reng mo isagong e tlhamele Batswana ba bangwe ditiro.BOKHUTLO
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Itshetseng ka meamuso ya tlholego - Somolekae
|
Puso e rotloeditse banni ba metse ya Qangwa le Xaixai mo kgaolong ya Okavango go itshetsa ka meamuso ya ditsa-tlholego tse di leng fa go bone. Fa a buisa diphuthego kwa metseng eo bosheng, mothusa tona yo gape e leng motshwarelela tona ya tsa tikologo, diphologolo le bojanala Mme Gloria Somolekae o tlhalositse fa go le botlhokwa gore banni ba metse e ba tswe ka megopolo e ba ka dirisang ditsa tlholego go itshetsa ka ba nna gaufi le tsone. O tsweletse a supa fa go tlhamilwe lekalana la motse la Qangwa Development Trust ka dithuso tsa puso gore go dirwe mafelo a boroko a batho ba metse ba ka kgonang go bona ditiro mo go one. A re gape puso e tshwenyegile thata ka kgang ya diphologolo di tshwana le ditlou tse di tsweletseng di senyetsa batho kwa masimong mme a supa fa ele maitlamo a yone go thusa metse eo. O tlhalositse fa puso e tsere tshwetso ya go bula ofisi ya diphologolo kwa motseng wa Sehithwa fa kgwedi eno e fela go thusa bodiredi gore bo nne gaufi gore bo kgone go tsibogela mathata a go senyetswa ke diphologolo fa a tlhagoga. Mme Somolekae o kaile gore go botlhokwa gore morafe o dirisanye le bodiredi sentle gore seemo se se fenngwe. A re puso e tlamiwa ke melao ya mafatshefatshe go tlhokomela diphologolo le gone gore ba seka ba di bolaya. Fa a ama tsa botsogo, o gakolotse bomme go emisa go belegela kwa malwapeng go sena ba bongaka gonne go borai fela thata mo matshelong a bone. O kopile batsadi go jesa bana dijo tse ba di neelwang kwa sepateleng mme a kgala bomme ba ba tsamayang le bana fa baya go nwa majalwa mme a rotloetsa botlhe ba ba tsayang dipilisi go sala ditaelo tsa bongaka morago. Mothusa molaodi wa kgaolo, Rre Tshepo Mogojwe o boletse fa lephata la bone le a mangwe ba na le lenaneo la go nna ba etela metse e e kgakala le ditlamelo go di tlisa gaufi le bone mme le mo ngwageng ono ba ntse ba tsweletse ka go dira jalo.
|
society
| 9 |
Masole le mapodisi ba abetse lefatshe
|
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re Botswana o agilwe a ba a bopelwa mo moweng wa boipelego le botho, mekgwa e e tshwanetseng go somarelwa. O buile jaana a amogela P20 million ka Laboraro go tswa kwa go ba sesole, sepodisi a ba a kokoanyeditseng letlole la COVID-19. Mapodisi le masole ba kolekile P10 million mongwe le mongwe wa bone go ya kwa letloleng le, le le thusang puso go lwantsha manokonoko a a bakilweng ke segajaja sa COVID-19 le ditlamorago tsa one mo itsholelong. Tautona Masisi a re ka jalo mongwe le mongwe ke pinagare, seikokotlelo kgotsa tlhomeso mo mererong ya go lomaganya setshaba. A re Batswana ba tshwanetse go tshwaragana, go tlhokomelana, mowa o a reng o tshwanetse go fitlhelela kwa dikokomaneng. Fa a bua kwa moletlong oo, Tona wa Ofisi ya ga Tautona, Puso le Bodiredi, Rre Kabo Morwaeng o boletse fa se se dirilweng ke mapodisi le masole se netefatsa mafoko a Motswana a a reng; Kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. A re Batswana ba motlotlo thata ka masole le mapodisi ka jaana ba intshitse setlhabelo go sireletsa lefatshe le Batswana ka kakaretso, le mo nakong ya go tlhagoga ga malwetse a tshwana le jwa COVID-19. Tona Morwaeng a re mowa o, o tlaa tswelela le go feta mo dinakong tseno tsa segajaja se, a tlatsa ka go re se, se tlaa thusa mo go fitlheleleng lengwe la matshego a lefatshe leno la boipelego. O ne a netefatsa fa dithuso tsotlhe di tlaa dirisediwa tse di tshwanetseng, a ba a tlatsa ka go re go tlaa nna le pego e e tlhalosang kgotsa e e supang gore dithuso tsotlhe di dirisitswe jang. Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Kagiso Mmusi o lebogetse masole le mapodisi go ntsha seabe sa bone se a reng ba se dirile ka botswapelo le boithaopo go thusa puso. O ne a leboga boeteledipele jwa sesole le sepodisi le botlhe ba ba koleketseng letlole le gammogo le boithaopo le go intsha setlhabelo ga banna le basadi ba sesole le sepodisi mo go di gogeng kwa pele go thusa puso mo go lwantsheng bolwetse jwa COVID-19. Tona Mmusi o ne a leboga Batswana ka kakaretso go bo ba obamela melawana e e beilweng ke puso mo go lwantsheng kanamo ya mogare wa corona. Ramasole, Lt Gen. Placid Segokgo ene o boletse fa lefatshe leno le tswa kgakala le tumile ka mowa wa boipelego. A re mowa o, o thusitse go dira ditiro di le mmalwa di tshwana go agwa ga Mmadikolo le sekole se segolo sa Moeng gareng ga tse dingwe. A re masole le babereki ka bone ba kolekile madi a ka boithaopo, e le go diragatsa lengwe la matshego a sesole la Thebe ya Setshaba. Lt Gen. Segokgo a re kwa tshimologong ya go lwantsha segajaja, masole ba koleketse letlole leo P500 000. Ramapodisi, Rre Keabetswe Makgophe ene a re mapodisi ba supile mowa wa bone o ba tswang kgakala le one mo go di gogeng kwa pele mo go tsa tlhabololo matshelo. A re mapodisi ba na le mowa wa tirisanyo mmogo o o tswang kgakala e le one o o bopang le go tshwaraganya sepodisi, ka jaana e rile fa mokgosi o o tlhajwa, ba kgona go koleka P400 000 kwa tshimologong. Rre Makgophe a re mapodisi ba supile gore tiro ya bone ga se fela go di goga kwa pele fa go le thata, ka jaana ke tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi go tlhomamisa gore setshaba se sireletsegile. A re mapodisi ba tlaa dira tsotlhe tse di tshwanetseng go lwantsha segajaja sa COVID-19.
|
health
| 6 |
Ditsa tlholego di ka tlamela banni
|
Lephata la tshomarelo ya dikgwa Forest Conservation Botswana (FCB) le rotloeditse mekgatlho go dirisa mananeo a ka one ba ka kgonang go itlhamela ditiro. Baemedi ba lephata lephata leo ba buile seo bosheng kwa phuthegong ya kgotla kwa Lerala. Maikaelelo a phuthego e ne e le go itsise banni ka mananeo a FCB. Mogolwane wa FCB, Mme Francinah Cole, o ne a bolela fa morafe kana mekgatlho e e mo motseng e tshwanelwa ke go lebelela tikologo ya bone go bona gore go na le eng se se ka dirwang ka dikgwa tsa bone mme ba kopa dithuso tsa madi go dira seo. A re mekgatlho bogolo jang dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di ka sekaseka gore di ka dira lenaneo lefe go somarela dikgwa tsa bone. Mme Cole a re ba ka dira lenaneo la gore ba somarele ditsatlholego tse di ntseng di le teng gore di seka tsa nyelela ka go dira tsa bojanala ka tsone le gone go laola go bapala tse di fitlhelwang mo dikgweng di tshwana le bojang, mmu kana ditlhare tse di dirisiwang go alafa malwetsi mangwe. A re gape ba ka laola gore dikgwa di seka tsa senyega di tshwana le go dira tse di ka kganelang metsi go senya dikgwa. Mme Cole o tsweletse a re lenaneo le lengwe le ba kgonang go le ntshetsa madi ke le le itebagantseng le go dira ditshekatsheko mme di itebagantse le dikgwa. A re ba ntshetsa gape madi bojanala jwa dinonyane le gone go tsaya mafelo a bojanala dinepe. O tlhalositse fa madi a a ntshiwang ke ba FCB a sa busiwe mme a fiwa mekgatlho e e kwadisitsweng ka fa molaong e bile e se ya puso, jaaka mekgatlho e e tlhabololang metse (trusts) le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse fa ba supile gore ba na le lenaneo lengwe le ba batlang go le dira mme le itebagantse le tshomarelo ya dikgwa. A re go na le mabaka mangwe a a faphegileng a ba kgonang go thusa maphata mangwe a puso fa a na le lenaneo lengwe le le amanang le go somarela dikgwa mme a supile fa a sena madi a a tswang mo pusong a itebagantse le lenaneo leo. A re mo nakong eno ba setse ba thusitse mekgatlho e le mokawana mme ba tlaa tswelela ka go thusa mekgatlho go ya ka dikopo tsa bone. O ne a bolela fa ba rotloetsa bogolo jang banana ba ba sa direng ka ba ka kgona go itlhamela ditiro ka mananeo a FCB.
