title
stringlengths 1
82
| text
stringlengths 565
8.03k
| orig_label
stringclasses 10
values | label
int64 0
9
|
---|---|---|---|
Bopelotelele bo aga motho
|
Kgosi Charles Letsholathebe a re fa motho a le pelotelele, tlotlo le boineelo o ntsha maduo a a lebogiwang ke batho. Kgosi o buile jalo kwa moletlong wa kgosana ya pele ya kgotla ya Shashe kwa Maun, Rre Shakwa Shashe yo jaanong a leng dingwaga dile 103. Moletlo o ne o dirilwe ke batho ba a dirileng le bone fa a le kgosana. Kgosi Letsholathebe a re fa e ne e se ka bopelotelele, tlotlo le lerato la ga Rre Shashe, e ka bo erile fa go duwa ka mogopolo wa gore a direlwe moletloga bo go sena ope yoo tsileng, mme a re go bo batho ba ile ka makatlanamane go supa tirisano e ntle e Rre Shashe a ntseng le yone mo bathong bao ka nako ya faa dira le bone. Obile a re kgosi Shashe o mo gopotsa ka dinako tsa bo Dafite le mafoko a a builweng mo go Dipesalema wa ntlha, le wa 133, o tlhalositse fa erile bogologolo fa rre Shashe a tsena mo setilong seo a bo a ne a sa duelwe mme a re erile morago ka boineelo jwa gagwe puso ya seka seka gomoneela lemmenyana. Otsweletse a re Rre Shashe o berekile pele le bo kgosi Mathiba Moremi wa boraro, Pulane Moremi le Letsholathebe wa bobedi a sa duelwe mme a bona gole botlhokwa go dira tiro ya gonna jalo, a re seo se supa fa tota a ne a se pelo tshetlha. Obile a a kgola thata morafe wa kgotla ya Shashe a re ele ruri ba supile lorato ka go direle Rre Shashe moletlo wa gonna jalo a santse a le mo botshelong, a tswelela ka gore go le gantsi batho ba tlwaetse go buwa motho bontle a setse a se mo botshelong. Kgosi Letsholathebe obile a bolelela yo o mo sitilong sa ga rre Shashe e bong Princeloo Shashe gore a gate fela mo ditlhakong tsa monnamogolo gore le ene a tle a bone bontle joo. Moagisane wa ga rre Shashe ebong rre Benson Kuti, a re fa motho a tshotswe a le botlhale ga go kgathelesege gore a orutegile, a tlhalosa fa rre Shashe a ne a sa rutega mme a na le dikgakololo tsedi neng tsaaga motse wa Shashe. A re ene le rre Shashe ba kgonne go a ga dikwele le dikokelwana mo kgaolong ya Shashe, a tlhalosa fa ene e le motho yo o neng a se lehuha e bile a rata mongwe le mongwe. Mokhanselara wa pele wa kgaolo eo Rre Pelokgale Monyame e ne o boletse gore fa ele gore gore gona le sengwe se rre Shashe a sa sedirang sentle mo kgaolong eo goraya gore ba molato botlhe k aba simolotse go a ga motse oo bale mmogo fa e ne e ne ele mokhanselara. O ne a tswelela ka gore o kgothatsa b aba setseng gore bantshe bobone mme ba tsenye lorato fa ele gore ba babatla goipona ba galalediwa jaaka Rre Shashe le go neelwa tlotlo. Kgosana yo a leng mo maeong gompieno Rre Princeloo Shashe o ne a re gonna lorato mo bathing go mmontshiotse gore motho ga a tshele le bag a bone fela, mme a leboga botlhe ba ba dirileng gore mokete o o oatlege. Obile a re leene o tlaa leka ka bojotlhe gore a nne le lorato le Malomaagwe a neng a na nalo gore a rate mongwe le mongwe a re gongwe ka go dira jalo oka ngatha mo dingwageng tsa monnamogolo le ene a bona botshelo jo bo leele. O ne a tlhalosa fa a lebogile that aka gore monnamogolo o mo tlhatlheletse jone botsipa jwa go bereka le batho ba merafe e e farologanyeng mme a re o solofela faa tlaa kgona tiro ya gagwe le go etsamaisa ka manontlhotlho. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
A bana ba nne phepa - Mogokgo
|
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Grace Kgari, Mme Letshidile Kokoro o kgothaditse batsadi go netefatsa gore bana ba phepa le gore ba dira tiro ya sekole ka dinako tsotlhe. Mogokgo o buile jaana kwa bokopanong jwa batsadi le barutabana Motsheganong ale lesome le bosupa kwa Serowe a re go a tshwenya gore e re le fa bontsi jwa batsadi e le banana, bana ba bo ba ya sekoleng ka leswe. O ngongoregetse go tlhoka go tsena diphuthego tsa sekole ke batsadi ntswa ba tshwanetse go tshwaraganela bana. Mme Kokoro a re sekole se na le dikgwetlho di le mmalwa tse di tlhokang go tshwaraganelwa le batsadi, a re mo bogompienong bana ba santse ba tsenela ka fa tlase ga ditlhare, selo se a reng se ngomola pelo, bogolo jang mariga. A re ka tlholego, sekole sa Grace Kgari se ne se felela ka mophato wa botlhano mme gompienong se tsaya go fitlhelela ka lekwalo la bosupa mme se, se bake tlhaelo ya matlo a borutelo. Mogokgo a re letlhoko la ditsompelo le ba paledisa go fitlhelela maduo a ba a eletsang a tlatsa ka go re le fa Batswana ba itsege ka mowa wa go ipelega, seo ga se kgonagale ka batsadi ba le thata go thusa sekole. Mme Kokoro a re fa e sale khansele e emisa badisa dikago, bana ba tlhagela mo sekoleng ba bo ba tsaya dibuka tsa sekole le dirisiwa tse dingwe. “Fa o bona ngwana a tla a rwele dilo tse o sa di itseng, latisisa go bona gore ngwana o di tsaya kae. Tsibogelang selo se ka se ka gola le ngwana a felela a dira mo go golo jaaka go thuba marekisetso,” Mme Kokoro a tlhalosa. Rre Sefane Phuthego, yo e leng monni wa Serowe, o ne a tswa sekole seo thuso ka go se abela dibuka di le P5 000. Rre Phuthego a re puso ka nosi e ka se ke e kgone go direla setshaba dilo tsotlhe. A re go botlhokwa gore batho ba tsenye letsogo go e imolola morwalo. “Puso ga e na madi, ka jalo boikarabelo jwa rona re le batsadi bo a tlhokega,” Rre Phuthego a tlhalosa. Rre Phuthego o rotloedise batsadi go sala ditiro tsa bana morago, bogolo jang ka bontsi jwa batsadi bo tsene sekole e bile ba itse botlhokwa jwa thuto. A re go a tshwenya gore fa mauduo a tswa a sa itumedise batsadi ba bo ba supa mogokgo ka menwana ba sa lebe seabe sa bone. Mokhanselara wa Mokwena, Rre Atamelang Thaga a re sekole sa Grace Kgari se tlaa agelwa ntlo ya borutelo jwa bananyana mo mading a a filweng kgaolo ya bone. A re thendara e setse e dule go shwafatsa sekole. Rre Thaga yo e leng mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Serowe, a re ba itse ka tlhaelo ya matlwana a borutelo kwa sekoleng seo, a re se se tlaa arajwa nako e madi a tlaa bonalang. Kgosi Sechele Kgari wa Kgotla ya Mokwena o lebogetse mpho ya ga Rre Phuthego le go rotloetsa batsadi go tlhagafalela dipitso tsa sekole. A re ba ka seke ba bone dimpho tsa go nna jaana fa ba goga dinao.
|
education
| 4 |
Monana o rotloetsa banana go itshetsha
|
Rre Leina Segwai yo e leng monana e bile e le mongwe wa ba ba akotseng mo lenaneong la YDF o rotloeditse banana go batla dikitso tse ba nang le lerato mo go tsone go bona gore ba ka di fetolela mo go direng dikgwebo go itshetsa. Mo potsolotsong le BOPA, Rre Segwai, yo o dingwaga tse di masome mabedi le bosupa a re e rile ka 2009 a sena go fetsa lokwalo lwa botlhano a tswa letsholo go ya majako mme a retelelwa ke go bona tiro mme a boela gae go tla go leka go tsaya mananeo a nyeletso lehuma A re e rile ka 2016 a setla tsela ya diofisi tsa lephata la banana go ya go kopa madi mme e rile ka 2017 a ya fifing a atlega a fiwa P99 000 go simolola kwebo ya go rua dikgomo. A re o ne a reka dikgomo tse di namagadi di le lesome tsa mhuta wa Simmental le poo ya sherillin. Rre Segwai o tlhalositse gore go tsena mo thuong ya kgomo o kgothaditswe ke gore o goletse mo tikologong ya temo-thuo e e neng e dirwa ke batsadi. O tlhalositse fa go le botlhokwa go godisa mhama wa nama mo Botswana ka e le one o lomang wa diteemane serota mo go tsamaiseng itsholelo. A re batsadi le bone ba ne ba mo eme nokeng ka go mo adima lefatshe le le nang le sediba ka jaana o ne sa simolodisa thuo ya gagwe mme e tlaa re mo tsamaong ya nako a batle la gagwe. Rre Segwai a re o ipeetse seelo sa gore mo ngwageng tse pedi le sephatlho a bo a setse a duetse sekoloto sa madi a a adimilweng le gore mo ngwageng tse tharo le sephatlho a bo loruo lwa gagwe lwe atile gabedi. O tlhalositse gore ba lephata la banana ba ne ba mo tlhatlhelela ka botsipa jwa go rua kgomo monongwaga gore a kgone go tlhokomela loruo. A re o nna o golagana le ba ofisi ya mokenti fa a batla go botsa sengwe mabapi le mathata a a kopanag le one kwa morakeng kgotsa fa go na le sengwe sa tshoganetso jaaka kgomo e lwala. O supile fa a ise a kopane le dikgwetlho tse di kalo ka a netefatsa gore tsamaiso ke ya maemo a ntlha. O tlhola gore a dikgomo di nole le gore di jele le fa di le kafa tlase ga tlhokomelo ya modisa. O kgothatsa banana go simolola dikgwebo ba santse ba le babotlana gore ba golele mo go tsone ka puso e phutholotse letsogo go tla ka mananeo a tshwana le LIMID le YDF go ba ntsha mo lehumeng. Rre segwai a re banana ba seka ba itsemeletsa go tsena mo diofising tsa puso go batla kitso ka mananeo a nyeletso lehuma, go bona a a ka ba tswelang mosola. O lebogetse puso go menagane go bo e mo thusitse ka go mo neela lenaneo le ka a ne a itlhobogile mo botshelong mme jaanong o bona lesedi go ya pele. Bokhutlo
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Go itekanela ga modiri go rotloetsa botlhaga le bonatla
|
Kgosi ya kgotla ya Kagiso kwa Selebi Phikwe, Rre Gunny Moses, a re go itekanela ga modiri go tlhotlheletsa botlhaga mo tirong. O buile se kwa letsatsing la itshidilo mmele le le neng le rulagantswe ke badiri ba lephata la khiro, tokafatso bodiredi le tlhabololo dikitso kwa Selebi Phikwe bosheng. O boletse fa go itshidila go thusa mmele gore o seka wa tshabelelwa ke malwetse kgapetsa kgapetsa segolo jang malwetse a a sa tshelwaneng jaaka jwa sukiri. A re go itshidila mmele go thusa modiri go tsaya ditshwetso tse di maleba mo nakong e khutshwane fa a kopana le dikgwetlho tse di tlhokang go rarabololwa ka bonako mo tirong. Kgosi Moses o rotloeditse badiri go tswelela ka lenaneo la bone la go itshidila ka le nale seabe mo go tokafatseng botlhaga, botsalano le go nna kutlo mo tirong. E rile a ntsha la gagwe, molomaganya ditiro tsa HIV/AIDS kwa ofising ya ga molaodi kwa Selebi Phikwe, Rre Shatiso Daki, o ne a rotloetsa badiri ba lephata leo go tswelela ka lenaneo la bone la itshidilo mmele ka go setse go supefetse fa lephata la bone le gatetse pele mo go tsa itshidilo. Rre Daki o tlhalositse fa lefatshe leno le bona koketsego ya dintsho tse di bakwang ke malwetse a a amangwang le go sa itshidila mmele. O boletse gape fa puso e dirisa madi a mantsi mo kalafing ya malwetse a a sa tshelwaneng a a kabong a thibelwa motlhofo. Rre Daki o rotloeditse badiri go tokafatsa lenaneo la bone la itshidilo mmele ka go nna ba laletsa baitseanape ba tsa ishidilo mmele go ba thusa go le tsamaisa. Mogolwane go tswa kwa lephateng la khiro kwa Selebi Phikwe, Rre Bambanani Manewe, o boletse fa setlhogo sa letsatsi la bone la itshidilo mmele se se reng Modiri yo o Itekanetseng o Nna Tlhaga mo Tirong, se dirilwe go netefatsa fa botsogo jwa modiri bo na le seabe mo go direng ka natla mo tirong. Rre Manewe o boletse fa dipatlisiso di supile fa modiri yo o itekanetseng a le tlhaga mo tirong ka jalo ba ikaeletse go tokafatsa botlhaga jwa badiri ba lephata la bone ka itshidilo mmele. O rotloeditse badiri ba maphata go tswelela ka go tsaya dikgakololo tsa ba botsogo gore ba tokafatse ka fa ba tshelang ka teng jaaka go ja sentle lego itshidila mmele. Rre Manewe o ne a rotloetsa badiri go tswelela ba itshidila mmele fa ba sena go tlogela tiro ka bogodi, ka bontsi jwa malwetse a a bakwang ke go sa itshidila mmele a tshabelela motho fa a sena go tlogela tiro.
|
health
| 6 |
Lesea le betilwe ke metsi mo lekadibeng la dipidipidi
|
Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone ngwana wa dingwaga tse tharo a beteletsweng ke monna wa dingwaga tse di masome mararo. E rile a lekodisa O tlhalositse fa batsadi ba ngwana ba ne ba tlogetse ngwana yoo le bana ba bangwe ba dingwaga tse supa. Ass. Supt Morolong o supile fa rre yoo a setse a itshupile kwa lekgotleng la ga mmakaseterata kwa Molepolole Sedimonthole a le masome mararo le bongwe. O kaile fa ba santse ba tshegeditse mmelaelwa kwa kgolegelong ya Molepolole fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. Mo go tse dingwe Ass. Supt Morolong o tlhalositse fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le bone a gobaditseng rre wa dingwaga tse di masome mane le bosupa ka kota kwa Diphuduhudu Sedimonthole e le masome mabedi le borataro. O tlhalositse fa rre yoo le ene a tshegeditswe ke mapodisi fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. Ass. Supt Morolong o supile fa ba ne ba atlhola beng ba dibara tse pedi kwa Letlhakeng le Ditshegwane ka molato wa go tlhoka go obamela dinako tsa go tswala madirelo. O supile gore ntle le moo malatsi a keresemose le ngwaga o mosha a ketikilwe ka boikarabelo kwa kgaolong ya gagwe. E re le ntswa go ntse jalo, Ass. Supt Morolong o ntshitse matshwenyego a bakgweetsi ba ba kgweetsang ba sena diteseletso tsa go kgweetsa. O supile fa batho ba ba neelang batho ba ba senang diteseletso tsa go kgweetsa ba na le seabe mo go bakeng dikotsi tsa tsela.
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Banni ba Shakwe, Taupye ba a ngongorega
|
Banni ba Taupye le Shakwe ba supile ngongorego ka babereki ba dipalamo dingwe tsa setshaba tse di dirisang tsela ya Mahalapye, Machaneng, Sefhare, Chadibe, Mokobeng le Ramokgonami. Go bolelwa fa badiri bao ba gana go pega batho ba metse eo le meraka e e mo tikologong e bile ba sa dirisanye sentle le palami. Ba ntshitse ngongorego e mo phuthegong e e neng e kopanetswe ke badiri ba lephata la dipalamo, beng ba dipalamo tsa setshaba, dikgosi le banni ba Taupye le Shakwe. Ba re ba tswa kgakala ba ntse ba ngongorega ka beng ba dipalamo tseo, mme go se na nko e tswang lamina, mme ba bona go le botoka gore beng ba dipalamo tseo ba amogiwe diteseletso ka ba sa sala morago melawana ya tsa dipalamo. Mogolwane wa lephata la tsa dipalamo kwa Mahalapye, Rre Desmond Dagwi, o tlhomamiseditse banni fa a tlaa tlhotlhomisa dikgang tsa bone e bile a solofetsa fa a tlaa kopanela phuthego le beng ba dipalamo tseo gammogo le baeteledipele ba metse ya bone. Rre Dagwi a re beng ba dipalamo tse di sa obameleng melao ya tsa dipalamo ba ka lefisiwa P400 kana P800 fa ba tsweletse ka go tlhoka go sala morago melawana ya tsa dipalamo kana ba seegelwe fa tlhoko mo ditseleng fa ba tsweletse ka go dira jalo kana ba amogiwe diteseletso. Bokhutlo
|
society
| 9 |
Go somarela ngwao go botlhokwa
|
Mogokaganyi wa lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao kwa kgaolong ya Borwa, Mme Minkie Bokole, o akgoletse mokgatlho wa Ga MmaLeema go ruta le go tsosolosa ngwao ya Sengwaketse. O buile jalo kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la matsalo a ga kgosikgolo ya Bangwaketse, Kgosi Malope II, kwa Kanye ka Matlhatso. Moletlo o, o o mo ngwageng wa boraro, o ne o rulagantswe ke komiti ya Ga MmaLeema le bogogi jwa sekole sa Kidz Academy. Mme Bokole o rotloeditse maloko a komiti eo go tswelela ka go rotloetsa ngwao ka jaana e le botlhokwa go ageng serodumo sa morafe. O boletse fa ngwao e bopa setshaba. Mme Bokole a re le ntswa go le botlhokwa gore Bangwaketse ba tsosolose ngwao ya bone, ba tshwanetse gape ba amogela merafe e mengwe ebile ba tshele le yone ka kagiso. O ne gape a kopa Kgosi Malope II le mophato wa gagwe go emela morafe ka dinao go o sireletsa mo borukutlhing segolo jang dipolao le dipetelelo. E rile a tswa la gagwe, Tona wa Botsogo le Boitekanelo, ebile e le mopalamente wa Kanye Borwa, Dr Lemogang Kwape, a tlhalosa fa komiti le bogogi jwa sekole sa Kidz Academy ba nnile sekao sa gore kgosi e a tlotlwa jaaka. A re o itumedisitswe ke go bona ka fa batho ba itshwereng ka teng kwa moletlong oo go supa fa ba tlhaloganya seemo sa segajaja sa COVID-19. Dr Kwape o ne gape a akgola bana ba sekole seo, a re go bo ba tlhamile motshameko ka bolwetse jwa COVID-19 go supa tota fa ba tlhalogantse melaetsa ya puso le ba botsogo. O rotloeditse setshaba go tswelela ka go ipabalela le go dira tsotlhe tse ba di beilweng pele go thibela kanamo ya bolwetse jo. A re motho o tshwanetse go tlhalehisiwa ke seru kana seemo se a iphithelang a le mo go sone, ka jalo a rotloetsa ba ba neng ba tsene moletlo go tswelela ka go ipabalela. Modulasetilo wa komiti, Rre Motswakgakala Sealetsa, o tlhalositse fa mo maitekong a bone a go tsosolosa ngwao ba tshwanetse go tlotla Kgosi Malope II ka go mo direla moletlo wa letsatsi la matsalo. A re se ke go supa gore tlotlo mo bagolong e botlhokwa ka ngwao ya Sengwaketse. A re le ntswa ba ne ba ikaeletse go direla moletlo oo kwa kgotleng jaaka ba ne ba dirile ngogola, ba ne ba patelesega go fetola lefelo ba lebeletse melawana ya botsogo e e tshwanetseng go salwa morago ka maiteko a go hema kanamo ya mogare wa corona. Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Malope II o ne a supa fa a itumetse thata ka e bile a ne a sa solofela fa moletlo oo o tlaa nna teng monongwaga. A re se se dirwang ke komiti eo le sekole sa Kidz Academy ke sesupo sa mowa o montle o o nang le maikaelelo a a molemo. B
|
arts_culture_entertainment_and_media
| 0 |
Monna o bonwe molato wa go kgweetsa a itshietse
|
Mmakaseterata wa Jwaneng, Rre Odirile Mokgatle e rile bosheng a bona Innocent Muzola molato wa go kgweetsa koloi selekanyo sa bojalwa mo mmeleng se feta se se letlelesegang. Muzola, yo o dingwaga di masome mararo le botlhano, o ne a atlholwa P4 000 kana dikgwedi di le lesome le boferabobedi fa a sa duele madi ao mo malatsing a le lesome le bone go tswa letsatsi la katlholo. Mo godimo ga moo, lekgotla le ne la laola gore mosekisiwa a gapelwe setlankana ebile a seka a kgweetsa dingwaga tse pedi. Dintlha tsa kgang di supa fa e rile kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le lesome le bobedi ngwaga o o fetileng, mosekisiwa a emisiwa ke ba sepodise fa sekganeding sa tsela ya Jwaneng/Sese. Go bolelwa fa a ne a kgweetsa koloi ya modiro wa Mazda, mme ya re morago ga go tlhatlhobelwa selekanyo sa bojalwa, ga fitlhelwa se feta se se letlelesegang ka fa molaong sa0.35mg/1000ml. E ne e rile go le pele, mosekisiwa a supa fa a sa ipone molato mme ebile a tlhalosa fa a tlaa batla mmueledi go mo emela. Ka nako ya tsheko mmueledi o ne a seka a iponatsa kwa kgotleng ka jalo mosekisiwa a ikemela, fa ba bosekisi bone ba ne ba biditse basupi ba le babedi. Mosupi wa ntlha, Inspector Oathusa Tshotlego wa sepodise sa pharakano mo Jwaneng, o ne a bolelela lekgotla gore ka letsatsi le le boletsweng leo o ne a neelwa mosekisiwa ke mongwe wa babereki ka ene gore a mo tlhatlhobele selekanyo sa bojalwa, mme maduo a tswa a supa 0.79mg/1000ml. A re morago ga go bontsha mosekisiwa mokwalo wa maduo ao, bobedi joo bo ne jwa a baya monwana go a rurifatsa. Mosupi yo mongwe, ka nako ya tiragalo e ne e le lepodise Rre Oaitse Serumola, mme o ne a tlhalosa gore ke ene a neng a emisitse mosekisiwa kwa sekganeding sa tsela, mme morago ga go kopa go bona setlankana a tlhanyega a utlwa monko o a neng a belaela e le wa bojalwa. A re o ne a isa mosekisiwa kwa go Inspector Tshotlego gore a mo tlhatlhobe, ka jaana e ne e le ene a dirisang mochine ka nako eo. A re morago fa a utlwa ka maduo a tlhatlhobo eo, o ne a itsise mosekisiwa ka molato o a o lebisiwang, mme koloi e a neng a e kgweetsa yone ya isiwa kwa diofising tsa sepodise go ya go tlhatlhobiwa jaaka e le tsamaiso. Ka nako ya tsheko, mosekisiwa o ne a seka a botsa basupi botlhe ka bobedi dipotso, a tlhalosa fa bosupi jo ba bo fileng lekgotla e le boammaruri jwa se se diragetseng ka letsatsi leo. Erile a a fa jwa gagwe bosupi, Rre Muzola a tlhalosa fa ka letsatsi leo a ne a ntse kwa ga gagwe a a nwa bojalwa mme morago ga tla mme mongwe a kopa gore a mmoledise. A re e re ka go ne go setse go le lefifi, o ne a isa mme yoo ka koloi kwa EU 3, mme mo tseleng a emisiwa ke mapodisi. Mosekisiwa o ne a kopa lekgotla gore le seka la mo gagamaletsa setoropo ka jaana e ne e se maikaelelo a gagwe go kgweetsa a nole. O ne gape a kopa gore a seka a tseelwa setlankana sa go kgweetsa ka a itshetsa ka sone mo tirong ea e berekang kwa moepong wa Jwaneng. Mmakaseterata Rre Mokgatle o ne a tlhalosa fa kgang e tlhamaletse ebile e sa tlhoke dintlha tsa tshoboko tsa bofelo ka ba bosekisi le mosekisiwa. O boletse fa gape bosupi bo tsamaelana, a tlatsa ka gore mosekisiwa le ene o dumalana le jone. Mo godimo ga moo, a re mosekisiwa ga a supa gore ke eng se se neng se mo pateletsa gore e nne ene a kgweetsang koloi eo go isa mme yo a neng a bua ka ene, ka jalo lekgotla le bona go ne go sa tlhakofale. Mo katlholong , mmakaseterata o ne a supa fa mosekisiwa a ne a le boikobo fa pele ga lekgotla. Le fa go ntse jalo, a re e re ntswa a amogela ipobolo ya mosekisiwa ya gore o itshetsa ka setlankana sa go kgweetsa, tiriso botlhaswa ya nnotagi mo lefatsheng leno e ile magoletsa ka jalo makgotla a tshwanetse go tsaya karolo go thusa puso go fokotsa seemo se ka jalo a mo pega molato.
|
crime_law_and_justice
| 1 |
DTC e abela sekolo sa Díkar P2 million
|
Khamphani ya Diamond Trading Company Botswana (DTC) e abetse sekolo sa D’kar mo kgaolong ya Ghanzi P2 million. E rile tona wa thuto, Dr Unity Dow, a amogela mpho eo a lebogela DTC go thusa sekolo seo. A re ba ne ba isa dikopo tsa dikolo ka bontsi kwa khamphaning eo mme ka lesego ba ne ba tlhopa sekolo sa D’kar gore ke sone se ba bonang go le botlhokwa go se thusa ba lebeletse maduo le letlhoko tla sone. Tona Dow a re lephata la gagwe ga lena go tsamaya sentle go sena ba ba ka le thusang ka jaana lephata la gagwe le lebaganwe ke dikgwetlho tse dintsi. A re lephata leo ke lone matlho a bone jaaka go jesa dikolo le go phakisa kapari ya sekolo. Dr Dow a re o dumela fa sekolo sa D’kar ngwaga ono se tla ntsha maduo a botoka a lekwalo la bosupa morago ga dithuso tsa DTC. Tona Dow a re sekolo gore sentshe maduo ke gore bogogi bo ema ka dinao gore bana ba sekolo seo ba kgone go fenya ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa. A re batsadi le bone ba tshwanetse gonna le seabe se se ntsi mo thutong ya bana. Tona a re madi ao a tsile go thusa thata mo tlhabololong ya sekolo seo, mme ebile o leboga fela thata gore ba kompone ya DTC gore ba tsaya sekolo seo mo dingwageng tse tharo. Dr Dow a tswelela kagore diteemane di diretse lefatshe leno fela thata mme ebile go maleba gore abo ntse di tsweleltse ka go tlhabolola botshelo jwa Motswana. Modulasetilo wa komiti ya DTC yoo okametseng lekalana lele thusang batho Rre Neo Moroka aba mpho eo a supa fa ngwaga ofetileng bane ba bona dikopo ka go farologana ele tsa dikolo mme batlhopa sekolo sa D’kar ntateng ya maduo a sekolo seo. A re maduo a sekolo seo anne a le ko tlase fela thata mo a otlusang botlhoko. Rre Moroka a re thuso ya ntlha kef a bane ba agela sekolo sa D’kar primary school motlobo wa dibuka. Are ba itlama ba thusa ka go apesa bana ba sekolo (provision of uniform), le go jesa bana ba sekolo (provision of meals) le ka kapari ya tsa metshameko. Rre Moroka a re batsere sekolo seo mo dingwageng di le tharo go bona gore mo dingwageng tse tharo tseo se tsele go dira jang mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa ka jaana ele one a bagwetlhile gore ba se tseye. A re thuto kana ke yone tsela le boamaruri mo lefatsheng leno, a re banana ga basa rutega itsholelelo ya Lefatshe leno etla wela tlase. A re thuto e botlhokwa mo botshelong jwa Motswana mongwe le mongwe ka jaana ke yone e ka hemang lehuma. E rile mopalamente wa Kgaolo ya Ghanzi Bokone, Rre Noah Salakae, a ntsha malebo a kopa kompone eo go tswelela ka mowa o montle oo, ebile ba rotloetse dikompone tse dingwe go tla go thusa mo kgaolong ya Gantsi. Mopalamente o supile fa banni ba D’kar ba le lesego ka gore gompieno sekolo sa bone se thusetswe ka madi a tsileng go tlhabolola matshelo a bone.
|
education
| 4 |
Baruti ba na le seabe go tlhabolola toropo-Mmatoropo
|
E re ka lefatshe leno le na le dikgwetlho tse dintsi, baruti ba kopiwa go nna le seabe mo go godiseng itsholelo le go fetola toropo ya Lobatse mo ditlhabololong. Fa a ntsha dintlhakgolo kwa pitsong ya ntlha ya khansele le baruti ba dikereke tse di farologaneng tsa Lobatse go tla go buisana le go utlwa matswenyego a baruti ka Mosupologo, Mmatoropo wa Lobatse Mme Malebogo Kruger o buile fa e le maikaelelo a khansele ya Lobatse go tshwaragana le baruti go rapelela toropo eo. A supa fa baruti e le bone ba nnang ba eteletse pele mo ditirong tsa puso le go nna baeteledi pele ba sechaba mo dikerekeng. Bokopano bo ne bo inaakantse le setlhogo sa “seabe sa kereke mo go tlhabololeng toropo ya Lobatse” O ne a akgola baruti go tswelela ka go aga banni ba toropo ya Lobatse mo go fetoleng boitshwaro le go tlhabolola batho mo mekgweng e e sa siamang, jaaka dintwa, tlhalo ya banyalani, go tlhoka go utlwana le tse dingwe. A re fa baruti baka nna ba tshwelela ka go fetola boitshwaro jo bo sa siamang mo bathong, lefatshe leno le ka nna le tshaba e e nonofileng e e ka tlhabololang toropo ya Lobatse. Mma Kruger o tsweletse a bua fa ba itse matshwenyego a dikereke a go tlhoka lefatshe le ba ka agang dikereke mo go tsone mo Lobatse. A re toropo ya Lobatse ke toropo nngwe ya ntlha ya lefatse leno go nna le ditlhabololo, jalo go ka itumedisa go bona tshwaragano ya sechaba, baeteledipele ba mekgatlo le ba bangwe go kopanya mewa ya bone ya go godisa toropo. Molaodi Mme Koketso Sejakgomo o kopile dikereke go nna le seabe mo go tseyeng batho ka tekatekanyo go itse le go tlhaloganya banalebogole ka fa ba tshelang ka teng le ka fa ba tshwanetseng go tshwarwa ka teng. A re dikgwetlho di tshwana le go tlhoka ditiro ga banana, malwetsi a a tshelwanang, tlhalo ya manyalo baruti ba tshwanetse go nna le karolo go bona gore letlhoko le matshwenyego di a fokotsega. O kopile baeeteledi pele ba dikereke go nna le tshwaragano le go tla ka mananeo a a ka tlhabololang toropo ya Lobatse gore e nne toropo e e tshwelwang pelo. Dikgakgelo le dipotso tse di neng di botswa ke baruti di ne di remeletse go tlhokeng mafelo a ba ka agang dikereke mo go one. Ba bangwe ba ne ba leboga Mmatoropo go bitsa pitso ya baruti go tla go neelana ka fa toropo ya Lobatse e ka tlhabologang ka teng le go e rapelela.
|
religion_and_belief
| 8 |
Komiti ya ditlhabololo kwa Serinane e rola ntlo
|
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Serinane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Mme Kolobetso Lekollwane, o lebogetse banni ba motse oo go tsenya letsogo mo tirong ya go agela Rre Berry Senekowe ntlo. O buile se fa Rre Senekowe a ne a rolelwa ntlo ya kamore e le nngwe kwa Serinane bosheng. A re tshwaragano e e supilweng ke banni ke yone e ba thusitseng go fitlhelela tiro e. Mme Lekollwane o ne a leboga gape baithaopi ba ba neng ba aga ntlo eo. O ne a ngongoregela gore fa motlhoki a agelwa ke khansele ga ba fiwe sebaka sa go aga gore batle ba iponele lemmenyana. O kopile ba ba tsereng mananeo a nyeletso lehuma go a tshwara ka matsetseleko gore a tle a fetole matshelo a bone. Mme Lekollwane o supile gape fa a itumelela tshwaragano ya badirelapuso le kgosi ya Serinane. Kgosi Malang Galeatle ene o ne a supa fa tiro e ba e kgobokanetseng eo e tlhoka lerato. Kgosi Galeatle o supile fa toro ya gagwe e le go tsamaisa motse ka tlhomamo O supile fa a bodiredi bongwe jwa khansele bo seke bo ba ema nokeng fa ba kua mokgosi,. Sebui sa tlotla e bile e le mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Serinane, Mme Goabaone Bakwena, o ne a supa fa tiro ya komiti ya ditlhabololo tsa motse e le go goga motse, a supa fa tiro ya go aga ntlo eo ba e dirile ka tshwaragano le badirelapuso le morafe. Mme Bakwena o supile fa motho mongwe le mongwe a tshwanetse go ithuta go aba, a supa fa komiti eo e file Rre Senekowe seriti sa go nna le bonno. Mogokgo o supile fa a dumela fa ntlo eo e sa felela, ka jaana e na le kamore e le nngwe fela, a bo a gwetlha gore e oketswe gore boora Senekowe ba nne le bonno jo bo botoka. E rile a ntsha la gagwe, Rre Senekowe, o ne a supa fa itumeletse ntlo eo thata ka a ne a sena bonno gotlhelele, mme a supa fa a setse a godile thata mme a sena ntlwana ya boitiketso. Mongwe wa banni, Rre Mabogo Gabaatlholwe, o ne supa fa komiti e dirile tiro e ntle thata, a bo a kopa boorra Senekowe go e amogela ka lorato le ntswa ba santse ba na le tse ba di tlhokang.
|
society
| 9 |
Women Collective e thusa Bomme
|
Bomme bangwe ba toropo ya Francistown ba itshupile fa ba gatetse pele mo maikaelelong a go tswa ka methale e ba ka e dirisang go itepatepanya le tse di amang matshelo a bomme. Bomme bao, ba bopile mokgatlho o ba o bitsang Francistown Women Collective. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, mothusa modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Kgololo Makhi a tlhalositse fa o tlhamilwe ke bomme ba Francistown ba le lesome le bobedi ka Tlhakole ngogola. O tlhalositse fa mo nakong eno, mokgatlho o jaanong o setse o ngokile bomme ba le mmalwa go ralala toropo ka jaana ba setse ba feta masome a mararo. A re go tlhangwa ga mokgatlho o, e ne e le ka maikemisetso le maikaelelo a go netefatsa fa dikgang tse di amang bomme di bona tharabololo, gape e le tsela e ka yone ba eletsang gore ba nne seopo sengwe go bua ka lentswe le le lengwe gore lentswe la bomme le utlwale mo setshabeng. O tlhalositse fa gangwe le gape bomme ba tshabelelwa ke dikgang tsa petelelo, kgokgontsho, go godisa bana ba le nosi, lehuma le le tseneletseng, go sa emelana ga mmogo le gone go nyadiwa mo matshelong le mo ditirong dingwe. Ka jalo o ne a supa fa e ne e le maikemisetso a bone e le mokgatlho go batla tsela e ka yone dikgang tse di ka rarabololwang. Mme Makhi o ne a tlhalosa fa ba dumalane e le maloko go nna ba kopana gangwe le gape mo bekeng go buisana ka dikgang dipe tse di ba amang le setshaba ka kakaretso mme kwa pheletsong ba nne le tharabololo ya tsone. Go sa le foo, mothusa modulasetilo o tlhalositse fa go kopana ga bone e le maloko go ba thusa gape go abelana megopolo ya methale ya itshetso, segolo bogolo ya go ka inonotsha mo go tsa kgwebo gore kgabagare ba inoge mo lehumeng. O ne a tlatsa ka go re ba fana le bogakolodi ka matshelo a bone, ka jalo Mme Makhi o ne a ikuela mo setshabeng go ba tswa tema tebang le gore mokgatlho o tswelele pele go solegela setshaba molemo. A re ba lebaganwe ke dikgwetlho di akaretsa letlhoko la lefelo le le tlhomamisitsweng go tshwarela diphuthego mo go lone ka jaana mo nakong eno ba tsenela mo lebaleng, mme seo se ba kgoreletse fa loapi lo sa iketla. O boletse gape fa ba na le letlhoko la ditsompelo, ka jalo a kopa thuso mo dikhamphaneng ka go farologana go ba tswa thuso. Gape o ne a supa gore le fa ba lebaganwe ke dikgwetlho ga ba kake ba nyema moko, a supa fa e le keletso ya bone gore mokgatlho o o gole o nne le maloko lefatshe ka bophara. ENDS
|
society
| 9 |
Balemi ba Matombomasha ba abelana dithuto
|
Molemi wa masimo a Matombomashaba, dikhilomithara di ka nna lesome le botlhano go tswa kwa Tutume, Rre Enock Tsholofelo o akgotse puso ka go thusa balemi ka lenaneo la Intergrated Support Programme for Arable Agriculture Development (ISPAAD). Rre Tsholofelo o buile seo ka letsatsi le le neng le rulagantswe ke balemisi le maloko a komiti ya balemi ba kgotla ya Magapatona la go tsamaya ba bona masimo a balemi go tsaya malebela bosheng. A re ka lenaneo leo o kgonne go phaka dipeo a ba a lema diekere tse di lesome le borobabongwe. O ne a galaletsa lenaneo leo le dithuso le dikgakololo tsa balemisi. Rre Tsholofelo, yo o dingwaga di masome mane le boraro, a re lantlha fa a simolola temo ya gagwe o simolotse a jala ka go gasa. O tlhalositse gore erile mo ngwageng o o latelang a lekeletsa ka go jala ka ditselana mme thobo ya gagwe e ne ya nna ntsi go feta nako e a neng a jadile ka go gasa. A re seo se ne sa dira gore monongwaga a leme thata ka o kgonne go lema ditema di le lesome le boraro tsa mabele tse a solofetseng go ntsha dikgetsi tse di makgolo a mararo kana go feta. O ne a bolela fa tse dingwe ditema a jadile mmidi ka e le one o ne wa dira bontle fela thata e bile a kgonne go rekisetsa dikole. A re o setse a rekiseditse ba lekalana la Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) dinawa. Rre Tsholofelo o ne a rotloetsa banana go tsena mo temong, a gatelela ka gore temo e a busetsa. A re le ntswa a na le kwa a theogelang teng ga go na letsatsi le le fetang a sa ya kwa tshimong ya gagwe go bona gore dilo di tsamaya sentle. O tsweletse a supa fa mo kgaolong ya bone ba sa tsosiwa ke kgang ya beng ba diterekere ka ba lopa madi a ba reng ke a leokwane a P400 ekere mme gape ka fa ba duelwa ke puso ditema tse ba di lemetseng batho. Rre Tsholofelo a re kgang eo ya leokwane ke yone e e dirang gore balemi ba retelelwe ke go lema ka bangwe ga ba na madi seo ba felela ba lema tema e le nngwe kana go tlhoka go lema gotlhelele ntswa ba na le keletso. Mongwe wa tshimo e e neng e kgatlhisa thata, Mme Panyeletso Charlie yo ene a neng a dirisa dikgomo go lema, o boletse fa a ne a jala ka seatla a tlhosetsa peo. Mme Charlie a re e sale a tsaya bogakolodi jwa balemisi jwa go lema ka ditselana le go tsenya monontshane mo tshimong maduo ke a a kgatlhisang thata. A re e bile ene o kgona go dirisa mogoma wa dikgomo go tlhagola. A tlhalosa fa a apesa dikgomo tsa gagwe tse a di golegileng wairi e e logilweng gore di seka tsa tsamaya di eta di ja dijalo fa a ntse a tlhagola. A rotloetsa balemi bangwe go tla go tsaya malebela ao mo go ene ka nako ya temo. Molemisi wa Magapatona, Rre Gosetsemang Koitheng a re maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go tsamaya ba bona gore balemi ba ba kgonneng go bona sengwe monongwaga ba dirileng jang le go tsaya malebela mo go bone ka dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe gore le bone ba tle ba tokafetse ka fa ba lemang ka teng. Rre Koitheng a re mo temong fa o sa sala dintlha tse tsa go lema ka ditselana morago,go somarela bokgola, go tshela monontshane le go leta diji ga go tsise maduo. A kgothatsa balemi go bona gore tseo tsotlhe ba di sala morago.