|
environment
| 5 |
Kidz Academy e rotloetsa ngwao ya Sengwaketse
|
Kgosikgolo wa Bangwaketse, Kgosi Malope II le tona wa pele, Rre Peter Siele ba ne ba itumelela thata fa baithuti ba sekole sa Kidz Academy International School ba supa motshameko wa ngwao, ka tsamaiso ya lonyalo lwa Setswana bogolo jang lwa Sengwaketse. Baithuti ba sekole sa Kidz, ba ne ba supa motshameko ba dira ka matsetseleko ka tsamaiso ya lonyalo lwa Sengwaketse. Modiro oo, o ne o tshwaretswe kwa sekoleng seo bosheng maikaelelo e le go supa ngwao ya Sengwaketse. Motshameko o ne o rokotsa mathe, fa bagolo le kgosi ba ne ba bona ka fa baithuti bao ba supang tshimologo le bokhutlo jwa go batla ngwetsi. Ba supa ka fa go rerisanngwang ka teng le gore go rongwa bomang, go buiwa go tweng, go fitlhelela tiro ya lonyalo e wediwa ka botswerere. Ba rutile ka bogadi gore go ntshiwa dikgomo di fera bobedi le nku ya mokwele ka tseo ya Sengwaketse. Monna o bodiwa gore a o agile e seng jalo ga a kake a bona mosadi. Magosana le bagolo ba ba neng ba tsene letsatsi leo, ba dumalane fa baithuti ba le mo tseleng. Mongwe wa dibui, e bile e le mmoki wa popota, Rre Bakang Lesole, yo o neng a le molalediwa wa tlotla, o tlhalositse fa ngwao e le boswa e tshwanetse ya somarelwa thata gore dikokomane tse di tlang di e fitlhele e sa nyelela. Rre Lesole a re ngwao e fa batho boleng jwa bone le serite, le fa ngwao e fetoga ka dinako. A re batho ba tshwanetse go ipelafatsa ka ngwao ya bone. A re Batswana ba tshwanetse go ipela ka Setswana sa bone le mebala ya bone. O galaleditse baithuti go bo ba rotloetsa ngwao ka botswapelo ba sa tsamae le ya sekgoa fela. ENDS
|
arts_culture_entertainment_and_media
| 0 |
Kgotla e a ilelwa
|
Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Kentse Rammidi o gakolotse banni ba Lekgolobotlo kwa kgaolong ya gagwe gore diphuthego tsa dikgotla ga di a tshwanelwa go tsenwa ke batho ba apere mebala ya makgotla a sepolotiki. O kgadile mogopolo oo, fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Lekgolobotlo bosheng, a bolela fa ditlhopho tsa setshaba di le gaufi, mme baipapatsi ba dira go swela, mo ba tsenang diphuthego tsa kgotla ba itshupa ka kapari. Rre Rammidi o boletse fa selo seo se kgoreletsa ditsamaiso tsa kgotla. O boletse gape fa a tshwenngwa ke ditlhopho tsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, a re jaanong go tlhophiwa ka sepolotiki. O boletse fa go sa tlhophiwe bonatla le boikarabelo jwa motho mme go gamolwe ba bangwe ka gore ke ba phathi nngwe. O boletse fa kgotla e tshwanetse ya tlotlwa thata ka ebile e laolwa ke kgosi yo o emetseng mongwe le mongwe mo motseng. Are le fa mafoko a kgotla ale mantle otlhe, a go tlhabana ka sepolotiki ga a tshwanela go dirisiwa. O ga gakolotse banni gore ba ikwadisetse ditlhopho tsa monongwaga, a re go nna le seabe ke boikarabelo ja Motswana mongwe le mongwe, a bolela fa ditlhabololo di dirwa go lebilwe dipalo tsa batho mo metseng ka go farologana. Mo go tse di dingwe, Rre Rammidi o ba boleletse ka lenaneo la go simolodisa tirelo setshaba , o boletse fa go tla bo go kwadisiwa banana ba dingwaga tse di masome a mabedi go fitlha go masome a mararo, ba ba sa direng sepe, ba dithuto tsa lekwalo la bosupa go ya mophato wa boraro wa dikwele tse dikgolwane. ‘’Mme nna ke kgatlhanong le tirelo setshaba ee rebotsweng eo, ke go senya madi a setshaba fela ka gore ga e na bokamoso mo bananeng bao fa ba fetsa, ga e ba ntshe mo mekgwatlheng, ga e thuse sepe, legale ikwadiseng,’’ a rialo Rammidi. O boletse fa go tsile go dirisiwa madi a selekanyo sa didikadike dile P128 ka ngwaga. Rammidi are go k abo go le botoka gore banana ba thapiwe mo ditirong tsa sennela ruri, a re tirelo setshaba e tshwana fela le Ipelegeng ka P500 wa dikatso a le monnye thata. Fa itebaganya le tsa ditlhabololo, a bolela fa dingwe tsedi neng di solofeditswe di santse di emisitswe ka gore kwelo tlase ya itsholelo e santse e apesitse lefatshe kobo ka letshoba. Fa itebaganya le tsa temo, o kgothaditse balemi -barui go tsosa diterata tsa bone gore dikgomo di seka tsa ba halatsa mo masimong, le gore beng ba dikgomo le bone ba ititeye ka thupana go disa dikgomo tsa bone go itsa dikgogakgogano. BOKHUTLO
|
politics
| 7 |
Boitsholo jwa baithuti bo a hatlha
|
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Seepapitso kwa Kanye, Mme Khumo Phori, a re maitsholo a baithuti bangwe kwa sekoleng sa gagwe ga a jese diwelang. A re baithuti bao ga ba na botho e bile bangwe ba goga motokwane fa bangwe ba sa tsene sekole sentle. Mme Phori o buile mo potsolosong bosheng gore go na le setlhopha sengwe sa baithuti se se itsegeng ka go goroga kwa sekoleng morago ga nako e bile se tlhagela ka diphatlha tse di mo terateng ya sekole fa bangwe ba iphitlha mo meseleng e e mo sekoleng ba emetse nako ya dijo mme e re ba sena go ja ba boele mo meseleng eo gape. Mogokgo o tsweletse a tlhalosa gore e bile batsadi bangwe ba setse ba kile ba tla go ngongorega gore ba tlhola ba bona bana mo meseleng ya sekole mme ba ipotse gore ba tsenea dithuto leng. Le fa go ntse jalo, mogokgo o ngongoregetse gore batsadi ga ba tsene diphuthego tsa batsadi le barutabana, selo se a reng se dira gore ba seka ba itse ka boitsholo jwa bana ba bone kwa sekoleng. A re thuto ya bana ga se boikarabelo jwa barutabana fela, a re batsadi ba tshwanetse go tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone ka go dira jalo ke gone go eleletsa ngwana katlego mo botshelong. Modulasetilo wa komiti ya boitsholo, Rre Durah Leepile le ene o ne a iteela kobo moroko gore boitshwaro jwa bana bangwe mo sekoleng bo a tshwenya. Rre Leepile a re go na le setlhopha sengwe sa basimane se se tsamayang se tshotse dithipa, dikere le melamu mme se lwantshe baithuti ba bangwe. A re baithuti bao ga ba tsene dithuto sentle, ba iphitlha kwa sekgweng mo sekoleng ba pakile majalwa a a farologaneng ga mmogo le motokwane mo dibekeng tsa bone mme ba nne koo ba a nwa ba goga. Rre Leepile a re ba setse ba kile ba tshwara setlhopha sa basimane ba supa ba bo ba bitsa batsadi ga mmogo le mapodisi mme ga dumalanwa gore ba kgwathisiwe ke lekgotla la goo Sebako ka jaana ba ne ba padile. Rre Leepile a re baithuti ba le batlhano ba ne ba tlhasela bangwe ba ba neng ba tshwaretse dikgaisano tsa motshameko wa chess mo sekoleng seo ba tshotse dithipa mme ba ba kgothosa megala ya letheka e le lesome le borataro. Gape Rre Leepile o kopile barekisi bangwe ba ba rekisang mo dimausung tse di bapileng le sekole seo go emisa mokgwa oo maswe wa go rekisetsa baithuti motsoko ga mmogo le motokwane.