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Mogoko o kopa go thusiwa baithuti
|
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Moeng kwa kgaolong ya Tswapong, Rre Abram Thapedi o kopile batsadi ba motse wa Mokokwana go tshwaragana le bogogi jwa sekole sa gagwe mo go kgalemeleng bana ba sekole seo. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele bosheng, Rre Thapedi o boletse fa bana ba sekole ba dule mo taolong ntateng ya go sa tshwaraganang ga batsadi le barutabana mo thutong ya bana. O boletse fa batsadi ba le maoto a tshupa go tsenelela diphuthego tsa batsadi le barutabana, a supa fa mo bosheng batsadi ba le 167 ba ne ba tsenelela phuthego ya batsadi le barutabana mme palo ya baithuti e le 1256. A re maduo a sekole sa gagwe ga a kgatlhise mme a tlhoka tshwaragano ya bana-le-seabe botlhe. A re bontsi jwa bana ga ba dire sentle mo ditlhatlhobong tsa bone ntswa e le bana ba ba neng ba dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la boraro mme seo se a swabisa. A re mo setlheng se se fetileng bana ba le 30 ba ne ba dira sentle mo ditlhatlhobong tsa bone mme palo eo e ne e le kwa tlase fela thata ka sekole seo se ne se amogetse bana ba ba neng ba dirile sentle ba fetile palo eo go menagane. A re bogogi jwa sekole bo tla a nna le dipuisanyo le batsadi ba bana ba ba neng ba dirile sentle mo lekwalong la boraro go bona gore go ka tswelelwa pele jang O boletse fa bana ba sekole sa gagwe bangwe ba kgona go ngwega mo sekoleng mme ba tsene mo motseng wa Mokokwana go reka ditagi le bojalwa ka go gaufi le sekole, fa bangwe bone ba felela ba tsena mo ditirong tsa borukutlhi jaaka go utswela ba bangwe madi ba bo ba ya go reka ka one gone kwa motseng oo. Rre Thapedi a re mo ngwageng o o fetileng go ne ga tshwarwa bana bangwe ba sekole sa gagwe ba sena go utswa didirisiwa tsa motlakase tse di ka tshwarang P5000.00 kwa lefelong la mabeelo mme ba di rekisa kwa motseng wa Mokokwana. A re motlhala wa dilwana tseo o ne wa isa ditlhotlhomiso gone kwa motseng oo. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
Dikoloto tsa baithuti boikarabelo jwa batsadi
|
Mothusa tona mo lephateng la thuto go tswa kwa moding, Rre Thato Kwerepe o gakolotse batsadi kwa Rakops go tsaya boikarabelo jwa go duelela bana dikoloto tsa sekole gore ba fiwe ditlankana. Rre Kwerepe o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Rakops bosheng, a tsibogela kgang ya komiti ya ditlhabololo tsa motse. A re batsadi ba tseye boikarabelo jwa go duela dikoloto tsa bana kwa dikoleng tse ba neng ba tsena kwa go tsone gore ba tseye ditlankana tse di tlaa ba kgontshang go tsweledisa matshelo a bone. “Batsadi tsayang boikarabelo jwa thuto ya bana ba lona, duelelang bana melato ya bone,” Rre Kwerepe a kopa. Le fa go ntse jalo, Rre Kwerepe o kopile dikole go fa bana ditlankana le fa ba kolota. A re dikoloto tsa dibuka le tse dingwe di tshwanetse tsa lebaganngwa batsadi. Rre Kwerepe a re le fa boeteledipele bo sena thata ya go gana ka ditlankana, batsadi ba seka ba itlhokomolosa boikarabelo jwa bone jwa go duela dikoloto. A re se se tshwenyang ke gore batsadi ba bana ba ba tsenang dikole mo nakong ya gompieno ba itse mosola wa thuto, mme go hakgamatsa go bona ba sena seabe se se bonalang mo dithutong tsa bana le go ba kgalemela. O ba gakolotse go itse gore bana ba fiwa molao ke batsadi eseng barutabana kgotsa bogosi. “Re rolela boikarabelo jwa rona mo bathong ba bangwe, re bo re felela re supa bone ka monwana fa bana ba setse ba dule mo tseleng,” ga bua Rre Kwerepe. Le fa go le botlhokwa gore batsadi ba kgalemele bana le go ba kaela tsela ya nnete, Rre Kwerepe a re ba ele tlhoko e sere gongwe ba iphitlhela ba kgokgontsha. “Kgalemo e e ka fa molaong kana e e dirwang ka mowa wa setho ke go dirisa puo eseng go keteka le go gobatsa ngwana, le go buisana le kaele bana tsela ya boammaruri,” Rre Kwerepe a tlhalosa. E rile a lekodisa mothusa tona ka seemo sa thuto kwa Rakops, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Batsweletse Kgagamedi o ne a leboga dikhamphani tse di tsweletseng go thusa go tlhabolola thuto. Rre Kgagamedi o supile fa Debswana e thusitse ka go rekela sekole se sebotlana sa Tsienyane khombi e e pegang baithuti ba ba nang le bogole le go tlhabolola borutelo jwa bone. O supile gape gore ba Engleton Abattoir le Zanex Hardware le bone ba ikgolagantse le sekole sa Tsienyane ka lenaneo la Adopt-A- School go thusa ka ditlamelo ka go farologana. Le fa maiteko a dirwa ke bagwebi le puso go tokafatsa mananeo a thuto, Rre Kgagamedi o supile fa matlwana a borutelo go balelwa le matlwana a boitiketso mo dikoleng tsa Rakops ka go farologana a tlhoka go baakanngwa. Rre Kgagamedi a re dikole tsotlhe tse di potlana kwa Rakops di tsweletse ka lenaneo la go tsamaisa bana tshipidi tonto. Sengwe se se tshwenyang Kwa Rakops a re ke dipalo tse di kwa godimo tsa baithuti ba ba tshabang sekole. A re monongwaga baithuti ba le lesome le bosupa ba sekole se segolwane sa Rakops ba tlogetse sekole ka mabaka a a sa itseweng. A re se se tshwenyang ke gore bana bao, ba nna le batsadi mme go lebega ba amogetse seemo seo. Rre Kgagamedi a re botlhoka tsebe jwa bana ke kgwetlho ka gore bangwe ba bone ba senya dithoto tsa sekole le go kgoreletsa ba bangwe go ithuta ba phuthologile ba sa boife sepe. O kopile batsadi go ruta bana boikarabelo jwa go lemoga mosola wa thuto. Mokhanselara wa Tsienyane, Mme Batoli Manyuni o lebogetse seabe sa thuto mo go ageng, go godisa le go bopaganya tshaba ya Botswana. Le fa dikgwetlho di le teng, Mme Manyuni a re o lemoga fa go dirwa maiteko go tokafatsa seemo sa thuto. O lebogetse bagwebi ba ba dirang ka natla ka go tsenya letsogo mo tlhabololong ya thuto. Mokhanselara Manyuni a re le fa puso e re baithuti ba ba kolotang ba fiwe ditlankana, maikaelelo ga se gore batsadi ba itlhokomolose boikarabelo jwa bone jwa go duela dikoloto tsa bana. BOKHUTLO
|
education
| 4 |
Mokgatlho o abela Khudumelapye
|
Kgosi Othusitse Mosimane wa Khudumelapye kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng o akgoletse maloko a mokgatlho wa Khudu go thusa motse wa bone mo nakong e e thata. O buile se kwa modirong o Khudu Social Club e neng e abela kgotla, kokelwana le sekolo se sebotlana dimpho tsa melora le didirisiwa tse di tshelang melora ka Matlhatso. Kgosi Mosimane a re go anametsa gore bana ba motse e bo e le bone ba di gogang kwa pele mo go abeleng motse. O boletse gape fa a itumelela gore mokgatlho oo ke one o di gogang kwa pele go baakanyetsa moletlo wa kabo dimpho wa sekolo se sebotlana sa motse oo, a supa fa se se tlhofofaleditse barutabana tiro go rulaganyetsa tiro eo. Moeteledipele wa mokgatlho oo, Rre Shadrack Kebaetse, o ne a supa fa mokgatlho wa bone o tlhamilwe ke batho ba Khudumelapye le metse e mengwe. O supile fa ba bereka ka molao motheo mme maikaelelo a bone e le go itlhabolola. Rre Kebaetse o supile fa maloko a emana nokeng fa mongwe ka bone a na le tiro ka go mo kolekela le go tla go mo rotloetsa ka namana. O tlhalositse gape fa mokgatlho oo, o tsisitse tshwaragano le go dira gore bana ba motse oo ba ba berekelang kwa ditoropong ba kgatlhegele go ya gae kgapetsakgapetsa. Rre Kebaetse a re ba ne ba kgona tiro eo ka go thusiwa ke khamphane ya Bidvest Steiner ba sena go ba lemotsha letlhoko la bone. Dimpho tseo di ne di akaretsa didirisiwa tse di tshelang melora di le masome a mabedi, dikupu tsa melora di le masome a mabedi le disutlho di le pedi. O ne a solofetsa gore mokgatlho o tlaa tsisa dithibela molomo le nko mo tsamaong ya nako. Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Friction Leuwe, o ne a lebogela Khudu Social Club go tlotlomatsa kgaolo ya gagwe. A re o dumela gore fa go ne go se bonolo go simolola mokgatlho oo, mme gompieno ditiro tsa bone di bonala. Mopalamente o kopile mokgatlho go tswela kwa metseng e mengwe gore ba ba rotloetse gore le bone ba tlhabolole metse ya bone.
|
society
| 9 |
Puso e gatetse pele ka go thibela mogare go ya kwa leseeng
|
Tona wa botsogo, Dr John Seakgosing a re puso e gatetse pele ka go thibela mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng ka dipalo di supa gore mo go bomme ba le lekgolo, ba le masome a fera bongwe le boferabobedi ba tshola bana ba ba se nang mogare e bile mo dikokelwaneng tse dingwe dipalo tse di kgona go tshwara lekgolo. Tona Seakgosing o buile jaana fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Suping le Mmakanke bosheng. Tona o kopile setshaba go tlhokomela bana. A re ga re setshaba ga se kake sa itekanela fa sebopelo sa ga mme se sa itekanela kgotsa peo ya ga rre e bolailwe ke majalwa le metsoko le dipe fela tse di ka koafatsang mmele, a tlatsa ka go re ngwana o bopiwa ke dipeo tse pedi fa di kopana di itekanetse. O tlhalositse gore ke maikarabelo a puso go netefatsa gore peo e, fa e sena go kopana e e emele ka dinao. A re ke ka moo puso e reng fa mme a tlodilwe ke setswalo beke tse thataro a ye go bona ba bongaka ka go ke botlhokwa go bona ba bongaka go tlhatlhoba ngwana yo o mo sebopelong sa ga mmaagwe ga mmogo le botsogo jwa ga mme. A re fa ngwana yo o imilweng ke mme yo o lwalang sukiri a gola thata go a tshwenya ka gore o felela a belegwa ka loaro. Ka jalo, go botlhokwa gore bomme ba ba itsholofetseng ba bone bongaka gore dilo tse di bonwe nako e sale teng. O ne gape a tlhagisa gore ntho ya motho yo o nang le sukiri e bonya go fola fa gongwe ga e fole gotlhelele. Tona o kaile gore mo boimaneng go na le bothata fa mme a na le madi a matona ka a kgona go tlhokafala ka ntata ya bolwetse jo, segolo bogolo fa bo mo tlela a le mo ditlhabing. Gape tona a re diemo tse di ntseng jaana di kgona go dira gore mme a belegisiwe nako ya gagwe e ise e tle. Le fa go ntse jalo, a re seemo se, se ka thibelwa fa mme a ka fefogela go bona ba bongaka. O boile a tlhalosa gore mme yo o itsholofetseng o tlhatlhobelwa malwetse ka go farologana a tshelanwang le a a sa tshelanweng.m A re mme o tshwanetse go tlhatlhobelwa HIV ka a kgona go fetisetsa mogare kwa loseeng. Tona a re ngwana fa a tshotswe o tshwanetse go nna le tlhokomelo ka go isiwa sekaleng kgwedi le kgwedi go bona gore o gola sentle go fitlhelela a nna dingwaga tse tlhano. Tona a re o tshwenngwa ke gore o amogela pego ya gore tsabana jaanong e jewa ke borre. O tsweletse ka gore puso ga e felele fela mo baneng ba ba dingwaga tse tlhano. A re bana ba ba dingwaga tse tlhano go tsena tse di lesome le bobedi ba alafiwa mahala ke puso. O tladitse ka gore puso e dira se gore e re e tlaa re re tshaba e e itekanetseng, go bo go sa bolo go tlhokomelwa ngwana a sale mmotlana. O wetse ka go re fa setshaba sotlhe se ka neelana le puso ka boitekanelo, ke gone re ka kgonang go nna tshaba e e nonofileng ebile e itekanetse ka 2016. E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba Mmakanke ba bolelela tona gore boitekanelo ga bo kake jwa nna teng go se na metsi a a phepa e bile bana ba tsamaya mosepele o moleele go ya sekoleng. Ba kopile tona go ba agela kokelwana ka palo ya batho jaanong e nonofile e bile e fetile makgolo a marataro. BOKHUTLO
|
health
| 6 |
Go ngwega ga bana go diga maduo
|
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Itholoke kwa kgaolong ya Ngwaketse Bophirima, Mme Totanang Serurubele, a re ba tshwenngwa ke bana ba ba tlogelang sekole ka jaana go isa maduo a sekole kwa tlase. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Serurubele a tlhalosa fa bana ba sekole sa gagwe ba itlwaeditse go tlogela sekole mme ba e go nna kwa dipolaseng, kwa bontsi jwa batsadi ba bone ba thapilweng teng. A re ba itshwaragantse le ba khansele gore bana ba ba ngwegang mo sekoleng ba latelwe. A re e re ntswa bangwe ba baithuti bao ba kgona go tsamaya sebaka se se fetang malatsi a le masome mabedi le bongwe a a beilweng ke lephata la thuto gore morago ga one ngwana a bo a sutlhiwa, ba rotloeditswe gore e re ka jaana motse wa bone e le mengwe e e kgakala le ditlamelo ba tswelele fela ba busetse bana bao mo sekoleng nako ya ba boa. Le fa go ntse jalo o supile fa go latela bana kwa dipolaseng go diela barutabana nako ya go ruta ba bangwe, gape le bone bana ba ba siileng ba siiwa ke dithuto. A re selo se se digela maduo a sekole kwa tlase, a supa fa sekole sa gagwe se dikile se fentse maduo a lekwalo la bosupa ka lesome le bosupa mo lekgolong.
|
education
| 4 |
Kutlwano e ka thusa
|
“Kutlwano le tshwaragano di ka thusa go kopanya batsadi le bana ba bone go aga bokamoso.” Se se builwe ke Kgosi Shathani Kgakanyane wa Sebina mo potsolotsong. A re nako e gorogile ya gore batsadi ba nne fa fatshe ba buisane le bana ba bone. A re se seka thusa fela thata ka gore ba ka kgona go buisana ka dikgang tse di amang matshelo a bone motlhofo; a re e bile go dira jalo go ka thusa gore bana ba bone ba ikgaphe mo ditaging le go tlogela sekolo ka ntanta ya boimana, a tlatsa ka gore thuto ke yone bokamoso jwa bone. O kopile batsadi gore ba nne le seabe mo dithutong tsa bana ba bone, a re se se ka tsisa kutlwano le popagano e e tiileng e bile go ka boa ga thusa fela thata mo go fediseng dipolaano tsa baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana. Kgosi Kgakanyane o tlhalositse fa maphata a tshwana le la sepodise le la boipelogo a le teng go fa botsadi thuso fa ba palelwang teng. O tlhalositse fa go tlhoka kutlwano le tshwaragano go ka tsisa kwelotlase ya dithuto tsa bana kwa sekolong,le botlhoka tsebe jwa banana. BOKHUTLO
|
health
| 6 |
Mabutswapele a Tutume a bolela ditso
|
Lebutswapele la Tutume, Rre Sebalo Makgobota a re magosi a dikgotla tsa Magapatona, Madikwe le Selolwane ke bone batho ba ntlha go thibelela mo motseng wa Tutume ba tlogela merafe ya bone kwa Nkange le kwa Nsuswane. Rre Makgobota o buile seo fa a ne a tlhalosa ka ditso tsa Tutume ka letsatsi le seromamowa sa setshaba se se neng se gasa ka tlhamalalo bosheng. A re ene o tshotswe ka ngwaga wa 1936, a tsholelwa mo motseng wa Tutume a sa itse gore magosi ao a a thibeletseng lantlha go tlhoma motse oo a gorogile ka ngwaga mang. O ne a tlhalosa fa leina Tutume le raya selo se se golang jaaka ekare se a bela mme a supa fa morafe o o neng o setse kwa Nkange fa dikgosi tsa one di tla kwa Tutume o ne wa fuduga ka ngwaga wa 1946 morago ga taolo ya ga kgosi Tshekedi Khama wa Bangwato, a sena go lemoga fa ba bolawa ke lenyora ga mmogo le leruo la bone. Rre Makgobota a re ka dingwaga tseo go ne go sena ditlhabololo mo motseng ba tshela ka go sokola, ba latela marekisetso kwa Nkange mme seo se ba tseye malatsi a mabedi go ya le go boa. A re gape le dikole di ne di le boutsana ba tsamaya sekgele se se telele go ya sekoleng, a bolela fa motse o tlhabologile thata ka ponyo ya leitlho, selo se a se lebogelang thata mme a re ditlhabololo tseo di tswelele go ya pele. E ne erile pele fa a amogela baeng, Kgosi Buyendasi Mbenga a leboga boeteledipele jwa lephata la kgaso go bo le bone go tshwanela go ipelela dingwaga tse di masome matlhano le setshaba. Kgosi Mbenga a re go isa seromamowa kwa bathong go dirile gore ba kgone go lemoga ka fa se berekang ka teng mme a tlhalosa fa ene a ne a tsaya gore se berekela mo ntlong e tona fela ebile ga se kgone go ka fuduga fa se leng gone. Moeteledipele wa lekoko leo la seromamowa sa Botswana, Mme Neo Lenkopane o ne a bolela fa ba tsamaya ba tlhotlhoma le lefatshe la Botswana ka bophara go ipelela dingwaga tse di masome matlhano seromamowa seo se gasa. Leloko la komiti e kgolo e e baakanyetsang boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano, Rre Henry Lechuti o ne a kopa batho ba Tutume go ipaakanyetsa boipuso ka go phepafatsa tikologo e ba leng mo go yone go simolola kwa malwapeng a bone, motse le tsone dikgotla tsa bone tota go di kgabisa ka mebala ya Botswana.
|
society
| 9 |
Baikepi o tshela ka legong
|
Mme Manyemudzo Baikepi wa Goshwe mo kgaolong potlana ya Tutume o ikana gore ga gona se se tlaa mmusetsang morago mo go batleng ditsela tsa go itshetsa. Ka jalo ga a ipone tsapa go ralala sekgwa go batla legong le a ka le dirisang go betla. Mme Baikepi, yo o dingwaga tse di masome mane, a re rraagwe e ne e le mmetli wa dikika, dijokwe le dilo ka go farologana. E rile mmonnamogolo a sena go hulara, Mme Baikepi a tsaya di dirisiwa tsa gagwe gore le ene a lekeletse gore o ka seke a dire jaaka a ne a bona rraagwe a dira. A re ka lone letsatsi leo ga a ka a leba kwa morago. O ne a tswelela a dira mme a bona batho ba kgatlegela tiro ya gagwe, selo se se neng sa mo tiisa moko. O tsweletse a bolela fa tlhotlhoetso e a neng a e fiwa ke batho ba motse e ne ya dira gore a tswelele ka tiro ya gagwe ya go betla dikika, metshe, ditilo le tse dingwe. A re e ne ya re a santse a tshwere ka thata a dirisa didirisiwa tsa ga rraagwe, ofisi ya boipelego ya mothusa ka thulaganyo ya nyeletso lehuma ka go mo rekela dishaga le di dirisiwa tse dingwe tse di botoka mo go tse a neng a di dirisa pele. Mme Baikepi re seo se ne sa motlhofofaletsa tiro. Mo nakong ya gompieno legong o le leba ka matlho fela go be go tswa se a eletsang go se dira ka ponyo ya matlho. A re le dilo tsa gagwe di kgona go rekwa fela thata ka thusa ya ofisi ya nyeletso lehuma. Mme Baikepi, yo o o nang le bana ba le bararo, o supile fa a kgona go tlamela bana ba gagwe le go ba tsenya dikole ntle le matshwenyego ape. O ne a gwetlha bomme ba bangwe go ema ka dinao go na le go ikaega ka borre. Mme Baikepi o dumela gore motlhala wa khumo o mo ntsi mme o tlhoka balatedi.
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Dikgosi di kopa puso go emisa thekiso ya majalwa a Setswana
|
Dikgosi tsa metse ya Tswapong di kopile puso go emisa thekiso ya majalwa a Setswana gore lefatshe leno le kgone go itebaganya le go hema go tlhagoga ga COVID-19. Fa ba akgela kwa bokopanong jo bo neng bo tshwerwe kwa molelwaneng wa Martins Drift ka Laboraro go sekaseka ipaakanyetso tlhagogo ya mogare, Kgosi Jimmy Moremi wa Ngwapa o ne a supa fa a tshwenngwa ke thekiso ya majalwa a Setswana, segolo jang jo bo dirwang ka magapu jwa setopoti, a re bo ka rotloetsa go tsenwa le go anamisa mogare wa bolwetsi jwa COVID-19. A re majalwa a Setswana a tshwanetse go tswalelwa fela jaaka marekisetso a bojalwa a mangwe go itsa go kgobokana ga batho le go fapaanela dikopi tsa bojalwa. Kgosi Moremi o ne gape a supa fa a tshwenngwa ke batsadi ba ba sa tlhokomeleng bana mme ba ba tlogela ba tshamekela gongwe le gongwe, a re seo se baya matshelo a bone mo diphatseng. O ne gape a gakolola banni ba Ngwapa, Mokobeng, Machaneng le Letoreng ba a reng ba tlwaetse go tlola molelwane ba ya Afrika Borwa ba sena dipasa a re se se ka baya batho ba metse eo mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare. Ka jalo o ne a kopa gore ba molao ba itebaganye le matshwenyego a go tila gore mogare o tsene mo lefatsheng leno. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Theo Selebatso wa Lerala, o ne a kopa gore puso e anamise ditsompelo di tshwana le melora e e tlhapang diatla le e bolayang megare kwa dikgotleng le dikgotlana, kwa e leng gone kwa morafe o yang thata teng go kopa dithuso. Mookamela lephata la botsogo mo kgaolong ya Serowe/Palapye, Dr Gobusaone Morupisi ene o ne a tlhalosa fa ba botsogo ba le malala a laotswe go lwantshana le go tlhagoga ga mogare wa bolwetsi COVID-19. Dr Morupisi o ne gape a re ba tshwaragane le mapodisi go bona gore melao e e beilweng ke puso go lwantsha tlhagogo ya mogare e a diragadiwa ka go tsaya botlhe ba ba gorogang go tswa Afrika Borwa ba ba isa kwa lefelong le le faphegileng malatsi a le lesome le bone. A re ka Labobedi, ba kgonne go isa batho ba le masome mane le borataro mme ba solofetse gore dipalo tseo di oketsege fa molelwane wa Aerika Borwa o tswalwa. A re mathata a a teng ke bakgweetsi ba dikoloi tse ditona ba ba tlang le ditsala, a re mo seemong sa go nna jalo ga ba letlelele gore ditsala di ka feta le bakgweetsi mme batho ba go nna jalo le bone ba isitswe kwa lefelong le le faphegileng go fitlhelela malatsi a a lesome le bone a wela.
|
health
| 6 |
Seemo sa matlakala se bifetse pele
|
Banni ba Kopong kwa Kweneng ba lela ka seemo sa matlakala se se bifetseng pele kwa motseng wa bone. Mo potsolotsong, mogolwane mo lephateng la tshomarelo tikologo Mme Sibi Bob o supile fa ba tshwentswe ke seemo sa matlakala segolo bogolo mo masimong a a dikologileng. Matlakala a, a akaretsa mabotlele, dipampiri le leswe le le lebegang le tswa mo madirelong a matona a a tshwanang le a go rekisediwang dino le dijo le a mangwe. O tsweletse ka go tlhalosa gore go na le dikhamphani dingwe tse di tswang kwa Gaborone di tla di rwele matlakala ka dikoloi tse ditona mme ba fete ba tshololele matlakala mo masimong. A re go supafetse gore se ga se dikompone fela di dirang jalo le batho ba latlhela matlakala koo. Mme Bob a re matlakala a, a diphatsa ka a na le ditshipi, metswako e e botlhole, samente le dilo dingwe tse di sa itsagaleng mo teng ka jalo dilo tseo di baya banni ba masimo le leruo la bone mo diphatseng. A re matlakala ao a kgotlela tikologo le metsi a a bonwang mo dinokeng le melatswana e e mo tikologong ya masimo a bone. O tlhagisitse morafe fa se e le molato o motho a ka o elang kgolegelong dikgwedi tse thataro kana a lefa madi a a kanang ka makgolo a marataro a dipula. Mongwe wa barui ba go tshelwang matlakala mo tlase ga masimo a bone Rre Cassius Molefe o supile fa a sa itumedisiwe ke gore leruo le ja matlakala mme le latlhegelwe ke boleng le go tsenwa ke malwetsi tota. A re se batho ba ba se dirang ke go paledisa mananeo a puso a tshwana le LIMID le a banana ba ba filweng madi ke ba lephata la banana go tsweledisa dikgwebo tsa temo-thuo ka gore leruo la bone le felela le amiwa ke matlakala ka ditsela tse di farologanyeng mme dipoelo e nne tse di sa nametseng ka nako ya thekiso. Mme Bob o supile fa bophepa e le konokono mo go gateleng pele ka tebelopele ya lefatshe leno, ka jaana lengwe la matshego a tebelopele le supa fa re tshwanetse go nna tŝhaba e e itekanetseng mo go tsa botsogo. O supile fa mo nakong e e fetileng motse wa Kopong o ne o itsege ka bophepa mo kgaolong ya Kweneng ka jaana o fentse dikgaisano tsa motse o o phepa makgetho a le mabedi ka tatelano. A re mme ba tshwenyegile ka maiteko a bone a sa atlega monongwaga ka ba gapile maemo a boraro go tswa ko go a ntlha. O bile a re lephata la bone le leka gotlhe go rotloetsa morafe go phepafatsa tikologo, mme a re se, e felela e le ditoro fela ka bangwe ba goga dinao fa ba bangwe ba iteka ka ba dumela fa bontle bo itirelwa.
|
environment
| 5 |
Bagodi ke teemane
|
Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a re o leboga bagolo ba lefatshe leno ka ba dirile go le gontsi gore lefatshe leno e nne se e leng sone. Tautona Khama o buile se jaaka a ne a kopane le bagodi go ba abela dikobo ka Tshipi kwa kgotleng ya Manamakgotle kwa Mochudi. A re e tla bo e se setho gore Batswana ba lebale bagolo ka se ba se diretseng lefatshe leno. Tautona Khama o ne a kopa bagolo go ikopanya gore batle ka mananeo a puso e ka ba thusang ka one. A re mo diphuthegong tse a ntseng a di tshwara, bagodi ba a lela ka jaana go sena mananeo a a ba lebaneng mme ka jalo ba salela kwa morago mo go itireleng. Tautona Khama a re ba supile fa banana ba tlhokometswe ka mananeo a bone mme bone ga gona sepe se ba ka ithusang ka sone. O ne a kopa gore bagodi ba kgaolo eo ba ikopanye mme ba buisane ka mananeo a ba akanyang gore ba ka thusiwa ka one. A re fa ba sena go buisana ba ikopanye le molaodi gore a ba gokaganye le ene ba mo etele kwa ofising ya gagwe gore ba supe mananeo a ba bonang a ka ba sologela molemo. E re dikgang di eme jalo, Tautona o ne a supa fa mo dikgweding tse di tlang, puso e tla dira ditshekatsheko ka mananeo a a lebaganeng le ba-na-le-bogole gore le bone ba kgone go thusiwa ka mananeo a a ba lebaganeng. E rile go le pele fa Kgosi Segale Linchwe a amogela tautona a supa fa gona le dikgotlana di le tlhano tse di tseetsweng dithata tsa go sekisa (warrant) mme ka jalo ba sokola e bile gape dikgosana tseo dine tsa kgaolelwa madi. O ne a kopa tautona go ba fa koloi mme e bile e ne a batla ya gagwe ka jaana ba sokola gore ba thuse setshaba mme gape a supa fa ba tshwenyegile ka batho ba ba thubetsang bomme mo tseleng e e yang kwa sekolong se sebotlana sa Linchwe a re o kopa gore go bewe mapodisi go thusa seemo seo. Kgosi Segale o ne a lemotsha Tautona Khama fa batshwara madi mo dikgaolong ba sokola ka lebaka la dikoloi mme jalo bangwe ba bone ba felela ba pagama dikoloi tse e seng tsa puso mme seo se borai ka dilalome di ka ba a phamolela e bile gape e se yone tsamaiso. E rile a araba Tautona Khama o ne a solofetsa kgosi gore e tla re ka mosupologo ba sekaseke dikgang tsa gagwe mme batla bona gore ba mo thusang jang mo go tsone. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Bosinah Moetlo le ene o ne a kopa tautona gore a ba tswe thuso ka jaana ba filwe setsha mo Matshabe Game Park gore ba age dikago tsa ditso (cultural village) mme ga bana madi le ditsompelo tsa go simolola dikago tseo. O ne gape a leboga tautona ka jaana a ba etetse e bile le bone bat la amogela dimpho tsa dikobo go tswa mo go ene. Mme Moelto a re ga ba bolo go nyorelwa go mmona ka a tsamaya mo dikgaolong tse dingwe a abela bagodi mme ba itumetse ka ba kopane le ene. Tautona o ne a ba abela madi a a kanang ka P10 000 mme a ba solofetsa go tswelela a ba thusa go ya pele. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
Molelo wa kgolagano o kopanya ba Palapye
|
Molelo wa kgolagano o gorogile ka Labobedi mo kgaolong ya Palapye o amogelwa lantlha mo kgaolong eo ke motse wa Moreomabele le Topisi. Kgaolo ya Palapye e dirwa ke metse e e masome mabedi le bosupa, e e mo dikgaolong tsa botlhophi tsa Serowe Bokone, Mmadinare, Lerala/Maunatlala, Serowe Borwa le Palapye. Molelo wa kgolagano o solofelwa go tsamaya le mafelo a go fitlhela o goroga ko motseng wa bofelo ebong Palapye kgwedi ya Motsheganong e tlhola boferabongwe ko e tlaa reng o tswa foo o amogelwe ke kgaolo ya Boteti. Fa a amogela molelo oo mo boemong ja banni ba kgaolo ya Palapye, mothusa molaodi Mme Segametsi Koontse o lebogetse molelo wa kgolagano mme a tshephisa go o tukisa mo dikgaolong tsotlhe tsa kgaolo ya gagwe. A re molelo wa kgolagano o supa popagano, kutlwano, bopelotelele le lorato le Batswana ba tshelang ka jone. A re se ga se a tla fela ka e le mowa o Batswana ba o anyileng mo batsading ba bone ba ba ileng ba dira motheo wa puso ya batho ka batho. Mma Koontse o ne a amogela molelo go tswa ko go mothusa molaodi wa kgaolo ya Bobirwa Rre Mooketsi Lesetedi yo le ene a supileng fa molelo o o bonesitse kgaolo ya Bobirwa yotlhe. Molaodi Mma Koontse o ile a rolela Kgosi Collen Seema go o isa ko motseng wa Moreomabele o e nnileng one wa ntlha go amogela molelo o mo kgaolong ya Palapye. Kgosi Seema o ile a supa fa banni ba Moreomabele ba itumetse fela thata go bo ba nnile bone ba ntlha go amogela molelo mo Palapye mme a solofetsa go tswelela a netefatsa gore kutlwano, popagano le botho jo Batswana ba itsegeng ka jone ga di ba tswe diatleng. Fa a tswa la gagwe Kgosi Kgololo Motshwaedi o ile a tlhalosa fa molelo wa kgolagano e le sekao sa tlotlo e Batswana ba nang nayo. A re lefatshe leno ke lefatshe le le tlotlang molao ka jalo bagolo le bana ba tshwanelwa ke go itlotla le go tlotlana. A re Batswana ke batho ba e reng ba kopana ba dumedisane mme se se tsetse kgololesego le kagiso. Molelo o o ile wa isiwa ko sekoleng se sebotlana sa Moreomabele mme morago wa amogelwa ko Topisi ke Kgosi Kgomotso Boiditswe yo le ene a ileng a supa fa molelo o o kopanya Batswana o ba dira selo se le sengwe. A re semorafe se tshwanetse go fela mme go rene kagiso fela. A re molelo o tlaa bonesa le sekole se sebotlana sa Chakaloba mme o age baeteledipele ba kamoso ba lefatshe le ba ba tlaa tsogang ba gata mo dikgatong tsa batsadi ba bone ba busa lefatshe leno ka boikarabelo. Molelo o o ile wa isiwa gape ko kgotleng ya bogologolo ya Topisi le ko Tloutswe-mogala. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
Godisetsang bana mo Modimong - kgosi
|
Go botlhokwa thata go godisetsa ngwana mo tseleng ya tshiamo ka go thusa go fokotsa mewa e e maswe mo go ene e akaretsa mowa wa kgokgontsho. Fa a bua mo letsholong la go lwantsha kgokgontsho ya bong bosheng, Kgosi Mpeo Mpeo a re ka fa ngwana a godisiwang ka teng go laola ka fa a tsileng go tshidisanya le ba bangwe ka teng fa a ntse a gola. A re dikgang tsa kgokgontsho ya bong di tsweletse ka go kekela mme seo se supa fa bontsi jwa batsadi ba latlhegetswe ke tsela e e siameng ya kgodiso ya ngwana. O tsweletse ka gore bangwe batsadi ga ba ke ba kgalemela bana ba bone fa ba sa dire sentle ka ba tsaya gore ba a ba rata ga ba batle go ba utlwisa botlhoko. Kgosi Mpeo o kopile batsadi gore ba lebelele botshelo kwa pele, ba itse gore se ba se rutang bana ba bone le bone bana bao ba tsoga ba se ruta ba bo ba se dira mo go ba bangwe. A re kgokgontsho e ama dikgang di tshwana le go kganela ngwana go tsena sekole, go mo tima dijo le go roma ngwana dino kgotsa ditagi. A re e tla a bo e re botshelo bo ntse bo tsweletse, kgokgontsho e tla a bo e gola go simolola go nna le dikiteo le go itseela dikobo ka dikgoka gareng ga tse dingwe, ke ka moo bomme le borre ba lelang ka dikgang tsa kgokgontsho Kgosi Mpeo o kopile setshaba go bega dikgang tsa kgokgontsho gore di tle di rarabololwe go sa na le nako. O supile gore lengwe la mabaka a gore kgokgontsho e bo e kare ga e laolesege ke gone gore dikgang tsa teng ga di begiwe. A re setshaba se emise dikgang tse di tshwanang le gore dilo tsa lelwapa la ga mmasemangmang ga di nkame. O tsweletse a re batho ba tshwanetse go itse gore lefatshe leno ke la rona rotlhe jalo fa motho a bona sengwe se sa tsamae sentle golo gongwe o tshwanetse go itsese ba ba maleba ka bofefo. Fa a bua mo boemong ja mookamela mapodise a Machaneng, Constable Botshelo Molubi o supile fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa kgokgontsho ya bong tse ba sa di begelweng. A re kgaolo e ba e okametseng e na le dikgang tse dintsi thata tsa kgokgontsho. Mme Molubi o supile gore mo dipegong tse di mmalwa tse ba kgonneng go di amogela, ba lemogile fa modi wa seemo seo e le ka fa batho ba godisitsweng ka teng. O supile gore fa ngwana a godisiwa ka tsela e e siameng, o ya go gola a itse molemo le bosula. Mme Molubi o kopile borre gore ba emise tumelo ya gore fa ba ka ya go bega gore ba a kgokgontshiwa mapodise a ka ba tshega. O tsweletse ka go supa fa kgokgontsho e ama itsholelo ka go dirisiwa madi a mantsi go latedisa dikgang dingwe tsa kgokgontsho mogodimo ga moo fa mokgokgontshi a le mo kgolegelong puso e tlamega go mo fa tlhokomelo ka madi a a seng kana ka sepe. O boletse fa kgokgontsho gape e ama maduo a bana mo dikolong ga mmogo le a bagolo mo ditirong. Mme Molubi o kopile batsadi gore ba fe bana morero mo lwapeng gore ba kgone go ba thusa go rarabolola dikgang dingwe tse di ka bakang kgokgontsho. Mongwe wa batsadi, Mme Keletshabile Gobotswang a re fa kgokgontsho e simolola go nna teng mo bathong, go a bo go supa gore ga go na lorato gareng ga bone. Mme Gobotswang o boletse fa lerato le le siameng ele le le nang le maduo a mantle, eseng le motsadi a sa kgalemeng ngwana. O rotloeditse setshaba go kopa dithuso mo bodireding jo bo maleba fa ba kgokgontshiwa pele ba ka tsaya ditshwetso tse e seng tsone ba ipolelela gore ke gone jaaka ba rarabolola mathata a kgokgontsho.