|
education
| 4 |
Dipaakanyo tsa peo ya Kgosi di tsweletse
|
Morafe wa motse wa Tshesebe o tshwere ka natla go baakanyetsa peo ya kgosi ya motse oo Kgosi Motlotlegi Kachana, e e rulaganyeditsweng go tshwarwa kgwedi ya Seetebosigo e le masome a mabedi le bosupa. Go ya ka modulasetilo wa komiti e e gogang kwa tlhogong dipaakanyo tsa tiro eo Rre Semonda Masole, ipaakanyo e tsweletse sentle mo e bileng ba setse ba kgonne go bona sephatlo sa madi a dikete tsa dipula di le masome a matlhano a ba dumelang fa e le one ba tlaa a tlhokang go dira tiro eo. Rre Masole o tlhalositse mo potsolotsong bosheng fa a itumelela ka fa dilo di tsamayang ka teng, mme le fa go ntse jalo o ne a supa matshwenyego ka go salela morago ga bana ba motse wa Tshesebe ba ba direlang kwa ntle ga motse oo. A re maiteko a bone a go ngoka bana bao go tsenya letsogo ga a atlega go le kalo ka e le ba sekae fela ba tsibogetseng kopo ya komiti ya gore ba latlhele sepenyana mo letloleng la tiro ya peo ya Kgosi. Moanamisa mafoko wa komiti Rre Dennis William le ene o ne a supa fa ba tsweletse sentle ka dipaakanyo. A re dikgotlana tsa motse oo di ne tsa kgaoganngwa ditiro mme mo nakong eno go itumedisa go bona fa tsotlhe di tsentse moko mo nameng go bona gore di fitlhelela dithomo tsa tsone. Rre William o gape o ne a phophotha legetla banana ba motse oo, a tlhalosa fa ba tsentse letsogo mo dipaakanyong ka tsela e e tlhapisang pelo.O ne a boa a lebogela dikomiti tsa motse, segolo jang ya ditlhabololo tsa motse thotloetso e ba e fang komiti ya peo ya Kgosi. A re go kitlana le go goga mmogo ga dikomiti ka go farologanya go tlaa tlhofofatsa tiro mme go dire gore go bewa ga ga Kgosi Kachana mo setilong go atlege fela thata. Kgosi Kachana o tsaya setilo sa bogosi jwa motse wa Tshesebe morago ga loso lwa ga rangwanaagwe, Kgosi Kedifentse Kachana yo o tlhokafetseng ka ngwaga wa 2013. Kgosi Kedifentse ene o ne a tshwareletse bogosi jwa motse oo go tloga ka 2001 fa Kgosi Matsapa Kachana a sena go tlhokafala ka ngwaga wa 1999.
|
society
| 9 |
Ipabalele ka go bula matlhabaphefo
|
Setshaba, bakgweetsi le bapagami ba dikoloi tsa setshaba ba kopilwe go bula matlhabaphefo a dipalamo ka dinako tsotlhe. Mafoko a, a builwe ke mogolwane wa lekalana la thuto ka bolwetse jwa kgotlholo e tona kwa kgaolong ya legare, Mme Baitsekgabo Majelantle kwa phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa maemelong a dipalamo tsa setshaba tsa Serowe bosheng. Mme Majelantle o ne a kopa bakgwetsi ba dipalamo tsa setshaba go kokometsa dipampiri tsa melaetsa mo dipagamong tsa bone go anamisa molaetsa oo. O tlhalositse fa go ya ka dipatlisiso tse di dirilweng bosheng, kgaolo ya legare e le nngwe ya tse di amilweng thata ke bolwetse jwa kgotlholo e tona. A re ba tsere tshwetso ya go rutela setshaba kwa se leng sentsi teng, ka ke nngwe ya ditsela tsa go atametsa ditlamelo kwa setshabeng. O boletse gore lephata la gagwe le ikaelela go fitlhelela seelo se se beilweng ke puso sa go nyeletsa kanamo ya mogare gotlhelele. A re ba lemogile fa batho ka bontsi ba sa tseye bolwetse jwa kgotlholo e tona tsia, a tlatsa ka gore go tlhoka go bula matlhabaphefo a dipalamo tsa setshaba go borai ka go ka anamisa mogare wa bolwetse joo motlhofo. Mme Majelantle o bile a supa fa a tshwentswe ke dintsho tse di oketsegang ka ntlha ya bolwetse joo, a supa fa mo ngwageng o o fetileng, go tlhokafetse batho ba le masome a marataro ka ntlha ya bolwetse jwa kgotlholo e tona. A re o tshwenngwa ke gore batho bangwe ga ba potlakele tlhatlhobo le ntswa go na le dikai le go sa tseye kalafi sentle fa ba setse ba tlhatlhobilwe. O gwetlhile ba malwapa a ba ba amilweng ke bolwetse jwa kgotlholo e tona go potlakela go itlhatlhobela bolwetse. Mme Majelantle a re ba lephata la botsogo ba lemogile gore bolwetse jwa kgotlholo e tona bo tsamaelana thata le mogare wa HIV, ka jalo go le botlhokwa gore motho a itlhatlhobele megare eo ka bobedi. O kopile setshaba se se neng se tshologetse mokgosi go tsaya molaetsa, go o fetisetsa kwa diphutlhegong di tshwana le dikereke le mekgatlho ka go farologana, kwa batho ba phuthegang ba le bantsi teng, go fokotsa kanamo.
|
health
| 6 |
Banni ba dumalana le molawana wa kabo ditsha
|
Banni ba Mowana mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba atlile molawana wa makgotla a kabo ditsha wa gore ditsha tse di sa tlhabololwang mo sebakeng se se rileng di gapiwe go ka abiwa sesha. Mo phuthegong e e neng e buisiwa ke ba lekgotla la kabo ditsha la Tati kwa motseng oo bosheng, banni ba supile fa go le botlhokwa gore molawana oo o diragadiwe go itsa go tlhagoga ga matlotla mo gare ga motse. Modiri wa lekgotla la kabo ditsha la Tati, Rre Moagi Dipholo o tlhalositse fa go na le sebaka se ba se beelang moikopedi go tlhabolola setsha sa gagwe, mme a ba kgothatsa go diragatsa se se tlhokwang ke molao morago ga go abelwa ditsha. Monni mongwe, Rre Richard Monthe o boletse fa ba tshwentswe thata ke ditsha tse di sa tlhabololweng mo motseng oo, a bolela fa se se dirwa ke gore bontsi jwa baikopedi ba kopa ditsha ba sena maikaelelo a go di dirisa, ka jalo ba a di ikgatholosa morago ga go di abelwa mme fa gongwe ba di rekise. O tlhalositse fa molao o tlhamaletse fela sentle ka o kaya fa moikopedi a fiwa sebaka sa dingwaga tse tlhano go tlhabolola setsha sa bonno, fa sa kgwebo e le ngwaga mme sa tshimo e le dingwaga tse tharo. Le fa go ntse jalo, o boletse fa mo nakong eno go nale ditsha tse di nang le dingwaga ngwaga di sa twe sepe gotlhelele, seemo se a kaileng se tshwenya fela thata. Rre Monthe o tsweletse a tlhalosa fa ba lekgotla la kabo ditsha la Tati ba supile fa ba na le kgwetlho e tona ya tlhaelo ya lefatshe, ka jalo go tsaya ditsha tse di sa tlhabololwang mo nakong e e beilweng, go ka ba thusa go fokotsa palo ya baikopedi ba ba santseng ba letile go bewa ditsha. Fa a tswa la gagwe, monni mongwe wa motse oo, Rre Oagile Mokowe o kgadile mokgwa wa batsadi bangwe wa go gatelela bana ba bone go ikopela ditsha le ntswa bone ba sena keletso ya go dira jalo. A re se, ke sone se se bakang gore go nne le ditsha tse dintsi tse di phuagantsweng di sa tlhabololwa mo motseng. Monni yo mongwe, Rre Prince Aaron ene o kaile fa go supagala fa ba kabo ditsha ba sa diragatse molawana oo ka tlhoafalo, gonne fa ba ka bo ba dira jalo go ka bo go sena matlotla mo lefatsheng leno. Rre Isaiah Muzila o kopile tirisanyo mmogo fa gare ga bogosi le balebedi ba lefatshe, a supa fa balebedi ba lefatshe bone ba baya monwana fela mo dikopong tsa baikopedi, ntswa ba sa dira ditshekatsheko tsa gore a mme moikopedi o na le maikaelelo a go aga mo motseng. O supile fa ba tshwanetse go dirisanya mmogo le ba bogosi ka kgosi e le ene a ka rurifatsang gore moikopedi ke monni wa motse oo ka gonne ba lemogile fa bontsi jwa banana ba tla le ditsala tsa bone go tswa mo mafelong a a farologaneng go tla go ikopela ditsha mo motseng oo. Le fa go ntse jalo, o gateletse botlhokwa jwa gore molawana oo o salwe morago ka botlalo.