|
education
| 4 |
Naga ya leruo e fedile - Gaborone
|
E re ka jaana naga ya leruo mo kgaolong ya Tlokweng e sa tlhole e le teng, leruo le a tshwenya ka go hulela mo motseng ka seo se tlisa kgotlhang mo banning le barui. Mothusa Kgosikgolo ya Batlokwa, Kgosi Michael Gaborone o boletse fa kgang ya leruo e tshwanetse ya lebelelwa ka leitlho le le nchocho go bona gore go ka dirwa jang ka lone. Kgosi Gaborone o boletse seo mo potsolotsong le lekalana la BOPA, a tlhalosa gore go lebelelwe gore leruo le masimo di sale di nna teng banni ba ise batle mme kgolo ya motse e setse e babaletse maismo le naga ya phulo. Kgosi Gaborone o tlhalositse fa gone ga seka ga dirwa thulaganyo ya gore jaanong fa batho batla kana motse o atolosiwa leruo lone leya kae ka ga le kake la nna kwa masimo ka le ka senya dijwalo tsa balemi. O boletse fa beng ba leruo leo ba batla go ruwa fela jaaka Batswana ba bangwe ebile bana le yone tshwanelo ya go bewa le tsone ditsha, mme e se gore Batlokwa ga ba tlhokomele leruo la bone jaaka batho bangwe ba akanya kana gotwe Batlokwa ga ba dise le ntshwa ba tseetswe masaka le mafudiso. O tlhalositse gore, gore batho ba kgone leruo ke gore ba fiwe kwa ba ka bayang leruo teng e leng mafudiso go itsa gore leruo le seka la senyetsa batho, a tlatsa ka gore masimo a seka a tsewa mo bathong mme go lebelelwe gore diruiwa tsa bone di tla ya kae go sekasekiwe seemo pele. Kgosi Gaborone o boletse gore fa go sena lefatshe ga gona jaaka go ka dirwa ka leruo ga le kake la tlholwa le setswe morago bosigo le motshegare ka lone le a thoba goya kwa le batlang go tsamaela teng. O tlhalositse fa bogodu jwa leruo bo tshwenya ka dirukhutlhi di kgaola terata dibo di kgona gole tlodisetsa kwa lefatsheng le le mapabi la Aferika Borwa. O tsweletse a tlhalosa fa seemo se ne se retibetse jaaka ba sesole sa Botswana bane ba santse ba kata go bapa le terata e e kgaoganyang Botswana le Aferika Borwa, a tlatsa ka gore fa ba sesole ba seo go nna motlhofo gore leruo le utswiwe mme le tlodisiwe terata. O boletse fa lefatshe le lennye lena le ditlamorago gammogo le go atumela toropo ele mathata a matona, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore batho ba lebe kgang ya leruo sentle bogolo jang le le nnang kwa Tlokweng.
|
environment
| 5 |
Dipolaano di tshwenya banni
|
Ba kgotla yoo ra Tshosa kwa Serowe ba lela ka dipolaano tsa baratani tse di kekelang. Ba kuile mokgosi o mo phuthegong ya kgotla e e neng e beditswe ke mopalamente wa Serowe bokone botlhaba gape e le tona wa itshireletso, Rre Dikgakgamatso Seretse ka Labotlhano. E rile modulasetilo wa komiti ya twantsho borukuthi mo kgaolong yoo-Tshosa, Rre Gapele Matheatau, a lekodisa, a tlhalosa fa ba wetswe ke seru sa dipolaano tsa baratani ntswa borukutlhi bo ile kwa tlase. Rre Matheatau a re dintsho tse di neng tsa ba apesa ka kgwedi ya Seetebosigo di ne tsa ba tlama go tlosolosa phuthego ya kgwedi eo e tlhola letsatsi. A re dintsho tse ke tsa banana ba bolaya bakapelo ba bone mme morago ba ipolae. Mongwe wa baagi ba motse, Rre Gaamangwe Keitshokile, o ne a re fa e sale a tsalwa ga a ise a bone ditiragalo tsa mofuta o, mme a ipotsa gore fa banana ba ipolaya jaana a ba tlaa kgona go nyalana. Fa a ba kgwa dikgaba mopalamente, Rre Seretse a tlhalosa fa puso e bone go tshwanela go simolola tirelo setshaba ya sepodise. Rre Seretse o tlhalositse fa tirelo setshaba ya mothale o e tlaa thusa go aga botho jwa banana gore ba ikgaphe mo ditirong tsa borukuthi le go tila dipolaano le ditlhapa. O tlhalositse fa baithaopi ba tirelo setshaba ba tlaa thusa ka go tsena mo malwapeng go rutuntsha batho ka mowa le boitshwaro jo bo letlelesegang mo setshabeng. Mo go tse dingwe banni ba ne ba supa ngongora ka lenaneo la go busetsa bana kwa sekolong ba re le kgoba banana marapo ka bomogoloabone ba feditse dithuto kwa dikoleng tsa thutelo ditiro mme ba sa bone ditiro. Mookamedi wa tsa thuto le tlhabololo dikitso wa kgaolo ya Serowe-Boteti Mme Bernadette Monagen o tlhalositse fa lenaneo la go busetsa bana dikoleng le tsweletse. Mme Monageng o tlhalositse fa diphetolo di tsweletse, a re nako dingwe di a diega go lebeletswe gore sekole se ngwana a ikopetseng kwa go sone se bulwa leng. O ne a tlhalosa fa ba ba nang le dingongora ba ka ikopanya le bone kwa diofising mo Serowe go thusiwa nako e le teng.
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Semorafe ga se tlhokafale
|
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o kaile fa bogosi e le jwa morafe, ka jalo fa bo tlhakanngwa le dipolotiki bo ka tsala semorafe se se sa tlhokafaleng mo lefatsheng leno. O buile jaana a dumalana le monni wa Nata, Rre Justice Davis yo o neng a gakolola setshaba go sa kopanyeng merero ya bogosi le sepolotoki. Rre Davis o kaile fa go sa farologanyeng bogosi le sepolotiki go ka baka semorafe, go senya ledula le thitibalo e e renang mo Botswana. Erile a mo kgwa dikgaba, Dr Masisi a dumalanana fa ruri go intshunya nko ga magosi mo sepolotiking go ka tlisa semorafe. “Fa bogosi bo tlhakanngwa le polotiki go ka tsala semorafe, ka go re o tla a re kgosi e ke yame ke a e sireletsa, e kete kgosi e mo ntweng, wena o bo o tlhabana, mme se se ka kgaoganya lefatshe ka ba o tlhabanang nabo ba na le dikgosi le bone,” Tautona Masisi a tlhalosa. O tlhalositse fa mo mafatsheng a mangwe a a senang kagiso go simologile fela ka mokgwa o, mme ga gola ka monokela batho ba akanya gore go sireletsa kgosi ya bone go gaisa ga ba bangwe. “Re Batswana fela rotlhe, ka jalo re itse maemo a bogosi gore a batlwa jang e bile a kwa kgotleng. Fa o tsaya maemo ao o bo o ya dipepereng o tlaa kopana le bone ba dipepere koo mme gongwe o ya go boela morago o sa nna jaaka o ne o ya kwa, le seriti se seo. Fa kgosi e sena seriti go bothata,” tautona a tlhalosa. A re puso ya Botswana fa e bopiwa morago ga ditlhopho tsa 1965 molao-motheo wa lefatshe leno le melao e e neng ya dirwa morago ga moo e ne ya kgaoganya tsamaiso ya puso, ka jalo Botswana a na le matshego a mararo a tsamaiso puso. A re letshego la palamente le le dirang melao le bopiwa ka baemedi ba ba itlhophetsweng ke dikgalo mme baemedi ba bantsi ba pathi e e rileng e le bone ba tlhamang puso mme ba tsamaise merero ya puso ka lenaneo la ditsholofetso tse ba neng ba ipapaletsa dithopho ka lone. “Ditsholofetso tse ba neng ba le di neela ke tsone tse ba tlaa bong ba di diragatsa. Ba dirisa palamente go kopa madi e bile ba dirisa Palamente go dira melao kana go e baakanya.” Dr Masisi a re letshego la boraro ke la baatlhodi le le diragatsang le go ranola melao e e dirwang ke palamente go setswe morago molao-motheo. A re letshego la boraro la khudu-thamaga ya matona e e akaretsang Tautona, mothusi wa gagwe le matona a puso le diragatsa le go kopa madi kwa palamenteng, go tsamaisa mananeo le merero ya puso. Tautona a re dithata pele ga boipuso ka bontsi e ne e le tsa magosi, ba sekisa ba bo ba atlhola, ba aba lefatshe e bile ba thapa batho ba ba berekang le bone. O tlhalositse fa puso e ne e le ya segosi, ka jalo go ne go sena diphathi tsa sepolotiki tse di ipapatsang. A re mo molao-motheong o o mo tirisong go simolola ka 1966, bogosi ga bo sa tlhole bo laola jaaka pele. “Bogosi ga bo yo mo sepolotiking gothelele. Fa motho a tsaya maemo a bogosi o tshwanetse go bereka merero ya selegae, ya batho, ya ngwao le molao wa setso. Lefatshe le la Botswana ke la puso ya batho ka batho e mo go yone batho e leng bone ba nang le thata ya go tlhopha puso, e seng e e tsalelwang ya sennela ruri.” tautona a tlhalosa. Dr Masisi a re tsa kwa kgotleng tsa bogosi ke tsa bogosi le gore yo o sa tsalwang e se kgosi o ka seke a tsamaya a nna kgosi fa e se wa mo toropong kgotsa wa mo metsing e mesha kwa go tlhophiwang magosi a teng. A re mo tsamaisong ya molao- motheo wa Botswana go na le Republic of Botswana e seng Kingdom ka of Botswana, a supa dikgaolo tsotlhe e le karolo ya Republic of Botswana. “Ga go na Kingdom of North East. Ga gona kwa e leng gore bogosi bo laola tsamaiso ya puso mo kgaolong kana motse ope. Seemo se le se tlhaloganye ka gore re tloga re itebala re re re mo lefatsheng le e seng lone.”
|
society
| 9 |
Setlhopha se fetola matshelo
|
Setlhopha sa motshameko wa serala sa Namane Ya Moroba go tswa Thamaga se itomile molomo wa tlase go fetola matshelo a banana ba motse oo ka go ba ntsha mo mebileng. Moeteledipele wa setlhopha seo, Rre Osekile Tlhakujame o ne a tlhalosa fa ba ne ba lemoga fa botlhoka tsebe jo bo teng mo motseng oo bo kukediwa ke gore banana ba nna ka diatla. A re banana ba Thamaga ba boitseme mme e bile ga go na sepe se ba se dirang ntle le nnotagi le borukutlhi. Ka jalo e le ba setlhopha sa Namane ya Moroba ba bona go tshwanela go leka go rarabolola bothata joo ka go tsaya bangwe ba banana go nna maloko a mokgatlho oo. Rre Tlhakujame o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go ngoka banana ka dipalo tse di kwa godimo go tsenelela mokgatlho oo go leka go ba ntsha mo mebileng le go ba ruta botho ka jaana botho e le selo se ba se tlotlang thata e le mokgatlho mme e bile ba dumela fa ngwana yo o nang le setho a ka ya golo gongwe mo botsheong. O ne a tlhalosa fa a itumelela go bona banana bangwe ba supa kgatlhego mo go tseneleleng setlhopha seo, a re se se supa fa ba batla go fetola matshelo a bone. Rre Tlhakujame yo o neng a tlhalosa fa le ene a kile a tsamaya tsela ya botlhoka tsebe, a re o lemogile fa kgodiso ya ngwana go tswa kwa lwapeng e le botlhokwa thata. A re bana ka bontsi ba latlhegelwa ke tsela kwa malwapeng mme maitseo a a makgasa a ba a supe fa ba tsena kwa bathong. O ne a kgothatsa batsadi go godisa bana sentle le go itshwara sentle fa pele ga bana ka jaana ba ithuta dilo ba sale bannye mme e bile dilo tseo di nna mo ditlhaloganyong tsa bone lebaka le leleele. Namane ya Moroba ke setlhopha se se batletseng maloko a sone sebaka sa go ithuta kwa dikoleng tsa ithutelo tiro ya diatla le go batla mebereko. Rre Tlhakujame o ne a tlhalosa fa seo e le sone se ba se batlang ka tota ba batla go fetola matshelo a banana. O tlhalositse fa ba ka seke ba ineele mme ba tlaa tswelela ka go thusa banana le go ba batlela diphatlha tsa mebereko. Setlhopha se, se bereka le makalana a tswhana le MVA FUND a a ba thusang ka madi fa ba diragatsa mo motseng go rutuntsha banana ka nnotagi le dikotsi tsa dikoloi.
|
arts_culture_entertainment_and_media
| 0 |
Mopalamente o leboga batlhophi
|
Mopalamente wa kgaolo ya Jwaneng-Mabutsane Rre Shawn Ntlhaile o akgoletse banni ba metse ya Thankane le Samane go bo ba nnile le seabe mo ditlhophong tsa lefatshe tsa ngogola. Erile a buisa diphuthego kwa metseng eo bosheng, Rre Ntlhaile a tlhalosa fa go tlhopha ga bone ene ese go diragatsa tshwanelo ya bone fela, mme ebile go tlhotlheletsa puso ya batho ka batho e lefatshe leno le itsegeng ka yone. O ba boleletse gore jaaka ele morongwa wa bone o mosha, o ikaelela go emela kgaolo ka dinao a tshwaragane le badiri ka ene kwa khanselelng gammogo le badirela puso. A re tshwaragano ya batsaya-karolo ka go farologana key one e ka thusang go fefosa ditlhabololo mo metseng ya bone le go ba tlisetsa ditirelo ka nako. Rre Ntlhaile are ere ntswa batho ba farologanye ka diphathi tsa sepolotiki, ba tshwanetse go beela diphapang tseo kwa thoko mme ba bereka mmogo go itebaganya le go tlisetsa Batswana ditlamelo. A re ere ntswa ele ene morongwa wa kgaolo, o tlaa ba a ikaegile ka ofisi ya ga molaodi ka bogakolodi ka jaana ele yone e lomaganyang ditlamelo le ditirelo tsa kgaolo. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Ntlhaile one a supa fa maduo a sekole se sebotlana sa Thankane a le kwa tlase fela thata mme ebile ele seemo se se tlhokang go potlakelwa. A re ere ntswa a lemoga gore go ka tswa go na le dikgwetlho, batsadi ba tshwanetse ba ema ka dinao go thusanya le bogosi jwa sekole go tokafatsa maduo a bana. A re ba tshwanetse ba thulanya ditlhogo go tswa ka thulaganyo e e tsepameng e e tlaa thusang go tokafatsa seemo ka bonnyennyane jwa ditlamelo tse di leng teng. Erile bamo kgwa dikgaba, banni ba motse wa Samane ba tlhalosa fa dituelo tsa babereki ba Ipelegeng di tsaya lobaka fa ba sena go wetsa tiro. Bare selo se se dira gore ba feletse ba adima madi gore ba kgone go rekela bana dijo. Ba boletse fa gape ba sena kitso e e tletseng ka mananeo a nyeletso lehuma mmeba felele ba palelwa ke go a akola jaaka go tshwanetse. Ba ne ba kopa gape gore ba letlelelwe go tsaya ditlamelo kwa Jwaneng ka go le gaufi le bone gona le Mabutsane. Kwa Samane gone Mme Dineo Petso o ne a kopa gore ba remelwe ditlhare ka lenaneo la Ipelegeng go henosa ditsela tsa masimo ka jaana go sena fa diterekere di fetang teng go ya go lema. Ba bangwe ba ne ngongorega ka dituelo tse di kwa godimo tsa metsi, tse ba reng di ba itsa go akola mananeo a nyeletso lehuma sentle a tshwana le ditshingwana tsa merogo
|
politics
| 7 |
Mothusa tona o kopa ba Masunga
|
Batswana ba kopilwe go tshwaraganela mokgweleo wa go tlhabolola metse le dikgaolo tsa bone ga mmogo le lefatshe ka bophara. Kopo eo e dirilwe ke mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo gape e le mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Biggie Butale a tshwere diphuthego tsa kgotla kwa Moroka, Mapoka le Nlapkhwane kgwedi eno e tlhola gatlhano. O kopile banni go itse fa lefatshe leno le santse le lebanwe ke tlhaelo ya madi, ka jalo ba tshwanelwa ke go abelana megopolo tebang le go dirisa bonnyenyane jo ba tla bong ba na le jone. A re e re ka jaana puso e tsere tshwetso ya go abela kgaolo nngwe le nngwe P10 million go o kgaoganya ka metse go diragatsa ditlhabololo dingwe, go mo maruding a banni go tlhomamisa gore ba buisana le go abelana megopolo ka fa ba tla dirisang ka teng madi a a abetsweng metse ya bone. Rre Butale o ba gakolotse go dirisa madi ao mo go diragatseng ditlhabololo tse ba di eleditseng, a re sepe se ba tla se tlhophang mme sa seka sa wela, ba itse fa ba tla se tsweledisa mo legatong le le latelang la kabo ya madi ao, ka jaana a abiwa ngwaga le ngwaga. O ne a tshwaela jalo a tsibogela matshwenyego le dikopo tsa banni, a re ka ntlha ya tlhaelo eo ya madi ba itse fa dingwe tse ba di eleditseng mo motseng ya bone, di tla sekasekiwa mo tsamaong ya nako. Mabapi le seemo se se tshwentseng banni ba metse eo sa tsela e e fetang ka metse ya bone ya Mulambakwena/Ramokgwebana, Rre Butale o ne a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso ya go nna e tsaya madi a lekgetho la leokwane go itebaganya le go dira ditsela tsa lefatshe leno ka bophara. A re seo se raya gore le yone tsela eo e tlaa dirwa ka go tlhatlologana ga malatsi, a tlatsa gape ka gore mabapi le dikgang tsa metsi, puso e tsere tshwetso ya go adima madi kwa bankeng ya mafatshe go itebaganya le go tokafatsa seemo sa metsi. Rre Butale o ne a itsese banni fa tsela ya Tshesebe/Masunga e simolotse go dirwa, mme a re ka jalo bana ba kgaolo ba tla nna le sebaka sa go nwa moro mo go dirweng ga tsela eo ka go bona ditiro fa e tsweletse ka go dirwa. O ne a tlhalosa fa go dirwa ga tsela eo, go tlaa lere ditlhabololo le go thusa go tsholetsa itsholelo ya kgaolo gammogo le go oketsa papadisanyo magareng ga metse ya kgaolo ya Bokone Botlhaba. Mo go tse dingwe, Rre Butale o ne a kopa kemonokeng mo banning ba kgaolo ya gagwe tebang le maikaelelo a gagwe a go tsaya mosepele o o duelelwang ka baesekele go tswa Masunga go ya Gaborone, go leka go kgobokanya madi a go rekela dikolo tsa kgaolo ya gagwe dikhomputara, a bolela fa a tla tsaya mosepele oo ka kgwedi ya Phalane e ya fifing monongwaga. Rre Butale o ne a bo a tlhatlhelela banni ka melawana mengwe e e fetisitsweng kwa palamenteng. Banni ba metse eo ba ne ba ikuela ka dilo di le mmalwa tse di akaretsang borukutlhi jo bo yang magoletsa mo metseng ya bone, ka jalo ba kopa go okelediwa palo ya mapodisi mo motseng. Ends
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Kisa o eme ka dinao go ipaakanyetsa boipuso
|
Banni ba metse e e farologaneng kwa kgaolong ya Kgalagadi ba tshwere ka natla mo dipaakanyong tsa boipuso jwa monongwaga. Seo se rurifaditswe ke Kgosi Matshidiso Babeile wa Kisa mo kgaolong eo mo potsolosong le BOPA ka Mosupologo (lesome le bobedi). Kgosi Babeile o ne a tlhalosa fa dipaakanyo tsa boipuso tsa go kgabisa kgotla di sa le di tlhagoletswe tsela ke loeto lwa ga Tautona fa a ne a etetse motse oo ka kgwedi ya Moranang Kgosi Babeile o boletse fa morafe wa gagwe o tsweletse sentle ka go tshwaragana, ba nna seopo sengwe le gone go dira ka natla ka mongwe le mongwe a tsentse letsogo ka mowa o le mongwe fela wa boithaopo le go ipelega ba direla motse wa bone. O boletse fa gareng ga dipaakanyo tsa motse wa bone, sengwe sa tse di kgatlhang thata e bile se le pharaloganyo e le sethwantsho se ba se dirileng sa dikgosi tse tharo tse di neng tsa ya go kopela lefatshe leno tshireletso kwa ga mmamosadinyana. A re setshwantsho seo sa dikgosi tse tharo ba tlaa bo ba ipelela boipuso ka sone le gore gape e tlaa nna segopotso le thuto mo baneng ba dikole le dikokomane tse di tlaa tlang mo motseng oo. O kaile fa ba kgobokantse madi a ba tlaa ipelang ka one ka go tshwara maitiso le tse dingwe le gore ba dumalane le morafe wa gagwe gore mongwe le mongwe a nne le seabe ka go ithaopa ba koleka ka dijo le loruo tse e leng tsone ba tlaa kgonang gore di apeelwe morafe mo malatsing a a tlaa ketekwang a boipuso. Kgosi o kaile fa ba tlaa simolola go ipelela boipuso jwa monongwaga go simolola kgwedi eno e le masome a mabedi le botlhano go fitlha e le masome a mararo ka metshameko e e farolaganeng e akaretsa mabelo a bagolo le bana, mabelo a ditonki le dipitse, moopelo, dipina tsa ngwao tsa setapa le tse dingwe. Kgosi Babeile o supile fa botlhe ba ba tlaa fenyang mo metshamekong ka go farologana ba tlaa atswiwa ka dimpho tse di farologanyeng e le tsela nngwe ya go ba itumedisa. Kgosi Babeile o ne a garela ka go leboga thata puso ka ditlhabololo tse di leng teng mo motseng wa gagwe mo nakong ya gompieno ga mmogo le one mananeo a a teng a a tokafaditseng matshelo a banni ba motse wa gagwe mo dingwageng tse di masome a matlhano fa e sale lefatshe leno le tsaya boipuso.
|
politics
| 7 |
Temo ke kgetsi ya tsie
|
Molemi wa masimo a Letsopeng gaufi le motse wa Machaneng kwa kgaolong ya Tswapong, Rre Letsweletse Bontshitswe a re temo ke tiro e tona e e tlhokang go tshwaraganelwa. Rre Bontshitswe o buile se mo potsolotsong jaaka a ne a kgala borre ba ba santseng ba ipona tsapa mo go beeng masimo botsetse. A re bontsi ja borre ba rwesa bomme mokgweleo wa go tlhokomela masimo ba le nosi le ntswa fa gongwe ba sa patikwa ke sepe. O boletse gore ene mo nakong ya gompieno o eme ka dinao go bona gore sengwe le sengwe se se tlhokegang mo tshimong ya bone o a se dira go thusa mosadi wa gagwe. O supile fa mo nakong ya gompieno e le ene yo o tlhagolang ka mosadi wa gagwe a tshwerwe ke mabaka a mangwe. Rre Bontshitswe a re ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe go fa masimo tlhokomelo ya maemo a ntlha ka puso e ba lemela mahala. Go sale foo, Rre Bontshitswe a re le ntswa pula e le boutsana mme fela o solofetse thobo e e botoka. O supile fa a tswa kgakala a dirisa motlhale wa temo ya bogologolo mme mo ngwageng ono wa temo a dirisitse o mosha wa go lema ka ditselana. A re motlhale o mosha o a o dirisitseng ke one o mo fang tsholofelo ya thobo e e botoka ka a ne a ntse a sa boelwe mo go kgotsofatsang mo temong ya go gasa. O tsweletse ka go kaya gore go lema ka ditselana gape go mo tlhofofaletsa tiro ya go tlhagola fa a tshwantshanya le go tlhagola ga temo ya pele ya peo e e gasitsweng. Rre Bontshitswe a re o sale a lemile ka pula ya ntlha e e neleng ka kgwedi ya Sedimonthole ngogola. A re o lemile ditema tse tlhano tsa mabele, mmidi le dinawa. O boletse gore mo nakong ya gompieno matshosetsi a diji a a setseng a a itemogetse ke a leruo le le sailang gaufi le masimo. Rre Bontshitswe o rotloeditse Batswana gore ba seke ba kgojwa marapo ke seemo sa pula mme ba tswelele ba dire tsotlhe tse di tlhokegang kwa masimo fa ba santse ba letetse pula. A re go tlhoka go lema ga bontsi ja balemi mo sebakeng seno ga go ree gore balemi ba ka itlhokomolosa masimo a bone. O boletse fa go na le ditiro tse dingwe tse motho a ka di dirang a santse a emetse go lema jaaka go agelela masimo. O ne a kopa barui go disa leruo la bone go itsa tshenyo mo masimo ka dijalo di setse di simolotse go mela
|
society
| 9 |
Moletlo wa ipelelo ngwao o tsamaile sentle
|
Mogokaganyi wa ditiro tsa mokgatlho wa Arts Rain Culture mo Selebi Phikwe, Rre Tshepho Tsela a re o itumeletse ka fa moletlo wa Ko Chomeleng Cultural Festival o o neng o rulagantswe ke mokgatlho wa bone o tsamaileng sentle ka teng. Rre Tsela a re tsotlhe tse di neng di rulagantswe gore di tlaa diragala mo moletlong oo, di ne tsa tsamaya ka thelelo. O boletse fa boeteledipele jwa toropo ya Selebi Phikwe bo ne jwa supa kemo nokeng ya maikaelelo a mokgatlho wa bone ka go nna teng kwa moletlong oo. A re moletlo o wa Ko Chomeleng Culture Festival, o o neng o tshwaretswe kwa mabaleng a ditshupo a Selebi Phikwe ka setlhogo se se reng Ka Ngwao re ka Tsoga, o kgonne go ngoka bagwebi ba ba botlana mo toropong ya Selebi Phikwe le metse e e mabapi. Rre Tsela a re ditlhopha tsa mmino wa Setswana tse di neng di natefisa kwa moletlong o, ga di a ka tsa swabisa ba ba neng ba tsholegile go tla go jesa matlho a bone monate ka go ntsha ga tshwene fa ba diragatsa. O lebogetse dikompone le botlhe ba ba neng ba tshwaragane le bone go rulaganyetsa moletlo oo bosheng, ka jalo a bolela fa tshologelo ya batho e supa fa o tlaa nna le tswelelopele e e nametsang jaaka ba ikaelela go nna ba o tshegetsa ngwaga le ngwaga. A re moletlo oo, ke lengwe la maiteko a bone e le banana mo go nneng le seabe mo tsosolosong ya itsholelo ya toropo ya Selebi Phikwe. O kopile botlhe ba ba neng ba salela kwa morago go ititaya ka thupana nako e e tlang ka maiteko a bone e le go dira se se tlaa tokafatsang matshelo a banni ba Selebi Phikwe ka kakaretso, segolo jang ba mhama wa bodiragatsi le dikgwebo. Rre Tsela a re le fa moletlo wa bone o tsamaile sentle, go na le dikgwetlho tse ba neng ba kopana le tsone mo thulaganyong ya one, segolo jang go tlhoka barotloetsi. O boletse fa ba kgonne go ngoka dikompone le batho ka bongwe ka bongwe ba ba supileng fa ba tlaa buisana le bone ka fa ba ka thusanang mo go rulaganyetseng moletlo wa ngwaga o o tlang. A re ba rulagantse tshekatsheko ya ka fa moletlo o o tsamaileng ka teng kwa gape ba tlaa buisanang le go bolela maina a dikompone tse di supileng kgatlhego mo go tshwaraganeleng thulaganyo ya moletlo o ngwaga o o tlang. BOKHUTLO
|
arts_culture_entertainment_and_media
| 0 |
Setshwarwa ke ntsa pedi...
|
Makhanselara a kgaolo potlana ya Tutume a kopile badirela puso go tshwaragana le dikomiti tsa ditlhabololo mo motseng gore ditiro tsa Ipelegeng di fele ka nako e e beilweng. Fa mokhanselara wa Tutume Bophirima Rre Ishmael Mokgethi a bua mo phuthegong kwa kgotleng ya Selolwane, o boletse fa ditiro tsa Ipelegeng bontsi di sa fele ka tirisanyo mmogo e tlhaela fa gare ga badirela puso le komiti ya ditlhabololo tsa motse. A re gago na ope yo o tlhokomelang go bona gore babereki ba Ipelegeng ba tla ka nako, ebile ba dira tiro ka botlalo. O supile fa ditiro tse dingwe di na le dingwaga di dirwa mme le gompieno di ise di wediwe. O kopile komiti go dirisanya le puso gore ditiro di dirwe mo sebakeng se se tshwanetseng gore motse o fiwe ditlhabololo tse dingwe. O supile fa kgaolo ya botlhophi e fiwa ditiro tsa ditlhabololo di le nne mme di tshwanelwa ke go dirwa tsa fela ka nako gore ba fiwe tse dingwe gape. A re kgotla ya Selolwane e siilwe ke ditlhabololo ka ntlha ya go sa fetseng ditiro ka nako. Mokhanselara a re batho ba ne ba tsena diphuthego tsa makhanselara go utlwa gore a baemedi ba bone ba isa dikopo tsa morafe. Mokhanselara wa Tutume Legare Rre Moseki Matlhodi ene o ne a kopa ba ba mo Ipelegeng go bereka ka natla ba itse fa ditiro tsa Ipelegeng di dirwa go tlhabolola motse wa bone mme ebile di tshwanetse go fela ka nako gore ba fiwe tse dingwe. A re ba ithute go dira ba sa salwa morago gape ba goroge ka nako mo tirong. A re Ipelegeng e tshwana fela le mebereko e mengwe mme babereki ba itse fa ba tshwanetse go obamela melao ya tiro. A re bagolwane ba Ipelegeng ba dire tiro ya bone ya go tlhokomela mme ba tseele ba ba sa obameleng molao dikgato.
|
politics
| 7 |
Matagase o phophoma ka boitumelo
|
Morafe wa Matagase mo kgaolong ya Kweneng o akgoletse puso go bo e tlhomamisitse lefelo la bone go nna motse o jaanong o ka akolang ditlamelo jaaka metse e mengwe mo Botswana. E rile mo potsolotsong bosheng, ba Matagase ba supa fa ba ne ba sokola ka jaana ba ne ba tshelela mo lobelong le go iphitlha, ba bua gore ba molao ba ne ba supa fa ba ipeile mo lefelong leo e bile go sa letlelesege gore ba ka nna foo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba supa boitumelo, ba tlhalosa gore e rile kgwedi eno e tlhola malatsi a supa motse wa bone wa tlhomamisiwa ba bo ba bewa ditsha ka fa molaong ke lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Molepolole, jaanong ba emetse ditlankana. “Ntwa e, e ne e le thata e le bokete ka jaana re ne re sa bewa sentle ka fa semolaong, mme rona tota go se na kwa re neng re ka ya teng,” ga bua jalo Mme Kebuwa Saborole. Mme Saborole a re ba na le dingwaga di feta masome a marataro ba ntse ba nna mo motseng oo. O tlhalositse fa a le dingwaga tse di fetang masome a matlhano le botlhano e bile ene ka sebele a tsholetswe a bo a golela mo motseng oo, a tlatsa ka go re le bana ba gagwe o ba tshotse ba bo ba golela mo go one motse o. Mme Saborole a re ka jaana go ne go se na ditsha tsa mabitla, bana ba gagwe le batsadi ba gagwe ba fitlhetswe gone mo setsheng se a se neetsweng. O ne a supa jalo ntlheng ya bophirima fa go sa agwang sepe a kaya fa e le gone fa bangwe ba masika ba neng ba fitlhwa teng. Mme Saborole, yo o neng a supa fa ba le mo boitumelong jo bo boitshegang, a re se se monate ke gore e rile fa ba itlhobogileng teng puso ya ba baya ditsha. Le fa go ntse jalo, o kopile gore e re puso e simolola go tsisa ditlamelo ba simolole ka metsi ka jaana ke one konokono ya botshelo, a supa gore ba kgona go nna malatsi a mabedi ba sa bone le fa e le nono ya motsoko. A re e re ntswa go na le didiba tsa beng mo motseng, ba tlamega go reka metsi ao mme go a ba turela. O ne a supa fa ba le mo boitumelong jo bogolo e bile ba akgola mopalamente wa kgaolo le mokhanselara ka jaana a dumela gore ba na le seabe se segolo mo go beweng ga bone. Rre Samuel Jack a re ene o itumelela go bewa ka jaana ba tsile go dirisa maele a bone a botshelo go itshetsa. Rre Jack o tlhalositse fa e ne e le mogwebi a tswa go tsaya maele ao kwa toropong mme maikaelelo e le go a dirisa mo gae ka jaana dikgwebo di le boutsana e bile batho ba bolawa ke go tsamaya sekgala ba ya go reka kwa Letlhakeng le kwa Molepolole. O ne a supa fa maikaelelo a gagwe e le go tsaya mananeo a puso go tlhabolola kgwebo ya gagwe, a tlhalosa gore o tlamela masika a gagwe ka yone. O ne a tlhalosa fa a batla go atolosa kgwebo ya gagwe ya go rekisetsa fa thoko ga tsela ka jaana banni ba motse ba tlhoka go reka dilo tse dintsi di tshwana le dinotsididi le merogo. O ne a rotloetsa banana go ititaya ka thupana go fefogela go itshimololela dikgwebo mo motseng, a tlatsa ka go re go ka ba solegela molemo fa puso e ka ba thusa ka motlakase le metsi, segolo jang ka a rotloetsa banana go itirela ka diatla.
|
society
| 9 |
Banni ba Jwaneng ba rapelela pula
|
Baruti le batho ba toropo ya Jwaneng e ne ya re ka letsatsi la Tshipi Lwetse a tlhola borobabobedi ba phuthaganela kwa kgotleng go rapelela pula ga mmogo le go bula semmuso kgwedi eno ya thapelo. E re ka morafe o ne o tsile ka boutsana, moeteledipele wa lekgotla la baruti kwa Jwaneng Rre Binang Makgetho o ne a re go tlhabisa ditlhong gore e re dikereke di le dintsi mo toropong eo baruti ba bo ba le boutsana mo kopanong ya go rapelela pula.A re mokgwa o wa gore baruti ba nne maoto a tshupa mo ditirong tse ba ka bong ba di tshwaraganela le puso o a tshwenya ka jaana seabe sa baruti se tshwanetse go bonala mo ditirong tsa setshaba. O ne a kgothatsa manoto a a neng a tsene merapelo eo go tswelela ka go rapelela diemo tse di mo lefatsheng leno di akaretsa leuba le malwetsi. “A re tsweleleng ka go nonotsha dithapelo tsa rona ka gore tiro ya mokeresete ke go rapela le go rapelela motho yo mongwe gammogo le tsone diemo tsa lefatshe la gagwe,” a tlhalosa. Rre Makgetho a re mo dingwageng tse di fetileng kgwetlho e ne e le go rapelela bolwetsi jwa HIV/AIDS mme gompieno malwetsi a mangwe le one a tsere phekelo e sele. A re malwetsi a tshwana le madi a matona, kankere le sukiri a tsweletse ka go garimola batho bogolo jang banana. A re e le maloko a lekgotla la baruti ba itlamile go dirisa kgwedi eno ya Lwetse go tsamaya le toropo ya Jwaneng gotlhe le mo maphateng a a farologanyeng go rapelela dikgwetlho tse tsotlhe.A re mme tiro ya mofuta o e tlhoka tshwaragano le tirisanyo mmogo gore kwa bofelong lefatshe la Botswana le nne le pharologanyo. Kgosi Segale Letshele le ene o ne a supa fa a tshwentswe ke go bo batho ba tsile ka boutsana kwa kopanong eo le ntswa ba dirile bojotlhe go anamisa molaetsa.O ne a kopa ba ba tsileng go sa kgobege marapo ka jaana bokamoso jwa lefatshe leno bo le mo diatleng tsa bone ebile se ba se dirang e le tema go ya kwa ngwageng wa 2016. A re ka tsela nngwe batsadi ba na le seabe mo botlhoka-tsebeng jo bo diragalang mo lefatsheng leno ka jaana le bone ba retelelwa ke go tsena dipitso fa ba bidiwa. A re motsadi yo o ganang go tsena diphuthego o ka kgona jang go kgalemela bana fa ba fapoga tsela. BOKHUTLO Molaodi wa Jwaneng Rre Richard Boitshwarelo ene o ne a akgolela baruti boikarabelo jwa maemo a a kwa godimo ka jaana e nna e le bone ba ntlha go utlwa mokgosi fa o kuiwa bogolo jang e le selelo sa setshaba.
|
religion_and_belief
| 8 |
Mzwinila o kgothatsa banana go ithusa ka mananeo
|
Mopalamente wa Mmadinare e bile e le mothusa tona wa lephata la banana, metshameko le tlhabololo ngwao, Rre Kefentse Mzwinila o kgothaditse banana ba Tamasane, Mogapinyana, Mogapi, Kgagodi le Diloro go inaakanya le mananeo a lephata leo ka a diretswe go tlhabolola matshelo a bone le metse ya bone. Mothusa tona o buile jaana kwa pitsong e e neng e ngokile banana ba metse eo ka dipalo tse di kwa godimo, kwa kgotleng ya Maokatumo bosheng. Rre Mzwinila o tlhalositse fa pitso eo e tsile morago ga dingongorego tsa banana gore ga ba thusiwe sentle mo diofising. A re lephata la banana maikaelelo a lone ke go bona banana ba itlhametse ditiro go fokotsa letlhoko la mebereko. O supile fa maitlamo a lephata leo e le gore fa 2019 a wela, banana ka bontsi ba bo ba kgona go ikemela ka nosi mo dikgwebong. A re 62 ya batho mo lekgolong mo Botswana ke banana ba e bileng ba na le dithutego tse di kwa godimo. Rre Mzwinila a re se ka bosone se supa fa banana e le baeteledipele ba nako ya gompieno le go ya pele. Mopalamente Mzwinila o ne a tlhalosa fa lephata le tshwentswe ke banana ba ba thusitsweng ka madi a ba tshwanetseng go busa bontlha bongwe jwa o ne, mme ba sa dire jalo. O ba kgothaditse go busa madi gore banana ba ba santseng ba emetse go thusiwa ba kgone go thusiwa ka nako. Rre Mzwinila a re puso e rwele boikarabelo jwa go nonotsha banana ka ditsela tse di farologaneng, a re dikgaisano di tshwana le tsa ga Tautona ke nngwe tsela ya go suga banana ditlhaloganyo le go ba ruta ngwao le botho gore ba tsoge e le baeteledipele ba ba nang le boikarabelo. Molomaganya ditiro tsa lephata kwa kgaolong ya legare, Rre Pako Sisuku a re go ya ka ditshekatsheko tsa lephata, banana ba sa ntse ba goga dinao go dirisa mananeo. Rre Sisuku o rotloeditse banana go tlhoafalela go tsaya mananeo a puso ka a diretswe bone. O tlhalositse fa maikaelelo a lephata go kopana le banana e le gore e re morago ba kgone go tswa ka ditharabololo tsa gore ba ka tokafatsa ditirelo tsa bone jang. Moememedi wa banana ba Tamasane, Mme Kesego Ikanyeng o tlhalositse fa bontsi jwa nako banana ba sena sebaka sa go ntsha megopolo ya bone, a tlhalosa fa difomo tse di tladiwang go kopa madi di le thata mo banana ka bontsi ba sa di tlhaloganyeng, a re se ke kgwetlho e e dirang gore e nne o kare banana ga ba kgatlhegele mananeo. Mme Ikanyeng a re lephata la banana le tsaya nako go tsibogela dikopo tsa bone. Pitso eo, e ne e ngokile maphata a puso le a a ikemetseng ka nosi go tla go ruta banana ka ditirelo tse ba nang le tsone tse di ka ba thusang go itlhamela ditiro. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
Puma e aba dikobo
|
Mogolwane wa ofisi ya boipelego mo Letlhakane a re bana ba ba tswang mo malwapeng a itlhokang, masiela le dikhutsana ba na le dikgoreletsi tse di amang matshelo a bone ka jalo ba tlhoka go sidilwa maikutlo. Mme Mmoni Makobye o buile jalo ka Matlhatso jaaka kompone ya Puma Energy e ne e abela bana ba dikobo le mebese a supa gore le fa dikompone ka go farologana di dira tiro e ntle ka go abela ba malwapa a itsholelo e kwa tlase go botlhokwa gore ba abelwe se se ka ba thusang gore ba itumele mo maikutlong. A re go botlhokwa gore dikompone di lemoge gore go abela bana ba dithoto fela ga go a lekana ka gole botlhokwa thata gore ba sidilwe maikutlo ka seo se ka ba thusa gore ba kgone go itebaganya le dikgwetlho tsa botshelo le gone go dirisa sentle tse ba di abelwang. Mme Makobye a re go le gantsi dikompone le makalana a mangwe ba na le go tsenya letsogo go thusa puso ka go abela bana ba masiela, dikhutsana le ba malwapa a tlhokang dimpho ka go farologana, ba lebala go sala morago matshelo a bana ba ka bophara, a tswelela a gatelela gore bana ba, ba na le dikgwetlho ka jalo ba tlhoka bogakolodi le gone go sidilwa maikutlo. O rotloeditse kompone ya Puma Energy le tse dingwe gore mo isagong ba thuse bana ba ka go ba tlisetsa dithoto tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo, a supa fa go le botlhokwa gore bana ba, ba fiwe lorato le go rotloediwa go ikemela mo botshelong. Mme Makobye o tlhalositse gore lenaneo la go tlhokomela bana ba masiela ka go ba tlamela le simolotse e le la nakwana, le itebagantse le bana ba ba neng ba latlhegelwa ke batsadi ntateng ya bolwetse jwa AIDS. O supile gore le fa go ntse jalo puso e ne ya bona gole botlhokwa go tsweledisa lenaneo le, ka go lemoga fa dipalo tsa bana ba ba tlhokang thuso ya go tlamelwa ba oketsega. Mme Makobye are bangwe bana ba sala ba sena motlhokomedi batsadi ba gapilwe ke malwetse ka go farologana kgotsa dikotsi tsa tsela. O ne a leboga go bona dikompone jaaka ya Puma Energy di tsweletse ka go thusa go tlamela bana. Mogolwane wa kompone ya Puma Energy, Rre Boineelo Shubane are tiro ya go abela bana ba ba tlhokang e supa lorato a tlatsa ka gore go dira jalo go thusa gore matshelo a bone o tokafale le gone gore a tswelele pele. Rre Shubane a re kompone ya Puma Energy e motlotlo thata go bona e tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba a tlatsa ka gore ba kgonne go abela bana ba ka tshwaragano ya motia le boeteledipele jwa khansele potlana ya Boteti. O supile gore mo puisanong ya bone le ba khansele ba ne ba lemoga fa dipalo tsa bana ba ba tlhokang thuso di le kwa godimo mo Boteti. Rre Shubane are bangwe ba bone ba nna mo mafelong a kgakala le ditlamelo, bangwe e le ba ba tlogetseng dikolo ka mabaka a farologanyeng, bangwe ba bone ba eteletse pele malwapa a senang batsadi fa bangwe e le ba ba nang le bogole kana dikhutsana. A re mpho e ba e abileng e lebega e le potlana ba ba abetsweng bone ba itumetse thata e bile e tla ba thusa go itshireletsa mo serameng ka ele nako ya paka ya mariga. Rre Shubane are go a tshwenya go bona malwapa mangwe a tshelela mo lehumeng ka jalo go botlhokwa gore ba thusiwe gore botsogo jwa bone bo tokafale. E ne ya re a leboga ba Puma Energy mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Boteti Rre Christopher Maramba a re dimpho tse di abetsweng bana ba masiela di botlhokwa e bile di tla dira pharologanyo matshelong a bone. Rre Maramba a re le fa khansele e tsweletse ka go tlamela bana, boamaruri ke gore e tlhaelelwa ke madi ka jalo go botlhokwa gore dikompone le batho ka bongwe ka bongwe a tswelele ka go thusa.
|
society
| 9 |
Maele o kgala dipolaano
|
Mopalamente wa Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele o kgadile dipolaano tsa batho tse di diragalang mo kgaolong ya gagwe. Fa a buisa diphuthego kwa metseng ya Lerala, Majwaneng le Ratholo, Rre Maele o ne a re o tshwenyegile thata ka dipolaano tse di tsweletseng ka go diragala mo kgaolong ya gagwe, segolo jang tsa baratani. A re dipolaano tse gantsi di bakwa ke borre, a kopa borre go laola maikutlo a bone. A re ope ga a a tshwanela go gapela yo mongwe botshelo fa lorato le fela, a tlhalosa ka gore go botlhokwa go laola maikutlo. Rre Maele a re batsadi bangwe ba nna ka letshogo ba tshaba go bolawa, a tlhalosa fa bangwe batsadi ba setse ba bolailwe le bana ba bone. O kopile batsadi go itsese mapodisi ka bofefo fa go na le mongwe yo o botlhabetsi mo matshelong a bone, a re ke molato go tshosetsa motho yo mongwe gore o tlaa mmolaya. Rre Maele a re puso e fetotse molao gore Omang wa ba ba tlhokafetseng a busediwe kwa diofising tsa Omang. A re go itemogetswe gore go na le batho ba ba dirisang bo Omang ba baswi go dira borukutlhi, a tlhalosa gore molao o tlama gore bo omang ba baswi ba busediwe ko diofising tsa omang. A re fa go na le sepe se se amang moswi, go dirisiwa setlankana sa leso. Mo go tse dingwe, a re puso e okeditse dituelo tsa bodiredi jo bo berekelang mo makalaneng ka go farologana, mme a tlhalosa fa dituelo tsa badisa e le P700. A re ba ba thapilweng mo malwapeng ba tlaa duelwa P3.21 ka oura. A re se ga se reye gore bahiri ba seka ba duela go feta seelo se, a re molao ga o letle gore bahiri ba duele ko tlase ga seelo se se beilweng. Le fa go ntse jalo, banni ba metse e meraro e ga ba a itumelela dikokeletso tse ba re di kwa tlase, bogolo jang tsa babereki ba mo malwapeng. Barui le bone ba re dituelo tse disha tsa badisa di kwa godimo, ka gore ba rekela badisa dijo ntswa ba ba duela. Fa a ba fetola, Rre Maele a re puso ga e tlame ope yo o hirileng badisa gore a ba rekele dijo mme hela ga e letle gore badisa ba duelwe kwa tlase ga P700. A re go rekela modisa dijo e a bo ele go dira setho. A re babereki ba mo malwapeng bone ba tlhola kwa tirong mme ba fiwa dijo le boroko fa ba berekelang teng. A re babereki ba bangwe ga ba fiwe dipe tsa dilo tseo, ka jalo dikokeletso tsa bone di fa godimo ga tsa babereki ba mo malwapeng.
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Keitseng o rotloetsa tiriso ya lenaneo
|
E re jaaka letlhoko la ditiro mo lefatsheng leno le santse le tsweletse ka go tshwenya, puso e tsweletse ka go tla ka mananeo a tshwana le la nyeletso lehuma gore Batswana ka bontsi ba a dirise go tlhabolola matshelo a bone. Mo nakong eno, Batswana ka bontsi ba setse ba akola maduo a lenaneo la nyeletso huma lefatshe ka bophara. Le fa go ntse jalo, bangwe bone ba bo ba sa tlhokomele le go tsaya dikgwebo tsa lenaneo leo ka tlhoafalo tse di felelang di phutlhama. Mongwe wa ba ba thusitseng ka lenaneo leo Mme Seosotleng Keitseng yo o dingwaga tse di masome a supa le bone wa kgotla ya Ratotoboro kwa Molepolole o ne a kgothatsa botlhe ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go le dirisa le gone go le tlhokomela gore le tle le kgone go ba tswela mosola. E rile fa bua mo potsolotsong le A re go lebega fa Batswana ka bontsi ba sena tlhokomelo e e tseneletseng mo lenaneong leo. A re o leboga puso ka lenaeno, a supa fa le tlodisitse batho ba le bantsi dinoka ka jaana le thusa batho fa ba tlhaelang teng. A re go botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe yo o sa berekeng a inaakanye le mananeo a puso go fetola botshelo jwa gagwe. Mme Keitseng o tlhalosa gore kgwebo ya gagwe ga e ise e dire sentle jaaka a batla ka jaana a thusitswe ka lenaneo leo ngwaga ono o simolola. A re mo nakong eno o santse a sena mmaraka sentle. E re ka jaana puso e rotloetsa gore botlhe ba ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma, e nne bone ba ba fiwang sebaka pele sa go ipapatsa, mme Keitseng o ne a supa fa a ne a ikwadisa mo dikoleng tse dipotlana mo kgaolong ya gagwe jaaka e le tsela nngwe ya puso ya go batlela ba ba thusitsweng ka leananeo mmaraka. Le fa go ntse jalo, o ne a supa gore fa e sale a thusiwa ka lenaeno leo, ga a sa tlhole a sokola ka dilo tse di dingwe jaaka go ithekela motlakase molapeng le gase e e apayang. O ne a tlatsa ka go re o solofela fa kgwebo ya gagwe a tlaa ntsha maduo a a nametsang fa e ntse e tsweletse. O bile a gatelela gore go fitlha mo nakong eno ga a ise a kopane le dikgwetlho dipe, a supa fa a sa sokole ka melemo le dijo tsa dikoko le ntswa a ne a swelwa ke dikoko di le lesome le bobedi ka ntlha ya bolwetse. O kaya fa jaanong a setse ka di le masome a mararo le boferabobedi. BOKHUTLO
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Batswana ba gakololwa go nna podimatseba
|
Mogolwane wa tsa melao mo khanseleng ya kgaolo potlana ya Mahalapye, Rre Bernard Bolotsang o kopile Batswana go emisa mokgwa wa go hirisetsa batswakwa matlo a boroko, ba ba gwebang mo Botswana ba sena diteseletso tsa dikgwebo. Rre Bolotsang o dirile kopo e mo phuthegong e neng e tshwerwe ke badiri ba khansele go tlhalosetsa banni ba motse wa Mahalapye ka ditriro tse di dirwang ke maphata a farologaneng a khansele le tshwetso e e tserweng ke puso ya go isa ditlamelo kwa metseng e kgakala le ditoropo kana metse e metona jaaka Serowe, Palapye le Mahalapye. A re ere le ntswa puso e tshwenyegile ka batswakwa ba ba tsenang mo lefatsheng leno e se ka fa molaong e bile ba gweba ba sena diteseletso tsa go gweba, o tshwenngwa ke Batswana bangwe ba ba tsweletseng ka go hirisetsa batswakwa ba boroko le mororo ba itse fa ba sena dipampri tsa mesepele e bile bangwe ba bone ba itse fa ba tsene mo lefatsheng leno ka go tlhagela melelwane. Rre Bolotsang o bile a bolela fa bone ele badiri ba tsa melao mo khanseleng ba itebagantse le go tseela dikgato batho ba ba sa obameleng melao morago jaaka go tsosa medumo masigo mo dishabining, go rekisa majalwa morago ga dinako tse di beilweng, go gweba ga batho ba sena diteseletso, go leseletsa leruo le sasankega mo metseng, le go dirisa metsi a setshaba go siela leruo. O boleletse batsena phuthego eo, ba bontsi jwa bone e neng ele dikgosana tsa tetlanyo gore ele badiri ba khansele ba tlhokisiwa boroko ke diruiwa tse di agetsweng masaka fa gare ga motse le diphuthego tsa dikereke tse go bolelwang di tsosa medumo masigo e bile di kgotlela tikologo ntswa dingwe tsa tsone di sa kwadisiwa ka fa molaong kwa lephateng la tsa pereko le selegae. Rre Bolotsang o tlhalositse fa maikaelelo a diphuthego tsa bone ele go lemotsha setshaba ka ditiro tsa maphata a bone le go isa ditlamelo kwa bathong segolo jang ba ba kgakala le ditoropo kana metse e metona jaaka Serowe, Palapye le Mahalapye. E rile banni ba Mahalapye ba kgwa badiri bao ba khansele kgaba, ba dumelana ka bongwefela jwa pelo ka molao o iletsang leruo go nna fa gare ga motse, go siela diruiwa metsi a diretsweng go nowa ke setshaba, go tseela dikgato Batswana ba ba hirisetsang batswakwa boroko ntswa ba sena dipampiri tsa mesepele gammogo le go gagamaletsa seteropo batswakwa ba ba gwebang mono ntswa ba sena diteseletso tsa go dira jalo. Ba re le fa puso e dirile melao e iletsang batho go rekisetsa bojalwa jwa Chibiku mo malwapeng, go sa ntse gona le batho bangwe ba ba rekelang majalwa a go nna jalo kwa marekisetsong a Chibuku, mme morago ba tseele kwa malwapeng go ya go rekisa ka bonweenwee. Banni ba supile badiri ba tsa melao mo khanseleng ka monwana ba bolela fa bana le pelaelo ya gore ba katswa ba neelwa pipa-molomo ke batswakwa ka jaana fa ba tsena mo madirelong a dikgwebo tsa batswakwa o fitlhela bale kwa ga mothakga ntswa mo dikgwebong tsa Batswana ba tsena ba swaswapantse difatlhego go supa fa bale mo tirong. Bokhutlo
|
society
| 9 |
Sediegeng o bolotsa letsema
|
Motshwarelela bogosi jwa ga Gammangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane, o gakolotse setshaba go sala morago methale e mesha ya temo ka a re dipaka di fetogile. Kgosi Kgamane o buile se, fa a bolotsa letsema kwa kgotleng kgolo ya Serowe ka Matlhatso. A re jaaka e le tlwaelo ya ngwao ya Sengwato, letsatsi la Tshipi la ntlha la kgwedi ya Phalane go bolotswa letsema. Kgosi Kgamane o tlhalositse fa dipaka di fetogile, ka jalo a rotloetsa morafe go sala morago methale e mesha ya temo ka e le yone e e ka ba tswelang mosola. O ba gakolotse gore ba inaakanye le balemisi ba kope thuso gore ba ba fe dithuto ka dijwalo tse di lebaganeng dipaka tsa segompieno le go ne gore ba ka lema jang dijwalo tsa bone. Kgosi o ne a re balemisi ba botlhokwa ka ba ka ba fa maele ka temo e e tlhabologileng ga mmogo le dijwalo gore ba kgone go bona thobo e e nametsang. “Dipaka di fetogile le ka fa go lengwang ka teng go tshwanetse ga fetoga, a re saleng morago dikgakololo tsa balemisi,” ga tshwaela kgosi. E rile fa a bolotsa letsema, Kgosi Kgamane a gakolola morafe fa nako e gorogile ya gore ba tswele kwa ntle ba ye go baakanya kwa masimong a bone, ba epele mapako a a dikileng a ole, ba phuthe tsotlhe tse di tlaa tlhokafalang ba ipaakanyetse temo gore fela fa pula ya ntlha e phaila ba bo ba simolola go lema.
|
society
| 9 |
Mmangwana o tsene ka ga re itse morago ga go tlhokafala ga ngwana
|
Mapodisi a Serowe a mo patlong ya mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le borataro yo o tseneng ka lenga la seloko morago ga go tlhokafala ga ngwana wa gagwe yo o dingwaga tse pedi. Mookamela mapodisi a Serowe, Superintendent Molefhe Molefhe, o boletse mo potsolotsong fa mosadi yoo wa kwa Mmashoro, a tlogetse ngwana kwa batsading ba gagwe ba ba lemogileng morago gore ngwana o tlhokafetse. Are ga go itsiwe kwa mmangwana a ileng teng. Mookamela mapodisi a Serowe o kaile fa ngwana a ne a ntse a tshwenyega mme a nna a isiwa kokelong kgapetsa kgapetsa. O tlhalositse fa ba letetse maduo a ditlhatlhabo go tswa kwa go ba bongaka go bona gore ngwana o bolailwe ke eng Supt Molefhe a re mosadi yoo o ne a sa bereke gope mme go bolelwa fa a nna a le mo sediding sa nnotagi fela. Supt Molefhe o ne a bolela fa ba sa robatswe ke go nowa phetelela ga bojalwa kwa Mmashoro. A re se, se baka ditiragalo tse dintsi tsa borukutlhi.
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Kgosi o akgola lekgotla la kabo ditsha
|
Kgosi Kegobonye Maruping wa Moshwaweng mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng o akgoletse lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Letlhakeng tirisanyo mmogo. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke lekgotlana leo kwa motseng oo bosheng, Kgosi Maruping a supa fa a itumeletse se ba kabo ditsha ba se dirang e bile go supa fa ba direla dilo mo pontsheng. O ne gape a opela matsogo morafe wa motse wa gagwe ka jaana a re ba tsena diphuthego tsa kgotla ka dipalo tse di nametsang, mme a ba kopa go itse mosola wa go nna le setsha. Mothusa modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Letlhakeng, Mme Tshoganetso Gabotlhakanelwe, a tlhalosa fa maikaelelo a leeto la bone e ne e le go tla go tsaya megopolo le go kopa dikgakololo. O tsweletse a supa fa lekgotla la bone le tsweletse ka go amogela dikopo tsa metse mme ikopelo e e dirwa ka go romela kopo ka poso e le tsela nngwe ya go fokotsa tshenyetso setshaba. Mme Gabotlhakanelwe o ne a supa fa tirisanyo ya batho ba Moshaweng e le ya maemo a ntlha ka ba ne ba nna dipelo ditelele ka dinako tse di thata fa ba fudusediwa kwa lekgotleng la kabo ditsha la Thamaga. A re khuduga eo e ne ya dira ditirelo dingwe jaaka kabo ya ditlankana tsa bone tsa metse le masimo go nna madiadia. Le fa go ntse jalo o ne a supa fa ofisi ya bone e tshwenyegile thata ka ditsha tse di ananngwang ka dipalo tse di kwa godimo. A re go dirilwe molao o mosha o ka one batho ba ba rekisitseng ditsha tsa bone ba tlaa seke ba fiwe tse dingwe gape.
|
society
| 9 |
Itshidilo mmele e ka kganela madi a matona - Machacha
|
Mogolwane wa dipatela mo lephateng la botsogo le boitekanelo, Dr Tshepo Machacha o kaile fa go itshidila mmele ka dinako tsotlhe go ka kganela bolwetse jwa madi a a kwa godimo. O buile jaana mo letsatsing la mafatshefatshe la ipelelo letsatsi la bolwetse jwa madi a kwa godimo kwa Oodi ka Matlhatso. A re itshidilo mmele e dira gore ditshika tsa mmele di tie mme di kgone go isa madi kwa di tshwanetseng teng di sa kganelwe ke sepe. Dr Machacha a re bontsi jwa Batswana fa ba tshwarwa ka bolwetse joo ba baakanya dijo fela tse ba di jang mme ba tlogele tsa itshidilo mmele kwa morago. A re itshidilo mmele ke yone e dirang dilo motlhofo mo mmeleng jaaka go isa madi kwa a tshwanetseng go ya teng le gone go kganela malwetse ape a a ka tswang a iphitlhile mo mmeleng. Dr Machacha a re Batswana ba tlhasetswe ke malwetse a a sa tshelanweng ka mabaka a dijo tse di nang le mahura le letswai le lentsi mme ba sa itshidile mme. O tlhalositse fa go itshidila mmele go sa diragale fela kwa matlong a itshidilo le bakatisi mme motho a ka itshidila fela le kwa lwapeng. A re go tsamaya sekgalanyana le go bereka ka diatla kwa lwapeng jaaka go tlhatswa, go apaya le go feela ke dingwe ditsela tsa itshidilo mmele. Dr Machacha a re go nnela mo setilong ruri, o dirisa tsa maranyane le go ja thata ke dingwe tse di bakang madi a kwa godimo. A re Batswana ba tlamega go itlhokomela ka gore go tlhoka go itlhokomela go tsisa leso fela le malwetse. Dr Machacha o lebogetse Batswana ba ba santseng ba tshwere ka thata mo go direng ditiro tsa mo gae jaaka go lema, go bereka mo malwapeng le ba ba jang dijo tsa Setswana ka di na le dikotla tse dintsi. Fa a bua ka dijo tse di siametseng mebele, moitsanape wa tsa dijo go tswa Afiya Health Mme Malebogo Eluya a re go botlhokwa gore motho a bone ba bongaka ka tsamao ya madi a gagwe mo mmeleng. A re batho ba emela gore ba ise bolwetse kwa kokelong go na le go ya fela ba sa lwale ba itlhatlhobela malwetse a a sa tshelanweng. Mme Eluya a re dijo tsotlhe tsa lesika la mashi di tshwanetse go akarediwa mo dijong tse di jewang ka nako tsotlhe ka di na le kotla ya Calcium e e thatafatsang marapo. A re dijo tse di nang le dikotla jaaka merogo le maungo ga di ture mme batho ga ba rate go di reka ba tlhalosa fa di le bosula. Mme Eluya a re go ja dijo tse di nang le dikotla mmogo le go itshidila mmele go fa motho maatla le thata ya go lwantsha malwetse mo mmeleng. Mmantswitswidi wa tsa itshidilo mmele Rre Diteko Baabina o tlhalositse fa batho ba tshwanetse go itse gore fa ba sa iphe nako ya go itshidila mmele ba gaufi le go lwala. A re go botoka go iphemela mo malwetseng ka go se turu e bile go sa duelelwe mme go lwantsha bolwetse bo setse bo le teng go dingalo e bile go tsenya kgatelelo. Rre Baabina a re go itshidila mmele go dira gore motho a seka a tsofala ka bonako. A re Batswana ba tshwanetse go boela ngwao ya go tsamaya ka dinao fa ba ya gaufi jaaka kwa mabentleleng go na le go tsamaya ka dikoloi.
|
health
| 6 |
Re ka fokotsa kgokgontso -Mokgosi
|
Mothusa kgosi kgolo wa ga Malete, Kgosi Tsimane Mokgosi o supile fa mongwe le mongwe a na le seabe sa go fokotsa kgokgontso mo Botswana. Fa a bua kwa phuthegong ya go tsibosa morafe go hema kgokgontsho, Kgosi o supile fa dikgang tsa kgokgontso di tshwenya thata. Kgosi Tsimane o supile fa puso e ne ya lemoga botlhokwa jwa go bopa mekgatlho e e ka thusang go lwantsha kgokgontsho. O ne a supa fa mekgatlho e, e itebagantse le kgokgontso ya ditshwanelo tsa bong, ka kgokgontsho e tshela e bile mongwe le mongwe a amega. Kgosi o ne a tlhalosa fa dikgang tsa kgokgontso di ama thata bomme le bana, a supa fa bana ba tshelela mo kgokgontsong ba kgokgontshiwa ke batsadi ba ba tshwanetseng gore ba ba tlhokomele. O supile fa dipalo di supa fa e le ruri bomme ba tshelela mo kgokgontso mo malapeng, ditirong le gongwe le gongwe fa ba tsamayang teng e bile ba dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelodikobo, dipolao le dikiteo. Kgosi Tsimane o tlhalositse gore gantsinyana fa bomme ba sena go tlaleya dikgang tsa kgokgontsho kwa mapodising, ba felela ba tsholola ditsheko. O ne a tlhalosa fa kgokgontsho ya borre le yone e le teng mme borre ba aswa senku, ba sa tswele kwa ntle go ikuela. Kgosi Tsimane o supile fa go le mo maruding a botlhe go ema ka dinao go lwantsha kgokgontso. Fa a tswa la gagwe, moemedi go tswa kwa United Nation Population Fund, Mme Mareledi Segotso o tlhalositse fa botlhe ba na le seabe sa go fokotsa kgokgontsho. O tlhalositse fa mathata e le gore bontsi bo setse bo amogetse dikgang tsa kgokgontso, ka go nna fela ba itshokile ba sa ikuele. Mme Segotso a re go na le molao o o itebagantseng le go lwantsha kana go hema kgokgontsho. BOPA
|
society
| 9 |
Morero o botlhokwa - Ramaditse
|
Go a itumedisa go bona mowa wa therisano o santse o tshegeditswe fa gare ga baeteledipele ba lefatshe leno le merafe ka kakaretso. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Joseph Ramaditse wa Sepako mo kgaolong potlana ya Tutume, a re seo se netefadiwa ke diphuthego tsa kgotla tse baeteledipele ba di tshwarang gangwe le gape go utlwa megopolo le matshwenyego a Batswana. Kgosi Ramaditse o kaile fa morero o le botlhokwa ka jaana ele one o agileng lefatshe leno, a tlatsa ka go tlhalosa fa kagiso le popagano fa gare ga merafe ka go farologana e le maduo a morero. O supile fa bokao jwa morero bo tshwanelwa ke go tlotlwa ka ele one o ka tlhomamisang fa tsotlhe di apere tshiamo. O tsweletse a tlhalosa fa morero o dira gore batho ba utlwane ba bo ba nne le tshepo mo go ba ba eteletseng pele. O bile a supa fa morero o neela Batswana sebaka sa go ntsha matshwenyego le dingongorego tsa bone sentle mo baeteledipeleng ba bone. Mo go tse dingwe, Kgosi Ramaditse a re o itumedisiwa ke go bona bogodu jwa dinaka tsa ditlou jo bo neng bo tshwenya bo tsweletse ka go wela tlase. A re ba sepodisi le ba lephata la diphologolo le makgabisa naga gammogo le ba komiti ya twantsho borukhutlhi ba dira ka thata go lwantsha polao ya diphologolo tsa naga le bogodu jwa dinaka tsa ditlou jo bo neng bo tsere phekelo e sele mo motseng le mafelo mangwe a a gaufi. Go sale foo, Kgosi Ramaditse o supile gore ba tlhorontshiwa ke diphologolo tsa naga bogolo jang ditlou ka paka ya selemo gonne megobe le mafelo mangwe a di nwang mo go one a a kgala ka jalo di patelesega go tsena mo motseng di le mo patlong ya metsi. A re ditlou tse di tla ka dipalo tse di kwa godimo di gobeye mo motseng di baka tshenyo ya didiba tse banni ba motse ba nwang mo go tsone. Le fa go ntse jalo, Kgosi Ramaditse a re ka thuso ya ba lephata la diphologolo le makgabisa naga, ba nna ba dira ka gotlhe go leka go alola ditlou tseo mo motseng. BOKHUTLO
|
politics
| 7 |
Monana o atla lenaneo
|
Morui wa dipudi tsa lenaneo la banana kwa motsaneng wa Shakwe mo kgaolong ya Mahalapye , Rre Kabo Kudumane o iteetse lenaneo leo legofi, ka a re le bogadi bo gaufi ka jaana a kgona go oba letsogo le go inamola mo lehumeng. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Kudumane yo e leng monana wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi, o boletse fa a sala a simolotse kgwebo ya thuo ya dipudi ka ngwaga wa 2009. A re mo nakong eno, kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle fela thata le leruo le atile ka a setse a na le dipudi di le lekgolo le botlhano, morago ga go rekisa thata ka lebaka. O tsweletse a tlhalosa fa mmaraka o mo hupetsa e bile a sa o kgone ka batho ba ba rekang dipudi ba le bantsi, segolo thata ba mananeo a a tsweletseng a nyeletso lehuma gammogo le batho ka bongwe ka bongwe. Rre Kudumane a re, e re le ntswa bareki ba le motseletsele, o ikanya go rekisa dipudi tsa gagwe ka dipalo go na le go rekisa ka bongwe ka bongwe ka se ele mothale mongwe wa go tsholetsa dipoelo mo kgwebong. O boletse fa a tseetse leruo la gagwe kwa ntle ga motse le masimo, se ele go tila dikgotlhang fagare ga gagwe le balemi gammogo le baagi ba motse. Rre Kudumane o tsweletse a re o tsadisa ka dipalo tse di kwa godimo mme o lebogetse a bo a galaletsa mofuta wa diphoko tse a di dirisang go tsadisa eleng tsa Boer le Kalahari , a re o lemogile gore di tswakantswe ka jalo bana ba tsone ba gola ka bonako . O kaile fa di tshabelelwa ke go tsala mafatlha selo se a tlhalosang se mmerekela mo kgwebong ka a kgona go nna le dipudi tse dintsi mo lobakeng le le khutshwane. Rre Kudumane a re, ere le ntswa kgwebo e tsweletse sentle, ga go ke go tlhoka dikgwetlho mo thuong. A re o tshwentswe ke bophokoje ba ba bolayang marobanyana a gagwe fa a ile phulong. A re mo gongwe ke malwetse a leruo a a sa laolesegeng, jaaka fa a ne a latlhegelwa ke marobanyana a le masome a robabongwe, a bolawa ke bolwetse jo ba matlhoko a leruo ba neng ba palelwa ke go bo lemoga fa a di isitse tlhatlhobong. O tsweletse ka go bolela fa thuo ya dipodi e le tiro e bile e tlhoka motho yo o tlhaga go ka ntsha maduo. A re leruo la diphoko le tlhoka tlhokomelo e ntsi ka di nna fela mo sakeng di sa fule kwa ntle. O tlhalositse fa a ne a latlhegelwa ke phoko e nngwe e jele polasetike se a dumelang sena le seabe mo goyeng kwa tlase ga tsalo, ka phoko tse di setseng di fekeetswa ke palo ya manamagadi a a nang le one. A re ka gobo a le mo sekgweng se se nang le diphologolo tse di letshwenyo mo leruong, o feletse a tlamega go rua dintsa tse di disang. O kaile fa dintsa tse di thusa fela thata ka fa leruo le tlhasetswe o tla sala a utlwile ka tsone di bogola. BOKHUTLO
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Thuto ya bananyana motheo wa popota
|
Mogolwane mo lephateng la thuto kwa kgaolong ya Kweneng Bophirima, Rre Mokwadi Tese, a re go ithuta go simolola letsatsi le motho a belegwang ka lone go fitlhela mowa o kgaogana le nama. Rre Tese o boletse se bosheng kwa masimong a Mmaothate gaufi le Molepolole kwa kalosong ya baithuti ba ba yang go bala lekwalo la ntlha. A re fela jaaka Morena Jeso Kresete a ne a tsholelwa kwa bojelong jwa dipitse mme ya nna mmoloki wa setshaba, go supa fa motho yo o nonofileng a ka tswa gongwe le gongwe, mme a goge lefatshe. Rre Tese a re go tlhoka go tsaya boikarabelo jwa bana ke go ithola seriti sa go nna motsadi, mme a tlhalosa fa thuto ele sengwe le sengwe e bile e fetola matshelo a batho ka bontsi. Mothusa mogokgo kwa sekolong se sebotlana sa Thebephatshwa, Mme Nelly Tautona, ene o ne a gakolola batsadi botlhokwa jwa thuto go tswa kwa moding. A re ke sone se puso e itlamileng go simolodisa thuto ya matlhagola tsela go fatlholola bana ba bannye pele baya go simolola mophato wa ntlha. Mme Tautona o ne a lebogela puso maitlamo ao, mme a tlhalosa fa barutabana ba setse ba lemoga maduo a kgato eo ka jaana tema e setse e segilwe mme sa bone e le go godisa se bana ba tlang ka sone. A re baithuiti ba tlhoka lerato , tlhokomelo le bopelotelele gore ba kgone go tswelela ba ithuta. Ka jalo Mme Tautona o kopile batsadi go emisa boitseme le go latlhelela bana ba bone mme ba itse gore bana ba tshwanetse go pataganelwa le barutabana. A re fa bana ba masimo a Mmaothate ba rutegile ba ka tsoga ba tlhabolola masimo a bone. O ne gape a kopa batsadi go tlamela bana ba bone ka go ba direla sefitlholo pele ba ya sekolong go itsa gore ba tlhaele mo tseleng ka ba patelesega go tsamaya sekgalanyana go fitlha kwa sekolong. E rile a ntsha lefoko la kgothatso, Mme Onkokame Tuelo, yo e leng mokwaledi kwa ofising ya mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephepe o kopile gore bana ba ntshiwe mo malwapeng mme ba atamediwe kwa sekolong ka e bile se thusa thata le mo go tlhokomeleng bana kwa ntle ga dituelo dipe go tswa kwa batsading. O ne a fa batsadi kgakololo ya gore ba nne ba ruta bana ba bone ka maele a botshelo a re se e tlaabo ele go supa fa ba kgathala ka isago ya bone. Mongwe wa banni ba Mmaothate, Rre Rumu Thakadu o ne a leboga thata go bo ba lephata la thuto le lemogile fa bana ba tshwanelwa ke go rutuntshiwa go tswa ko tlase le kwa masimong tota. BOKHUTLO
|
education
| 4 |
Kobang o itshetsa ka tiro ya diatla
|
Mogwebi wa Palapye, Rre Jopa Kobang o itshetsa ka botswerere jwa gagwe ka a lemogile fa tiro ya diatla e le mosola. Mo potsolosong, Rre Kobang yo o tlholegang kwa Mochudi, a re ga go na botshelo fa motho a nna fela a sa itirele sepe ka go ka rotloetsa borukutlhi. Rre Kobang ke mogwebi wa mabante, ditomo, ledijokwe tsa ditonki, dikgomo le dipitse. A re kgwebo ya gagwe e thusa thata barui ba ditonki ka a lemogile fa dikgomo di sa tlhole di lema, a tlatsa ka gore mmaraka wa kgwebo e, o bonwa gongwe le gongwe. O boletse fa a amogela batho ba le bantsi ba ba kgatlhwang ke tiro ya gagwe mo go dirang gore a felele a nna le bareki ka dipalo tse di nametsang. A re le fa Palapye e le motse setoropo, o bona bareki ka go na le masimo gaufi. A re gore a kgone go amogele bareki ka dipalo tse di kwa godimo o dira dithoto tsa boleng ebile di le dintle mo di gapang matlho a bareki. O ne a tlhalosa fa dipoelo tsa kgwebo di mo thusa go reka didirisiwa gore kgwebo e kgone go tswelela le go tshetsa bana ba gagwe. O ne a supa fa kgwebo e a e dira ka bopelotelele ka e bile a patelesega go di dira ka diatla jaanong go mo tsaya nako. Le fa go ntse jalo, a re bonya ga bo mo kgobe marapo ka a itse fa dipoelo di nna teng morago ga thekiso. O ne a re ene o dumela gore motho o kgona go nna le kgwebo mme go na le se a se dirang gape mo botshelong jaaka ene e le molemi-morui kwa masimong a Fole.