|
society
| 9 |
Makhanselara a gana go bewa pele pego
|
E ne ya re ka Laboraro, makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a gana go bewa pele mokwalo wa lenaneo la borobabobedi la ditlhabololo tsa kgaolo (District Development Plan 8) ba re ga ba a fiwa sebaka sa go o lebisisa. Mo phuthegong e e faphegileng, makhanselara a ne a bua ka lentswe le le lengwe go ganana go bewa pele pego eo, ba supa fa ba sa tshwanela go fetisa ditshwetso tse tota ba sa nnang le seabe mo go tseweng ga tsone. Ba ne ba gana go sekegela tsebe boikuelo jwa modulasetilo wa khansele Mme Florah Mpetsane jwa gore ba lemoge fa mokwalo oo, o beetswe gore o bo o gorogile ko lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae gone mo letsatsing leo la phuthego. Mokhanselara Bakani Badziili wa Siviya, o ne a tlhalosa gore e re ka jaana a letse a amogetse mokwalo oo mo bosigong jwa letsatsi le le fetileng, ga go maleba gore a bo a ka solofelwa go nna le seabe mo go thuseng go o betla pele o fetisediwa kwa pele. O ne a kopa gore e re ka jaana le bangwe ka ene le bone ba bone mokwalo oo nako e ile, makhanselara a tshwanetse a fiwa sebaka sa go ya go o bala pele ba ka bidiwa gape go tla go akgela mo go one. Fa a tshwaela, mokhanselara Kudzani Tobokwani wa kgaolwana ya Themashanga le ene o ne a supa fa go se maleba gore ba bo ba solofelwa go fetisa mokwalo o ba sa itseng se o buang ka ga sone. Rre Tobokwani o ne a supa fa lenaneo la ditlhabololo tsa kgaolo le le botlhokwa thata ka jalo le sa tshwanela go tsewa motlhofo ka banni ba kgaolo ba ya go ikaega ka lone dingwaga tse dintsi. Le ene jaaka ba bangwe o ne a kopa tlosoloso ya phuthego go fa makhanselara sebaka sa go ya go tlhodumela mokwalo oo gore e re motlhang ba bidiwang ba bo ba tlhaloganya se se leng mo go one. Bokhutlo
|
politics
| 7 |
SELEBO e ipelela katlego
|
Molomaganya ditiro wa Botswana International University of Science and Technology (BUIST), Mme Leapotswe Bantsi, o tlhalositse gore maduo a mantle a dirwa ke go tsaya tiro ka tlhwaafalo le go bereka ka natla. O ne a bua jaana kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke kgaolo ya Selebi Phikwe-Bobonong e itsegang ka leina la SELEBO. Moletlo o ne o rulaganyeditswe go abela bana ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa bone tsa ngwaga wa 2013 /2014 le badiri ba ba berekelang kwa dikolong. Mme Bantsi o ne a tlhalosa gore motho ke ene a ka bopang botshelo jwa gagwe go nna se a batlang go nna sone. O ne a tlhalosa gore mo malatsing a gompieno batho ba kopana le dikgwetlho tse di farologaneng, dingwe e le tse di kgoberang maikutlo fa tse dingwe e le tse di lebegang di siametse matshelo a batho, mme batho batshwanetse go bona tse di ka ba solofelang molemo. Mme Bantsi o tsweletse ka gore lefatshe la Botswana le tshwanetse go nna mo seemong se batho ba lone ba ka iteisanang borathana le mafatshe a mangwe mo go tsa thuto. O ne a kgotlhatsa barutabana go tswelela ba ntsha thuto e e nang le boleng. O ne a kgotlhatsa batsadi