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Boora Baipidi ba abela kokelwana
|
Ba lelwapa la ga Baipidi kwa Mogapi ba abetse kokelwana ya motse oo didirisiwa tsa botsogo di tshwana le dikolotsana tse di dirisiwang ke balwetse di le lesome le boraro, dithobane ga mmogo le motshine o o tlhatlhobang madi a matona. Mothusa kgosi wa Mogapi, Kgosi Ishmael Ditsele a re ba lelwapa loora Baipidi ba tswa kgakala ba na le letsogo la go abela ba ba tlhokang. Kgosi Ditsele o ne a bua jaana kwa moletlong wa go aba dinpho, a re ba lelwapa loora Baipidi ba dira tiro ya go neela ka lorato e bile ba phuthulogile mo moweng ba itse gore tuelo ya bone e tlaa tswa kwa Modimong. Kgosi Ditsele o ne a rotloetsa setshaba go kopa dilo tse di ka tsogang di solegela matshelong a bone molemo le ba ba tshelang le bone. E rile a aba dilwana tseo boemong jwa ba lelwapa la gagwe, Rre Baipidi a supa fa dingwe tsa dilwana tse a neng a di abela kokelwana ya Mogapi a ne a di kopa kwa ditsaleng tsa gagwe tse a neng a dira le tsone kwa Amerika go simolola ka 2012 go fitlha ngogola, mme dingwe tsa tsone a ne a di reka ka madi a gagwe. Rre Baipidi, yo e leng ngwana Mogapi, a re o ne a dira jaana ka go bona letlhoko le le teng mo dikokelong tsa Botswana ka go farologana, a re go utlwisa botlhoko go bona molwetse a kgaramediwa ka kiribana kana a kukilwe, a re se se ka okeletsa molwetse ditlhabi. Rre Baipidi a re gore Mogapi a tlhabologe o tlhoka gore baagi ba bo ba eme ka dinao, a re maikaelelo le ba lelwapa la gagwe ke go tswelela ba thusa ka fa ba ka kgonang ka teng. E rile a leboga, Dr Pako Mokgwane yo e leng mogolwane kwa kokelwaneng ya Maokatumo a kopa gore dimpho tse di abilweng ke ba lelwapa loora Baipidi di tlhokomelwe gore di seka tsa onala ka bonako le go thusa batho botlhe ka go lekalekana. BOKHUTLO
|
health
| 6 |
Letelang mo go Keresete - Kebonang
|
Mopalamente wa Lobatse Advocate Sadique Kebonang a re go botlhokwa go nna pelotelele le go letela mo Modimong le fa motho a kopana le dikgwetlho tsa botshelo. Advocate Kebonang o buile jalo fa a simolodisa ditirelo tsa go ipelela dingwaga tse di masome a a ferang bongwe kereke ya St Theresa Catholic e ntse e le teng kwa Lobatse bosheng. O tlhalositse fa kereke eo, e amile matshelo a batho ka go farologana, ka e bile e na le sekole se se botlana sa St Theresa teng kwa Lobatse. E rile a tswa la gagwe, mogolwane wa kereke eo, Rre Albert Mothibi, a bolela fa kereke eo e fetotse matshelo a batho ka bontsi. A re le ene tota o dirile dithuto tsa gagwe tse dipotlana kwa sekoleng seo ka 1946. Rre Julius Segano, yo e leng lebutswapele, o tlhalositse fa kereke eo, e simologile ka 1929, e le kereke ya bobedi ya Roma mo lefatsheng leno. A re go ipelela dingwaga tse di masome a a ferang bongwe go supa gore kereke e a gola, e bile e dira ditiro tse dintsi. Rre Segano o boletse gore o ne a thusa batho basweu go ranola thuto ya Sekeresete gore Batswana ba tlhaloganye ka Modimo le yone tumelo tota.
|
religion_and_belief
| 8 |
Bolwetse jwa sukiri bo tshwanetse go potlakelwa
|
Go tlhalosiwa fa bolwetse jwa sukiri e le bongwe jwa malwetse a a tshabelelang bana thata. E rile a ruta ka bolwetse joo kwa letsatsing la botsogo le tshwaretswe kwa Ramotswa bosheng, mooki kwa motseng oo, Rre Obuile Makwati a bolela fa mmele wa motho o tlhoka sukiri mme fa lebete le ntsha sukiri e ntsi kgotsa le sa e ntshe gotlhelele, go supa fa motho a na le bolwetse jwa sukiri jwa type 1. O tlhalositse fa mofuta wa sukiri e, o tshabelela banana thata mme gape o le borai ka e le one o bolayang thata. Rre Makwati o tlhalositse fa mofuta o mongwe wa sukiri wa type 2 o tshabelela bagolo le batho ba ba sa ikatiseng, batho ba bakima le ba ba nang le kgatelelo ya maikutlo. O boletse gape fa dipilisi dingwe tse di ka amang lobete di na le seabe mo go tsenyeng batho bolwetse jwa sukiri. O boletse fa dingwe tsa dikai tsa bolwetse jwa sukiri e le go tshwarwa ke lenyora thata, go tshwarwa ke tlala thata, go tlhapologa kgapetsakgapetsa le gone go latlhegelwa ke mmele. Mooki o tlhalositse fa dikai tsa bolwetse jo di kgona go itshupa ka bofefo, ka jalo go le botlhokwa gore batho ba bo itlhatlhobele go sa le gale. Rre Makwati a re fa molwetse wa sukiri wa type 2 a tsaya dipilisi tsa teng sentle, a aja sentle a bo a itshidila mmele, o kgona go tshela lobaka. O tlhalosa gore fa molwetse a sa nwe dipilisi tsa bolwetse jo sentle o ka tsenwa ke malwetse a mantsi a masesane, kwa bofelong diphilo di bo di amega mme molwetse a tsenwe ke bolwetse jwa go swa mhama. Mooki o boletse fa mofuta wa sukiri ya type 1 o tlhoka go emelwa ka dinao thata ka molwetse a tlhoka go tsaya mokento tsatsi le letsatsi ka jalo a tlhoka thotloetso ya ba lolwapa.
|
health
| 6 |
Makhanselara a Borwa a akgola Tautona Khama
|
Makhanselara a Borwa a sa tswa go akgola Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go bo a tlaa bo a rola marapo a neela Rre Mokgweetsi Masisi ngwaga o o tlang ka kagiso le bopelotheri. Makhanselara ba buile ka bongwefela jwa pelo kwa dipusanyong tsa khansele tse di tsweletseng mo Kanye beke eno. Mokhanselara wa Moshana, Rre Eric Chelenyane o eleleditse Tautona Khama masego le matlhogonolo, a bolela fa a tlaa tlogela go sena tshololo ya madi kgotsa madubedube ape mo Botswana. O boletse fa a tlogela lefatshe mo ledulong le le siameng. Mokhanselara wa Pitsane, Rre Lazarus Ncube a boletse fa Tautona Khama a tlogela ka kagiso, go sena tsapa le fisang pelo. O mo lebogetse go dira ka mowa o o siameng. Mokhanselara Ben Lebogang la re Tautona Khama o ganeditse kgang e e neng e buega bogologolo, bangwe ba re o tsile go ganelela mo setilong. Mo dikakgelong tse dingwe, mokhanselara wa Diboto kwa Moshupa, Rre Olebogeng Sethibe o ngongoregile ka go re modulasetilo wa khansele, Rre Alec Seametso ga a a bua sepe ka kokelo ya Moshupa gore e tsamaya fa kae go agwa. Rre Sethibe gape o kopile gore ba lekodisiwe ka tiro ya go goga metsi go tswa bokone go ya borwa, gore e bokgakala bo kae ka gore metse e mentsi mo borwa e mo lenyoreng. O ngongoregile ka botlhokatsebe jwa banana, a bolela fa bo dirwa ke go tlhoka ditiro mo go golelang pele. Mokhanselara Diana Mokhube wa Hebron o ne a gatelela gore go thusiwe bananyana ba motsana wa Marojane kwa kgaolong ya Borolong, ba ba tsamayang sekgala se seleele ba ya sekoleng kwa Hebron. O ba kopetse khombi gore ba isiwe sekoleng, mme makhanselara mangwe ba ne ba ganana le ene ba bolela fa metse e mengwe e thusiwa ka dikara tsa ditonki go isa bana sekoleng. Mokhanselara wa Marapalalo mo Kanye, Rre Kabelo Lemme o kopile gore go dirwe madirelo a a tlaa dirang le dijo tsa naga le maungo a tlholego go rekisiwa go dira mebereko. A re di-tsa tlholego jaaka morula, mogorogorwane, mmilo, moretlwa le mmupudu di ka dira dinotsididi. O kopile gore makhanselara ba agelwe metlobo ya dibuka gore le bone ba nne ba bala ba batlisisisa. O ngongoregetse go ima ga bana ba dikole le gore ba-na-le bagole ga ba a kwadisiwa botlhe mo kgaolong. Mokhanselara Mosekisi Rangobane wa Ntsweng mo Kanye, o ngongoregile ka ditlhwatlhwa tsa Botswana Agricultural Marketing Board, a bolela fa di le kwa godimo. O bolela fa dinawa jaanong di digilwe madi. Bontsi jwa Makhanselara ba ngongoregile ka letlhoko la metsi mo dikgaolong tsa bone, ba kopile gore ba water utilities ba ititeye ka thupana.
|
politics
| 7 |
Molelo wa kgolagano ga o amane le dikgotlhang
|
Tona wa botsogo, Mme Dorcas Makgato, a re molelo wa kgolagano ga o amane le dikgang tse di ntseng di le teng mo metseng ka go farologana mme di batla ditharabololo. A re banni ba tshwanelwa ke go baya dikgotlhang tsa bone kwa thoko mme ba amogele molelo wa kgolagano ka e le one o tshwaraganyang Batswana mme ba tlaa rarabolola dipharologano tsa bone morago. A re molelo wa kgolagano o supa popagano, kutlwano, o fa masego le lone lerato le Batswana ba tshelang ka lone. Mme Makgato o ne a tsibogela mafoko a a neng a buiwa ke Rre Basiami Kolagano wa Tumasera kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa bosheng. Rre Kolagano o ne a supa fa banni ba Tumasera ba na le mathata fa molelo wa kgolagano o tla mo motseng wa bone ka ba ne ba solofetse fa o ba tlela ka kutlwano. A re banni ba Tumasera ga ba dumalane le ba Seleka ka dilo dingwe jaaka dikago tsa puso le gore ke motse ofe o o tlaa amogelang molelo. A re lenaneo la molelo wa kgolagano le supa fa molelo wa kgolagano o tlaa gorogela kwa Seleka mme o tlaa bo o ralala mo motseng wa bone ntswa o kabo o amogelwa ke Kgosi Kelapile Maleele ka e le ene kgosi e tona. Le fa go ntse jalo, Mme Makgato yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/ Ramokgonami o ne a tlhalosetsa banni fa a ne a tsaya boikarabelo jwa go bona gore molelo wa kgolagano o aname le metse yotlhe ya kgaolo ya gagwe. A re banni ke bone ba tlaa nnang le sebaka sa go itlhophela gore ba isa molelo oo kwa mafelong afe. O ne a tlhalosa fa molelo wa kgolagano o sa laolwe ke ope mme komiti ya BOT50 e le yone e dirileng lenaneo la one. O ne a gwetlha banni go bopagana mme ba tsweledise lenaneo la molelo wa kgolagano. BOKHUTLO
|
politics
| 7 |
Ba Khakhea ba ipelela peo ya kgosi
|
E ne e le boitumelo jo bogolo fa banni ba Khakhea ba kgobokane kwa kgotleng ya bone go ipelela go tlhongwa ga kgosi ya bone, Kgosi Joseph Mantries bosheng. E rile fa a baya Kgosi Mantries lefoko, Kgosikgolo ya Barolong, Kgosi Lotlaamoreng II, a mo rotloetsa go reetsa dikgakololo tsotlhe; a gatelela fa a tshwanetse go tlhotlha dikgakololo ka tse dingwe e le tse di ka digelang bogosi le motse wa gagwe ka lemena. O ne a gakolola Kgosi Mantries botlhokwa jwa go tshwara banni ba motse wa gagwe ka lebogo le le lengwe; a supa fa seo se ka tsisa kagiso le tirisanyo mmogo mo go ageng motse wa Khakhea. Kgosi Lotlaamoreng o ile gape a mo gakolola gore a se ikamanye le ditlhopha tsa sepolotiki ka seo seka kgaoganya motse wa gagwe. Fa a ama tsa ditlhabololo, Kgosikgolo ya Barolong o rotloeditse Kgosi Mantries go dirisanya thata le komiti ya ditlhabololo tsa motse gore ba tle ka maano a a ka thusang go tsosa itsholelo ya motse wa bone; a kaya fa puso ka bo nosi e ka seke e kgone go araba matlhoki otlhe a Batswana. O gateletse thata gore kgosi Mantries a kgaleme botlhoka tsebe bo bo atleng bo diragale, a supa fa motse o tshwanetse wa nna ka thokgamo le tshosologo. Kgosi Lotlaamoreng II o ne a kopa banni ba Khakhea go dirisana sentle le kgosi ya bone, a tlhalosa fa go dira jalo go ka tlhofofatsa tiro ya ene o o ba eteletseng pele. Mothusa Kgosikgolo ya Bangwaketse, Kgosi Kebapetse Telekelo, o rotloeditse Kgosi Mantries go rotloetsa mowa wa kutlwelobotlhoko mo batlhoking, a bua fa ‘fifing go tshwaranwa ka dikobo’. Kgosi Telekelo o gateletse gape gore magosi a tshwanetse a tshwaragana le puso mo go nyeletseng lehuma. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Joseph Mantries, yo o sa tswang go tlhongwa, a lebogela dikgakololo tse a di beilweng pele ke bo mogolowe, a kaya fa di tla mo thusa mo tirong ya gagwe e e bokete ya go etelela pele morafe. A tswelela a tlhalosa fa keletso ya gagwe e le go bona go na le popagano mo motseng, a bolela fa a tla rotloetsa banni ba Khakhea go akola mananeo a puso a go tokafatsa temo thuo ka a lemogile fa banni ba Khakhea ba le maoto a tshupa mo go itlhakatlhakanyeng le mananeo a puso. Bokhutlo
|
society
| 9 |
Ga e golelwe e tlodisa melatswana
|
Thuto ke selo sa botlhokwa mo botshelong jwa motho, ka e fa seriti, dikitso ka go farologana le maano a go ka rarabolola dikgwetlho dingwe tsa botshelo. Mo letsomong la go itse le go tlhaloganya mosola wa thuto mo botshelong jwa motho, bagodi bangwe kwa motseng wa Tutume mo kgotleng ya Magapatona ba ne ba ikitaya ka thupana go ikopanya le ofisi ya thuto ga e golelwe go itse botoka ka lenaneo la thuto aa e golelwe. Mme Nnani Mbaiwa yo o dingwaga tse di masome a supa le borataro le Mme Masetlhare Mabutho yo o dingwaga tse di masome a robangbobedi le bosupa, ba supa fa ba itemogetse fa thuto e le pilara ya botshelo gape e dirile pharologanyo mo matshelong a bone. Mme Mbaiwa a re o simolotse go tsena dithuto tsa ‘Ga e golelwe’ ngwaga o o fetileng, mme mo nakong eno o dira lokwalo lwa bobedi. Mme Mbaiwa a re thuto ga e golelwe e fetotse botshelo jwa gagwe ka jaana lesedinyana le a setseng a le amogetse le fetotse botshelo jwa gagwe ka o setse a itse go bala le go kwala. A re pele a ya Ga e golelwe, o ne a tshela ka go nna a raletse motse, sephiri sa lwapa la gagwe se itsewe ke mang le mang, ka jaana e ne e re bana ba mo kwaletse a kope go balelwa le gone go fetola mokwalo. Mme Mbaiwa o bile a supa fa a setse a na le bokgoni jwa go ipalela ditaelo tsa ngaka ntle le thuso epe. A re o setse a simolotse go lema le go rekisa morogo go itshetsa ka jaana o setse a itemogela go le gontsi. Maikaelelo a ga Mme Mbaiwa ke go ipona a weditse lokwalo lwa bosupa e bile a kgona go bala sekgoa. Mo ntlheng e nngwe, Mme Mabutho le ene o supile fa Ga e golelwe e mo ntshitse mo lefifing le a neng a le mo go lone, a re o setse a kgona go itshaenela fa a tsaya madi a bagodi. Mme Mabutho a re sekole le sone se na le dikgwetlho bogolo jang motho a se tsena a godile, a tlatsa ka gore fela o ne a ikitaya sehuba gore go se nne sepe se se mo kgopakgopang mo dithutong. A re se se mo itumedisang ke gore dithuto tsa Ga e golelwe di simolola motshegare, ka jalo, se, se fa motho sebaka sa gore a dire ditiro tse dingwe tsa mo lapeng. Gape a re dithuto tse di tsenwa ke bontsi jwa bagolo, sengwe se a reng se ne sa mo tiisa mooko. Mme Mabutho a re nako e tsile ya gore bagolo ba eme ka dinao go amogela lesedi la go bala le go kwala ka jaana botshelo jwa malatsi a, bo tlhoka thuto. A re letshego la tebelopele ya setshaba la ngwaga wa 2016 la tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso, le raya gore ka nako eo bagolo le bone ba bo ba na le kitso e e maleba. Go sale foo, Mme Mabutho a re se se mo kgatlhang ka Ga e golelwe ke gore ga ba rute go kwala le go bala fela. A re morago ga dithuto ba rutwa go loga ditlatlana, go roka le ditiro tse dingwe tsa matsogo tse ka tsone ba ka ipulelang dikgwebo.Bokhutlo
|
education
| 4 |
Bakgweetsi ba latlhegelwa ke matshelo
|
Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone bakgweetsi ba dikoloi tse pedi tse di amegileng mo kotsing baneng ba tlhokafala. Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala o boletse mo potsolotsong gore kotsi eo e diragetse ka Labotlhano ka nako ya metsotso e e lesome le botlhano go ya ko nakong ya lesome le bobedi bosigo. Superintendent Halahala a re go thulanye dikoloi tse pedi; ya mmotorokara ya Nissan Sunny le ya Toyota Alex dikhilomithara tse di masome mabedi go tswa kwa Tutume mo tseleng ya Tutume-Francistown gaufi le motse wa Nshakashogwe. Ka go tlhoka lesego, mmotorokara wa Nissan Sunny o ne wa kapa molelo mokgweetsi a le mo teng. A re koloi ya Toyota Allex e ne e tswa kwa Tutume e na le motho a le mongwe fa ya Nissan yone e ne e tswang ntlheng ya Francistown go le monna le mosadi wa gagwe, mme ya kgwela mosadi ko ntle a bona dikgobalo tse di masisi pele ga e lora. Superintendent Halahala a re ba ile ba ragosetsa boraro joo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa bakgweetsi ka bobedi ba tlhokafetse. O ile a tlhalosa fa bakgweetsi bao e le borre ba ba dingwaga tse di fa gare ga masome mararo le masome mane. A re rre wa Nissan Sunny ene o tlholega kwa Tutume fa wa Toyota Allex ene a tswa kwa Mosu kwa kgaolong ya Boteti mme ditopo di le kwa setsidifatsing go tlhatlhojwa ke dingaka.A yo o gobetseng o kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Francistown kwa go bolelwang a sidilega teng. A re ba santse ba le mo ditlhotlhomisong go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo mme a re ba belaela fa gongwe nngwe ya dikoloi tseo e ka tswa e ne ya tswa mo moleng wa yone.
|
disaster_accident_and_emergency_incident
| 2 |
Ntlwana ya boitiketso e botlhokwa
|
Mogolwane go tswa kwa khamphaneng ya ditena ya Makoro Bricks, Rre Kennedy Nxube a re bontsi ga bo tlhaloganye botlhokwa jwa ntlwana ya boitiketso mme fela jaaka dijo, diaparo le bonno, e botlhokwa mo matshelong a batho. Rre Nxube a re ntlwana ya boitiketso e kganela malwetse a a ka anamisiwang ke leswe la motho fa e dirisiwa ka nako tsotlhe. Fa go ne go kgonagala, a re batho ba ka bo ba aga matlwana mo malwapeng pele ga ba aga matlo a borobalo. Rre Nxube o ne a bua kwa moletlong wa go rolela semmuso Mme Oathotse Ramatshosa ntlwana ya boitiketso kwa Moshopha e e agilwaeng ke badiri ba lephata la temo-thuo ba ba direlang kwa Machaneng. Ntlwana ya boitiketso a re e fetola seriti sa motho. “Mme Ramatshosa o tlaa simolola go etelwa le ke ba ba ntseng ba sa mo etele ntateng ya letlhoko la ntlwana.” Mogokaganya mananeo a temo- thuo kwa kgaolong ya legare, Rre Moagi Sinombe a re badiri ba lephata la temo-thuo go tswa kwa Machaneng ba ne ba bona go tshwanela gore ba agele motlhoki ntlwana ka ba dira le batho ba le bantsi, bogolo jang balemi-barui. A re lephata la gagwe ga le a itebaganya fela le tsa temo-thuo mme le kgona go tsaya nako go direla setshaba. Lephata la temo-thuo a re le rotloetsa balemi-barui go nna le matlwana a boitiketso kwa masimong, meraka le kwa magaeng, go kganela bolwetse jwa mabele jo bo fitlhelwang mo diruiweng di tshwana le dikgomo.
|
health
| 6 |
Batswana ba kopiwa go lema mabele
|
Batswana ba kopilwe go lema mabele ka a kgona go itshwarelela mo leubeng gona le mmidi. Se se boletswe ke mothusa mokwaledi wa lephata la temo-thuo, Rre Boweditswe Masilo mo ditshupong tsa go lemotsha Bakgatla ka mosola wa temo ya nosetso. Rre Masilo o boletse fa Batswana ba tlwaetse go lema mmidi ba sa leme mabele ntswa le one a jewa fela jaaka mmidi ebile ditlhwathwa tsa mabele dile kwa godimo fela jaaka mmidi. A re Batswana ba tshwanetse go lema temo ya nosetso jaaka merogo, losene le dinawa mme ba lemela go rekisetsa madirelo a matona le go rekisetsa Batswana ba bangwe ba ba sa lemeng. O boletse fa go dira ditshupo e ne e le go lemotsha batho ka temo ya nosetso le go tsaya malebela mo go bone go tlhabolola temo ka kakaretso. Rre Masilo o boletse fa gona le mananeo a a farologaneng a banana ba ka a dirisang jaaka go rua dikgomo tsa mashi,dinotshi, dikgomo tsa nama dikoko le dipodi, kana ba ikopanya gore mmuso o ba epele sediba le go nna le tshimo e tona ba lema mo go yone. Mokhanselara wa Malolwane /Ramonaka Rre Stephen Makhura ene o ne a re metsi a noka ya Madikwe a ija fela a sa dirisiwe ke Batswana ba ba gaufi le noka e ntswa ba ba bapileng le bone ba Afrika Borwa bone ba dirisa metsi a noka e go lema . Are go pala eng gore mmuso o goge metsi a ba tle ba kgone ba leme masimo mo thoko ga noka gore le bone ba jese Batswana. E ne yare a amogela baeng, kgosi ya Mmathubudukwane, Kgosi Micheal Balebetse a ikuela mo sechabeng go tlhokomela leruo la bone. O ne gape a kopa banni ba metse ya noka go tlogela go latlhela matlakala gongwe le gongwe ka e le go leswafatsa tikologo. BOKHUTLO
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Leobo la bagodi le butswe kwa Molalatau
|
Modulasetilo wa khansele potlana ya Bobirwa a re puso e seegetse fa thoko ditiro dingwe tsa ditlhabololo ka ntata ya kwelo tlase ya itsholelo e e amileng mafatshe go balelwa la Botswana. Mokhanselera Ishmael Legwaila o buile seo fa a ne a bula semmuso leobo la bagodi le le lopileng madi a a fetang P7 000 kwa Molalatau. Rre Legwaila a re lefa go ntse jalo, ditlhabololo tse di tshwanang jaaka metsi le motlakase puso e ne ya bona go le botlhokwa gore di tswelele ka go dirwa jaaka kepo ya matamo go akarediwa la Thune le a reng le setse le fedile. A re mme go setse gore boraditogamaano ba sekaseke bora-dikonteraka go balelwa tsa Batswana go bona gore go epiwe mesele ya dipompo tse di tlaa phatlalatsang metsi le metse ya Bobirwa, a re gape le go gokela didiba dingwe go nama di siela batho metsi, a re madi a setse a bonwe a go dira ditiro tseo. A re mo nakong eno konteraka e setse e simolotse go betla ditsela tsa Bobonong tiro e e areng bana bangwe ba bone ditiro go oba letsogo, a tlhalosa fa ditiro tse di saletseng kwa morago di tlaa dirwa fa itsholelo e sena go itshetlela ka jaana mo nakong eno puso e santse e tlhaelelwa ke madi. Rre Legwaila a re se se diragetse ka ntata ya boeteledipele jwa bopalamente le khansele, fa a itebaganya le dibetso tsa tlholego morago ga dipula tse di neleng ngwaga ono Rre Legwaila a re, go tlaa agiwa matlo a le masome a mabedi le bone kwa Molalatau go thusa ba ba amegileng, a tlhalosa fa boemedi bo le botlhokwa gape bo na le dikgwetlho mme ebile maano a boemedi a sa tle motlhofo. O galaleditse boeteledipele jwa motse wa Molalatau go akarediwa komiti ya ditlhabololo tsa motse, mokhanselara, ba bogosi le bodirela puso go bo ba tshwaraganetse ditlhabololo tsa motse wa bone le go nna le tebelopele, a re go supa fa ba rata loago lwa motse wa bone. E ne e rile go le pele mokhanselara, Rre Nathaniel Moribame a rotleotsa setshaba go ikwadisetsa ditlhopho tsa botlhe tsa 2014 mo ikwadisong e e tsweletseng gore ba tle ba nne le sebaka sa go itlhophela baemedi ba ba ba ratang, a re go itlhokomolosa tlhopho ke go ithontsha tshwanelo. Rre Moribame o boleletse banni ba motse oo ba baneng ba tsile ka bontsi fa jaanong matlhophelo a masimo a mhawana a wela kafa tlase ga kgaolo ya Molalatau ka jalo ba ba gaufi le one ba gololesegile go ka ikwadisetsa ditlhopho teng. O bile a ba itsise gore go dumalanwe gore dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV di tlaa tseelwa kwa kokelwaneng ya Molalatau go simolola ka kgwedi ya Ngwanatsele e rogwa e le bontlha bongwe jwa go atametsa batho ditlamelo tsa botsogo mme tekodiso yone e tlaa bo e santse e dirwa mo Bobonong A re mo kgweding ya Sedimonthole go tlaa bonwa gore baka thusiwa jang mabapi le go itekodisa ba bongaka ka jaana ba botsogo ba ikaelela go tlhabolola tsa botsogo, a re kokelwana ya bone e tlaa tlhabololwa mo ngwageng wa madi wa 2014/2015 fa madi a ka bonwa. Rre Moribame o ne a abela bagodi ditilo di le masome a mane tse ba tlaa di dirisang kwa moriting wa leobo le ba le agetseng bagodi ka tshwaragano ya mokhanselera, VDC, bogosi le badirela puso, a re gape bane ba atolosa leobo la kgotla, a supa fa ba tshwaraganetse togamaano ya ditlhabololo. BOKHUTLO
|
politics
| 7 |
Bagwebi ba babotlana ba re ga ba a boelwa ke sepe
|
Lebelo la dikoloi la Toyota Kalahari 1000 Desert Race, le le itsegeng ka Mmantshwabisi le ne la phutha barati ba lone go tswa khutlong tse nne tsa lefatshe leno ga mmogo le mafatshe a mangwe. Ba dikgwebo tse dipotlana le bone ba ne ba seka ba batla go salela kwa morago mme ba ikaelela go roba sengwe mo malatsing a mararo a lebelo le le neng le tshwerwe ka one. Le fa tshologelo e ne e le kwa godimo, bagwebi ba babotlana, bogolo jang ba ba neng ba tlhoma metlaagana ya bone kwa lebaleng la Sam Sono kwa Phikwe le mabelo a neng a simologa a bo a felela teng, ba ne ba ipoela fela ba iphotlhere. “Re tsene mo lebaleng ka Labotlhano, mathata batho ba ba neng ba rekile diteseletso ba ne ba le bantsi thata gape le theko e ne e le boutsana,” go bua jalo Mme Ini Ntoisang. Mme Ntoisang, yo o neng a tswa Francistown go tla go rekisa, a re o dirisitse madi a mantsi go reka dijo ka tsholofelo ya gore theko e a go nna teng. A re o feletse a tsholola bogobe jo a neng a bo apeile, ka bo ne jwa lala fela go sena ope yo o bo rekileng. A re bothata jo a bo itemogetseng ke gore khansele ya Selebi Phikwe e ne ya ntsha bagwebi ba babotlana fa lebaleng, go twe fa ba teng go tlaa bo go ema dikoloi. A re o nile a tshwanelwa ke go fuduga fa a neng a bone phatlha teng a ya kgakala le lebala, ka jalo kgwebo ya amega. Mogwebi yo mongwe yo mmotlana, Mme Maitumelo Sebetlela yo o neng a tswa Palapye, le ene o ne a lela sa ga Ragele, a re ga a a bona le fa e le sepe. A re lebelo le batla kgwedi e fedile batho ba le bantsi ba na le madi. A re khansele le yone e tshwanelwa ke go tokafatsa seemo se ka gore bangwe bagwebi ba ne ba ipeile fela ba sa reka diteseletso. Mme Sebetlela a re se ga se a siama ka gore ene o duetse teseletso ya P100, mme ba ne ba tladiwa ke batho ba ba sa rekang diteseletso. A re mme legale o ithutile go le gontsi ka kgwebo, a re o kgonne go lemoga gore o ka dira botoka jang ngwaga o o tlang. A re bareki ba na le nako e ba rekang ka yone le dijo tse ba di ratang. A re gape bagwebi ba babotlana ba tlhokile morero le kitso ka lebelo le, a tlhalosa fa bontsi jwa bone ba ne ba sa itse tsela e dikoloi di yang go tsamaya ka yone, gore ba kgone go rekisa kwa mafelong a batho ba neng ba lebeletse dikoloi di feta kwa go one. A re bontsi jwa batho ba ne ba tswa mo lebaleng la Sam Sono ba ya kwa mafelong ao, ka jalo ga nna thata go rekelwa. Mme Temogano Mokgoro yo e leng mogwebi mo Phikwe e bile a rekile teseleto ya motlaagana go bapa fela le lebala la Sam Sono, a re kgwebo e nnile botoka ka Matlhatso go na le Labotlhano le Tshipi, ka tshologelo ya batho mo Phikwe e ne e le ntsi. A re bontsi jwa batho ba ne ba rekisa dijo tse di tshwanang, gape ba ne ba iteisana borathana le dikgwebo tse ditona, a re batho ba ne ba reka thata kwa mabentleleng. Mme Mokgoro a re lebelo le le lesha mo Phikwe, ka jalo nako e e tlang o tlaa bo a itse gore o ka dira pharologanyo e e ntseng jang. Mogolwane wa khansele ya Phikwe, Rre Mozondic Moswete a re khansele e ne e ntshitse diteseletso tsa P100 di le 926 le tsa P150 di le masome mararo le boferabobedi, ga mmogo le tsa nyeletso lehuma di le masome mabedi le bongwe.
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Dipodi di tlhakaladitse Mandunyane
|
Banni ba Mandunyane ba bolela fa ba tshwenngwa ke dipodi tse di tletsetletseng mo kgaolwaneng ya bone. Fa ba bua mo phuthegong ya go ba tsisetsa ditlamelo bosheng, mongwe wa banni, Mme Cynthia Kopong, o tlhalositse fa bothata jwa dipodi tseo e le go tlhoka tiso. A re o na le tshingwana ya merogo mo lwapeng la gagwe mme go le gantsi ga a akole sepe mo go yone ka dipudi tseo di mo senyetsa. Rre Oabona Madumela le ene o bolela fa a tshwentswe thata ke dipodi tseo ka di kaila gongwe le gongwe le mo ditseleng tsa dikoloi tota, a supa fa se, se feletsa se ba dirisa diphoso fa ba kgweetsa ka dipudi tseo di na le go itatlhela mo tseleng mme di bake dikotsi tsa tsela. E rile a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolwana eo, Brigadier Bathoen Maseko le ene a tlhalosa fa a le moono mongwe le banni ba kgaolwana eo ka a re dipudi tseo di itaya tsebe fela thata. O kopile barui ba kgaolwana eo go tlhokomela leruo la bone gore le tlogele go tlalatlala gongwe le gongwe. A re banni ba tshwanetse go itse gore go sa tlhokomela loruo go ka dira gore ba atlholwe kgotsa go gapiwe lone loruo ka ba tlaa bo ba tsenya matshelo a batho mo diphatseng. Brigadier Maseko a re thuo ya dintsa mo kgaolwaneng ya Mandunyane e kwa godimo, a bolela fa a lemogile gore motho a le mongwe o kgona go rua dintsa di feta lesome, mme a tlhalosa fa go dira jalo le gone go ka nna diphatsa mo matshelong a batho. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
Malwelwe o lela ka lenyora
|
Kgosi ya Malwelwe gaufi le Letlhakeng a re motse wa gagwe o bolawa ke lenyora le ntswa o le mo gare ga metsi a a nosang metse e e akaretsang Thamaga. E rile a bua mo potsolotsong, Kgosi Bokau Tobe a supa fa go ngomola pelo go bona metsi a pompiwa mo didibeng tse di mo tikologong ya motse wa bone go nosa metse e mengwe. A re e ne ya re fa go dirwa tanka ya metsi kwa motseng wa gagwe e e nosang metse eo, go ne ga nna le tumalano ya gore Malwelwe o tlaa gokelwa mo dipompong tse di tsayang mo tankeng eo, mme nako kgolo ke eno e bile khamphani e e neng e dira tiro eo e setse e phuthile e tsamaile. Kgosi Tobe o supile fa seemo se dirilwe maswe le go feta ke go kgaolwa ga dipompo tsa morafe mo motseng maikaelelo e le go tsenya tse di duelelwang kwa pele, mme a re sebe sa phiri ke gore go tsere lebaka go di emisetsa. A re se se dira gore motse otlhe o lwele tse di seng kae tse di sa ntseng di setse, e bile a re seemo seo se dirwa maswe le go feta ke go bo motsana o o mabapi wa Maratswane le one oo ga metsi mo Malwelwe. Mo go tse dingwe Kgosi Tobe o ikuetse ka ditsela tse di gokaganyang motse wa gagwe le metse e e mabapi ya Letlhakeng, Ngware, Botlhapatlou le Mantshwabisi a re ga di mo seemong se se itumedisang. A re jaaka paka ya dipula e kokota jaana ba a bo ba ya go tshwaragana le bothata fa ba di di dirsa, bogolo jang fa ba batla go ya Letlhakeng ka e le gone kwa ba tsayang ditlamelo teng. A re seo se baka gore dikotsi di nne dintsi mo go tsone. Kgosi Tobe o bile a lela ka tlhaelo ya boroko ja badirelapuso mo motseng wa gagwe, a a fa sekai ka mooki wa motse yo a reng o kabo a sa le a tsile ka kgwedi ya Phatwe mme a ise a iponatse ka ntlha ya lone letlhoko la boroko. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
Ba kopiwa go tsamaya ka lobelo lo lo kwa tlase
|
Mogolwane wa mapodisi a Letlhakane, Superintendent Michael Maphephu a re o kopa bakgweetsi kwa kgaolong ya gagwe go tsamaya ka lebelo le le kwa tlase le go obamela matshwao a tsela. Superintendent Maphephu o buile se a supa fa ba tshwentswe ke dikotsi tse di ileng magoletsa bosheng mo Letlhakane le mo kgaolong ya gagwe ya sepodisi ka kakaretso. Rre Maphephu a re bosheng ba gatisitse dikotsi tsa tsela di le nne tse di gapileng matshelo a le marataro. Superintendent Maphephu a re o gakolola bakgweetsi bogolo jang ba ba dirisang tsela ya Orapa/Francistown go tsamaya ka lebelo le le kwa tlase ka jaana tsela eo e na le leruo le lentsi le le gobeyang mo tseleng. A re dikgoro tse di tsenang mo merakeng le masimo ba leka go di tswala mathata ke gore badirisi ba tsone bone ba di tlogela di sa tswalwa mme ka jalo leruo le tsene mo tseleng. Rre Maphephu o ne gape a re o gakolola batsamaya ka dinao go ikela tlhoko mo dikoloing fa ba tsamaya fa thoko ga tsela le fa ba e kgabaganya. Superintendent Maphephu o ne gape a re o kopa bakgweetsi gore fa ba fitlhela kotsi mme ba thusa, ba tswe gotlhelele mo tseleng, a bua jalo morago ga gore dikoloi tse tharo di thulane fa godimo ga e e neng e thudile kgomo. Superintendent Maphephu a re ba gatisitse kotsi e mo go yone koloi e thudileng ya ba ya bolaa mosadi yo o dingwaga tse di masome a supa le borataro. Mo kotsing e nngwe,koloi ya modiro wa BMW e thulane le e nngwe ya gapa matshelo a le mararo fa ba bangwe ba le bararo ba robaditswe kwa sepateleng go alafelwa dikgobalo. Mo go e nngwe a re monna wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro wa kgotla ya Letsibogo mo Letlhakane o ne a thula setlhare ka koloi ya modiro wa Land cruiser ka nako ya lesome le bongwe bosigo mme a tlhokafalela gone foo. Mo kgannyeng e nngwe Superintendent Maphephu a re ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a mararo le boferabobedi yo o dirang e le mokgweetsi kwa sekoleng se segolwane sa Motsumi, ka molato wa go tshosetsa go bolaya mosadi wa dingwaga tse di masome a mane le boferabongwe yo le ene a direlang kwa sekoleng seo mo go tsa madi. Superintendent Maphephu a re bobedi joo bo ne ja tlhoka kutlwisisano ka dituelo.
|
disaster_accident_and_emergency_incident
| 2 |
Kgosi Shakwa o bolokilwe
|
Matshwititshwiti a Batawana ba ne ba tsene phitlho ya mongwe wa mabutswa pele a maloba, Kgosi Shakwa Shashe wa kgotla ya Shashe mo Maun yo o tlhokafetseng morago ga go lwala ka lobaka lo loleele. Kgosi Shakwa o tshotswe ka 1912 kwa merakeng ya Gxharaxhao mo Nhabe. O tlhokafala jaana a le dingwaga di 106. Sebui go tswa kwa bogosing jwa Batawana, Kgosi Babinang Majatsie a re Kgosi Shakwa o berekile le Kgosi Moremi II bogologolo e le moithaopi mme morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Moremi a bereka le Mohumagadi Pulane ebong mmaagwe Kgosi Letsholathebe Moremi. Otsweletse a re morago ga go tlhokafala ga ga Mohumagadi Pulane o ne a bereka le Kgosi Letsholathebe Moremi yo e neng e le rraagwe Kgosi Tawana, a tswelela jalo go fitlhela ka 2012 fa a ithola tiro. O tlhalositse fa Kgosi Shakwa a simolotse tiro ka boithaopo ka 1940 mme ya re morago a simolola go duelwa. Are e ne e le motho yo o lerato e bile a tshwara mongwe le mongwe ka tekatekanyo. Mokhanselara wa pele wa kgaolo eo, Rre Pelokgale Monyame o boletse fa a kopane le kgosi ka 1986 fa a ne a ya go kopa setsha sa bonno ka e ne e le motho wa Mmadinare mme a na le keletso ya go nna moagedi wa Maun. O tlhalositse fa a ne a neelwa setsha mme ya re morago a bereka le kgosi jaanong a setse a tlhophilwe go nna Mokhanselara, ka jalo ba simolola go dira ditlhabololo tsa kgaolo. O tlogela mosadi yo o dingwaga di 93. O ne a segofaditswe ka bana ba roba bongwe mme o tlogela ba le bane e le bomme le dikokomane tse 57. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
Koketsego ya dipetelelo e a tshwenya
|
Mookamela mapodisi a kgaolo ya Ghanzi, Senior Superintendent Mokolobetse Marata, a re dipalo tsa petelelo di golela pele mo kgaolong ya gagwe. Senior Superintendent Marata a re dipalo tsa petelelo go simolola ngwaga ono o simolola go fitlhelela kgwedi ya Sedimonthole di ne di tsamaya mo go masome a mane le boraro, a re palo eo e ntsi thata. Ramapodisi o buile jalo fa sepodisi sa bomme sa No 6 District Women Police Network se ne se simolodisa letsholo kgatlhanong le petelelo kwa Ghanzi bosheng. A re gantsi dipetelelo tseo di diragala ka mafelo a beke ka Matlhatso bosigo batho ba tswa kwa maitisong. Ramapodisi a re mo dipalong tseo go na le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le botlhano. Senior Superintendent Marata o ne a ikuela mo morafeng wa kgaolwana ya Khurakhura mo Ghanzi gore fa ngwana wa bone a thubeditswe ba tshwanetse go begela mapodisi ka dinako tsotlhe. A re go utlwisa botlhoko go bona ngwana wa dingwaga tse di lesome le bobedi a thubeditswe mme labofelo o bona batsadi ba tla ba tsholola kgang a gatelela gore seo se kgoreletsa maiteko a mapodisi go nyeletsa borukutlhi. E rile mothusa molaodi wa Ghanzi, Rre William Keareng a latlhela la gagwe a kaya fa go supafala fa dipalo tse di kwa godimo tsa thubetso di le mo kgaolwaneng ya Khurakhura ka jalo go mo maruding a morafe go bona gore dipalo tseo ba di fokotsa jang. Mothusa molaodi a re thubetso e tlaa itsa puso go bua ka tekatekano ya bong a re batsadi ba tshwanetse go bua le bana ba bone gore ba tlogele go tsamaya bosigo ba le nosi ka gore bontsi jwa dipetelelo di diragala bosigo. Mothusa molaodi a re dithubetso di tla ka go farologanya ka gore go thubediwa banalebogole, le basadibagolo. A re thubetso e na le ditlamorago tse di sa siamang jaaka go ama ditlhaloganyo tsa ba ba beteletsweng. A re kgokgontsho e diragala mo go mongwe le mongwe, mme thata bana ga ba a tshwanela go kgokgontshiwa ka gore fa ngwana a dirisiwa mo tlhakanelong dikobo go lemogelwa thateng ka gore o tshaba go bua mme seo se tlaa bo se mo ama maikutlo thata. Rre Keareng a re bojalwa ke jone jo bo nang le seabe se sentsi mo go rotloetseng thubetso a re Batswana ba tshwanetse go bona gore seabe sa bone mo go lwantsheng mmaba oo se a diragala ka botlalo. Erile mogokaganya ditirelo tsa kgaolo ya Ghanzi tsa sepodisi sa bomme Assistant Superitedent Tabetso Kahiko a ntsha maikaelelo a letsatsi leo a tlhalosetsa ba ba neng ba tsene moletlo wa letsatsi leo e le la go tsibosa batho ka bodiphatsa jwa petelelo mme thata fa ba lebeletse botsogo jwa motho. Mme Kahiko a re bomme le bana ba tlogele go iphitisa dinnotagi ka gore ke tsone tse di ba gogelang kwa thobetsong. A re nako e tsile ya gore batsadi ba emele bana ba bone ka dinao. Assitant Superintendent Kahiko a re setshaba le mapodisi ba tshwanetse go tshwaragana thata gore ba kgone go fokotsa thubetso le jone borukutlhi ka kakaretso a supa gore setshaba ke mapodisi, mapodisi ke setshaba ka jalo ba tshwaneste go beraka mmogo.
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Wa o esi ga o ele - Lelatisitswe
|
Mopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe o kopile makhanselara, magosi, badirelapuso, dikomiti tsa motse le morafe go tshwaraganela ditlhabololo. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Letlhakane bosheng a tlhalosa gore megopolo ya bone ke yone e ka tsisang ditlhabololo mo motseng, a tlatsa ka gore ene ka esi ga a kake a kgona kgaolo. Mopalamente o ne a ba lekodisa ka tse di builweng kwa palamenteng, a re go supafala gore kwelotlase ya itsholelo e a tokafala, ka jalo a rotloetsa banni go dirisa mananeo a puso go intsha mo lehumeng. O ba tlhaloseditse gore palamente e dumalane gore go seka ga tlhola go nna le ngwaga ope yo o siiwang ke dithuto ka lebaka la go ganelwa ka setlankana tebang le sekoloto sa sekole. A re go dumalanwe gore ngwana a neelwe setlankana sa gagwe, sekoloto se tla sala e le kgang ya batsadi le sekole. O tladitse ka go re kgang e ga e reye gore batsadi ba ikgatholose go duelela bana sekole. Rre Lelatisitswe o ne a tlhalosetsa ka tshwetso e e tserweng kwa palamenteng ya go ntshiwa ga lekgetho la VAT mo dijong le didirisiwa tsa temo e le tsela nngwe ya go fokoletsa Batswana manokonoko a go tura ga dijo. O boletse fa lenaneo la ditlhabololo la NDP10 le okeditswe ka ngwaga gore ditlhabololo tse di neng di saletse kwa morago ka mabaka a kwelotlase ya itsholelo di tsweledisiwe le gore le ye go wela le tebelopele ya lefatshe leno, morago go simololwe NDP11 le tebelopele e ntsha ka 2017. Banni ba ne ba ngongorega ka kgang ya go agelwa kokelo ba re ba ne ba solofeditswe. Mongwe wa banni ba Letlhakane, Mme Gomontlemang Maphane o supile fa tona wa pele wa botsogo, Mme Sheila Tluo a ne a boletse gore madi a teng a a ka ba agelang kokelo. A re morago ba hakgamala yo a neng a mo tlhatlhama, Tona John Seakgosing ene a tsile a e latola. Rre Meshack Thanke o supile fa matshwenyego a bone a matona e le gore kokelo e e leng teng ga e a lekana kgaolo ya Boteti Botlhaba, a tlatsa ka go re ditlamelo le tsone ga di a lekana. O ne a kopa Mopalamente go isa selelo sa bone kwa go ba ba lebaneng. Rre Sharp Letileng ene o supile gore motse wa bone o saletse kwa morago ka ditlhabololo. A re ba kopa dipone tsa mo mekgwatheng, go tsenyediwa sekontere mo ditseleng tse di fa gare ga motse, diofisi tsa sepodise, le tokafatso ya kgopho ya metsi a a leswe. Mopalamente o ne a ba kopa gore ba mo eme nokeng mo kgannyeng ya gore Letlhakane e nne motse setoropo. Ka kgang ya kokelo mopalamente o ne a ba tlhalosetsa gore ga e yo mo lenaneong la ditlhabololo NDP10. O ne a ba solofetsa gore matshwenyego a bone ga a felele mo go ene, o tlaa a isa kwa go ba ba lebaneng. O ne gape a rotloetsa banana go thusa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) ka megopolo e ka yone ba ka tlhabololang Letlhakane. Mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe o ne a tlhalosa gore matshwenyego a bone bontsi ba leka go a tsenya mo lenaneong la ditlhabololo ba thusiwa ke VDC.
|
society
| 9 |
Letlhoko la madi ke mmaba - Autlwetse
|
Kwelotlase ya itsholelo ke yone e e diang ditlhabololo tse puso e ikemiseditseng go di dira. Mafoko a a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone e bile e le mothusa tona wa thuto, Rre Kgotla Autlwetse, fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Tshimoyapula bosheng. Banni ba Tshimoyapula ba sa le ba kopa tsela ya sekonotere fa gare ga motse oo le Mabeleapodi mo dingwageng tse di lesome le bobedi tse di fetileng. Rre Autlwetse a re puso e ne ya sekaseka seemo sa tsela eo, mme ba lemoga fa go le botlhokwa go dirwa gore e wele tsela ya A1 kwa Serule ba lebile gore e tsile go imolola mosuke wa dikoloi mo tseleng ya A1. Mopalamente a re go tlaa simololwa go dirwa moalo mme sebe sa phiri go santse go batliwa madi ka tota tsela eo e tlhoka didikadike go dirwa, a solofetsa morafe gore le fa go tsere nako go arabiwa, gompieno ba letele ka tsholofelo mme ba nne pelotelele ka mmatla phohu ya gagwe a sa swe lentswe. A re dipaka ga di tshwane ka lefatshe leno le ne la welwa ke kwelotlase ya itsholelo mme ditiro bontsi tsa emisiwa mme ke gone e simololang go itshetlela mme a kopa gore ba nne ka tumelo ya gore tsela e tsile go dirwa ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong Banni bangwe ba ne ba kopa gore a tsela e re e letilwe, go tshelwe lekgarapana mo go e e ntseng e dirisiwa. Rre Tana Koloi o ne a kopa gore go kganelelwe metsi kwa a tswang teng kwa melapong ka fa dipula di tla jaana banni ba motse oo ba nna ka letshogo ka go feta metsi a mantsi mo motseng oo. Mopalamente o ne a tlhalosa fa lekgarapana le lone le tlhoka madi mme ba tlaa tswelela ka go e gopa. Mothusa tona Autlwetse o ne a ba lekodisa ka letshwenyego la puso ka tsa thuto mme e dira bojotlhe go rarabolola seemo jaaka dialogane tse di senang mebereko, bana ba ba sa dirang sentle mo dithutong gore ba inaakanye le thuto ka tlhaeletsanyo ba ba sa fenyang ba boelele dithuto kwa dikoleng tse di potlana le tse dikgolwane. A re puso e tsere dikole tsa tiroyadiatla go di tlhabolola go ntsha dialogane tsa dithuto tsa diatla tsa boleng jo bo kwa godimo go simolodisa thuto ya bogologolo ya dikolo tsa sub A le sub B tse e bileng dikole tsa borutelo barutabana di simolotse go ruta barutabana ba tsone. Mothusa tona a re tseo tsotlhe di tlhoka madimadi go dirwa. A re le dikokelwana di tsile go godisiwa go nna le bobelegisi se se tlhokang ngaka le mooki yo o belegisang mme ditiro tse tsotlhe di tlhoka dirisiwa tse di tlhokang madi.
|
politics
| 7 |
Manweenwee a tsietsa monni wa Kanye
|
Mapodisi a Kanye a tlhotlhomisa kgang e mo go yone rre mongwe a tseetsweng madi ka bokukuntshwane. Mookamela mapodisi a Kanye, Superintendent Mmoloki Mogale, a re tiragalo eo e diragetse ka Labobedi ka nako ya lesome le motso mo mosong kwa marekisetsong a Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB). A re e ne ya re rre yo wa dingwaga tse masome matlhano le borataro wa kgotla ya Logaba a tswa mo mareketsong a bona monna mongwe mme a mo raya a re o digile madi fa tlase ga koloi. Rre Mogale a re fa mongongoregi a inama go bona madi a go tweng o a latlhile a fitlhela madi aa ka tshwarang P200 mme a tlhalosa fa e se a gagwe. Rre Mogale a re rre yoo wa mosamarea o ne a itseela madi ao mme a bo a kopa rre wa mongongoregi go mo pega ka a ne a tswela ntlha ya dishopo. A re e ne yare mo sekgaleng sese khutshwane ba sena go tswa fa koporaseng borre bangwe babedi ba ba emisa ba itirile mapodisi a sephiri, ba supa fa utlwaletse gore borre bao ba tshotse madi mangwe mme ba kopa go a tlhola mogo bone. O ne tswelela a tlhalosa fa e ne ya re borre bao ba ntse ba tsweletse ba ba phuruphutsha mo dikgetsing tsa rre yo a neng a tsiediwa ba tsaa ka boherehere dikarata tsa banka, ya mongongoregi le mosadi wa gagwe. Ka jalo ka ntlha ya letshogo ba ne ba tsaya dikarata tseo a sa lemoge mme rre yo fa a goroga kwa lwapeng a botswa ke mosadi wa gagwe gore o ne a ntshetsang madi a mantsi mo bankeng. A re mongongoregi o ne a hakgamala ka a ne a ise a ntshe madi mme mosadi a kaya fa a amogetse molaetsa wa banka gore go ntshitswe dikete tse di lesome le boferabobedi, mme monna ya re segaufi fela le ene a amogela molaela wa banka wa gore P2 000 o ntshitswe mo letloleng la gagwe, mme madi otlhe a a utsulweng ya nna P20 000. Rre yo o tsieditsweng yo, a re ka ntata ya letshogo ga a gakologelwe a neela borre bao nomore ya sephiri ya banka. Superintendent Mogale a re ba mo patlong ya dilalome tseo, mme a supa letshwenyego ka ditiragalo tsa mohuta o, ka e le ya bone e diragala mo kgaolong ya gagwe, mme a gwetlha setshaba go ikelatlhoko mo dilalomeng tse, ka bontsi jwa nako ba simolola tsietso ka go kopa mosepele. BOKHUTLO
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Ntwa kgolo ke ya molomo kwa Mochudi Botlhaba
|
Ba ba ikaelelang go emela ditlhopho tsa bopalamente kwa Mochudi Botlhaba ba kopile Batswana go ba fa sebaka sa go tlhabolola metse ya bone ka tlhopho. Borre Diane Moagi wa Alliance for Progressives (AP), Mabuse Pule wa Botswana Democratic Party (BDP) le Bright Molebatsi wa Umbrella for Democratic Change (UDC), ba kopile jalo mo thulaganyong ya ngangisano ya go ipapaletsa ditlhopho tse di tlang. Rre Molebatsi, yo e leng mopalamente wa kgaolo, o supile fa go le botlhoka gore Kgatleng e agelwe kokelo e tona. A re Kgatleng o tlhoka kokelo e tona ka gore ya Debora Retief Memorial (DRM) ga e sa lekana, e fetilwe ke palo ya batho. Fa a bua ka tse a di kgonne fa a sale a nna mopalamente, Rre Molebatsi a re o ne a emela kgang ya letlhoko la metsi mo metseng e e bapileng thata le noka go bona gore seemo se a tokafala. “Re ne ra tswelela gape ke na le makhanselara a diparty tsotlhe, go bona gore dikgaolo tsa rona di fiwa motlakase,” ga rialo Rre Molebatsi. A re ntswa motlakase o ise o aname le dikgaolo tsotlhe, tema yone ba e segile ka o phatlaletse go feta a ise a nne mopalamente. O ne a supa gore lenaneo la go fa bana ba dikole tse dipotlana sefitlholo ke mogopolo wa gagwe, mme go a lebosega go bona puso e reeditse. Rre Molebatsi a re le maano a masha a a dirwang ke puso ya BDP, a tshwana le go tlhofofatsa tiriso ya lefatshe ke mangwe a dikakanyo tsa bone e le ba kganetso. O ne gape a bua gore e le ba UDC, maitlamo a bone a ipapatso a tshwere gotlhe ka a supa ka fa ba tsileng go tlhabolola Batswana ka teng. Rre Pule wa phathi e e busang ene a re maitlamo a bone a ipapatso a dirilwe go sena go rerisanngwa le Batswana, ka jalo a tshwere maikutlo le ditharabololo tse Batswana ba di tlhokang. “E bile gape maitlamo le maikaelelo a Vision 2036 le NDP 11 di mo maitlamong ao,” ga rialo Rre Pule. O ne a supa gore Batswana ba tshwanetse go lebelela se Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a se dirileng fa a sale a nna mo setilong. “Diphetogo le ditlhabololo tse a tsileng ka tsone ke sekao sa gore BDP e santse e ka direla Batswana go le gontsi,” ga bua Rre Pule. Rre Pule a re o itlama go dira le Tautona Masisi go lwantsha tshenyetso sechaba ka go supegile gore itsholelo ya lefatshe e ka phutlhama fa go sa dirwe sepe. A re ene o batla go tsaya fa Rre Molebatsi a paletsweng teng. O ne a supa gore ene ga se motho yo o senang boammaaruri, e bile ga a batle go bua ditsiabadimo, a raya Bakgatla a re o tsile go dira meleko kwa palamenteng. Rre Pule o supile fa a tsile go itebaganya le ditsela, dikago le go fefosa kabo ya lefatshe. A re, “E bile Tautona Masisi o setse a dirile gore ditsetlana tsa tiriso ya lefatshe di tokafadiwe gore di seka tsa kgoreletsa batho.” O ne gape a itlama go dira le banana gore ba dirise mananeo a puso, go ba ruta gore kgwebo e dirwa jang le go ba rotloetsa gore ba seka ba tlogela mo tseleng. Fa a tswa la gagwe, ntlhopheng wa Alliance for Progressives (AP), Rre Diane Moagi o supile fa ba ikaegile ka matshego a le mararo, mme ba eletsa go fiwa puso. A re letshego la ntlha, ke go direla sengwe le sengwe mo pontsheng, e bile ba tlaa dira gore makalana a twantsho borukutlhi le a mangwe a a sekasekang tsamaiso a ikemele ka nosi. A re letshego la bobedi ke botsogo, ka e bile balwetse fela botlhe ba Kgatleng ba fetisediwa kwa Gaborone, ka DRM e sa tlhole e dira sentle. “Letshego la boraro ke thuto le pabalesego ya bana ba rona,” a rialo Rre Moagi. A re go a swabisa go bona bana ba bannye ba ya dikoleng maphakela mo lefifing, go sena dipone le fa e le ponalo ya mapodisi. A re e le ba AP, ba itlama go tsenya dipone mo mebileng le go dira diofisinyana tsa mapodisi fale le fale gore mapodisi a kgone go bonala. Rre Moagi a re sengwe le sengwe se ikaegile ka lefatshe, mme Batswana ka bontsi ba sena lefatshe, ka jalo matshelo a bone eme. O supile fa ba eletsa go tlhaba Mochudi East Development Trust ka maikaelelo a go rutuntsha banana.
|
politics
| 7 |
Monna o bolailwe ka pelaelo ya gore o na le mogare wa corona
|
Monna wa dingwaga tse 26 o thusa mapodisi a Mahalapye mo ditlhotlhomisong ka go belaesega a beditse a ba a baka leso la rre wa Zimbabwe ka pelaelo ya gore o na le mogare wa corona. Mo potsolosong le Sup Malemenyane a re mmelaelwa go belaelwa a ne a keteka moswi ka gore o ne gotlhola thata, ka jalo a re o tlaa mo tsenya mogare wa corona. Supt Malemenyane a re ba amogetse boikuelo Mopitlo a le masome mabedi le botlhano go tswa mo moaging mongwe wa kgotlana ya Dilaene kwa Mahalapye, a supa fa bahirisi ba gagwe ba tlhokile kutlwisisano kgankgolo e le gore yo mongwe o ka tswa a na le mogare wa corona. Supt Malemenyane a re moswi o ketekwa morago ga gore mmelaelwa a itsese mong wa lelwapa gore rre wa Zimbabwe yo o hirisitseng kamore e e tshwaraganyeng le ya gagwe o gotlhola thata, ka jalo o belaela gore o tlaa ba tsenya corona. Rre Malemenyane a re le fa mong wa lelwapa a ne a tsiboga ka go ba rolela kgang eo, mmelaelwa yo e leng Motswana o ne a tsenelela moswi mo kamoreng ya gagwe a mo keteka ka ditena le go baka dikgobalo, segolo bogolo mo mokwatleng. Mogolwane a re moswi o ne a lela ka ditlhabi mo mokwatleng, mme a ragosediwa kwa kokelong ya Mahalapye, mme ba bongaka ba mo golola morago ga go bona thuso. Rre Malemenyane a re go lebega e ne ya re morago ga go thusiwa ke ba bongaka, ditlhabi tsa seka tsa kokobela, a gatelelwa ke bolwetse, ka jalo a felela a robadiwa kgwedi ya Mopitlo e le masome mabedi le borobabongwe mme a tlhokafala Mopitlo a le 30, ka jalo mmelaelwa a tshwarwa le go lebisiwa molato wa polao. O tladitse ka go re ditlhotlhomiso di tsweletse le gore ba emetse maduo a bongaka a tlhatlhobo ya setopo go tlhomamisa se se bakileng loso. A re mmelalewa ke modiri mo lephateng la Water Affairs, fa moswi e ne e le morutabana kwa sekoleng se sebotlana se se ikemetseng kwa Mahalapye.
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Letsema le tsweletse sentle kwa Serowe
|
Radijwalo wa kgaolo potlana ya Serowe, Rre Gositang Kangangwane, a re letsema mo kgaolong ya gagwe le tsweletse sentle mo go itumedisang. O boletse mo potsolotsong bosheng gore balemi mo kgaolong ya gagwe ba ikiteile ka thupa go tshwara bokgola jwa dipula tsa ntlha tse di neng tsa tshologa bosheng. A re fa balemi ba kgaolo ya gagwe ba ka iketleetsa go lema ka thata mo dipuleng tse, go tla ba sologela molemo fela thata ka jaana e tla re nako ya dipula di nna boutsana dijwalo tsa bone di bo di setse di itshwareletse. O rotloeditse balemi go inaakanya le go lema dijwalo tse di bogadi bo gaufi di tshwana le mabele le dinawa ka jaana di sa tshabelelwe ke letsatsi jaaka mmidi. O tlhalositse fa balemi ba ba ikwadiseditseng go lema ka lenaneo la ISPAAD mo kgaolong ya gagwe ba le 2900 mme ba ikemiseditse go thusa balemi ba le 5000 ka lenaneo leo. Rre Kangangwane o gateletse gore balemi ba dirise temo ya segompieno ka jaana e le yone e duelelwang mono ngwaga, a tlatsa gape ka go tlhalosa fa e na le maduo fa e tshwantshanngwa le ya bogologolo ya go lema motho a gasa. O tsweletse a tlhalosa fa puso e duelela go lema ka ditselana le go sega P1 160 tema e le nngwe, a tlatsa ka gore ba duelela balemi ba ba botlana ditema di le tlhano fela. O supile fa ba kopane le dikgwetlho tsa letlhoko la dipagamo go isa dipeo kwa baleming mme ba tswa ka leano la gore balemi ba neelwe dikarata tse mo go tsone ba letlelesegang go ya go ithekela dipeo kwa marekisetsong a tsone. A re se se thusitse fela thata ka balemi ba kgonne go bona dipeo ka nako go na le gore ba letele gore di tsisiwe kwa go bone jaaka e le tlwaelo. O supile fa mono ngwaga ba kgonne go rutuntsha boraditerekere ba le 268 mo go tsa tlhabololo mmu le tiriso ya menontshane mo temong go na le ba ngogola ba le 215. Fa a itebaganya le balemi ka tsa tiriso ya dichefi go lwantsha mohero, Rre Kangangwane o ba gakolotse go dirisana le ba bolemisi nako le nako gore ba tsaye bogakolodi ka tiriso ya tsone ka jaana di le borai mo matshelong a batho fa di ka seke tsa dirisiwa ka fa tshwanelong. Le fa go ntse jalo, Rre Kangangwane o akgoletse balemi ba kgaolo ya gagwe go tshologela go tsaya menontshane ka dipalo tse di kwa godimo. A re se se supa fa thuto ya temo ya segompieno e ba tsweletseng ka go e gasa mo setshabeng e rothegela mo go bone.BOKHUTLO
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Ipelegeng e gatetse pele
|
Komiti ya ditlhabololo tsa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng e gatetse pele mo go tswelediseng ditlhabololo dingwe mo motseng ka lenaneo la Ipelegeng. Seo se supilwe ke modulasetilo wa komiti eo mo potsolotsong, Mme Annah Diatla a kaya fa lenaneo leo le ba sologetse molemo fela thata ka ba kgonne go itirela ditlhabololo tsa sennelaruri di akaretsa kago ya leobo la kgotla, go agelela mabitla, mme e bile ba santse ba ikopetse ditiro dingwe tsa go shafatsa matlwana a baithuti kwa sekoleng se sebotlana. O akgotse puso go menagane go simolodisa lenaneo le, a supa fa le direla komiti ya ditlhabololo tiro motlhofo go diragatsa dikeletso le ditoro tsa motse. A re babereki ba lenaneo le ba dira ka natla go phepafatsa motse ebile o a kgatlhisa fela thata. O supile gape fa banni ba motse oo ba ithusa thata ka Ipelegeng ka go sena ditiro mo metseng e mebotlana mme a gwetlha botlhe go dirisa madi a ba a bonang mo Ipelegeng ka boikarabelo go na le go a jela fela mo ganong. Go ntse go le foo, Mme Diatla o kopile banana gore ba lese go inaakanya le Ipelegeng ka ba santse ba na le go ka dirisa mananeo a mangwe a puso, go balelwa le la go boela sekoleng ka gore dingwaga tsa bone di santse di le kwa tlase. Mme Diatla a re go na le mananeo a le mmalwa a a ka thusang banana go ipulela dikgwebo tse dipotlana jalo a ba lemotsha ka botlhokwa jwa go etela ofisi ya banana go ya go tlhalosediwa ka mananeo a puso e a ntshitseng go ba thusa. O kaile fa bangwe ba ba neng ba tsibogela go ikopela dithuso tseo ba gatetse pele ka ba ipuletse dikgwebo tsa go roka le thuo. A re ntswa puso e dirile maiteko go ba atametsa ditlamelo le mananeo ka go ba rolela diofisi tsa ditirelo go akarediwa ya banana ngwaga o o fetileng, go lebega bangwe ba santse ba le maoto a tshupa go e dirisa mme ba ikamantse thata le la nakwana la Ipelegeng. A re pele ga go bulwa ga diofisi tseo ba ne ba tsamaya sekgala se se leele go ya go ikopela ditirelo, selo se a reng se ne se ba beile fela thata ka fa mosing. O ba kaetse fa nako e gorogile ya gore ba ikemele ka dinao go ikopela dithuso go araba kgwetlho ya letlhoko la ditiro le le ba apereng. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
Banni ba boletse ditoro tsa bone
|
Banni Jackalas No 1 mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba ntshitse maikutlo a bone ka tebelopele e e baakanyediwang ya 2036. E rile ba akgela mo phuthegong ya kgotla kgwedi eno e le lesome le borataro, e e neng e biditswe ke setlhopha sa bobedi sa lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo e e baakanyetsang tebelopele ya 2036, banni ba ne ba ntsha megopolo e e faloganeng. E re le ntswa ba ne ba ntsha megopolo jalo, ba ne ba supa fa ba le sebete se molangwana ka jaana go tsewa megopolo mo go bone mme go ise go ntshiwe pego ya tshekatsheko ya tebelopele ya 2016 go bona tse di fitlheletsweng le tse di retetseng. Le fa go ntse jalo, mo gareng ga ditoro tsa bone, bontsi jwa banni ba ne ba supa fa ba eletsa go bona lefatshe leno le batho ba lone ba ikemetse mabapi le go ntsha dijo tse di lekaneng go na le go ikanya dijo tse ba tlhalositseng bontsi jwa tsone di tswa kwa mafatsheng a sele. Ba re seo se ka kgonega fela fa batho bogolo jang banana ba ka lemontshiwa botlhokwa le boleng jwa go jesa lefatshe, segolo jang go itebagantswe le go ba fa ithutuntsho e e tseneletseng e e ka ba gwetlhang go inaakanya le temo-thuo. Banni ba Jackalas No 1 ba tsweletse ba tlhalosa fa go le botlhokwa gore go dirwe molao o o laolang lenaneo la Ipelegeng, go akarediwa le dingwaga tsa bao ba ba tlaa letlelelwang go bereka mo lenaneong leo, ba tlatsa ka gore molao oo, o tshwanetse wa itsa banana go inaakanya le lenaneo leo. Ba re fa molao oo o ka diragadiwa, o ka tsosolosa mowa wa boipelego, o o ka isang lefatshe leno golo gongwe ka jaana banana ba tlaa nna le sebaka sa go itirela ka diatla mo ba ka kgonang go jesa lefatshe leno le mafatshe a mangwe tota. Sengwe se banni ba Jackalas No 1 ba eletsang go ka itebaganngwa le sone go ya 2036, ke go tiisa itshireletso mo molelwaneng wa lefatshe leno le mafatshe a mangwe, ba tlatsa ka gore go tshwanetse gape ga tlhongwa didirisiwa tse di tlhatlhobang dikoloi (scan) kwa dikgorong tsa melelwane go itsa dilo dingwe tse di sa siamang go felela di tsene mono. Mongwe wa banni, Mme Leni Modo o boletse fa a eletsa go bona mo tebelopeleng ya 2036 bana ba ba tsenang kwa dikoleng tse di senang matlo a boroko a baithuti mme ba tswa kwa mafelong a a kgakajana, ba thusiwa ka dipalamo tse di ba isang kwa dikoleng E ne e rile go le pele, mongwe wa maloko a lekoko leo, Rre Mpho Balopi a gwetlha Batswana go ntsha megopolo ya bone ka dikakanyo tsa gore ba baakanyetsa bokamoso jwa lefatshe leno gammogo le jwa dikokomane tsa bone.
|
politics
| 7 |
Motsamai o kopa banni le badiri go gata mmogo
|
Banni ba East le West-Hahahai ba kgothaditswe go tshwaragana gore metse ya bone e gatele pele. Mopalamente wa Ghanzi Borwa, Rre Motsamai Motsamai, a re tirisano mmogo le neelano fa gare ga gagwe, morafe le bodirelapuso di ka thusa go aga le go tlhabolola metse. O solofeditse banni gore o tlaa ba emela kwa palamenteng sentle le ka natla. A re o emetse dikeletso tsa botlhe, a tlatsa ka gore, ‘e ga se nako ya dipharologano, ke nako ya go direla morafe. Le seka la ikaba ka diphathi tsa lona, a re golaganeng re bereke mmogo.” Mopalamente Motsamai o gakolotse badirela puso gore ga ba a tshwanela go lapa pelo fa ba thusa morafe, segolo bogolo ka go na le kgwetlho ya puo ka batho ba metse eo ka bontsi ba sa itse Setswana sentle. O kopile banana ba West-Hanahai go emisa go keteka banana ba bo mme a re seemo se se a motshwenya. A re fa dikgang tsa go ketekana e ka nna selo sa maloba, mapodisi a ka bereka ditiro tsa tshoganetso e seng tsa ka bomo jaaka tsa go ketekana. Rre Motsamai o gakolotse banana ba bomme go tsaya mananeo a puso, a re nako e tsile gore bomme le bone ba kgone go jesa ba malwapa a bone. Fa a tsibogela matshwenyego a gore sediba sa morafe se se nosang leruo se sa le se senyegile ngogola mme ba kgonne go phutha tsotlhe tse di tlhokegang, ba emesitswe fela ke gore khansele ya re ga e kake ya ba thusa ka koloi go se goga, Rre Motsamai o supile gore ga go maleba gore fa puso e ntsha mananeo a bo a phutlhamisiwa ke go tlhoka metsi. Matshwenyego a o a ne a supilwe ke Kgosi Magwasi Johannes wa East Hanahai. Kgosi Johannes a re leruo le batho ba le neetsweng ka mananeo a puso le setse le phatlalala ka ntata ya go senyega ga sediba. Monni wa East Hanahai, Rre Keithakile Seleka, le ene o ne a supa fa go senyega ga sediba go tlaa ba tlhoboganya le ba khamphane ya metsi ka morui ga a kake a lebelela leruo la gagwe le bolawa ke lenyora a na le pompo mo lapeng. Mothusa kgosi wa West-Hahahai, Rre Duxwa Xaogae a re borukhuthi bo a gola kwa motseng oo mme a kopa bagolo go tsenya bana mo tseleng ka go ba kgalemela. Mokhanselara wa metse eo, Rre Kelebogile Taeyele o ne a lebogela leeto la mopalamente, a supa fa ba tlaa bereka mmogo sentle. O tlhaloseditse morafe gore thomo e ba mo e rumileng, o e tsaya ka tlwaafalo ebile o setse a simolotse go batla ditharabololo tsa mathata a a ba amang.