le baruta bana ba baneng ba tsene moleto go ema bana nokeng mo dithutong tsa bone le go ba letelela go nna se ba e letsang go nna sone mo botshelong. Mogolwane mo go tsa thuto mo kgaolo potlana ya SELEBO mme Lilian Matshameko o ne a tlhalosa gore ba motlotlo ka go bo kgaolo ya bone e le yone e digogang kwa pele mo go direng sentle mo go tsa thuto go gaisa dikgaolo potlana tsa legare. A re ba itlamile go bereka ka natla go ntsha maduo a a nang le boleng. Mme Matshameko o ne a tlhalosa gore maikaelelo magolo a moletlo ke go lemoga boleng ja barutabana le bana ba ba dirileng sentle,go tsosolosa serodumo le go ba fa kgotlhatso go tswelela ba ntsha maduo. Moletlo o ne o rotloeditswe ke ba Selebi Phikwe Muslim Association ka madi a a kana ka P29 500. Erile a ntsha la gagwe modula setilo wa mokgatlho Rre Najumudeen Safiullah a tlhalosa gore ke maikaelelo a bone go thusa mo ditirong tsotlhe tse di amang morafe wa toropo ya Selebi Phikwe. BOKHUTLO
|
education
| 4 |
Tona wa dikgaolo o rarabolotse kgang
|
Komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Letlhakeng Borwa e tlhophilwe gape morago ga gore e e neng e le teng e tsee ditshwetso dingwe kwa ntle ga kitso ya morafe le ofisi ya boipelego. Ka jalo morafe wa tsaya tshwetso ya gore go seegelwe kwa thoko maloko a yone a le marataro. E rile a amogela baeng kwa kgotleng, mothusa kgosi, Tumelo Puleng wa Letlhakeng, a supa fa ba tsile go utlwa phetolo ya ga tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane morago ga gore maloko a marataro ao a ikuele gore kgato e ba e tseetsweng ga e ka fa molaong. Mokwaledi wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Nigel Mangoye, o ne a supa fa tona a tsere tshwetso ya gore maloko ao a ntshiwe mo komiting, a supa gore maloko a a kobilweng ao, a na le sebaka sa go emela ditlhopho tsa VDC morago ga dingwaga tse tharo, a bo a kopa morafe wa Letlhakeng gore o seka wa kgaoganngwa ke kgang e. O supile fa maloko a mane a a neng a setse a tlaa tswelela a le mo maemong a one, mme go tlaa tlhophiwa maloko a le marataro a a tlatsang komiti eo. Rre Mangoye o ne a supa fa ditiro tsotlhe tsa komiti ya ditlhabololo tsa Letlhakeng South di eme ka ntlha ya gore maloko a marataro ao a ne a isitse boikuelo kwa go tona, a supa fa go ne go tshwanela gore ba emele tshwetso ya ga tona. O supile gape gore ba ba neng ba ikuetse ba ne ba se molato go dira jalo, ka ba ne ba supa maikutlo a bone, ka jalo fa ba eletsa go emela ditlhopho tsa VDC mo nakong e e tlang, ba na le tshwanelo ya go dira jalo. Morafe wa Letlhakeng o ne wa supa fa o itumelela tshwetso e tona a e tsereng, mme ba kopa gore ba boipelego ba nne gaufi le komiti e e tlaa tlhophiwang gore ba seka ba dira diphoso. Ba ne ba tswelela ka go tlhopha maloko a marataro a a tlatsang komiti eo kwa bofelong jwa phuthego gore ditiro tsa komiti di tle di tswelele. BOKHUTLO
|
politics
| 7 |
Subsets and Splits
No community queries yet
The top public SQL queries from the community will appear here once available.