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Bagodi ba itumelela diromamowa
|
Bagodi bangwe kwa Tonota ba tlhalositse fa ba itumeletse lenaneo la puso la go abela bagodi ba ba dikobo dikhutshwane diromamowa. Se se tla jaana morago ga gore ba utlwe puisanyo magareng ga tona wa dikgaolo le tlhabololo ya magae Rre Peter Siele le ba seromamowa sa Botswana mo mosong wa Labobedi, Motsheganong a tlhola lesome le boraro. Mme Oteng Tlhagiso, wa dingwaga tse di masome a marataro le boferabobedi, a re ntswa ene a setse a na le seromamowa, o akgola puso ka kutlwelobotlhoko e e supang mo setshabeng ka kakaretso. A re o bona e le mogopolo o montle o o tla a thusang bagodi go utlwa dikgang tse di diragalang mo tikologong ya bone. Rre Goitsemang Kelapile, wa dingwaga tse di masome a supa wa kgotlana ya Maaloso kwa Tonota, a re ene o itumetse fela thata e bile o amogela mogopolo oo ka o ntse a sena seromamowa. A re se se tlaa mo thusa go utlwa dikgang sentle ka tlhamalalo ka e bile ditlhopho di le gaufi. Mo potsolotsong le seromamowa sa Botswana, Tona Siele o tlhalositse fa puso e bone go tlhokafala gore bagodi ba ba kwa dikgaolong ba fiwe diromamowa tse ba tla a kgonang go itlosa bodutu ka tsone ka ba nna nako e ntsi ba le nosi kwa magaeng. O boletse gore diromamowa tse di tlaa ba kgontsha go utlwa dikgang le tse di diragalang mo tikologong ya bone. O tlhalositse gore gompieno go setse go rekilwe diromamowa di ka feta dikete di robabongwe. A re le ntswa lenaneo leo e le la bagodi, ga se botlhe ba ba tlaa amogelang diromamowa tseo ka di lebagantswe ba ba dikobo dikhutswane. ENDS
|
politics
| 7 |
Mosantedi molwantsha borukutlhi wa popota
|
E re le ntswa Batswana ba lela ka dituelo tse di kwa tlase, go santse go na le bangwe ba ba ikhitshitseng ditlhabelo go direla setshaba sa gaabo kwa ntle ga dituelo dipe. Rre Kgopa Mosantedi, rre wa dingwaga tse di masome a mane le bobedi wa kgotla ya Herero kwa Omaweneno mo kgaolong ya Kagalagad ke motswa setlhabelo mo go lwantsheng borukutlhi mo motse wa gaabo le ntswa go sena dikatso dipe. Fa a tlhalosa mo potsolotsong bosheng, Rre Mosantedi kana CID kana Surgent jaaka bangwe ba mmitsa o sale a simolotse go dira mo komiting ya twantsho borukutlhi dingwaga dika feta masome a mabedi le botlhano tse di fetileng, ba okametswe ke ba sepodise sa Botswana mo go seo sebaka seneng se direlwa kebo Rre Mackenzie le bo Rre Koko. Rre Mosantedi o tlhalosa fa seemo sa borukutlhi le ditiro dingwe tse di neng difitlha mo motseng wa gagwe e le sone se se bakileng gore a ikentshe setlhabelo go bona fa motse wa Omaweneno o fetoga. Re arametse mosi wa dikgong tse di metsi mo tirong e ya twantsho borukutlhi, re a kgobiwa ka dipuo, re bitswa maina le ao a a ka se buiweng ke motho ele modumedi jaaka nna le matlhapa a a tsitsibanyang mmele mme fela lorato, bopelotelele le maikaelelo a go bona Omaweneno ele motse o o sireletsegileng ele tsone tse di dirang gore ke rwale ditlhako moso le moso go dira tiro e ke e ithaopetseng e, a tshwaela. One a tlatsa ka gore lebaka la gore abo a kgonne go dira tiro e ka lobaka lo lo kana ke gore one a rutuntshitswe ke bagolo ba ba neng ba dira tiro e ka botswapelo le lorato le letona. Are bontsi jwa batho ba a simolotseng go dira le bone ka dingwaga tsa bo 1986 ba setse ba fudugile mo lefatsheng le le ka kwanao fa bangwe ba tlogetse ka ntlha ya bogodi mme fela a santse a boela ko go ba ba santseng ba le teng fa a tlhoka tsa bogakolodi. Fa a tlhalosa “CID” are tirisano mmogo e ntle le batho ke yone e e tlhofofatsang tiro ya gagwe, a tlatsa ka gore ere le ntswa nawa ya phure e senke e tlhokega fa gare ga tse dingwe go santse gona le bao ba ba santse ba pala go dirisana le bone sentle mme fela ba sa ba felele dipelo. Fa a tlhalosa Kgopa are ka dinako tse a simolola go dira mo komiting ya twantsho borukutlhi gone go sena dikatso dipe, mme babereki bangwe ba ba neng ba le pelo tlhomogi bane ba kgona go ba latlhelela sengwe gore le bone ba kgone go reka molora. Are ene yare fa dingwaga di ntse di katologana ba tsena mo komiting ya mosako e eleng yone e okametse baitlhaopi mo sepodiseng mme ya nna gone ba kgonang go bona dikatsonyana le ntswa e se tsa sepe. Rre Mosantedi one a kgala asa kgwe mathe batho segolo bogolo banana ba gompieno are ba eteleditse lorato la madi ko pele, ka jalo mowa wa boithaopo le lorato la go bona kgatelopele disa tlhole dile teng. One a tlatsa ka gore tlhabololo ya motse e mo magetleng a banni ba one, ka jalo are o rotloetsa banana go ema ka dinao ka ele bone fela ba ba ka isang seemo sa borukutlhi le go bo fedisa tota ko tlase. Kgopa one a tlatsa ka go supa fa ele motho yo o ratang go thusa mo ditiro le ditlhabololo tsa motse wa Omaweneno, a supa fa a thusa thata mo dintshong, manyaolo le mo tsamaiso ya ditsheko mo dikgotlaneng tsa motse wa gagwe ka kakaretso go sa kgatalesege gore a ke a nna mo go yone kana jang. One a tswelela a tlhalosa fa bogogi jwa motse bo rata tiro ya gagwe fela thata ka e kgona gore nako dingwe ba mo latlhelele lemmenyana go supa fa le bone ba lebogela seabe sa gagwe mo setshabe sa motse wa Omaweneno, ka jalo a re se se itumedisa fela thata are se se supa gore tiro e ntle e a e dira e a bonala. Fa a digela Rre Mosantedi are o eletsa gore dikomiti tsotlhe fela tsa boithaopi dika atswiwa ka sengwe ka seo se ka dira gore ba tseye tiro ya bone ka tlhwaafalo, a supa fa tiro e ya twantsho borukutlhi e baya matshelo a bone mo kotsi le gone go tlhoiwa ke ba ba ba senang boikarabelo. One a kgala badirela puso segolo thata ba sepodise ba o fitlhelang ba sokamisa molao le go tlhoka lorato mo tiro ya bone are seo ke sone se se dirang tiro ya twantsho borukutlhi go nna thata.Bokhutlo
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Banni ba batla tshoboko ya tebelopele ya 2016
|
Banni ba Rakops mo kgaolong ya Boteti ba re ba ka bo ba roletswe tshekatsheko ya tebelopele ee welang ya 2016 pele go agiwa e ntsha ya 2036. Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilwemg ke Tautona go loga tebelopele e ntsha ya 2036. Le fa go ntse jalo, mongwe wa banni, Rre Letimile Tafila, a re ene o eletsa gore ka 2036 diphologolo di bo di kgaoganye le batho, tlhako le molomo e fedisitswe. Rre Gaboitatolwe Jenjele a re ba batla go aga Botswana yo o tlhabologile e bile Batswana ba fiwa ditlamelo ka go lekalekana. Rre Lemogang Motaung a re ene o batla gore Batswana ba bo ba itirela, ba ijesa, a re itsholelo e ka tokafala fa e tsentswe mo diatleng tsa Batswana ba bo ba busetsa kwa pusong, Batswana botlhe ba akareditswe mo molao motheong. Mme Bashingi Boingotlo a re ka 2036 Batswana ba bo ba itlhophela Tautona, lenyalo le dirwa ke dikgosi,ditlhabololo di akaretsa Batswana botlhe, go agilwe madirelo a diteemane fa di tswang teng. Mme Nkgowa Utlwang a re ba batla go bona mapalamente a bone mo telebisheneng,dikhansele di i kemetse,setho sa Batswana e le se se siameng gape ba tsewa ka tekatekanyo. Rre Batontoki Ramakhubu a re o eletsa gore ditsela, ditlamelo tsa botsogo di bo di siame, thuto e e akaretsang batho botlhe le temo-thuo e le e e jesang lefatshe la Botswana le a mangwe. Rre Amogelang Lulani a re diteme tsotlhe di bo di rutiwa mo dikoleng, gape go sekasekwe kgololesego ya ditumelo. E rile fa a soboka megopolo ya bone mongwe wa lekoko leo, Dr Lemogang Kwape a re banni ba batla go akola meamuso ka tekatekanyo, metsi a a siameng, ditsela, dikole, diphologolo di sa kgoreletse temo-thuo,boeteledipele bo fetoga le dinako,ditlamelo di isiwe kwa masimong le meraka, baemedi ba sepolotiki ba fiwe dipaka tse pedi fela e leng dingwaga tse some, ba itheeletse baemedi fa ba le kwa palamenteng,Tautona a itlhophelwa,go bo go sireletswe ngwao ka pina le puo. E rile a mogela lekoko le, mothusa kgosi wa motse oo, Kgosi Kopano Mabona a supa gore ba tlhaloganya gore dilo dingwe ga di a wela ka tebelepele ya 2016 ka lebaka la kwelotlase ya itsholelo,a re o solofela gore ba ya go boeletsa dingwe, a tswelela ka gore lefatshe leno le ne le nna le dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa a re o solofela gore Batswana ba rutegile ba tlhaloganya gore go iwa kae.
|
society
| 9 |
Mapodisi a tshegeditse monna mabapi le molato wa titeo
|
Mapodise a Tshane a tshegeditse monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi go ya kwa go a mararo le botlhano, yo o tlholegang kwa Zutshwa, mabapi le dipelaelo tsa go keteka a bo a gobatsa mokapelo wa gagwe. Mo potsolotsong le Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa motswasetlhabelo a robaditswe kwa sepateleng se sebotlana sa Hukuntsi mme a supa fa a sidilega. Supt Jorowe a re mmelaelwa o tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kwa Hukuntsi go arabela molato oo. O ne a supa fa go kukela ga melato ya dititeo tse di bakang dikgobalo di ile magoletsa. A re mo kgweding eno, ba setse ba gatisitse dikgang di le pedi kwa Ngwatle e nngwe kwa Zutshwa, fa bontsi jwa dikgang bo sa begelwe mapodisi. O ne a gwetlha banni go ikgapha mo mokgweng wa go rarabolola dipharologanyo ka go lwa mme a ba rotloetsa go ithuta go buisana kana go ka kopa bogakolodi mo batsading kana baeteledipele ba motse. Mo go tse dingwe, Supt Jorowe o kopile setshaba go ba batlisa manweenwee mangwe a go bolelwang a thukuthile lebentlele lengwe bosigo jwa Mosupologo kwa Lehututu. A re manweenwee ao, a tsenye ka lenga la seloko ka dithoto le madi a go iseng go tlhomamisiwe gore ke bokae. Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa bagwebi go tlhomamisa gore ba thapa badisa dikago le go isa dipoelo tsa thekiso kwa mabolokelong a madi go na le go a tlogela mo mabentleleng ka jaana a a bo a sa sireletsega.
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Ba kopilwa go nna ka tsholofelo
|
Banni ba metse ya Mmaphashalala le Dovedale kwa kgaolong ya Mahalapye Botlhaba ba kopilwe go nna ka tsholofelo gore metse ya bone e tlaa bona tsela ya sekontere. E rile a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng, mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo mage gape ele mopalamente wa kgaolo eo, Mme Botlogile Tshireletso a tlhalosa fa go le lebaka banni ba ntse ba kopile go tsenyetswa tsela ya sekontiri e e raralang metse ya bone ya Dibete/Machaneng. Mothusa Tona o tlhalositse fa pele seemo sa itshololelo se ne se sa letle gore tsela eo e ka dirwa mme ka jaana semmo se a tokafala ba seka ba fela dipelo ban ne ka tsholofelo gore tsela eo e ka dirwa fa madi a bonetse. Banni ba ne ba ikuetse gole pele gore tsela eo e e raralalang metse ya bone e tsenngwe sekontiri, mme Mme Tshireletso a dumelana le bone a supa gore le dikotsi di ka fokotsega mo tseng e tona ya A1. Mme Tshireletso o ne a tlhalosa gore ditlhabololo ka bontsi mo lefatsheng lotlhe di ne tsa emisiwa, ka go bo itsholelo ene e wetse ko tlase lefatshe ka bophara, a tlatsa ka gore dipego di supa fa seemo se se tokafala. A re tsela eo e e tshwaraganyang metse ya Tswapong le Bobirwa e ka thusa fela thata e bile gongwe le ditiro di ka tlhamega fa e sena go dirwa. Mo go tse dingwe Mme Tshireletso o ne a lekodisa banni ba metse eo gore mo palapenteng e e satswang go fela ne go buiwa ka ga eng. A re ele khuduthamaga ya palamente bane ba dumelana fela ka bongwe gore tshimologo ya dikereke e tsere phekelo e sele mo lefatsheng leno. O tlhalositse fa dikereke di tletse gongwe le gongwe mme e bile di sa tlhole di tlwaelesegile ka se kereke e sa tlhole e tlwaelesegileng ka teng, ka gobo jaanong batho ba dira ditiro fela tse di sa amogeleseng mo setshabeng. Ka jalo, Mme Tshireletso o ne a tlhalosa fa ba dumelane go tla go tsaya megopolo mo setshabeng gore jaanong kereke e seka ya tlhola e bopiwa kgotsa e kwadisiwa ka batho batho bale masome a mabedi bogolo e nne makgolo a mabedi le masome a amatlhano. O ne a kopa gore banni gore ba tswe ka megopolo gore bone kgang e ba e bona e ntse jang go leka go laola seemo sa dikereke mo lefatsheng leno. Mo go tse dingwe mothusa tona o ne a tlhalosetsa banni ba metse eo gore go dumelwane gore maungo, merogo yotlhe le dijo dingwe di akaratsa phaleche le raese di seka tsa tsenngwa VAT kwa marekisetsong ka e le tsone dijo tse ka tsone di agang mebele ya batho e bile dile botlhokwa fela thata. E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba metse eo ya Mmaphashalala le Dovedale ba ne ba dumelana fela ka bongwe ja pelo gore palo ya makgolo a mabedi le masome a matlhano e kwa tlase ba kopa gore palo eo e okediwe gore dikereke di fokotsege. Mo go tse dingwe, e ne ya re go le pele kwa Mmaphashalal Kgosi ya motse oo o ne a tlhalosetsa mothusa tona Kgosi Kemmapatse Bagatiseng o ne a leboga gore ka itsholelo e a itokafala ba tsile go bona ditlhabololo tse ba di tlhokang mo motseng wa bone di tshwana le yone ya tsela. Kgosi Bagatiseng o ne a tlhalosetsa mothusa tona gore ba tlaelelwa ke mapodisi mo motseng wa bone mme se se dira gore borukutlhi bo ye kwa go dimo. A re gongwe fa b aka okeletswa mapodisi b aka kgona go laola seemo se sa borukutlhi se se ileng magoletsa. E re go ntse go ntse jalo, e ntse ele gone kwa Mmaphashala mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme Tshidah Mpanti a tlhalosa fa ban a le mathata mo motseng wa bone tebang le batho botlhe b aba kwadisitsweng mo mananeong a nyeletso lehuma. Mme Mpanti a re e re le ntswa batho botlhe b aba tswa go rutuntsiwa mo di kgwebong tse ba di batlang ga ba ise b abo ba bone ditlamelo tsa teng ka bontsi. O ne a tlhalosa gape gore b aba solofeditsweng dipodi bone mathata dituelo tsa go duelwa ba dipodi di rekiwang mo go bone di a diega mme se se dira tiro thata. Kwa motseng wa Dovedale gone, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme kedibonye Mogotsi o ne a tlhalosa fa ba tlhaelelwa ke metsi mo motseng wa bone. Mme Mogotsi o ne a tlhalosa gape gore e re le ntswa motse wa bone e le mengwe ya metse ya bogologolo o sa ntse o tlhaelelwa ke motlakase bogolo thata kwa kokelwaneng ya bone. O ne a tlhalosa gape gore ba a sokola mo motseng wa bone bogolo jang ka gore bana ba motse ga ba hirwe go dirwa ditiro tsa nakwana mme go tsewa batho kwa metseng e mengwe, ntswa ban aba m gae ba le teng. BOKHUTLO
|
society
| 9 |
Monna o atholelwa kgolegelo
|
Kgotla ya ga mmakaseterata kwa Serowe e atlholetse monna wa dingwaga tse masome a mabedi kgolegelo ya dingwaga tse di lesome morago ga go lebisiwa molato wa go itseela dikobo ka dikgoka. Go bolelwa fa Thabo Ookeditse a ne a dira molato oo kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le masome a mabedi le borababobedi ngwaga oo fetileng. Ka nako ya tiragalo e, mosekisiwa o ne a itekanetse sentle mo tlhaloganyong. E rile a ntsha katlholo, Mmakaseterata Joseline Molifhe a nankola dintlha tse lekgotla le neng le di etse tlhoko fa le tsaya tshwetsho ya go atlhola mosekisiwa. A re lekgotla le ne la sekegela tsebe gore mosekisiwa ke monana mme e bile ga a ise a ke a dire molato wa petelelo mo nakong e e fetileng. Mme Molifhe o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba ne ba etse tlhoko mo go ntsheng katlholo gore mosekisiwa o ne a sena ape mabaka a a mo patikang go ka bo a dirile molato oo. Mosekisiwa o ne a tlhalositse mo tshekong fa a sa itse gore ke eng a lebisitswe molato oo wa petelelo. Katlholo ya petelelo go ya ka melao ya Botswana e ka nna ya dingwaga tse di seng kwa tlase ga lesome kana kgolegelo botshelo jotlhe. Mo tshekong nngwe, Mmakaseterata Molifhe o ne a atlholela monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa dingwaga tse supa mo kgolegelong . Se se tla morago ga gore mosekisiwa a bonwe melato e mebedi, wa go tshuba ntlo ya bojang gore e bo e lore le molato wa matshosetsi a go bolaya mosadi le bana ba gagwe ko motseng wa Paje ngwaga o o fetileng. BOKHUTLO
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Dinotshi teemane ya ga Kamarea
|
Go tswa goo-Lowe, motho fa a bona segopa sa dinotshi s etla se rwaleletse, o tlhanola direthe, bangwe ba ribame fatshe, se e le go iphalotsa botlhoko jwa go longwa ke notshi. Se ya bo e le dikgang tsa maloba mo go Rre Kitsoyaone Kamarea (31) wa kgotla ya ga Kebuang kwa Kanye. E ne fa go nna jaana o dudueletsa boatleng, a tlole a bo a relele a itse sentle gore gouta le selefera di mo wetse godimo, kgang kgolo mo go ene, e nne go ja tlhogo go bona gore di mo tsena jang diatleng. “Ke koma fela ke itse gore motswedi wa madi o gorogile, Mafoko a me e nne gore, ruri lefa gotwe modimo ga afe ka letsogo tsatsi leo wa bo a nneile,”ga bua jalo Rre Kamarea. E ne ya re fa a buisana le BOPA bosheng, mogwebi yo wa khamphani ya Rust and Dust Holdings, yo o itebagantseng le go gweba ka thuo ya dinotshi, a supa fa e rile go fatlhogeng ga gagwe a nna le lerato le le tseneletseng mo dinotshing ka jaana a ne a rata tsina. A re ka a godile go ja dinotshi e le selo modiro kwa ga gabo, se se ne sa mo fa monyetla wa go lemoga fa jaanong go rua dinotshi go ka mo tshela metsi mo ganong, toro e e rileng fa a fetsa lekwalo la botlhano a e rurifatsa ka bonnye jo a neng a bo ipoloketse ka 2007. A re go netefatsa gore o tsamaisa kgwebo ka bonokopila, o ne a tsenelela dithuto tsa thuo le tsadiso ya dinotshi tse a neng a di isitswe ke ba temo-thuo kwa Pelotshetlha Rural and Training Centre, selo se se neng sa mo tiisa moko. Rre Kamarea o tlhalosa fa e rile go bona kgwebo e tswelela sentle le ka ntlha ya go galalediwa ke bareki maikaelelo ya nna go e godisa, mme ya re ka 2012, ba lephata la banana ba mo pega lere ya dikeletso tsa gagwe ka P80 000. “Mo nakong ya gompieno tswina e e tlhotlhilweng, mamepe, le lelota ga mmogo le di-tswa dinotshing di tshwana le kerese, melora e e tlhapang le diitshaso tsa molomo ka go farologana, pholetshe ya ntlo le tse dingwe ke dingwe tsa tse ke gwebang ka tsone.” Go netefatsa gore kgwebo ya me e tswelela e itshetletse, ke dira ke bo ke rekisa mabokose le didirisiwa tsa dinotshi ka go farologana, ga mmogo le ditirelo tsa phuduso ya tsone,” Rre Kamarea a tlhalosa. Ka lenyora la go ntsha dithoto tsa tlhwatlhwa, Rre Kamarea o tlhalositse fa a ne a tsena mo maranyaneng a inthanete ga mmogo le go ikopanya le ba lekalana la National Food Technology Research Centre (NFTEC) go itseela botsipa ka go dira di-tswa tswineng, metswako le menontshane e e lekanetseng, go di somarela ga mmogo le go di phuthela. Mogaka yo wa mogwebi wa dinotsi a re e re ka go dirwa ga tswina go laolwa ke boleng teng jwa ditlhatshana, o tlhokomela dinotshi tsa gagwe ka go di lemela dithunya ka nako ya tlala gore di kgone go ntsha tswina ya boleng le go di beela mabokose a itsidifatso ka nako ya mogote go fokotsa dintsho. “Go dira jaana go ntla matshediso ka mabokoso a ke nang nao a a masome marataro, ke roba bokete jwa makgolo a roba bongwe a tswina,mo fa gongwe e nnang gabedi fa e le ngwaga o monamagadi.” A re se se nonang pelo mathe ka kgwebo ya go nna jaana ke gore ntle le matsapa a go gama tswina, ga e turu e bile e motlhofo go tsamaisiwa, ka jalo e mo fa sebaka sa go dira ditiro tse dingwe tsa selegae. A re le fa go ntse jalo thuo ya dinotshi e tlhokana le kitso le botsipa ga mmogo le motho yo o ititeileng sehuba. O buile a sa kgwe mathe ka botlhokwa jwa tswina ya dinotshi e a tlhalositseng fa e na le dikotla tse di tlhokwang thata ke mmele gore o fenye malwetse ka go farologana a akaretsa a letlalo le a mangwe. Le fa go ntse jalo, Rre Kamarea o tlhalositse fa dinotshi di ka nna borai mo bathong le ditshidi tse dingwe ka jaana di kgona go loma mo go ka bakang loso bogolo jang fa di rumotswe. Bokhutlo
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Ngwao ke Omang wa gago - Kgosi
|
Mothusa Kgosi wa Ghanzi, Mme Annah Rankho a re go botlhokwa go somarela ngwao le go e ruta banana. Mme Rankho o buile jaana bosheng jaaka motse wa Ghanzi o ne o tshegeditse letsatsi la ngwao. A re e le magosi ba neetswe boikarabelo jwa go re merafe ya bone e somarela le go diragatsa ngwao ya bone. A re go tshegetsa letsatsi la ngwao ke selo se se botlhokwa, ka le fa morafe sebaka sa go ikgakolola ka fa ba neng ba tshela ka teng bogologolo mme gape e le go fetisetsa thuto kwa bananeng ka go setse go lemosegile fa ngwao e fetoga mme gape e setse e nyelela. O kgothaditse morafe wa Ghanzi go tlhopha tse di siameng mo ngwaong mme ba di diragetse gore di ba tswele mosola. A re ngwao e akaretsa dintlha di le mmalwa di akaretsa dijo, kapari, mmino, le metshameko. A re ke santlha Ghanzi a tshwara letsatsi la go tshwana le le, mme se se tsile morago ga go itemogela fa merafe e mengwe e gatetse pele ka go diragatsa dingwao tsa bone. Kgosi Rankho a re maikaelelo a komiti e e rulagantseng moletlo o ke gore ba o tshware ngwaga le ngwaga e le tsela ya go tsosolosa ngwao le go fetisetsa thuto kwa bananeng gore le bone ba somarele ngwao. E ne ya re a rola maikaelelo a letsatsi, modulasetilo wa komiti e e neng e rulaganya, e bile e le mokhanselara wa kgaolwana ya Ghanzi legare, Mme Gakeoletle Dikoma a re maikaelelo a bone ke go tshwaraganya merafe e e fitlhelwang mo Ghanzi. A re go setse go supagetse fa ngwao e nyelelela ka iketlo, le merafe e e fitlhelwang mo kgaolong e sa ikitse mme ba latlhile botho jo ba tlholegileng ka jone ka mo malatsing ano borukhuthi jwa dipolaano bo ile kwa godimo. A re letsatsi le le diretswe gore banni ba Ghanzi ba buisane ba bo ba itshekatsheke gore ba ka tswa ba fapogile ngwao fa kae mme ba e boele ka e na le dintlha tse di ka agang motse. Fa a ntsha lefoko la kgothatso mogolwane go tsweng kwa lephateng la tlhabololo banana, metshameko le ngwao Rre Gobonaone Ramoupo a re go botlhokwa gore e re go rulaganngwa ditiro di tshwana le e, go ngokelwe banana mo go tsone gore le bone ba nne le seabe mme ba anye dikitso mo bagolong ka ke bone ba tsamaisi ba kamoso. A re le ntswa lephata la gagwe le sa nna le karolo mo tirong e, le tlaa ya go itshekatsheka gore mo nakong e e tlang le ka thusa jang. O rotloeditse banni ba Ghanzi go kgaphela thoko dikgang tsa sepolotiki fa ba dira ditiro tsa morafe ka se se ka busetsa morago tshwaragano e mo bogompienong e tlhokegang thata go isa motse kwa pele. BOKHUTLO
|
arts_culture_entertainment_and_media
| 0 |
Ba tshosa diphiri ka seka-motho
|
lick to see more pictures Maano a botshelo ga a site go sita a leso, e bile gape ga twe e re go tlhalefa bolwetse le ngaka o e tlhalefe. Ka lone lebaka le, balemi-barui ba masimo a Shakge go bapa le Mogorosi kwa bophirima jwa Serowe, ba boletse fa ba sa bolo go jesediwa mo kgobedung ke diphologolo tsa naga, tse di ba jelang setlhogo leruo le dijalo, mme ba bone go le botoka go di jela tlhogo. Mme Ntsopa Ntesang wa masimo ao o boletse mo potsolotsong gore morago ga go lela selelo sa khuranyo ya meno, ba dirile ditshwantsho tse e kareng batho ba tsholeditse matsogo, ba bo ba di baya fa pele ga masaka a dipodi le kwa masimo go tshosa diji. A re dihutshane tsa gagwe le letsomane di feditswe ke diphiri tse di tlang bosigo, di bolaya di bo di tswa di tsamaya. A re mme e rile ba sena go baya dika-batho tseo ga nna botoka. O boletse fa kwa tshimong gone ba leka go koba ditholo tse di ba upuditseng, mme ba baya ditshosa tseo, mme morago ga lebakanyana di tlwaela dika-batho tseo, tsa boelela gape di tsena fela di bona gore ke ditshosa fela dilo tseo. O boletse fa ba lekile thata go begela ba lephata la diphologolo makgabisa naga, mme karabo e nna gore fa ba fitlhela ditholo tseo mo tshimong ba di bolae mme ba bege kwa go bone. O boletse fa monongwaga ba ne ba bolaile thobo mme sebe sa phiri e le gore diphologolo di ba somotse mowa ka go ba jela, mme legale a re ba santse ba solofetse go le gontsi ka gore marotse, ntshe le mmidi ga di na botwesepe. Mme Ntesang a re o a ja gape o a rekisa, fela o ne a kgorelediwa ke go obamela melawana ya ba botsogo ya go kganela metsamao e le go laola kanamo ya COVID-19.
|
society
| 9 |
Komiti ya Monarch e gatetse pele
|
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo ya Monarch Bophirima kwa Francistown, Mme Chiko Mogotsi, a re komiti eo e gatetse pele mo go tlhabololeng kgaolo ya bone. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Mogotsi a tlhalosa fa ba tsere tshwetso ya go dirisa didikadike tse lesome tsa di pula go aga matlo a magolwane a le mabedi a ba tlaa a firisetsang batho. Mme Mogotsi o tlhalositse fa kago eo e setse e simolotse kwa setsheng sa bone mme ba solofetse gore e bo e wetse pele ga ngwaga o ya bokhutlong. A re godimo ga moo, ba tlaa aga gape ofise fa setsheng seo ka sele segolwane, le go gokelela metsi le motlakase. E re ka gotwe mokoduwe go tsosiwa o o itekang, Mme Mogotsi a re komiti ga e a ikaega fela ka madi a ba a filweng, mme dule ka ditsela tse dingwe tsabgo itirela madi. A re ba setse ba simolotse go rekisetsa barui bojang jo bo kgaolwang ke babereki ba Ipelegeng. Godimo ga moo, a re ba na le ditilo le dipoto tse ba di firisetsang morafe. O ne a tlhalosa gape fa ba ne ba latswiwa ke thware fa palamente ya lefatshe la Belgium e ba abela P26 000 fa ba ne ba etetse kgaolo ya Monarch Bophirima. Komiti e ne ya dirisa madi a, go agelela lebala la kgwele ya dinao le le mo kgaolong ya bone. A re go agelela lebala moo ga go a ka ga fela ka madi ao a ile a seka a lekana, mme a tlhalosa fa ba solofeditswe madi a mangwe ke ba lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao go feleletsa go agelela lebala leo. Godimo ga moo, modulasetilo o kaile fa khansele e ba abetse lefelo le lengwe gape, mme ba ikaelela go aga lebala le lengwe la metshameko le le akaretsang bolotloa, mabelo, bolo ya molangwana le e mengwe. A re ba tsere tshwetso ya go aga mabala a, go ntsha banana mo mebileng gore ba inaakanye le metshameko e seng ditiro tsa borokutlhi kgotsa go nwa nnotagi phetelela. O kaile fa dithakga tsa metshameko mo Botswana jaaka bo Kabelo Dambe, le ba bangwe ba simolotse go tshameka gone mo Monarch, ka jalo mabala a a ka thusa go ribolola talente ya bana ba Monarch. A re maikaelelo a bone ke gore fa kago ya mabala a o e fedile ba nne ba tshwara dikgaisano tsa metshameko ka go farologana teng, mme go tsenwa ka madi gore dithebenyana tseo di tsene mo letloleng la WDC ya bone, mme ebile seo se tla nna mothofo ka mabala a tlaa bo a ageletswe gape ba na le ditlankana tsa one ele WDC ya kgaolo, tse ba setseng ba di filwe ke khansele. Mme Mogotsi o kaile fa ba tsweletse ka go phepafatsa kgaolo ya bone ka lenaneo la ipelegeng, go balelwa noka, ditsela le mo kgotleng tota. O buile fa ba lemile ditlhare mo kgotleng le tlhaga e tala gore kgotla e lebege, mme e bile ba nosetsa ditlhare tseo e le ba WDC ya Monarch Bophirima. Mme Mogotsi o kaile fa tsotlhe tse di dirwang ke WDC ya bone di direlwa mo pontsheng, e bile ba aga ba bitsa diphuthego go ba lekodisa ka tsothe tsa WDC go balelwa le gore madi a dirisitswe jang mo letloleng le gore go setse bokahe. A re o itumelela gore komiti ya bone ga e nke e nna le dikgang dipe tsa boferefere, bogodu kgotsa tsietso, le go nyelela ga madi mo letloleng tota. O kaile fa ba aga ba dirisana le maphata ka go farologana jaaka la botsogo, nyeletso lehuma, la banana. Mme Mogotsi o ne a gatelela fa paakanyetso boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano le bobedi e tsweletse sentle. Mokete o tlaa ketekelwa mo kgotleng ya Monarch jaaka ele tlwaelo. A re tirisano ya bone le kgosi, mokhanselara le bateledipele ba bangwe e le e e nametsang, ka e bile ba aga ba rotoetsa setšhaba go tsena diphuthego tsa kgotla, mme a thalosa fa batho ba ba reetsa. BOKHUTLO
|
politics
| 7 |
Tirelo Setshaba e a simologa
|
E tla a re kgwedi e e tlang e rogwa lenaneo le lesha la tirelo setshaba le bo le simologa. E rile fa a rolela phuthego ya khansele ya Borwa e e tsweletseng kgang, mothusa mokwaledi mogolo mo lephateng la banana, metshameko le ngwao Rre Jefferson Siamisang a re, go tserwe banana ba le 15 000 mo go ba ba 26 000 ba ba neng ba ikopetse go tsenngwa mo lenaneong leo. Rre Siamisang a re, gone go sa kgonagale go amogela baikopedi botlhe ka jaana madi a ne a tlhaela go ka dira jalo. Rre Siamisang o tlhalositse gore tirelo setshaba ya monongwaga e farologana le ya dingwaga tse di fetileng ka gore banana ba ne ba direla kwa eseng magae a bone, mme a supa fa gompieno ba nale sebaka sa go itlhophela kwa ba batlang go direla teng le fa ba ka kgonang teng. O gateletse gore tirelo setshaba ga se tiro, ke mogopolo wa go tsenya banana mo maphateng a a farologaneng a puso gore ba ithutele tiro, ba tle ba nne le botsipa jo bo tlhokafalang mo itsholelong ya lefatshe leno. Rre Siamisang o tlhalositse gore, “ Banana ba, ba tla a fiwa P500 mo letsogong, go bo go nna le P200 yo o tla a tsenngwang mo bukaneng ya polokelo e e nang le morokotso, e bile gone go tsewa banana ba ba nang le dingwaga tse di masome mabedi go ya kwa go masome a mararo.” O tsweletse a tlhalosa gore, e tla a re fa lenaneo leo le sena go simolodisiwa semmuso ke Tautona Lt Gen Seretse Khama Ian Khama ka Moranang a tlhola gangwe kwa Gaborone, go nne le komiti e e tla yang go tsaya botsipa kwa mafatsheng a a nang le botsipa jwa lenaneo leo jaaka kwa Ghana. Fa ba akgela mabapi le lenaneo, mokhanselara wa Manyana Rre Peter Sethibe a re, o batla go itse gore go dirisitswe botsipa bofe go tlhopha banana ba ba yang tirelo setshaba, a fa sekai ka motsana wa Bikwe a supa fa o sena ditlamelo, ka jalo banana ba teng ba ya go tlhoka maroko e bile a batla go itse gore go ya go dirwa jang ka bone. Mokhanselara wa Pitseng Rre Abram Dibeela, ene o kopile gore banana bao ba dirisiwe thata mo mhameng wa temo-thuo ka gona le tiro e ntsi thata e bile molemisi a dira tiro e ntsi a le nosi go sena mothusi. Mokhanselara wa Pitshane-Molopo Mme Pandor Dorah, o ngongoregetse madi a bana bao ba tlaa bong ba a fiwa, a supa fa go tla a bo go tshwana fela le Ipelegeng e bile a gatelela fa a sa lekana go tlamela mmereki. Fa a araba dipotso le dikakgelo tsa makhanselara Rre Siamisang a re, gone go tlhophiwa banana botlhe ba ba neng ba ikopetse lenaneo la go boela sekolong gore ke bone ba tsene mo lenaneong le. O tsweletse a re, gape go ne go tsewa banana ba mophato wa bosupa ba ba saleng ba feditse bogologolo. Bokhutlo
|
society
| 9 |
Tsayang moopelo tsia - tona
|
Tona wa Papadi le Madirelo, Mme Dorcus Makgato-Malesu o kopile ditlhopha tsa moopelo tsa kereke ya Faith Gospel After Christ (FGAC) go tsaya moopelo wa bone ka tlhwaafalo. Mme Makgato-Malesu o buile jalo kwa dikgaisanong tsa moopelo wa kereke eo kwa Ratholo ka malatsi a paseka. A re, mmino mo malatsing ano ke botshelo jwa motho, mme fa o tsewa ka tlhwaafala o kgona go dira pharologanyo e tona mo matshelong a batho le ba malwapa a bone. Tona o tlhalositse fa mmino o sa tlhole o lebiwa ele wa go itlosa bodutu fela mme ele tsela nngwe ya go ka dira madi go itshetsa le gone go tlhabolola tikologo ya motho. O tsweletse a tlhalosa gape gore moopelo o tshwanetse go tsewa jaaka kgwebo. Mme Makgato-Malesu a re, mo lephateng la gagwe go nale lekalana la tshomarelo dikitso tsa ditlhamo ba tshwaragane le ba bodiragatsi, ba tlile ka melawana ya gore batlhami ba akole meputso ya ditlhamo tsa bone. Ka jalo diletswa tsa bone di simolotswe go duelelwa. A re, ka jalo kereke le yone, e tshwanetse go akola seemo se, a tlatsa ka gore dikhwaere tsa FGAC tsa Selebi- Phikwe le Gaborone di setse di gatisitse mmino wa tsone e bile oa rekisiwa. A re, kereke ya FGAC e bone go le botlhokwa go kopanya banana ba yone ka kopelo, mme ka jalo selo se, se tla a ruta banana gore ba ka tswelela mo botshelong ka kopelo. Mme Makgato-Malesu a re, kopelo e a fodisa, e a kaela, e a ruta e bile e aga mowa wa motho. O tsweletse a re, bokgoni jwa banana ba kereke e jwa go tlhama dipina tse di nang le molaetsa o o botlhokwa wa lefoko la Modimo, ke ka bokgoni jwa boeteledi pele jwa kereke, mme ka jalo a leboga ba FGAC go bona ba tsaya moopelo tsia. Mo go tse dingwe tona o lebogile ba kereke ya FGAC go bo e nale seabe mo go tokafatseng matshelo a Batswana. Mme Makgato-Malesu a re, kereke e, e tsere maikarabelo a go thusa puso go aga banana le go abela ba Masiela Trust Fund madi go ithusa. A re, se, se supa gore kereke e tshwere moono wa tebelopele ya Botswana wa go utlwela ba bangwe botlhoko. Kereke ya FGAC fa e sale ka ngwaga wa 2004 e tshwere moono wa gore ngwaga le ngwaga ka malatsi a paseke e abele lekgotla la Masiela Trust Fund sengwenyana. Ngwaga ono e ba abetse dikete di le tlhano tsa dipula. Fa a rola maikaelelo a dikgaisano tseo, modulasetilo wa komiti ya dikhwaere tsa kereke Rre Cedric Luka, o tlhalositse fa maikaelelo a bone ele go gasa lefoko la Modimo le go sokolola batho ka kopelo. Rre Luka a re, ba dumela gore fa ba ka sokolola batho ka moopelo, ba ka kgona go lwantsha dikgwetlho tsa botshelo di tshwana le borukutlhi le tiriso ya nnotagi. A re, ba lemogile fa moopelo ele tsela nngwe ya go ka lwantsha diemo tse, a tlatsa ka gore moopelo wa kereke ya bone ga o felele mo kerekereng , mme ba setse ba kgonne go gatisa mmino wa bone mo ditlhopheng dingwe. O tlhalositse gape gore mangwe a maikaelelo a bone ke go kgobokanyetsa kereke madi ka moopelo gore e tle e kgone go diragatsa ditoro tsa yone. Rre Luka o tlhalositse fa dikhwaere tsa kereke di nale seabe mo kagong ya kereke ya bone. Bokhutlo
|
religion_and_belief
| 8 |
Spar se abela baithuti
|
Madirelo a Spar kwa Tutume le abetse baithuti ba le masome matlhano ba sekole se se botlana sa Tutume dijesi le ditlhako tsa sekole tse tsotlhe di lopileng madi a P12 000. E rile fa a rola dimpho tseo kwa sekoleng seo ka Laboraro, modiri kwa Spar Rre Tebagano Bagwasi o ne a bolela fa ba tlhophile sekole seo ba le mo moonong wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso la go tsaya sekole go se tlhokomela. Rre Bagwasi a re gape ba ne ba bona go tshwanela go direla setshaba sengwe e le mowa wa go leboga bareki ba bone ka mabogo dinku a thebana. A re se se tlaa tsisa pharologanyo mo baithuting bao, ba ntshe mowa wa boitlhobogo mme seo se tlaa ba tiisa moko, ka jalo ba tlhwaafalele dithuto tsa bone. O ile a tlhalosa fa ba ne ba kokoanya madi ka go apara diaparo tsa bone e seng paka ya mmereko ka Labotlhano mongwe le mongwe mme ba ntsha P5. A re ka seo ba ne ba kgona go kokoanya P4 000 fa P8 000 a tswa kwa lebentleleng la Spar mme tshoboko ya madi ao ke one a ba a dirisitseng go reka dimpho tseo. Rre Bagwasi o tsweletse a bolela fa ba tlaa tswelela jalo ba tshwaragane le sekole seo go bona gore ba tshwaraganela tlhaelo e e mo sekoleng le mo baithuting go bona gore bana ba kgona go fitlhelela ditoro tsa bone tsa go bona thuto go sena sekgoreletsi sepe. O ne a gatelela ka gore seo ba ka se kgona fela fa ba ka nna seopo sengwe e le ba Spar, batsadi le barutabana ba sekole seo sa Tutume mme ba tswe ka megopolo e e tlaa fedisang letlhoko mo baithuting. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tutume, Mme Vinga Mongwaketse a re lebentlele leo ga se la ntlha ba thusa sekole seo ka ba ageletse tshingwana ya merogo e bile ba a e tlhokomela. Mme Mongwaketse o tlhalositse fa sekole seo se na le baithuti ba le makgolo a robabobedi le masome a robabobedi le bone mme palo eo e nna e oketsega nako le nako. O ne a re puso e leka ka bojotlhe go thusa bana ba ba tlhokang mme ka lebaka la tlhaelo ya madi, ga e kgone go ka ba thusa botlhe. Gape o ne a leboga lebentlele la Spar le badiri ba lone go bo ba ne ba bona go tshwanela go thusa bana bao ba ba sa kgoneng go thusiwa ke ba boipelego. Mogolwane wa lephata la thuto wa kgaolo-potlana ya Tutume, Mme Maggie Ngache o ne a leboga lebentlele leo go bo ba diragaditse lengwe la matshego a tebelopele ya 2016 a setshaba se se kutlwelo botlhoko se se tlhokomelang batho botlhe. Mme Ngache o ne a gwetlha batsadi go tlhokomela bana dinako tsotlhe ka go bona gore ba ya sekoleng ba le phepa e bile ba bone sengwe go tshwara logaba. BOKHUTLO
|
education
| 4 |
Ba-na-le-bogole ba salela kwa morago
|
Modulasetilo wa mokgatlho wa ba-na-le-bogole kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Ofetotse Bikimane, a re setshaba ga se potlakele go reetsa dilelo tsa ba-na-le-bogole. Rre Bikimane a re ba-na-le-bogole ba saletse kwa morago ka ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi, mme a re le mororo puso e dira bojotlhe go ba sekegela tsebe, setshaba sone ga se dire go lekane. O kaile fa letlhoko la ditiro, kgethololo, letlhoko la madi gammogo le go tlhoka kitso ga setshaba ka ga dikgwetlho tse ba kopanang natso, go ba baya ka fa mosing ka ba sa kgone go itse dilo tsa botlhokwa mme ba salele kwa morago. Rre Bikimane a re letlhoko la madi leba paledisa go fitlhelela dikeletso tsa mokgatlho mme a ikuela gore le dikompone tse di ikemetseng ka nosi ga di ba sekegele tsebe fa ba ikopeladithuso bogolo jang tsa madi. A re mangwe a maiteko a ba a dirang mo nakong ya gompieno ke go lema merogo mo tshingwaneng e ba e abetsweng go lwantsha lehuma. Bokhutlo
|
society
| 9 |
Banni ba Manyana ba itlhokoletsa boipuso
|
Boipuso jwa monongwaga jwa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano go tlaa leba yo o sebete, ka go sena phokoje wa morago. Kwa Manyana kwa kgaolong ya Borwa ba dira go swela, ba kopa kemo nokeng ya bagwebi, bogogi ja kgaolo, baruti le bodiredi go itsolopaganya le bone. Mo potsolosong le BOPA bosheng, modulasetilo wa komiti ya boipuso Rre Kerapetse Oageng o boletse fa a tlhatswiwa pelo ke gore mopalamente wa bone mothusa Tautona RRe Mokgweetsi Masisi o ba solofeditse go ba tlhabela dikgomo tse pedi. Rre Oageng o boletse fa mokhanselara Rre Peter Sethibe le ene a solofeditse kgomo gore Bahurutshe ba tle ba letse leino ka letsatsi la boipuso. O boletse fa puso e solofeditse P17 700 go keteka boipuso le go berekela mo go ene. Le fa go ntse jalo, ba tsweletse ka go kgobokanya madi ka go dira ditiro ka go farologana jaaka bommabontle, kgaisano ya kgwele ya dinao le tse dingwe. Rre Oageng o boletse fa baruti le bone ba sa salela morago ba ipaakantse ka thero, moopelo wa go galaletsa Modimo le tse dingwe. O boletse fa tirisano mmogo e le ya maemo a a ko godimo thata. O boletse fa ka letsatsi la boipuso ba ikaeletse go supa ditsangwao tsa bone tsa Bahurutshe. Mebala ya fologa ya Botswana e tlaa bo e phaphasela mo motseng wa Manyana. O boletse fa kgotla ya bone e pentilwe ka mebala ya folaga ya Botswana.
|
economy_business_and_finance
| 3 |
Bodiredi bo supa kutlwelobotlhoko
|
Bodiredi jwa lephata le le tlhokometseng dikago tsa puso kwa Letlhakane, bo akgoletswe go nna le seabe mo go thuseng ba ba dikobo dikhutshwane ka go agela motlhoki wa motse wa Mokobaxane ntlo. Mopalamente wa Boteti Borwa, Rre Lebonaamang Mokalake a re babereki ba, ba dirile se ka thotloetso ya lorato le kutlwelobotlhoko. Rre Mokalake o buile jalo fa a bula semmuso ntlo eo ya dikamore tse pedi le ntlwana ya boiteketso tse di lopileng P42 000. Rre Mokalake, yo e leng tona wa lephata la ditsha le matlo, a re tiro ya bone e tlaa thusa go nonotsha lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba le le rotloetsang kutlwelobotlhoko le gore Batswana ba thuse go tsholetsa ba ba kobo dikhutshwane. A re se ba se dirileng se thusa gape gore puso e fitlhelele maikaelelo a yone a go agela ba ba se nang bonno jo bo tlhomameng. Rre Mokalake a re bonno ke selo sa botlhokwa, bo fa motho seriti le tlotlo mo setshabeng. Tona Mokalake a re ba dirile namane e tona ya tiro ka gore ba thusitse go araba selelo sa puso sa gore e thusiwe go tokafatsa matshelo a Batswana ba ba tshelelang mo lehumeng. O boleletse bana ba ga Mme Bontshwanetse Setebelekwane, yo go tlhalositsweng fa a setse a tlhokafetse, gore toro ya bone ya go nna le bonno jo bo siameng e fetogile nnete ka thuso ya lephata leo. O ba rotloeditse go tlhokomela thuso eo le gore ba dire tshingwana ya merogo mo lwapeng gore ba itshetse ka yone. ona o ne a abela lelwapa leo dithuso tse dingwe di akaretsa dikobo.
|
society
| 9 |
Bomme ga ba batle go salela kwa morago
|
Fa go tsenwa mo mererong ya tsa kgwebo, bomme ba lefatshe la Botswana ba ititeile ka thupana go ka tshwaragana gore ba seka ba salela kwa morago. Mokwaledi wa kompone eo Mme Koolebogile Mholo mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA a re e rile ba lemoga fa go na le tlhaelo ya ditshilo mo Kanye ba ikopanya go kopa dithuso kwa go ba ofisi ya boipelego ka ngwaga wa 2013, mme jalo ba atlega. Mme Mholo a re ba sila mabele le mmidi go dira legwantane le le jewang thata ke batho ba ba lwalang bolwetse jwa sukiri le madi a matona ka le bolelwa fa le na le dikotla tse dintsi tse di siametseng mmele wa motho. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa le ratiwa bobe ke leruo, segolo thata dipodi le dikgomo fa le tsentswe letswai. “Kwa tshimologong kgwebo ya rona e ne e tsamaya ka thelelo ka gore re ne re kgona go rekisetsa mabentlele a tshwana le le le tumileng thata la Choppies, mme mo nakong eno re lela sa ga ragele ka theko e ile kwa tlase fela thata,”Mme Mholo a bolela. Ka Motswana o rile ga gona ntlo e e sa neng Mme Mholo o ne a bolela fa go senyega ga metshine ya bone go baka poelo morago e tona ka gore go tsaya malatsi go e baakanya ka e bilediwa ba Rural Industrial Innovation Centre (RIIC), ka jalo tshilo e a ema mme ba latlhegelwe ke bareki. Fa a iteela kobo moroko,mongwe wa babereki ba kompone ya Mosadi Sejana , Mme Keaoboka Pitso a re ba oka bareki ka go ya ditshupong tsa ngwaga le ngwaga le go ipapatsa mo bathong ba ba fetang ka tsela le batho ba ba amegang ka kgwebo ya bone. Mme Pitso o boile gape a re ba ipapatsa ka (billboards) matshwao a a supang fa ba leng teng. A re ba na le botsalano le ba lephata la dikgolegelo. A re fa ba ka bona bareki ba bantsi le dithuso tse di faphegileng go ka thusa go atolosa kgwebo ya bone ka e le boutsana mo nakong eno. BOPA
|
education
| 4 |
Banni ga ba na Omang
|
Kgosi Paul Motshwane wa Gerald Estates kwa Francistown a re banni bangwe ba kgaolwana eo ga ba na dikarata tsa Omang. Kgosi o boletse mo potsolotsong gore selo se se dira gore batho ba seka ba kgona go ikwadisetsa ditlhopho. Kgosi o ne a kgothatsa batlhokomedi le batsadi go direla bana Omang fa dingwaga di lekane gore ba dire karata eo, ba tle ba kgone go akola mananeo otlhe a puso jaaka go tsena sekolo le ditlamelo tsa botsogo le gone go ikwadisetsa ditlhopho tota. A re maphata a a lebaneng a puso a tshwanetse go dira dipatlisiso go bona gore ke eng fa batho ba sena Omang le go bona gore ba ka thusiwa jang gore ba nne le karata eo. Kgosi a re dipalo tsa batho ba ba ikwadisang ga di tsamaalane le dipalo tsa batho tse di dirilweng ngwaga o o fetileng , a tlatsa ka gore fa go balwa batho go tshwanetse ga dirisiwa Omang. A re se seka thusa gore go lemogiwe gore ke bo mang ba ba senang omang mme ba thusiwa kana ba tseelwa dikgato gore ba itse gore ke molato go nna ba se na karata ya Omang ele Batswana. Mo go tse dingwe, kgosi o akgotse puso a re e dirile tiro e tona go bo kokelwana ya Gerald e bereka bosigo le motshegare mme a kopa morafe go dirisana sentle le baoki
|
politics
| 7 |
Nlebesi o akgola sekole sa Tebogo
|
Mapodisi a Selebi Phikwe a akgoletse sekolo sa Tebogo Primary School go dira ka thata mo ditlhatlhobong tsa lelwalo la bosupa tsa ngwaga o o fetileng. Sekolo sa Tebogo ke sone se digogang kwa tlhogong mo maduong a lekwalo la bosupa mo dikoleng di le masome a mane le bobedi ka 98.6%. E rile a akgola sekole sa Tebogo, mookamela mapodisi a Selebi Phikwe, Superitendent Victor Nlebesi, a leboga komiti ya batsadi le barutabana (PTA) go bo e dirile ka natla go netefatsa gore sekole se, se dira sentle. A re mafoko a bone ga wela fa fatshe, jaaka ba ne ba itlama gore ba tla dira ka bojotlhe gore bana ba tseye dithuto tsa bone ka tlhwaafalo. O supile gore le bone e le ba sepodisi ba ne ba tla go buisana le bana ka ngwaga wa 2013 ba itlama gore e le ba sepodisi sa Selebi Phikwe ba tla dira sengwe se se tla gwetlhang bana ba ba tlang kwa morago go dira go feta le go gaisa ba ba setseng ba fetile teng. Superitendent Nlebesi o tlhalositse gore e rile maduo a lekwalo la bosupa a tswa, sekole sa Tebogo sa bo se dirile go tlala diatla, ka jalo a bona go le maleba go ya go ikopanya le ba Business Community Policing gore ba itlhotlhore dipata go rekela sekole sa Tebogo mpho. E rile a rola mpho ya sekapamantswe le didirisiwa tsa sone, go dirisiwa ditirong tsa sekole, Superintendent Nlebesi a tlhalosa fa ba dirile se ka lenaneo la Adopt a School. O tlhalositse fa ba dirile thulaganyo ya gore sekole se sebotlana sa Tebogo se gokelelwe maranyane a inthanete, a tlhalosa gore ba setse ba buile le ba ba amegang go gokela maranyane ao. A re go setse dituelo fela, ka jalo go ne go tlhoka madi a a kana ka P250.00 mme ba tla tlogela madi a a kana ka P770.00 go tla go thusa mo go tse di tlhokafalang mo sekoleng. Superitendent Nlebesi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba na le dithulaganyo tsa go etela dikole tsotlhe tse di mo toropong ya Selebi Phikwe go tsamaya ba ruta bana ka pharologano ya molemo le bosula gore ba gole ba itse go tlotla molao, a tlatsa ka gore se, se ka dira gore e re ga ba gola go bo go sena borukutlhi mo lefatsheng la Botswana ka gore ke bone bagogi ba kamoso. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tebogo mo Selebi Phikwe, Rre Boyce Kagiso, a re maphata a tshwana le a sepodise sa Selebi Phikwe, ba bone go le botlhokwa go ikgolaganya le ba sekole se sebotlana sa Tebogo go se ema nokeng. O lebogile komiti ya batsadi le barutabana ya lekalana la thuto ya legare, le mokhanselara wa kgaolo, a tlhalosa fa dithuto seka dipuisano tse di neng di tshwarwa go buisana ka tse di amang dithuto tsa bana di ntse mosola fela thata. E rile a ntsha mantswe a kgothatso, Mme Lilian Matshameko a tlhalosa gore pele ga lenyalo go tshwanetse ga nna le lorato, le se se ka gwetlhang gore go nne le tomagano ya go nna jalo, ka jalo go supagetse fa ba lephata la sepodise ba kgatlhilwe ke ka fa sekole sa Tebogo se dirang ka teng mo dithutong tsa sone. O tlhalositse fa sekole sa Tebogo se setse matshego a mararo a , ‘Coorperation’ eleng tirisano mmogo, ‘Communication’ e leng dipuisano ga reng ga barutabana le batsadi le la ‘Consultation’ e leng la therisano. O lebogetse ba sepodise sa Selibe Phikwe go bo ba bone go le maleba go gokela maranyane a inthanete mo sekoleng ka gore mo malatsing a gompieno thuto e tla ka ditsela tse dintsi, a tlatsa ka gore maranyane a oketsa thutego ya ngwana. O kopile badiri ba sekoloe sa Tebogo go tlhokomela didirisiwa tse ba di abetsweng ka gore ga se tsa sekole sa bo ne ba le nosi mme ke tsa Selibe Phikwe otlhe, ka bophara. Bokhutlo
|
education
| 4 |
Salang ngwao morago - Puso
|
Kgosi wa Batlokwa, Kgosi Puso, o akgoletse badiri ba Sir Seretse Kgama Memorial Junior Secondary School (SSKM JSS), go lemoga fa ngwao eka ba thusa go ruta bana le go ba pepetletsa ba ikegile ka se Motswana a itseng se ka kaela ngwana. Kgosi Puso o buile se kwa modirong wa go ruta le go rotloetsa ngwao kwa sekoleng sa SSKM, ka setlhogo se se reng Maruping Go a Boelwa, Go sa Boelweng ke Maleng. Kgosi o tlhalositse fa se se tsamaelana le thomo ya 2008, e Tautona a neng a e fhile Ntlo ya Dikgosi, ya gore go tsamaiwe le lefatshe, go lebelelwe gore go diragalang ka go lebega ekare ngwao ya Botswana ea nyelela, e bile e gomagomediwa ke mekgwa le dingwao tse dingwe, tse di tswang ko ntle. O ile a rotloetsa bana ba sekole seo gore ba bone tiro ya letsatsi leo, ele ya botlhokwa ka e ka ba thusa go tlhalosa gore lefatshe la Botswana le agilwe le agelwa mo merafheng ee farologanyeng. “Lefatshe le le fa le leng teng ka ntla ya batsadi le boeteledipele jwa rona jwa setso, jo bo godiseditseng Batswana mo ngwaong ya lefatshe la rona. Le fa rele merafhe e mentsi ee farologanyeng, re tshwanetse go ipelafatsa ka ngwao ya rona le se re leng sone,” kgosi a tlhalosa jalo. O ile a bua a sa kgale mathe, a tlhalosa gore, botho, kagiso, tlotlo, lerato, bonatla, neelano ya Motswana di ikaegile ka ngwao ya rona. A tlhalosa jalo gore, thuto e tshwanetse go ikaega ka ngwao, ka e bile bana aba sekole ba tshwanelwa ke go itse gore motho o tshwanetse go tshela jang le ba bangwe. O galaleditse maiteko a ba lephata la thuto ba mo go diragatseng gore maitlamo a go ruta bana ka ngwao, a tlhalosa fa lephata la thuto ele pilara kana boremelelo jwa go ruta ngwana gore o gola ka tsela ee ntseng jang le ba bangwe. Kgosi o kgadile mekgwa ya go sotla dingwao tsa merafhe e mengwe, a tlhalosa fa tlotlo ele yone eka re agang rele tshaba ya Botswana, abo gatelela gore re tshwanetse go tlotla dipharologanyo tse re nang le tsone mo dingwaong tsa rona, le go itse diteme tsa merafhe e mengwe, go itsa kgethololo. O rotloeditse bana go rata le go rotloetsa mmino wa setso, go ipela ka baopedi ba rona, gona le go sala baopedi ba mafatshe a mangwe ka go dira jalo goka godisa mmino le serodumo sa baopedi ba rona. Kgosi o supile letshwenyego ka boimana jwa banana, kapari ee khutshwane, go tlhoka maitseo mo puong, go golela batsadi, le go sa tlotla barutabana, a kgala abo a tlhalosa fa ditiragalo tseo ele dikai tsa boitaolo e bile mekgwa ya go nna jalo eka faposa bana ba sekole mo dithutong tsa bone. O buile jalo gore baba nyatsang ngwao ya bone ba a itatla. Kgosi Gaborone o kopile batsadi go godisa bana mo ngwaong ya Setswana, le go tshwaragana le barutabana mo go ruteng bana ka maitswaro a a letlelesegang. “toropo e nyeletsa ngwao, ka jalo a kopa Sekole go tsweledisa moono ka go aga kgotla le mantlo a Setswana, ele maikaelelo a go supegetsa bana gore rele Batswana re tswa kae. Ke rotloetsa batsadi go tsisa didirisiwa tsa ngwao mo sekoleng le go dira ba eteletse barutabana pele” kgosi a tlhalosa. Fa a amogela baeng, Modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana, Mme Gorata Khumotaka o supile fa sekole sena le baithuti bale makgolo a supa le masome a mane le bosupa le bodiredi bole masome a supa le boferabobedi. O supile fa sekole sena le kgatelopele ka se tokafaditse maduo a bone go tswa ko maemong a boferebobedi go yak o maemong a bosupa mo lefatsheng ka bophara. O tlhalositse fa maemo a sa buise ka pelo gole kalo, ka go supagala gona le maiteko a a solofetsang. “ga re kake ra ineela mo maikaelelong a go tsaya maemo a ntlha mo lefatsheng ka bophara,” a tlhalosa. O supile fa dikolo di tshwenngwa ke maitseo a ban aba sekole, jalo tsholofelo ele gore morago ga go ruta bana ka ngwao, go tlaa nna le phetogo ka maitseo le maitsholo a bone. Mo letsatsing le gone go suilwe didirisiwa tsa ngwao, go na le mmino le maboko ka ditlhopha ka go farologana di akaretsa, Dr Vom, Solly Sebotso, Welkom Polka, Moreri Moroka le Ranger – Morena. Bana ba sekole, barutabana, batsadi, le barotloetsi bane ba itatswa ka dijo tse di farologaneng tsa Setswana BOKHUTLO
|
education
| 4 |
Komiti e kopa kemo nokeng
|
Komiti e e okametseng kago ya leobo la kgotla kwa Mmadinare e kopilwe banni ba motse oo go e ema nokeng gore e kgone maitlamo a go aga leobo. Modulasetilo wa komiti eo, Rre Modise Motshegwa o tlhaloseditse O boletse fa morafe o ne wa tlhoma komiti e e tlaa etelelang tiro pele, mme komiti e ne ya rongwa go tsamaya e tsaya malebela mo metseng e metona mo lefatsheng leno go bona ka fa go agilweng maobo a dikgotla ka teng. O boletse fa komiti e, e ne ya tsamaya mo metseng e tshwana le Tonota, Serowe le Lerala. A re morago ga go wetsa leeto le komiti e ne ya busetsa phetolo ya thomo e ba neng ba e rumilwe kwa morafeng. Rre Motshegwa o tlhalositse fa morafe o ne wa dumelana ka bongwefela jwa pelo go aga leobo la kgotla la maemo a ntlha le le iseng le agwe gope mo lefatsheng leno. O boletse fa morafe o dumalane go aga leobo le le nang le diofisi ka go farologana ga mmogo le ntlo lehalahala go tlaa tshwarelwang ditiro mo go yone. A re go aga leobo le le nang le diofisi ke keletso ya morafe ya go fetola motse wa Mmadinare go nna kgaolo-potlana ya khansele gore banni ba motse ba tle ba kgone go bona ditirelo tsa khansela gaufi go na le go di latela kwa Bobonong. Rre Motshegwa o tlhalositse fa maikaelelo a morafe e le go neela puso diofisi dingwe tse di tlaa agwang le leobo leo go thusa puso mo go tlhabololeng motse. O boletse fa moalo wa kago ya leobo o sale o dirilwe ke ba moepo wa BCL mme go solofetswe gore leobo le le agwe ka P3 million. A re dikgotlana tsa Mmadinare di dumalane go kokoanya P20 000 kgotlana nngwe le nngwe mme mo nakong ya gompieno go setse go kgobokantswe P1 million. Rre Motshegwa o boletse fa morafe o ne wa kopa khansele ya Bobirwa go thusa mo kagong ya leobo. O boletse fa kopo e, e ne ya atlega gore leobo le agwe ka madi a ditlhabololo tsa dikgaolo. A re kago ya leobo le e tshwanetse e kabo e simolotse go agwa ngogola, ka jalo a tlhalosa fa go na le dingwe tse di diileng tiro. Rre Motshegwa o boletse fa go kokoanya ga madi a leobo go tsweletswe e bile morafe o itlamile go kokoanya P2 million yo o tlaa dirisiwang mo moketeng wa pulo semmuso ya leobo le. O boletse fa morafe o dumalane gore pulo semmuso ya leobo le e dirwe ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi. Rre Motshegwa o kopilwe banni ba Mmadinare ka kakaretso go ema komiti nokeng gore e diragatse maitlamo a yone. O tsweletse ka go kopa morafe go thusa mo kokoanyong ya madi a a agang leobo le ka le tsile go tlotlomatsa leina la motse wa bone ga mmogo le go tsisa ditlhabololo le tokafatso ditirelo. BOKHUTLO
|
politics
| 7 |
Mosadi mongwe a amogwa koloi le dithoto
|
Mapodisi a Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone, mme mongwe a neng a tlhaselwa ke banna ba le bararo kwa Makaleng bosheng. Mookamela mapodisi a Masunga, Superintendent Gaolatlhe Ngayaya a re mme yoo wa dingwaga tse di masome a matlhano le botlhano o boletse fa e ne ya re a sena go tshwara thapelo mo mosong ka nako ya botlhano, a tswela kwa ntle ga ntlo ya borobalo ka nako ya borataro go ya go thutafatsa metsi. O ne a kgatlhantshiwa ke banna ba le bararo, ba bipile difatlhego ka diaparo tse dintsho, mme ba lopa gore a ba neele madi. Dilalome tseo, di ne tsa lopa dilotlolo tsa koloi ya mme yoo ya modiro wa Toyota Dakar, mme ene ba mo funela maoto le matsogo, ba bo ba le botsa phokoje ka koloi eo ba sena go mo amoga segwana sa ditshwantso, beke ya bomme le dilwana tse dingwe tsa mo ntlong. Supt Ngayaya a re ka lesego e ne ya re moragonyana mme yoo a kgona go funolola mme a kua mokgosi, ka jalo tiragalo eo ya begelwa mapodisi. O tlhalositse fa go supagetse fa dilalome tseo di tsene mo ntlong ka seokomelabagwe, ba sena go kgaola ditshipi tse di kganelang magodu. Mookamela mapodisi a re e ne ya re mapodisi a latedisa motlhala wa koloi eo ga supafala e lebile ntlheng ya mololwane wa lefatshe leno le la Zimbabwe, ka jalo a re ba na le dipelaelo tsa gore koloi eo e ka tswa e tlodiseditswe kwa Zimbabwe. A re ditlhotlhomiso di tsweletse mabapi le ditiragalo eo. Le fa go ntse jalo, o boletse fa kgaolo ya bone e santse e rena tidimalo kwa ntle fela ga melato e mennye e se kae. E re dikgang di eme jalo, e ne ya re kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabongwe, Kgosi wa Tati Siding, Kgosi Simon Nkgageng, a atlholela borre ba le ba bedi ba Tati Siding, ebong Patrick Lekau wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe le Thabo Majama wa dingwaga tse di masome a mabedi, dithupa tse thataro mongwe le mongwe wa bone mabapi le molato wa bogodu, Mabaka a kgang a tlhalosa fa bobedi joo, e ne ya re ka ngwaga wa 2017 ka kgwedi ya Phalane ba filwe tiro ya nakwana ke khansele ya Bokone Botlhaba gone kwa Tati Siding, ba utswa didirisiwa dingwe tsa khansele tse ba neng ba di filwe go di dirisa mo tirong eo. Bobedi jo bo ne jwa utswa dikiriba tse pedi le dikgetsi tsa semente di le nne tse tsotlhe di lopileng P740, mme le fa gontse jalo dikiriba tseo le dikgetsi tse pedi tsa semente di ne tsa bonwa fa dikgetsi tse dingwe tse pedi tsone di ne tsa seka tsa bonwa. Go tlhalositswe fa basekisiwa ba ne ba tshwarwa ke mapodisi gone ka 2017, ba lebisiwa molato wa bogodu mme ya re ba ntse ba emetse tsheko ba tsena ka lenga la seloko go fitlhelela ba tshwarwa kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabobedi. Mo godimo ga katlholo eo ya dithupa, Kgosi Nkgageng o ne a laela bobedi joo go duela khansele dikgetsi tse pedi tsa semente tse di sa bonwang mo malatsing a le lesome, go sa nneng jalo ba tlaa isiwa kgolegelong lebaka la kgwedi.E ne e rile ba ipobola pele ga katlholo, basekisiwa ba kopa lekgotla go ba utlwela botlhoko. Lekau o ne a supa fa a batla go tsweledisa dithuto tsa gagwe fa Majama ene a ne a bolela fa a dirile kopo ya go ya go tsena sekolo kwa dikolong tsa ithutelo tiro ya diatla tsa brigade, ka jalo ba supa fa kgolegelo e ka ba baya ka fa mosing. BOKHUTLO
|
crime_law_and_justice
| 1 |
Subsets and Splits
No community queries yet
The top public SQL queries from the community will appear here once available.